Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

“Bosupi mo Ditšhabeng Tsotlhe”

“Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—DITIRO 1:8.

1. Barutwa ba ne ba utlwa leng la ntlha mafoko a a mo go Mathaio 24:14, mme ba ne ba le kae?

MAFOKO a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14 a tlwaelegile thata jaana mo bontsi jwa rona re a itseng ka tlhogo. Mme a bo e le boporofeti jo bo gakgamatsang thata jang ne! Akanya fela gore barutwa ba ka tswa ba ile ba akanya eng fa ba ne ba bo utlwa la ntlha! E ne e le ka ngwaga wa 33 C.E. Barutwa ba ne ba na le dingwaga tse tharo ba ntse ba na le Jesu, mme jaanong ba ne ba tlile le ene mo Jerusalema. Ba ne ba bone dikgakgamatso tsa gagwe e bile ba utlwile le dithuto tsa gagwe. Le fa ba ne ba itumelela dithuto tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse Jesu a neng a ba ruta tsone, ba ne ba lemoga gore ga se batho botlhe ba ba neng ba di itumelela. Jesu o ne a na le baba ba ba maatla le ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo.

2. Barutwa ba ne ba tla lebana le dikotsi le dikgwetlho dife?

2 Mo Thabeng ya Lotlhware, barutwa ba banè ba ne ba dutse le Jesu, ba reeditse ka kelotlhoko fa a ntse a bua ka dikotsi tse di neng di tla tla le dikgwetlho tse ba neng ba tla lebana le tsone. Pele ga foo Jesu o ile a ba bolelela gore o ne a tlile go bolawa. (Mathaio 16:21) Jaanong o ne a ba tlhalosetsa ka tlhamalalo gore le bone ba ne ba tla bogisiwa setlhogo. O ile a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” E ne e se seo fela. Baporofeti ba maaka ba ne ba tla tsietsa batho ba le bantsi. Bangwe ba ne ba tla kgopisega e bile ba ne ba tla okana le go ilana. Ba bangwe bone, tota re ka re, “ba le bantsi,” ba ne ba tla letla lorato lo ba ratang Modimo ka lone le Lefoko la gagwe lo tsidifala.—Mathaio 24:9-12.

3. Ke eng fa mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 24:14 a gakgamatsa?

3 Fa Jesu a sena go bolelela pele maemo ao a a sa itumediseng, o ne a bua mafoko a a ka tswang a ile a gakgamatsa barutwa ba gagwe. O ile a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Ee ruri, tiro e Jesu a ileng a e simolola kwa Iseraele—‘go supa ka ga boammaaruri’—e ne e tla tswelela le go anamela mo lefatsheng lotlhe. (Johane 18:37) A boporofeti jo bo gakgamatsang ruri! Go ne go se kitla go nna motlhofo go atolosetsa tiro eo “mo ditšhabeng tsotlhe;” go ne go tla ba tlhoka dikgakgamatso gore ba kgone go dira tiro eo ba ntse ba lebana le go ‘tlhoiwa ke ditšhaba tsotlhe.’ Go diragadiwa ga tiro eno e e boitshegang go ne go se kitla go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa fela mme gape go ne go tla tlotlomatsa lorato lwa gagwe, bopelotlhomogi le bopelotelele jwa gagwe. Mo godimo ga moo, go ne go tla naya batlhanka ba gagwe tshono ya go bontsha tumelo le boineelo jwa bone.

4. Ke bomang ba ba neng ba laelwa go dira tiro ya go rera, mme Jesu o ne a ba kgothatsa jang?

4 Jesu o ile a gatelela mo barutweng ba gagwe gore ba ne ba na le tiro e e botlhokwa thata e ba neng ba tshwanetse go e dira. Pele ga Jesu a tlhatlogela legodimong o ile a iponatsha mo go bone mme a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ke boammaaruri gore, go ise go ye kae go ne go tla nna le batho ba bangwe ba ba neng ba tla ba thusa. Le fa go ntse jalo, palo ya barutwa e ne e sa ntse e le nnye thata. A bo go tshwanetse ga bo go ile ga ba kgothatsa jang go itse gore moya o o boitshepo o o maatla wa Modimo o ne o tla ba naya maatla a go diragatsa tiro eo e ba e abetsweng ke Modimo!

5. Ke eng se barutwa ba neng ba sa se itse ka tiro ya go rera?

5 Barutwa ba ne ba itse gore ba ne ba tshwanetse go rera dikgang tse di molemo le go dira “batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19, 20) Mme gone ba ne ba sa itse gore bosupi bo ne bo tla neelwa ka botlalo go le kana kang, e bile ba ne ba sa itse le gore bokhutlo bo ne bo tla tla leng. Mme le rona ga re itse dilo tseno. Ke Jehofa fela a itseng. (Mathaio 24:36) Jehofa o tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo fa bosupi bo neetswe ka selekanyo se a se kgotsofalelang. Ke ka nako eo e tla nnang gone Bakeresete ba lemogang gore tiro ya go rera e dirilwe ka selekanyo se Jehofa a neng a batla e dirwa ka sone. Barutwa bao ba pele ba ne ba tla gakgamala tota go bona selekanyo se segolo se tiro ya go rera e dirilweng ka sone mo nakong eno ya bofelo.

Tiro ya go Rera mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga

6. Go ne ga direga eng ka Pentekosete ya 33 C.E. le ka bonako fela morago ga moo?

6 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa e ne ya nna le matswela a a gakgamatsang. Ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E., barutwa ba ba ka nnang 120 ba ne ba kopane mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema. Ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo, moaposetoloi Petere a neela puo e e amang maikutlo mme batho ba ka nna 3 000 ba nna badumedi mme ba kolobediwa. Seo e ne e le tshimologo fela. Le fa baeteledipele ba bodumedi ba ile ba leka ka natla go thibela tiro ya go rera dikgang tse di molemo, ‘Jehofa o ne a tswelela a oketsa barutwa letsatsi le letsatsi ka ba ba bolokwang.’ Go ise go ye kae, “palo ya banna ya nna dikete di ka nna tlhano.” Morago ga moo, “badumedi mo Moreneng ba ne ba nna ba okediwa, bontsintsi jwa banna le jwa basadi.”—Ditiro 2:1-4, 8, 14, 41, 47; 4:4; 5:14.

7. Ke eng fa go sokologa ga ga Korenelio e ne e le tiragalo e e botlhokwa thata?

7 Go ne ga direga tiragalo e nngwe gape e e botlhokwa ka ngwaga wa 36 C.E.—go sokologa le go kolobediwa ga ga Korenelio wa Moditšhaba. Fa Jehofa a ne a kaela moaposetoloi Petere go ya go rerela monna yono yo o boifang Modimo, o ne a bontsha gore taelo ya ga Jesu ya gore go ‘dirwe batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa’ e ne e sa tshwanela go dirwa fela mo Bajudeng mo dinageng tse di farologaneng. (Ditiro 10:44, 45) Banna ba ba eteletseng pele ba ne ba tsibogela seo jang? Fa baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Judea ba lemoga gore baditšhaba—batho ba e seng Bajuda—le bone ba ne ba tshwanelwa ke go rerelwa dikgang tse di molemo, ba ne ba galaletsa Modimo. (Ditiro 11:1, 18) Ka nako eo, tiro ya go rera e ne ya tswelela go nna le matswela a magolo mo Bajudeng. Dingwaga morago ga moo, gongwe mo e ka nnang ka 58 C.E., mo godimo ga badumedi ba Baditšhaba, go ne ga nna le ‘dikete di le dintsi tsa badumedi ba Bajuda.’—Ditiro 21:20.

8. Dikgang tse di molemo di ama batho jang?

8 Le fa dipego tsa koketsego ya palo ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di kgatlha, ga re a tshwanela go lebala gore tota dipalo tseo di emela batho ba mmatota. Molaetsa wa Baebele o ba neng ba o utlwa o ne o le maatla. (Bahebera 4:12) O ne wa fetola gotlhelele botshelo jwa batho ba ba neng ba o amogela. Batho bao ba ne ba simolola go tshela botshelo jo bo phepa, ba apara botho jo bosha mme ba letlana le Modimo. (Baefeso 4:22, 23) Go ntse fela jalo le gompieno. Batho botlhe ba ba amogelang dikgang tse di molemo ba na le tsholofelo e e molemo ya go tshelela ruri.—Johane 3:16.

Badirimmogo le Modimo

9. Ke tshiamelo le boikarabelo bofe jo Bakeresete ba pele ba neng ba lemoga gore ba na le jone?

9 Bakeresete bao ba pele ba ne ba se ka ba itlotlomaletsa katlego eo e ba neng ba nna le yone. Ba ne ba lemoga gore ba ne ba thusiwa ke “maatla a moya o o boitshepo” mo tirong eo ya bone ya go rera. (Baroma 15:13, 19) Jehofa ke ene yo o neng a atlegisa tiro ya bone. Mme gape, Bakeresete bao ba ne ba itse gore ba ne ba na le tshiamelo le boikarabelo jwa go nna “badirimmogo le Modimo.” (1 Bakorintha 3:6-9) Go dumalana le kgakololo ya ga Jesu, seo se ne sa dira gore ba iteke ka natla mo tirong e ba neng ba abetswe go e dira.—Luke 13:24.

10. Bakeresete bangwe ba pele ba ile ba dira maiteko afe go neela bosupi mo ditšhabeng?

10 E re ka Paulo e ne e le “moaposetoloi mo ditšhabeng” o ne a tsamaya diketekete tsa dikilometara ka maoto le ka sekepe a tlhoma diphuthego mo porofenseng ya Roma ya Asia le kwa Gerika. (Baroma 11:13) Gape o ne a ya kwa Roma gongwe le kwa Spain. Moaposetoloi Petere ene o ne a neilwe boikarabelo jwa go rera ‘dikgang tse di molemo mo go ba ba rupileng,’ mme o ne a tsaya mesepele go ya dikarolong di sele, tse di jaaka Babelona le mafelo a mangwe a Bajuda ba neng ba nna ka bontsi kwa go one ka nako eo. (Bagalatia 2:7-9; 1 Petere 5:13) Bangwe ba batho ba ba neng ba dira ka natla mo tirong ya Morena e ne e le basadi ba ba jaaka Teraefina le Teraefosa. Mosadi yo mongwe yo o bidiwang Peresise o tlhalosiwa a ile a “dira ditiro tsa bonatla di le dintsi mo Moreneng.”—Baroma 16:12.

11. Jehofa o ile a segofatsa jang maiteko a barutwa?

11 Jehofa o ile a segofatsa maiteko a badiri bao le ba bangwe ba ba neng ba dira ka natla. Go ne go ise go fete dingwaga tse 30 morago ga gore Jesu a bolelele pele gore go ne go tla neelwa bosupi mo ditšhabeng tsotlhe fa Paulo a kwala a bolela gore “dikgang tse di molemo” di ne di “rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakolosa 1:23) A bokhutlo bo ne jwa tla ka nako eo? Ee, ka tsela nngwe bo ne jwa tla. Bo ne jwa tlela tsamaiso ya dilo ya Sejuda ka ngwaga wa 70 C.E. fa masole a Roma a ne a senya Jerusalema le tempele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ikaeletse gore go neelwe bosupi jo bogolo go feta joo pele ga a tla go fedisa tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane.

Bosupi jo bo Neelwang Gompieno

12. Baithuti ba pele ba Baebele ba ne ba tlhaloganya jang taelo ya gore ba rere?

12 Mo karolong ya bofelo ya lekgolo la bo19 la dingwaga, kobamelo e e itshekileng e ne ya boa ya nna gone gape morago ga gore botlhanogi jwa bodumedi bo fetse lobaka lo loleele bo aname. Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa jalo, ba ne ba tlhaloganya ka botlalo taelo ya gore ba dire batho ba lefatshe lotlhe barutwa. (Mathaio 28:19, 20) Ka ngwaga wa 1914, go ne go na le ba le 5 100 ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera, mme dikgang tse di molemo di ne di rerwa mo dinageng di le 68. Le fa go ntse jalo, Baithuti bao ba pele ba Baebele ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa Mathaio 24:14 ka botlalo. Fa lekgolo la bo19 la dingwaga le ya bokhutlong, Baebele, e e leng yone e tshwereng dikgang tse di molemo, kana efangele, e ne e setse e ranotswe le go gatisiwa ke mekgatlho ya Baebele ka dipuo di le dintsi le go anamisiwa go ralala lefatshe. Ka gone, go ne ga feta masome a dingwaga Baithuti ba Baebele ba akanya gore bosupi bo setse bo neetswe mo ditšhabeng.

13, 14. Ke tsela efe e e botoka ya go tlhaloganya thato ya Modimo le maikaelelo a gagwe e e ileng ya tlhalosiwa ke makasine wa The Watch Tower ya 1928?

13 Ka bonya ka bonya Jehofa o ne a thusa batho ba gagwe go tlhaloganya thato le maikaelelo a gagwe ka botlalo. (Diane 4:18) Makasine wa The Watch Tower wa December 1, 1928, o ne wa re: “A re ka re go anamisiwa ga Baebele go diragatsa boporofeti jwa gore efangele ya bogosi e tla rerwa? Ruri ga go a nna jalo! Le fa gone Baebele e ile ya anamisiwa ka bontsi, go sa ntse go tlhokega gore setlhotshwana se sennye sa basupi ba Modimo mo lefatsheng se gatise dibuka tse di tlhalosang [maikaelelo] a Modimo le go etela batho ba ba tlogelelwang dibuka tseno mo magaeng a bone. Fa ba sa dire jalo batho ga ba kitla ba itse gore puso ya ga Mesia e tlhomilwe mo motlheng wa rona.”

14 Makasine oo wa The Watch Tower o ne wa tswelela jaana: “Ka 1920, . . . Baithuti ba Baebele ba ne ba simolola go tlhaloganya sentle boporofeti jwa Morena wa rona jo bo mo go Mathaio 24:14. Go tswa foo ba ne ba lemoga gore ‘efangele eno’ e e neng e tshwanetse go rerwa mo lefatsheng lotlhe go nna bosupi mo ditšhabeng tsotlhe tota e ne e se efangele kaga puso e e neng e sa ntse e tla, go na le moo, e ne e le efangele e tota e neng e itsise batho ka ga gore Kgosi Mesia o simolotse go busa lefatshe.”

15. Tiro ya go rera e ile ya oketsega jang fa e sa le ka bo1920?

15 ‘Setlhotshwana seo se sennye sa basupi’ ka bo1920 se ne sa se ka sa tswelela se le sennye. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, go ne ga lemogiwa gore go na le batho ba e leng ba “boidiidi jo bogolo,” jwa “dinku tse dingwe” mme ga simololwa ka tiro ya go ba phutha. (Tshenolo 7:9; Johane 10:16) Gompieno go na le baboledi ba dikgang tse di molemo ba le 6 613 829 mo dinageng di le 235. A tsela e e molemo ruri ya go diragadiwa ga boporofeti! “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” ga di ise di ko di tsamaye di rerwe ka selekanyo se segolo go le kalo. Ga go ise go ko go tsamaye go nne le batlhanka ba bantsi jalo ba ba ikanyegang ba ga Jehofa mo lefatsheng.

16. Go ile ga dirwa tiro e e kana kang mo ngwageng o o fetileng wa tirelo? (Bona tšhate e e mo go tsebe 27-30.)

16 Boidiidi jono jo bogolo jwa Basupi bo ile jwa dira mmogo ka natla mo ngwageng wa tirelo wa 2005. Ba ile ba dirisa diura tse di fetang bilione mo tirong ya go bolela dikgang tse di molemo mo dinageng di le 235. Ba ile ba dira maeto a go boela a le dimilionemilione, mme ba tshwara dithuto tsa Baebele di le dimilione. Tiro eno e dirilwe ke Basupi ba ga Jehofa ba ba ileng ba ithaopela go dirisa nako ya bone le dilo tse dingwe tsa bone go ruta batho ba bangwe Lefoko la Modimo. (Mathaio 10:8) Jehofa o tswelela pele go nonotsha batlhanka ba gagwe gore ba kgone go dira thato ya gagwe ka go dirisa moya wa gagwe o o boitshepo.—Sekarea 4:6.

Go Dira ka Natla mo Tirong ya go Neela Bosupi

17. Batho ba ga Jehofa ba tsibogela jang mafoko a ga Jesu a a kaga go rerwa ga dikgang tse di molemo?

17 Le fa gone go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000 fa e sa le Jesu a bolela gore dikgang tse di molemo di ne di tla rerwa, tlhagafalo ya batho ba Modimo mo tirong eno ga ya fokotsega. Re a itse gore ka boitshoko jwa rona mo go direng se se molemo, re bontsha dinonofo tsa ga Jehofa tse di jaaka lorato, kutlwelobotlhoko le bopelotelele. Jaaka ene, ga re batle fa ope a ka senngwa, go na le moo, re batla gore batho ba ikwatlhaye mme ba letlane le Jehofa. (2 Bakorintha 5:18-20; 2 Petere 3:9) E re ka Basupi ba ga Jehofa ba tletse ka moya wa Modimo, ba tswelela pele go bolela dikgang tse di molemo go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe ka tlhagafalo. (Baroma 12:11) Seo se dira gore batho gongwe le gongwe ba amogele boammaaruri le go bona kaelo e e lorato ya ga Jehofa. Akanya ka dikai tse di latelang.

18, 19. Ke ditiragalo dife tse o ka di umakang tsa batho ba ba ileng ba tsibogela dikgang tse di molemo?

18 Charles e ne e le molemi kwa bophirima jwa Kenya. Ka 1998 o ne a rekisa dikilogerama di feta 8 000 tsa motsoko mme o ne a newa setlankana se se neng se mo tlhalosa e le Molemi wa Motsoko yo o Gaisitseng Botlhe. Ka nako eo o ne a simolola go ithuta Baebele. Go ise go ye kae o ne a lemoga gore motho yo o dirang tiro ya go jala motsoko o dira selo se se kgatlhanong le taelo ya ga Jesu ya gore re rate baagelani ba rona. (Mathaio 22:39) Fa Charles a sena go lemoga gore tota go nna ‘molemi wa motsoko yo o gaisitseng botlhe,’ ke go nna ‘mmolai yo o gaisang botlhe,’ o ne a tshela masimo a gagwe a motsoko ka botlhole. O ne a gatela pele go fitlha a ineela le go kolobediwa, mme gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha e bile ke motlhanka wa bodiredi.

19 Ga go pelaelo gore Jehofa o reketlisa ditšhaba ka tiro eno ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, mme dilo tse di eletsegang—batho—di a tsena. (Hagai 2:7) Pedro, yo o nnang kwa Portugal, o ne a ya kwa setheong sa go ithutela boruti a le dingwaga di le 13. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go nna morongwa le go ruta batho Baebele. Le fa go ntse jalo, morago ga lobaka lo lokhutshwane o ne a tlogela setheo seo ka gonne go ne go sa akarediwe Baebele thata mo dithutong tsa sone. Dingwaga di le thataro morago ga moo o ne a ya go ithuta dithuto tsa thutotlhaloganyo kwa yunibesithing kwa Lisbon. O ne a ya go nna le mmangwanaagwe, yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, yo o neng a mo kgothaletsa go ithuta Baebele. Ka nako eo, Pedro o ne a sa tlhomamisege gore a go na le Modimo, e bile o ne a sa kgone go dira tshwetso ya gore a ke a ithute Baebele kana nnyaa. O ne a buisana le porofesa wa gagwe wa thutotlhaloganyo ka bothata jono jwa gagwe jwa go se kgone go dira tshwetso. Porofesa o ne a mmolelela gore thutotlhaloganyo e ruta gore batho ba ba sa kgoneng go dira ditshwetso ba tle ba ikutlwise botlhoko. Seo se ne sa dira gore Pedro a dire tshwetso ya go ithuta Baebele. O ne a kolobediwa bosheng jaana mme gone jaanong le ene o na le batho ba a ba rutang Baebele.

20. Ke eng fa re ka itumelela gore ditšhaba di neelwa bosupi ka selekanyo se segolo jaana?

20 Ga re itse gore go sa ntse go tla neelwa bosupi go le kana kang mo ditšhabeng, e bile ga re itse letsatsi le ura e bokhutlo bo tla tlang ka yone. Se re se itseng fela ke gore bo tla tloga bo tla. Re itumelela gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo ka selekanyo se segolo jalo ke sesupo se le sengwe fela mo go tse dintsi tse di gone sa gore nako e gaufi ya gore Bogosi jwa Modimo bo tseye maemo a dipuso tsa batho. (Daniele 2:44) Ngwaga mongwe le mongwe o o fetang o naya dimilione tsa batho tshono ya go tsibogela dikgang tse di molemo, mme seo se galaletsa Modimo wa rona Jehofa. E kete re ka ititaya sehuba gore re tla nna re ikanyega le go nna re dira ka natla le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe mo tirong ya go rerela ditšhaba tsotlhe. Ka go dira jalo, re tla ipoloka re bo re boloka le ba ba re reetsang.—1 Timotheo 4:16.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Mathaio 24:14 e le boporofeti jo bo gakgamatsang?

• Ke maiteko afe a Bakeresete ba pele ba neng ba a dira mo tirong ya go rera, mme go ne ga felela ka eng?

• Go ne ga tla jang gore Baithuti ba Baebele ba tlhaloganye gore ba tshwanetse go rerela batho ba ditšhaba tsotlhe?

• Ke eng se se go kgatlhileng thata fa o ntse o sekaseka tiro e e dirilweng ke Basupi ba ga Jehofa mo ngwageng o o fetileng wa tirelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Tšhate mo go tsebe 27-30]

PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 2005

(Leba kgatiso)

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Paulo o ne a tsamaya diketekete tsa dikilometara ka maoto le ka sekepe go rera dikgang tse di molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Jehofa o ne a kaela Petere gore a rerele Korenelio le lelapa la gagwe