Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwana le Setlhare sa Lagani Auna?

A o Tshwana le Setlhare sa Lagani Auna?

A o Tshwana le Setlhare sa Lagani Auna?

MO MOTSENG mongwe ka kwa ntle ga Port Moresby, kwa Papua New Guinea, badiredi ba babedi ba ne ba boela gae ba tswa go rera. Fa ba ntse ba tsamaya, ba ne ba bona setlhare se sentle. Rre yo mogolwane o ne a re: “Setlhare sa lagani auna!” O ne a raya lekawana le a neng a tsamaya le lone a re: “Leina leo le raya ‘setlhare se se tsogang ngwaga le ngwaga.’ Setlhare seo ga se tshwane le tse dingwe tse dintsi tsa boboatsatsi ka gore ngwaga le ngwaga matlhare a sone a a tlhotlhorega se bo se lebega e kete se sule. Mme fa dipula di simolola go na, se tsoga gape, mme se tlhoga dithunya se bo se boa se nna sentle.”

Go na le sengwe se se ka ithutiwang mo setlhareng sa lagani auna, kana setlhare sa royal poinciana (setlhare se sentle sa boboatsatsi) jaaka se itsege. Go ya ka baitse bangwe, se tsewa e le sengwe sa ditlhare tse tlhano tse dintle thata tse di tlhogang dithunya mo lefatsheng. Le fa dithunya tsa sone le matlhare di tlhotlhorega ka paka e pula e seyong ka yone, setlhare seno se ipolokela metsi. Se na le medi e e nonofileng e e kgonang go tsenelela kwa teng mo mafikeng a a kwa teng kafa tlase ga lefatshe. Ka go dira jalo se kgona go itshetlela le fa go na le diphefo tse di maatla. Ka bokhutshwane fela, se kgona go gola sentle ka go itlwaetsa maemo a a thata.

Go ka direga gore re nne mo maemong a a lekang boleng jwa tumelo ya rona. Ke eng se se tla re thusang go itshoka? Jaaka setlhare sa lagani auna, re ka nwa mme ra ipolokela metsi a a nayang botshelo a Lefoko la Modimo. Gape re tshwanetse go ikaega thata ka ‘lefika la rona,’ Jehofa, le ka phuthego ya gagwe. (2 Samuele 22:3) Ruri setlhare sa lagani auna ke kgakololo e e kgatlhang ya gore tota le fa re lebane le seemo se se thata re ka tswelela re na le nonofo ya semoya e bile re le bantle ka tsela ya semoya fa re dirisa dilo tsotlhe tse Jehofa a di re neileng. Ka go dira jalo, re tla ‘rua ditsholofetso’ tse a di re neileng, le tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 6:12; Tshenolo 21:4.