Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

PEGO ya Baebele ya buka ya Esera e simolola fa pego ya Ditiragalo wa Bobedi e felelang gone. Mokwadi wa yone, e bong Esera, yo e leng moperesiti, o simolola pego eno ka go bua ka molao o o neng wa ntshiwa ke Kgosi Kurose wa Peresia o o neng o letla gore masalela a Bajuda a a neng a le kwa botshwarwa kwa Babelona a boele kwa nagagaeng ya bone. Pego eno e konelwa fa Esera a itshekisa ba ba neng ba iteswafaditse le batho ba mo nageng eo. Buka eno yotlhe e akaretsa ditiragalo tse di diragetseng mo dingwageng di le 70—go tloga ka 537 go ya go 467 B.C.E.

Boikaelelo jwa ga Esera fa a ne a kwala buka eno e ne e le go bontsha kafa Jehofa a neng a diragatsa ka gone tsholofetso ya Gagwe ya go golola batho ba Gagwe kwa botshwarwa kwa Babelona le go busetsa kobamelo ya boammaaruri mo Jerusalema. Ke gone ka moo Esera a gatelelang thata ditiragalo tse di malebana le boikaelelo jono. Buka ya Esera ke pego ya kafa tempele e neng ya agiwa sesha ka gone le kafa kobamelo ya ga Jehofa e neng ya tlhomamisiwa ka gone lefa batho ba gagwe ba ne ba ganediwa e bile ba sa itekanela. Le rona re kgatlhegela pego eno thata ka gonne re tshela mo nakong e kobamelo ya boammaaruri e tsosolositsweng ka yone. Batho ba le bantsi ba ologela kwa “thabeng ya ga Jehofa” mme lefatshe lotlhe le gaufi le go “tladiwa ka go itse kgalalelo ya ga Jehofa.”—Isaia 2:2, 3; Habakuke 2:14.

TEMPELE E AGIWA SESHA

(Esera 1:1–6:22)

Fa Kurose a sena go ntsha molao wa gore Bajuda ba gololwe, batshwarwa ba Bajuda ba ka nna 50 000 ba ne ba boela kwa Jerusalema ba eteletswe pele ke Mmusi Serubabele kana Sheshebasare. Bajuda bano ba ba boetseng gae ba ne ba baakanya sebeso ka yone nako eo mme ba simolola go direla Jehofa ditlhabelo.

Mo ngwageng o o latelang, Baiseraele bano ba thaya motheo wa ntlo ya ga Jehofa. Baba ba bone ba nna ba kgoreletsa tiro eno ya go aga sesha mme kgabagare baba bano ba dira gore kgosi e ntshe taelo ya gore tiro eno e emisiwe. Moporofeti Hagai le Sekaria ba kgothaletsa batho gore ba tswelele ka go aga tempele le fa gone tiro eno e thibetswe. Baba ba bone ba emisa go ba tshwenya e re ka ba boifa go ganetsana le molao o o sa fetogeng wa Baperesia o o neng o ntshitswe ke Kurose. Go dirwa dipatlisiso mme go bonwa taelo ya ga Kurose e e “kaga ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema.” (Esera 6:3) Tiro ya go aga e tswelela ka thelelo go fitlha e wediwa.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:3-6—A Baiseraele ba ba neng ba se ka ba batla go boela kwa nagagaeng ya bone ba ne ba na le tumelo e e bokoa? Bangwe ba bone ba ka tswa ba ne ba se ka ba boela kwa Jerusalema gonne ba ne ba rata dikhumo kana ba sa anaanele kobamelo ya boammaaruri mme gone ga se gore botlhe ba ne ba ntse jalo. Sa ntlha, loeto lwa dikilometara di le 1 600 go ya Jerusalema lo tsere dikgwedi di le nnè kana di le tlhano. Mo godimo ga moo, go nna mo nageng e e ntseng e le marope ka dingwaga di le 70 le go e aga sesha go ne go tla tlhoka motho yo o nang le maatla. Ka jalo ga go pelaelo gore maemo a a sa itumediseng a a jaaka bolwetse, botsofe le maikarabelo a lelapa le tsone di ne tsa thibela Baiseraele ba bangwe go boela kwa nagagaeng ya bone.

2:43—Banethinime e ne e le bomang? Bano ke batho ba e neng e se Baiseraele ba tlholego ba ba neng ba direla mo tempeleng e le makgoba kana badiredi. Mo gare ga bone go ne go na le ditlogolwana tsa Bagibeone ba motlha wa ga Joshua le ba bangwe “ba Dafide le dikgosana ba ba abetseng tirelo ya Balefi.”—Esera 8:20.

2:55—Barwa ba batlhanka ba ga Solomone e ne e le bomang? Bano e ne e le batho ba e neng e se Baiseraele mme ba neilwe ditshiamelo tse di kgethegileng mo tirelong ya ga Jehofa. Ba ka tswa ba ne ba direla jaaka bakwadi kana bakwalolodi mo tempeleng kana ba le mo maemong mangwe a bolaodi.

2:61-63—A Batshwarwa ba ba neng ba boela gae ba ne ba na le Urime le Thumime tse di neng di dirisiwa fa go batliwa karabo mo go Jehofa? Batho ba ba neng ba ipolela gore ke ba losika lwa seperesiti ba ba neng ba palelwa ke go ntsha bosupi jwa gore ba tlhaga mo losikeng loo ba ka tswa ba ile ba dirisa Urime le Thumime go tshegetsa se ba neng ba se bolela. Esera o bua ka seno e le sengwe se se ka tswang se ne sa direga. Ga re fitlhele pego epe mo Dikwalong ya go dirisiwa ga Urime kana Thumime ka nako eo kana morago ga foo. Go ya ka ngwao ya Sejuda, Urime le Thumime di ne tsa nyelela fa tempele e ne e senngwa ka 607 B.C.E.

3:12—Ke ka ntlha yang fa “bannabagolo ba ba neng ba bone ntlo ya pele” ya ga Jehofa ba ne ba lela? Banna bano ba ka tswa ba ne ba gakologelwa kafa tempele e e agilweng ke Solomone e neng e le ntle ka gone. Motheo wa tempele e ntšha o ba neng ba o lebile ka nako eo ‘e ne e se wa sepe mo matlhong a bone’ fa ba o bapisa le wa pele. (Hagai 2:2, 3) Ba ne ba ipotsa gore a matsapa a ba neng ba a tsaya a ne a tla thusa gore kgalalelo e e neng e le mo tempeleng ya pele e nne gone le mo go eno. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba nyemile mooko tota ke gone ka moo ba neng ba lela.

3:8-10; 4:23, 24; 6:15, 16—Go ne ga tsaya dingwaga di le kae go aga tempele sesha? Motheo wa tempele o ne wa thewa ka 536 B.C.E.— “mo ngwageng wa bobedi wa go tla ga bone.” Tiro eno ya go aga e ne ya emisiwa ka 522 B.C.E. mo malatsing a puso ya ga Kgosi Aretaserese. Go emisiwa ga tiro eno go ne ga tswelela go fitlha ka 520 B.C.E., mo ngwageng wa bobedi wa puso ya ga Kgosi Dario. Tempele e ne ya wediwa mo ngwageng wa borataro wa puso ya gagwe kana ka 515 B.C.E. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Dikgosi Tsa Peresia go Tloga ka 537 go ya go 467 B.C.E.”) Ka jalo tiro ya go aga tempele e tsere dingwaga di ka nna 20.

4:8–6:18 (4:8 ntlha e e kwa tlase mo NW)—Ke ka ntlha yang fa ditemana tseno di ne di kwadilwe ka Searamaika? Karolo eno e na le dikhopi tsa makwalo a a tswang kwa badiredibagolong ba dipuso a ya kwa dikgosing le dikarabo tse di tswang kwa dikgosing tseo. Esera o ne a di kwalolola go tswa mo direkotong tsa setšhaba tse di neng di kwadilwe ka Searamaika se e neng e le puo e e dirisiwang mo go tsa kgwebo le mo pusong ya mo motlheng oo. Dikarolo tse dingwe tsa Baebele tse di kwadilweng ka Se-Semite sa bogologolo ke Esera 7:12-26, Jeremia 10:11, le Daniele 2:4b–7:28.

Se re Ithutang Sone:

1:2. Se Isaia a neng a se bolelelapele dingwaga di ka nna 200 pele ga foo se ne sa diragala. (Isaia 44:28) Boporofeti jotlhe jo bo mo Lefokong la ga Jehofa bo a diragala.

1:3-6. Fela jaaka Baiseraele bangwe ba ba neng ba sala kwa Babelona, ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa gompieno ga ba kgone go tsenela tirelo ya nako e e tletseng kana go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone. Le fa go ntse jalo, ba thusa le go kgothatsa ba ba leng mo tirelong ya nako e e tletseng mme ba ntsha meneelo ya boithatelo gore tiro ya go rera le go dira barutwa e tsweledisiwe.

3:1-6. Mo kgweding ya bosupa ya 537 B.C.E. (Tishri, e e welang mo kgweding ya September/October), Bajuda ba ba ikanyegang ba ba boetseng kwa nageng ya bone ba ne ba ntsha setlhabelo sa bone sa ntlha. Bababelona ba ne ba tsena mo Jerusalema mo kgweding ya botlhano (Ab, e e welang mo kgweding ya July/August) ya 607 B.C.E. mme morago ga dikgwedi di le pedi, ba ne ba setse ba nyeleditse motse oo. (2 Dikgosi 25:8-17, 22-26) Mme jaaka go ne go boleletswe pele, dingwaga di le 70 tsa tshenyego ya Jerusalema di ne tsa wela ka yone nako e e neng e boletswe. (Jeremia 25:11; 29:10) Ka metlha sengwe le sengwe se Lefoko la ga Jehofa le se bolelelang pele se nna boammaaruri.

4:1-3. Masalela a a ikanyegang a ne a gana fa a ne a kopiwa sengwe se se neng se tla raya gore ba dire kgolagano ya bodumedi le baobamedi ba maaka. (Ekesodo 20:5; 34:12) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, baobamedi ba ga Jehofa ga ba kopanele le ditumelo tse dingwe mo go obameleng Jehofa.

5:1-7; 6:1-12. Jehofa a ka kgona go laola dilo gore batho ba bagwe ba atlege.

6:14, 22. Go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya ga Jehofa go dira gore a re amogele a bo a re segofatse.

6:21. Basamaria ba ba neng ba nna kwa nagagaeng ya Bajuda ka nako eo le ba ba boetseng teng ba ne ba ineetse mo go tlhotlhelediweng ke dilo tse di amanang le boheitane. Mme e rile ba bona kafa tiro ya ga Jehofa e neng e tsweletse ka gone, ba dira diphetogo tse di tlhokegang mo matshelong a bone. Ruri le rona re tshwanetse go tlhotlheletsega go nna le seabe mo tirong e Modimo a re abetseng yone go akaretsa le tiro ya go itsise ka Bogosi.

ESERA O GOROGA MO JERUSALEMA

(Esera 7:1–10:44)

Go setse go fetile dingwaga di le 50 fa e sa le tiro ya go aga ntlo ya ga Jehofa sesha e simololwa. Jaanong ke ngwaga wa 468 B.C.E. Esera o tloga kwa Babelona o ya kwa Jerusalema mmogo le batho ba Modimo ba ba setseng le madi a a ntshitsweng meneelo. Ke eng se a se fitlhelang fa a goroga koo?

Dikgosana di ne tsa bolelela Esera jaana: “Batho ba Iseraele le baperesiti le Balefi ga ba a itomolola mo ditšhabeng tsa mafatshe ka ga dilo tsa bone tse di makgapha.” Mo godimo ga moo, “seatla sa dikgosana le bathusi ba mmusi se itshupile se le kwa pelepele mo bosaikanyegeng jono.” (Esera 9:1, 2) Esera o gamaregile tota. Mme o kgothadiwa gore a ‘nonofe mme a tseye kgato.’ (Esera 10:4) Esera o tsaya kgato ya go baakanya seemo mme batho ba dirisana le ene sentle.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

7:1, 7, 11—A ditemana tseno tsotlhe di bua ka Aretaserese yo o neng a emisa tiro ya go aga? Nnyaa. Aretaserese ke leina kana sereto se dikgosi tse pedi tsa Peresia di bidiwang ka sone. Mongwe wa bone e ka tswa e le Gaumata kana Bardiya yo o neng a laela gore tiro ya go aga tempele e emisiwe ka 522 B.C.E. Aretaserese yo o neng a busa ka nako ya fa Esera a goroga mo Jerusalema e ne e le Aretaserese Longimanus.

7:28–8:20—Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba le bantsi ba ba leng kwa Babelona ba ne ba okaoka go ya Jerusalema le Esera? Go ne go se batho ba le bantsi ba ba nnang kwa Jerusalema le fa go ne go setse go fetile dingwaga di feta 60 fa e sa le setlhopha sa ntlha sa Bajuda se boela kwa nagagaeng ya bone. Go boela kwa Jerusalema go ne go raya gore ba simolole botshelo jo bosha mo maemong a a thata le a a kotsi. Go ne go se na dikhumo dipe mo Jerusalema wa motlha oo mme seo e ne e tla nna bothata mo Bajudeng ba ba neng ba tshela sentle kwa Babelona. Bothata jo bongwe gape e ne e le loeto lo lo kotsi lo ba neng ba tshwanelwa ke go lo tsamaya. Bajuda bano ba ba boetseng gae ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, ba tlhagafalele kobamelo ya boammaaruri, ba bo ba nne pelokgale go tsaya loeto lono lwa go boela Jerusalema. Tota le Esera o ne a nonotshiwa ke gore seatla sa ga Jehofa se ne se le mo go ene. Esera o ne a kgona go kgothatsa malapa a le 1 500—gongwe batho ba ka nna 6 000—gore ba tsamaye le ene. Fa Esera a sena go tsaya dikgato tse dingwe, Balefi ba le 38 le Banethinime ba le 220 le bone ba ne ba tsamaya le ene.

9:1, 2—Go nyalana ga Bajuda le batho ba mo nageng eo e ne e le bothata jo bo masisi go le kae? Setšhaba seno se se tsosolositsweng se ne se tshwanetse go sireletsa kobamelo ya ga Jehofa go fitlha Mesia a goroga. Ka jalo go nyalana le baagi ba lefelo leo go ne go ka nna ga senya kobamelo ya boammaaruri thata. E re ka bangwe ba batho bano ba ne ba dirile kgolagano ya lenyalo le batho ba ba obamelang medingwana ya disetwa, kgabagare setšhaba sotlhe se ne se ka feleletsa se tswakane le setšhaba sa baheitane. Kobamelo e e boitshepo e ka bo e ile ya nyelela gotlhelele mo lefatsheng. Mme fa go ne go ka nna jalo Mesia o ne a tla tla kwa go bomang? Ga go gakgamatse go bo Esera a ne a gamaregile tota fa a bona dilo tseno tse di neng di direga!

10:3, 44—Ke ka ntlha yang fa basadi le bana ba ne ba tsamaisiwa? Fa bana ba ne ba ka sala go ne go ka nna le mabaka a mantsi a gore basadi ba ba tsamaisitsweng ba boe gape ka ntlha ya bana ba bone. Mo godimo ga moo, bana ba bannye ba tlhoka tlhokomelo ya bommaabone.

Se re Ithutang Sone:

7:10. Esera o ne a re tlhomela sekao ka go nna moithuti yo o tlhoafetseng le morutisi yo o rutang ka tsela e e nang le matswela wa Lefoko la Modimo. O ne a rapela a etleeditse pelo ya gagwe go kopa kgakololo mo Molaong wa ga Jehofa. Fa Esera a ntse a kopa kgakololo eno, o ne a reetsa ka kelotlhoko se Jehofa a neng a se bua le ene. Esera o ne a dirisa se a neng a ithuta sone mme a dira ka natla fa a ruta ba bangwe.

7:13. Jehofa o batla batlhanka ba ba mo direlang ka go rata.

7:27, 28; 8:21-23. Pele Esera a tsaya loeto lo loleele le lo lo kotsi lwa go ya Jerusalema, o ne a galaletsa Jehofa a bo a mo rapela go tswa pelong mme o ne a iketleeleditse go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing e le gore Modimo a galalediwe. Ka go dira jalo o ne a re tlhomela sekao se se molemo.

9:2. Re tshwanetse go tsaya tsiya tlhagiso ya gore re nyale “mo Moreneng fela.”—1 Bakorintha 7:39.

9:14, 15. Go itlwaelanya le ba ba bosula go ka dira gore Jehofa a se ka a re amogela.

10:2-12, 44. Batho ba ba neng ba tsere basadi ba baditšhaba ba ne ba ikwatlhaya mme ba baakanya ditsela tsa bone tse di phoso. Ba ne ba re tlhomela sekao ka boikutlo jo ba neng ba na le jone le se ba neng ba se dira.

Jehofa o Boloka Ditsholofetso Tsa Gagwe

Ruri buka ya ga Esera e botlhokwa thata mo go rona! Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go golola batho ba gagwe kwa botshwarwa kwa Babelona le go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema mme o ne a dira seo ka yone nako e a neng a e beile. A seno ga se nonotshe tumelo ya rona mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe?

Akanya ka dikai tse buka ya Esera e re nayang tsone. Esera le masalela a Bajuda a a neng a boela kwa nagagaeng ya bone gore ba nne le seabe mo go tsosoloseng kobamelo e e boitshepo kwa Jerusalema ba ne ba re tlhomela sekao sa go ineela mo Modimong. Gape buka eno e gatelela kafa batswakwa ba neng ba supa tumelo mo Modimong ka gone le tsela e badirabosula ba ba ikwatlhaileng ba neng ba supa boikokobetso ka yone. Eleruri mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Esera a re naya bosupi jwa gore “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.

[Tšhate/Setshantsho mo go tsebe 18]

DIKGOSI TSA PERESIA GO TLOGA KA 537 GO YA GO 467 B.C.E.

Kurose yo Mogolo (Esera 1:1) o sule ka 530 B.C.E.

Cambyses, kana Ahasueruse (Esera 4:6) 530-22 B.C.E.

Aretaserese—Bardiya kana Gaumata (Esera 4:7) 522 B.C.E. (O ne a bolawa a sena go busa dikgwedi di le supa fela)

Dario I (Esera 4:24) 522-486 B.C.E.

Serese, kana Ahasueruse * 486-75 B.C.E. (O ne a nna mmusimmogo le Dario I go tloga ka 496-86 B.C.E.)

Aretaserese Longimanus (Esera 7:1) 475-24 B.C.E.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 50 Serese ga a umakwe gope mo bukeng ya Esera. O bidiwa Ahasueruse mo bukeng ya Baebele ya Esethere.

[Setshwantsho]

Ahasueruse

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Kurose

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Silendara sa ga Kurose se ne se tlhalosa molao o o malebana le go busediwa ga batshwarwa kwa nagagaeng ya bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Cylinder: Photograph taken by courtesy of the British Museum

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

A wa itse gore ke eng se se neng sa dira gore Esera a nne morutisi yo o rutang ka tsela e e nang le matswela?