Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa e bong Josefa o ne a dirisa senwelo se se kgethegileng sa selefera go bala ditshupo, jaaka go lebega Genesise 44:5 e umaka?

Ga go lebaka la gore re dumele gore tota Josefa o ne a dirisa mokgwa le fa e ka nna ofe wa go laola ka bola.

Baebele e re senolela se tota Josefa a neng a se itse malebana le go dirisa maselamose go itse se isagwe e se tshotseng. Pelenyana fa Josefa a ne a kopilwe gore a tlhalose ditoro tsa ga Faro, o ne a gatelela gangwe le gape gore ke Modimo fela yo o ka ‘itsiseng’ ditiragalo tse di tlang. Mme ka ntlha ya seo Faro le ene o ne a feleletsa a dumela gore Modimo yo Josefa a neng a mo obamela—Modimo wa boammaaruri, e seng maatla a masaitseweng—ke ene a dirileng gore Josefa a itse dilo tse di tla diragalang mo isagweng. (Genesise 41:16, 25, 28, 32, 39) Mo Molaong o o neng wa newa Moshe moragonyana, Jehofa o ne a kgala go dirisiwa ga maselamose kana go laola, mme seo se ne se tlhomamisa gore ke Modimo fela yo o kgonang go bolelela isagwe pele.—Duteronome 18:10-12.

Jaanong ke ka ntlha yang fa Josefa a ne a laela motlhanka wa gagwe gore a bue gore o ne a dirisa senwelo sa selefera go ‘bala ditshupo ka botswerere’? * (Genesise 44:5) Re tshwanetse go sekaseka maemo a ba neng ba le mo go one fa ba bua mafoko ano.

Ka ntlha ya leuba le legolo le le neng le le gone, bomorwarraagwe Josefa ba ne ba tsaya loeto go ya Egepeto go ya go batla dijo. Dingwaga pelenyana ga foo, bomorwarraagwe Josefa ba ne ba mo rekisa gore a nne lekgoba. Mme jaanong ba ne ba sa itse gore ba ne ba kopa thuso mo go morwarraabone yo jaanong e neng e le motlhokomedi wa dijo mo Egepeto. Josefa ga a ka a ba bolelela gore ke ene mang. Go na le moo, o ne a ba leka. Totatota Josefa o ne a batla go bona gore a ruri ba ikwatlhaile. Gape o ne a batla go bona gore a ba rata morwarraabone Benjamine le gore ba mo rata go le kae, le gore a ba rata rraabone Jakobe yo o neng a rata Benjamine thata. Ka jalo Josefa o ne a bona gore a loge leano.—Genesise 41:55–44:3.

Josefa o ne a laela mongwe wa batlhanka ba gagwe gore a tlatse dikgetsi tsa bomorwarraagwe ka dijo, a busetse madi a mongwe le mongwe wa bone mo molomong wa kgetsi ya gagwe mme a tsenye senwelo sa ga Josefa sa selefera mo molomong wa kgetsi ya ga Benjamine. Fa Josefa a dira dilo tseno tsotlhe o ne a itirile molaodi wa lefatshe la boheitane. O ne a fetola tsela e a dirang dilo ka yone le e a buang ka yone gore e tshwane le ya molaodi wa lefatshe leo e le gore bomorwarraagwe ba ba neng ba sa mo lemoge ba se ka ba belaela sepe.

Fa Josefa a ne a bua le bomorwarraagwe o ne a tswelela ka leano la gagwe mme a ba botsa jaana: “A lo ne lo sa itse gore motho yo o tshwanang le nna o kgona go bala ditshupo ka botswerere?” (Genesise 44:15) Ka jalo ga go pelaelo gore Josefa o ne a dirisitse senwelo seno go tsweletsa leano leno la gagwe. Tota Josefa ga a ka a dirisa senwelo seno go bala ditshupo ka sone, fela jaaka Benjamine le ene a ne a sa se utswa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 The Holy Bible, With an Explanatory and Critical Commentary, e e gatisitsweng ke F. C. Cook, e tlhalosa tlwaelo eno e e neng e dirwa mo motlheng wa bogologolo jaana: “Go laola ka bola go ne go dirwa ka go latlhela gauta, selefera kana dibenya mo metsing, mme morago ga moo go bo go sekasekiwa tsela e di lebegang ka yone; kana ka go leba mo metsing fela jaaka motho a leba mo seiponeng.” Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Christopher Wordsworth a re: “Ka dinako dingwe senwelo se ne se tladiwa ka metsi, mme karabo e ne e bonwa ka go leba setshwantsho se se dirilweng ke letsatsi fa le tsabakela mo metsing a a mo senwelong.”