Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molemo o Dikologilwe ke Bosula

Molemo o Dikologilwe ke Bosula

Molemo o Dikologilwe ke Bosula

MO LEFATSHENG gompieno, go lebega go na le batho ba le mmalwa fela ba ba iketleeleditseng go tsaya matsapa a go thusa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ba bangwe, ba ntse ba eletsa go “direla ba bangwe dilo”—go direla ba bangwe molemo ka tsela nngwe. Ngwaga le ngwaga matshutitshuti a batho ba ntsha diranta di le dimilionemilione ba di naya mekgatlho e ba tsayang gore e tla direla batho molemo. Ka sekai, kwa Boritane, madi a a filweng mekgatlho a ne a fitlha kwa go didolara di le dibilione di le 13 ka 2002. Fa e sale go simolola ka 1999 batho ba le lesome ba ba pelotshweu ba ba direlang ba bangwe molemo ba ne ba solofetsa go ntsha madi a a fetang didolara di feta dibilione di le 38 go thusa batlhoki.

Dingwe tsa ditiro tse di molemo tse di dirwang ke badiri ba mekgatlho e e direlang batho molemo di akaretsa go duelela kalafi ya malapa a a amogelang madi a a kwa tlase, go ruta le go kaela bana ba batsadi ba ba nosi, go duelela dithulaganyo tsa mekento ya go thibela malwetse mo dinageng tse di tlhabologang, go abela bana dibuka e le la ntlha ba nna le tsone, go naya balemi ba mo dinageng tse di humanegileng diruiwa tse di tsalang, le go naya batho ba ba wetsweng ke masetlapelo dithoto tsa namolo.

Dilo tse di fa godimo di bontsha gore batho ba na le bokgoni jwa go direla ba bangwe molemo. Le fa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore gape go na le batho ba ba dirang ditiro tse di bosula mo go feteletseng.

Bosula bo a Oketsega

Fa e sa le Ntwa ya Lefatshe II e fela, go nnile le ditiragalo di ka nna 50 tse di begilweng tsa go gailwa ga batho le tsa dipolao tsa batho ba bantsi tse di tlhotlheleditsweng ke dipolotiki. Lokwalopaka lwa American Political Science Review, lwa re: “Ditiragalo tseno di bolaile batho ba ka nna dimilione di le 12 le batho ba e seng masole ba le dimilione di le 22, e leng palo e e fetang ya batho botlhe ba ba suleng mo dintweng tsa bosetšhaba le tsa ditšhabatšhaba fa e sa le go tloga ka 1945.”

Mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bo20 la dingwaga, batho ba le dimilione di le 2,2 ba ne ba bolawa kwa Cambodia ka ntlha ya dipolotiki. Letlhoo la ditso tse di farologaneng kwa Rwanda le ne la baka dintsho tsa batho ba feta 800 000, banna, basadi le bana. Kganyaolo ya batho e e bakwang ke bodumedi le dipolotiki kwa Bosnia e feletse ka dintsho di feta 200 000.

Motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne a bua jaana ka 2004 fa a ne a tlhalosa ditiro tse di bosula tse di dirilweng bosheng: “Kwa Iraq, batho ba e seng masole ba bolawa setlhogo, fa badiri ba tsa namolo, bakwaladikgang le batho ba bangwe ba e seng masole ba thopiwa ba bo ba bolawa ka tsela e e setlhogo mo go feteletseng. Gape magolegwa a Iraq a sotlwa ka tsela ya matlhabisaditlhong. Kwa Darfur, banni botlhe ba motse ba lelekwa mo magaeng a bone, magae a bone a a senngwa, mme petelelo e dirisiwa e le leano mo ntweng. Kwa bokone jwa Uganda, bana ba kgaolwa ditokololo tsa mmele mme ba patelediwa go dira dilo tsa bosetlhogo jo bo maswemaswe. Kwa Beslan, bana ba a thopiwa ba bo ba bolawa setlhogo.”

Le mo dinageng tse go tweng ke tse di tlhabologileng, bokebekwa jo bo bakwang ke letlhoo la bomorafe bo ntse bo oketsega. Ka sekai, Independent News e ne ya bega gore ka 2004 kwa Boritane “go ile ga nna le koketsego e e menaganeng ga lesome le bongwe ya batho ba ba ileng ba tlhaselwa kgotsa ba sotliwa ka gonne e le ba lotso lo sele mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.”

Ke ka ntlha yang fa batho ba ba nang le bokgoni jwa go dira dilo tse dintsi tse di molemo ba dira ditiro tse di bosula thata jaana? A re tla tsamaya re gololesega mo bosuleng? Jaaka setlhogo se se latelang se bontsha, Baebele e na le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno tse di akabatsang.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Mark Edwards/Still Pictures/Peter Arnold, Inc.