Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Ikanya Modimo go le Kana Kang?

O Ikanya Modimo go le Kana Kang?

O Ikanya Modimo go le Kana Kang?

“Jalo, nnang lo batle pele bogosi.”—MATHAIO 6:33.

1, 2. Lekawana lengwe le ne la tsaya dikgato dife ka tiro ya lone, mme ka ntlha yang?

LEKAWANA lengwe le ne le batla go dirisiwa ka botlalo mo phuthegong. Bothata e ne e le gore tiro ya lone e ne e le kgoreletsa go nna gone ka metlha mo dipokanong. O ne a rarabolola bothata jono jang? O ne a tlhofofatsa botshelo jwa gagwe, a tlogela tiro eo, mme fa nako e ntse e ya a bona tiro e nngwe e e neng e sa mo kgoreletse go nna le seabe mo ditirong tsa phuthego. Gompieno, o amogela madi a mannye thata go feta a a neng a a amogela pele, mme gone o kgona go tlamela ba lelapa la gagwe e bile o kgona go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa phuthego.

2 A o itse gore ke eng fa lekawana leno le ile la tsaya kgato eno? A le wena o ne o ka tsaya kgato e e ntseng jalo fa o ne o le mo maemong a a tshwanang le a gagwe? Go a itumedisa go bona Bakeresete ba le bantsi ba tsaya dikgato tse di ntseng jalo, mme seo se bontsha gore ba ikanya tsholofetso eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Ba ikanya Jehofa go na le go ikanya lefatshe.—Diane 3:23, 26.

3. Ke eng fa batho bangwe ba ka ipotsa gore a go sa ntse go utlwala gore re batle Bogosi jwa Modimo pele gompieno?

3 Ka ntlha ya nako e e boima e re tshelang mo go yone, batho bangwe ba ka ipotsa gore a lekawana leno le ne le dirile tshwetso e e molemo. Gompieno, batho bangwe ba tshelela mo lehumeng le le tlhomolang pelo fa ba bangwe bone ba tshelela mo letlepung. Bontsi jwa batho ba dinaga tse di humanegileng ba dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go dira gore botshelo jwa bone bo nne botokanyana. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le bantsi mo dinageng tse di humileng ba ikutlwa ba patelesega go tswelela ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo le mororo maemo a ikonomi a sa iketla, maemo a ditiro a sa tlhomama le bathapi ba ba berekisa boima diura di le dintsi. Batho bangwe ba ka ipotsa jaana fa ba akanya ka mathata a ba nnang le one fa ba leka go itshedisa, ‘A go sa ntse go utlwala gore motho a batle Bogosi pele?’ Go bona karabo ya potso eno, akanya ka batho ba Jesu a neng a bua le bone.

“Tlogelang go Tlhobaela”

4, 5. Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe go bontsha gore go a utlwala go bo batho ba Modimo ba sa tshwanela go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka mathata a letsatsi le letsatsi?

4 Jesu o ne a le kwa Galalea, a bua le boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tswang mo mafelong a mantsi. (Mathaio 4:25) Go ka direga gore bontsi jwa bone e ne e le batho ba ba humanegileng. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba kgothaletsa gore ba se ka ba amega thata ka go huma, go na le moo, ba ipolokele sengwe se se botlhokwa go feta—matlotlo a semoya. (Mathaio 6:19-21, 24) O ne a re: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. A moya ga o botlhokwa go feta dijo le mmele go feta diaparo?”—Mathaio 6:25.

5 Bontsi jwa batho ba ba neng ba reeditse Jesu ba ka tswa ba ile ba akanya gore o bua selo se se se nang tlhaloganyo. Ba ne ba itse gore fa ba ne ba ka se dire ka natla, malapa a bone a ne a tla sotlega. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba gakolola ka dinonyane. Letsatsi le letsatsi dinonyane di tshwanelwa ke go senka dijo le bonno, mme gone Jehofa o a di tlhokomela. Gape Jesu o ne a ba gakolola tsela e Jehofa a tlhokomelang dimela tsa naga ka yone, tse bontle jwa tsone bo gaisang le jwa ga Solomone tota. Fa Jehofa a tlhokomela dinonyane le dimela, a ka palelwa ke eng gore a re tlhokomele? (Mathaio 6:26-30) Jaaka Jesu a ile a bolela, botshelo jwa rona le mebele ya rona e botlhokwa thata go gaisa dijo tse re di rekang le diaparo tse re di aparang. Fa re berekela fela dijo le diaparo mo re salelwang ke nako e nnye fela ya go direla Jehofa, re a bo re sa tlhaloganye se tota re se tshelelang.—Moreri 12:13.

Go Leba Dilo ka Tsela e e Lekalekaneng

6. (a) Bakeresete ba na le boikarabelo bofe? (b) Bakeresete ba ikanya eng ka botlalo?

6 Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa kgothaletse bareetsi ba gagwe gore ba nne fela ba sa bereke ba letetse gore ka tsela nngwe Modimo a tlamele malapa a bone. Tota le dinonyane di tshwanelwa ke go batlela tsone le bana ba tsone dijo. Ka gone, Bakeresete ba ne ba tshwanelwa ke go bereka e le gore ba kgone go ja. Ba ne ba tshwanelwa ke go dira maikarabelo a lelapa. Bakeresete ba e neng e le batlhanka le malata ba ne ba tshwanelwa ke go berekela beng ba bone ka natla. (2 Bathesalonika 3:10-12; 1 Timotheo 5:8; 1 Petere 2:18) Gantsi moaposetoloi Paulo ka boene o ne a itlamela ka go dira tiro ya go dira ditente. (Ditiro 18:1-4; 1 Bathesalonika 2:9) Le fa go ntse jalo, Bakeresete bao ba ne ba sa beye tsholofelo ya bone yotlhe mo ditirong tsa bone tsa boitshediso. Ba ne ba ikanya Jehofa. Seo se ne se dira gore ba tshele botshelo jo bo ritibetseng jo batho ba bangwe ba neng ba sa kgone go bo tshela. Mopesalema o ile a re: “Ba ba ikanyang Jehofa ba tshwana le Thaba ya Siona, e e ka se kang ya reketlisiwa, mme e le e e nnang ka bosakhutleng.”—Pesalema 125:1.

7. Motho yo o sa ikanyeng Jehofa ka botlalo a ka nna le maikutlo afe?

7 Motho ope yo o sa ikanyeng Jehofa ka botlalo a ka nna a se ka a leba dilo ka tsela e e ntseng jalo. Bontsi jwa batho ba tsaya dilo tse di bonalang e le tsone dilo tsa botlhokwa tse di dirang gore motho a nne le botshelo jo bo itumetseng. Ka gone, batsadi ba ile ba kgothaletsa bana ba bone go fetsa nako e ntsi ya bosha jwa bone ba gagamalela thuto e e kwa godimo, ba solofela gore e tla ba thusa go nna le tiro e e duelang madi a a kgotsofatsang. Ka maswabi, malapa mangwe a Bakeresete a ile a latlhegelwa thata ka ntlha ya seno ka gonne bana ba one ba ile ba koafala semoyeng le go gagamalela mekgele ya dilo tse di bonalang.

8. Bakeresete ba leka go nna tekatekano ka tsela efe?

8 Ka gone, Bakeresete ba ba botlhale ba a lemoga gore kgakololo ya ga Jesu e sa ntse e le botlhokwa le gompieno fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ba leka go nna tekatekano. Tota le fa ba tshwanelwa ke go fetsa diura tse dintsi kwa ditirong tsa boitshediso e le gore ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone a Dikwalo, ga ba letle gore go batla go nna le madi go ba dire gore ba tlhokomologe dilo tsa semoya tse e leng tsone tsa botlhokwa.—Moreri 7:12.

“Lo se Ka le Ka Motlha Lwa Tlhobaela”

9. Jesu o ile a kgothatsa jang batho ba ba ikanyang Jehofa ka botlalo?

9 Jesu o ile a kgothatsa bareetsi ba gagwe jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” (Mathaio 6:31, 32) A mafoko a a kgothatsang ruri! Fa re ikanya Jehofa ka botlalo o tla re tlhokomela ka metlha. Mme gape mafoko ano a ga Jesu a dira gore motho a akanye masisi ka one. A re gakolola gore fa re ‘gwalalela’ dilo tse di bonalang, re a bo re letla gore tsela ya rona ya go akanya e tshwane le ya “ditšhaba,” batho ba e seng Bakeresete ba boammaaruri.

10. Fa lekawana lengwe le ne le kopa Jesu kgakololo, Jesu o ne a senola jang se lekawana leno le neng le se rata go feta?

10 Nako nngwe lekawana lengwe le le humileng le ne la botsa Jesu gore le dire eng gore le bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ile a le gakolola dilo tse Molao, o o neng o sa ntse o dira ka nako eo, o neng o di laela. Lekawana leno le ne la tlhomamisetsa Jesu jaana: “Ke bolokile tsotlhe tseno; ke sa ntse ke tlhaela eng?” Batho ba le bantsi ba ka tswa ba ile ba akanya gore Jesu o ne a araba ka tsela e e sa direng tlhaloganyo. O ile a re: “Fa o batla go itekanela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsa gago o bo o abele bahumanegi mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.” (Mathaio 19:16-21) Lekawana leo le ne la tsamaya le hutsafetse ka gonne le ne le sa batle go latlhegelwa ke khumo ya lone. Le mororo le ka tswa le ne le rata Jehofa ka selekanyo se se rileng, le ne le rata dithoto tsa lone go mo feta.

11, 12. (a) Jesu o ne a bua mafoko afe a a dirang gore motho a akanye malebana le dikhumo? (b) Dikhumo di ka kgoreletsa motho jang gore a se ka a direla Jehofa?

11 Tiragalo eno e ne ya dira gore Jesu a bue sengwe se se neng se sa lebelelwa: “E tla nna selo se se thata gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa magodimo. . . . Go motlhofo gore kamela e tsene ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.” (Mathaio 19:23, 24) A Jesu o ne a bolela gore ga go na motho ope yo o humileng yo o tla ruang Bogosi? Ga go a nna jalo ka gonne o ile a tswelela a re: “Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.” (Mathaio 19:25, 26) Ee, ka thuso ya ga Jehofa, batho bangwe ba ba humileng mo motlheng oo ba ne ba nna Bakeresete ba ba tloditsweng. (1 Timotheo 6:17) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a na le lebaka le le utlwalang fa a ne a bua mafoko ao a a gakgamatsang. O ne a re lemotsha sengwe sa botlhokwa.

12 Fa motho a tlhoma mogopolo thata mo dikhumong tse a nang le tsone jaaka lekawana leo la mohumi, dikhumo tseo di ka nna tsa mo kgoreletsa go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Go ka nna jalo ka batho ba ba setseng ba humile le ka “ba ba ikemiseditseng go huma.” (1 Timotheo 6:9, 10) Go baya pelo yotlhe mo dikhumong go ka dira gore motho ‘a se ka a tshwenyega thata ka dilo tse a di tlhokang semoyeng.’ (Mathaio 5:3) Seo se ka dira gore a se ka a ikutlwa a tlhoka thuso ya ga Jehofa go le kalo. (Duteronome 6:10-12) A ka nna a simolola go batla gore a tshwarwe ka tsela e e kgethegileng mo phuthegong. (Jakobe 2:1-4) E bile a ka nna a fetsa nako e ntsi a lebile dikhumo tsa gagwe go na le go direla Jehofa.

Lwela go Nna le Maikutlo a a Siameng

13. Balaodikia ba ne ba na le maikutlo afe a a phoso?

13 Batho bangwe ba ba neng ba na le maikutlo a a phoso ka dikhumo e ne e le phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya kwa Laodikia. Jesu o ne a ba raya a re: “Wa re: ‘Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,’ ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega.” Ga se dikhumo tsa bone tse di neng di dira gore ba nne mo seemong seo se se tlhomolang pelo sa semoya. Selo se se neng se dira gore ba nne mo seemong seo e ne e le gore ba ne ba ikanya dikhumo tsa bone go na le go ikanya Jehofa. Ka ntlha ya seo, ba ne ba le mololo fela semoyeng, mme go ne go setse go le gaufi gore Jesu a ba ‘tlhatse.’—Tshenolo 3:14-17.

14. Ke eng fa go ne go tshwanela gore Paulo a akgole Bakeresete ba Bahebera?

14 Ka fa letlhakoreng le lengwe, Paulo o ne a akgolela Bakeresete ba Bahebera boikutlo jo ba neng ba na le jone fa ba ne ba simolola go bogisiwa. O ne a re: “Lo ne lwa bontsha ba ba mo kgolegelong kutlwelobotlhoko lwa ba lwa itshokela ka boipelo go gapiwa ga dilo tsa lona, lo itse gore lona ka bolona lo na le thuo e e botoka le e e nnelang ruri.” (Bahebera 10:34) Bakeresete bao ba ne ba se ka ba hutsafadiwa ke go latlhegelwa ke dithoto tsa bone. Ba ne ba tswelela ba itumetse ka gonne ba ne ba ngangatlela sengwe se se botlhokwa go gaisa, ‘thuo ya bone e e botoka le e e nneleng ruri.’ Fela jaaka mogwebi wa setshwantsho sa ga Jesu yo o neng a rekisa sengwe le sengwe se a nang le sone gore a reke perela e le nngwe e e tlhwatlhwakgolo, le bone ba ne ba ititeile sehuba go ngangatlela tsholofelo ya Bogosi, go sa kgathalasege gore ba latlhegelwa go le kana kang. (Mathaio 13:45, 46) A maikutlo a mantle ruri!

15. Lekgarebe lengwe la Mokeresete la kwa Liberia le ne la bontsha jang gore le dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele?

15 Batho ba le bantsi gompieno ba ile ba lwela go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jo bo molemo. Ka sekai, kwa Liberia lekgarebe lengwe la Mokeresete le ne la newa tshono ya go ya go ithuta kwa yunibesithing. Kwa nageng eo, tshono e e ntseng jalo e tsewa e le tsela ya go itirela isagwe e e itumedisang. Le fa go ntse jalo, kgaitsadi yono e ne e le mmulatsela wa ka metlha, moreri wa nako e tletseng, mme o ne a sa tswa go newa tshono ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng wa nakwana. O ne a tlhopha go batla Bogosi pele mme a tswelela a le mo tirelong ya bobulatsela. O ne a ya kwa kabelong e o neng a e neilwe mme a simolola go ithuta Baebele le batho ba le 21 mo dikgweding tseo tse tharo. Kgaitsadi yono yo mosha le ba bangwe ba ba diketekete ba batla Bogosi pele, tota le fa ba tshwanelwa ke go itima tshono ya go nna le dilo dingwe tse di bonalang. Ba kgona jang go ipoloka ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo mo lefatsheng leno le le ratang dilo tse di bonalang? Ba ile ba lwela go nna le dinonofo di le mmalwa tse di molemo. Mma re tlotle ka tse dingwe tsa tsone.

16, 17. (a) Ke eng fa go nna boingotlo go le botlhokwa fa re batla go ikanya Jehofa? (b) Ke eng fa re tshwanetse go lwela go ikanya ditsholofetso tsa Modimo?

16 Boingotlo: Baebele ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago. O se ka wa ipona o le botlhale.” (Diane 3:5-7) Ka dinako tse dingwe, tsela e e rileng e ka bonala e le molemo go ya kafa batho ba lefatshe ba lebang dilo ka teng. (Jeremia 17:9) Le fa go ntse jalo, Mokeresete yo o tlhoafetseng ene o ikanya kaelo ya ga Jehofa. (Pesalema 48:14) ‘Mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe’—mo dilong tsa phuthego, tsa thuto kana mo dilong tse di amanang le tiro ya boitshediso, tsa boitapoloso kana mo go eng fela—ka boingotlo o senka kgakololo ya ga Jehofa.—Pesalema 73:24.

17 Go ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa: Paulo o ile a re: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Fa re belaela ditsholofetso tsa ga Jehofa, go ka nna ga bonala go utlwala gore re ‘dirise lefatshe leno ka botlalo.’ (1 Bakorintha 7:31) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re na le tumelo e e nonofileng re tla ititaya sehuba gore re batle Bogosi pele. Motho a ka nna jang le tumelo e e nonofileng? Ka go atamalana le Jehofa, re mo rapela ka metlha go tswa pelong le ka go nna le thuto ya ka metlha. (Pesalema 1:1-3; Bafilipi 4:6, 7; Jakobe 4:8) Jaaka Kgosi Dafide, re ka rapela jaana: “Ke ikanya wena, Jehofa. Ke rile: ‘O Modimo wa me.’ A bo molemo wa gago, . . . o le mogolo jang ne!”—Pesalema 31:14, 19.

18, 19. (a) Go dira ka natla go nonotsha jang tsela e re ikanyang Jehofa ka yone? (b) Ke eng fa Mokeresete a iketleeleditse go itima dilo dingwe?

18 Go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa: Paulo o ile a amanya go ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa le go dira ka natla fa a ne a re: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong.” (Bahebera 6:11) Fa re dula re tshwaregile mo tirelong ya ga Jehofa o tla re ema nokeng. Nako le nako fa re bona a re ema nokeng jalo, tsela e re mo ikanyang ka yone e a nonofa mme re tla nna re ‘nitame, re sa tshikhinyege.’ (1 Bakorintha 15:58) Tumelo ya rona e tla ntšhafala le tsholofelo ya rona e tla nna e e tlhomamisegileng.—Baefeso 3:16-19.

19 Go iketleeletsa go itima dilo dingwe: Paulo o ile a itima tshono ya go nna le tiro ya maemo e le gore a nne molatedi wa ga Jesu. Ga go pelaelo gore o ile a dira tshwetso e e siameng le mororo ka dinako tse dingwe botshelo jwa gagwe bo ne bo le boima ka ntlha ya go tlhoka dilo dingwe. (1 Bakorintha 4:11-13) Jehofa ga a re solofetse botshelo jwa manobonobo, mme ka dinako tse dingwe batlhanka ba gagwe ba tshwanelwa ke go itshokela maemo a a boima. Go iketleeletsa ga rona go tshela botshelo jo bo sa raraanang le go itima dilo dingwe ke bosupi jwa gore re ititeile sehuba gore re tla direla Jehofa go le kana kang.—1 Timotheo 6:6-8.

20. Ke eng fa bopelotelele e le selo sa botlhokwa mo mothong yo o dirang gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele?

20 Bopelotelele: Morutwa Jakobe o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene jaana: “Nnang pelotelele, bakaulengwe, go fitlha mo go nneng gone ga Morena.” (Jakobe 5:7) Mo lefatsheng leno le le sa iketlang ga go motlhofo go nna pelotelele. Re batla dilo di direga ka bonako. Le fa go ntse jalo, Paulo o re kgothaletsa go etsa ba “ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.” (Bahebera 6:12) Iketleeletse go letela Jehofa. Ruri botshelo jo bo sa kutleng mo lefatsheng la paradaise ke mpho e motho a se kitlang a ikwatlhaela go bo a ile a e gagamalela!

21. (a) Re a bo re bontsha eng fa re baya dilo tsa Bogosi kwa pele? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Ee, kgakololo ya ga Jesu ya gore re batle pele Bogosi e a utlwala. Fa re dira jalo, re bontsha gore ruri re ikanya Jehofa le gore re tlhopha tsela e e leng yone fela e e sireletsegileng e Mokeresete a ka tshelang ka yone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a re gakolola le gore re nne re “batle pele . . . tshiamo ya [Modimo].” Mo setlhogong se se latelang re tla bona gore ke eng fa kgothatso eo e tlhokega thata gompieno.

A o Ka Tlhalosa?

• Jesu o ile a re kgothaletsa go nna tekatekano ka tsela efe malebana le dilo tse di bonalang?

• Re ithuta eng go tswa mo setshwantshong sa ga Jesu sa kamela le leroba la nnale?

• Ke dinonofo dife tsa Bokeresete tse di re thusang go dira gore dilo tsa Bogosi jwa Modimo e nne tsone di tlang pele?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bontsi jwa batho ba ba neng ba reetsa mafoko a ga Jesu e ne e le ba ba humanegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Lekawana la mohumi le ne le rata dithoto tsa lone go feta Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mogwebi wa setshwantsho sa ga Jesu o ne a rekisa dilo tsotlhe tsa gagwe e le gore a reke perela e e tlhwatlhwakgolo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jehofa o tla re ema nokeng fa re nna re tshwaregile mo tirelong ya gagwe