Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Bopelotelele Jwa ga Jehofa

Etsa Bopelotelele Jwa ga Jehofa

Etsa Bopelotelele Jwa ga Jehofa

“Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, . . . mme o pelotelele.”—2 PETERE 3:9.

1. Ke mpho efe e e ka se kang ya bapisiwa le sepe e Jehofa a e solofetsang batho?

JEHOFA o re solofetsa sengwe se go seng ope yo o ka re solofetsang sone. Ke sengwe se se kgatlhang thata le se se botlhokwa thata, le fa go ntse jalo, motho a ka se kgone go se reka kana go berekela ga nna le sone. Selo seo se a re solofetsang sone ke mpho ya botshelo jo bo sa khutleng—mme mo go ba le bantsi ba rona, seo se bolela go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Johane 3:16) A bo seo e tla nna selo se se itumedisang thata jang ne! Ga go kitla go tlhola go nna le dilo tse di re hutsafatsang thata jaana—dintwa, thubakanyo, khumanego, bokebekwa, malwetse, tota le loso. Batho ba tla tshela ka kagiso le kutlwano e e molemo mo pusong e e lorato ya Bogosi jwa Modimo. A bo re eletsa Paradaise eo thata jang ne!—Isaia 9:6, 7; Tshenolo 21:4, 5.

2. Ke eng fa Jehofa a ise a fedise tsamaiso ya dilo ya ga Satane?

2 Jehofa le ene o tlhoafaletse nako ya fa a tla bo a dirile lefatshe Paradaise. Kana e bile, ke morati wa tshiamo le tshiamiso. (Pesalema 33:5) Ga a itumelele go bona tsela e lefatshe leno le tlhokomologang melaometheo ya gagwe e e siameng ka yone, le e le nyatsang taolo ya gagwe ka yone le go sotla batho ba gagwe. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang a go bo a ise a tseye kgato go fedisa tsamaiso e e boikepo ya dilo ya ga Satane. Mabaka ao a amana le dikgang tse di kaga gore se se siameng le se se sa siamang ke sefe. Jehofa o rarabolola dikgang tseo ka go bontsha nonofo e e kgatlhang thata e batho ba le bantsi gompieno ba se nang yone—bopelotelele.

3. (a) Mafoko a Segerika le Sehebera a a ranotsweng e le “bopelotelele” mo Baebeleng a kaya eng? (b) Gone jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

3 Go na le lefoko la Segerika le mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le ranolwang e le “bopelotelele” ka makgetlo a le mararo. Lefoko leo fa le ranolwa fela jaaka le ntse le kaya “go nna moya o moleele” mme ka gone gangwe le gape le ranolwa e le “go itshwara ka bopelotelele” e bile le ranotswe gangwe e le “go nna pelotelele.” Mafoko a Segerika le Sehebera a a ranolwang e le “bopelotelele” a naya kgopolo ya go itshoka le go nna bonya go galefa. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo re solegela molemo jang? Ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone go tswa mo kgannyeng ya go bo Jehofa le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba le pelotelele e bile ba na le boitshoko? Re itse jang gore bopelotelele jwa ga Jehofa bo lekanyeditswe? A re sekaseke dintlha tseno.

Akanya ka Bopelotelele Jwa ga Jehofa

4. Moaposetoloi Petere o ile a reng ka bopelotelele jwa ga Jehofa?

4 Moaposetoloi Petere o ile a bua jaana ka bopelotelele jwa ga Jehofa: “Lo se ka lwa tlhoka go lemoga ntlha eno e le nngwe fela, baratwa, gore letsatsi le le lengwe mo go Jehofa le ntse jaaka dingwaga di le sekete le dingwaga di le sekete di ntse jaaka letsatsi le le lengwe. Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:8, 9) Tsweetswee ela tlhoko dintlha tse pedi tse di umakilweng fano tse di ka re thusang go tlhaloganya bopelotelele jwa ga Jehofa.

5. Tsela e Jehofa a lebang nako ka yone e ama jang se a se dirang?

5 Ntlha ya pele ke ya gore Jehofa ga a lebe nako ka tsela e re e lebang ka yone. E re ka Ene a tshela ka bosakhutleng, mo go ene dingwaga di le sekete di tshwana fela le letsatsi le le lengwe. Ga a kgorelediwe ke nako e bile ga e mo tsenye mo sepitleng, mme gone ga a bonya go tsaya kgato. E re ka Jehofa a na le botlhale jo bo se nang selekanyo, o itse nako e e siameng ya go tsaya kgato ka tsela e e tla solegelang batho botlhe molemo, mme o letela nako eo ka bopelotelele. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore Jehofa ga a amege ka pogo e batlhanka ba gagwe ba lebanang le yone. Ke Modimo wa “bopelotlhomogi jo bo pelonomi,” mothofatso wa lorato. (Luke 1:78; 1 Johane 4:8) A ka kgona go baakanya ka botlalo le ka tsela e e tla nnelang ruri tshenyo yotlhe e e bakwang ke go bo a letleletse pogo go nna gone ka nakwana.—Pesalema 37:10.

6. Ke eng se re sa tshwanelang go se akanya ka Modimo, mme ka ntlha yang?

6 Ke boammaaruri gore, ga go motlhofo go itshokela go letela selo se o sa bolong go nna o se eletsa. (Diane 13:12) Ka gone, fa batho ba sa diragatse ditsholofetso tsa bone ka bonako, ba bangwe ba ka akanya gore ga ba ikaelela go di diragatsa. A bo go ne go ka nna phoso jang go akanya jalo le ka Modimo! Fa ka phoso re akanya gore bopelotelele jwa Modimo ke go nna bonya, re ka nna ra simolola go nna le dipelaelo le go kgobega marapo mme seo se ka dira gore re otsele semoyeng. Mme se se maswe le go feta ke gore, re ka nna ra tsiediwa ke batho ba pelenyana Petere a ileng a re tlhagisa ka bone—basotli, batho ba ba se nang tumelo. Batho ba ba ntseng jalo ba bua jaana ka tsela ya go sotla: “Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, go tswa letsatsing le borraaronamogologolwane ba neng ba robala mo losong ka lone, dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.”—2 Petere 3:2-4.

7. Bopelotelele jwa ga Jehofa bo amana jang le kgang ya gore o batla gore batho ba ikwatlhaye?

7 Ntlha ya bobedi e re ka ithutang yone mo mafokong a ga Petere ke ya gore Jehofa o pelotelele ka gonne o batla gore batho botlhe ba ikwatlhaye. Jehofa o tla fedisa batho ba ba thamoethata ba ba ganang go tlogela ditsela tsa bone tse di bosula. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a itumedisiwe ke loso lwa baikepi. Go na le moo, o itumedisiwa ke go bona batho ba ikwatlhaya, ba tlogela ditsela tsa bone tse di bosula mme ba tswelela ba tshela. (Esekiele 33:11) Ke gone ka moo a leng pelotelele e bile a dirang gore dikgang tse di molemo di bolelwe mo lefatsheng lotlhe gore batho ba nne le tshono ya go tshela.

8. Bopelotelele jwa Modimo bo bonala jang mo tseleng e a ileng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone?

8 Bopelotelele jwa Modimo bo bonala le mo tseleng e a ileng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone. Go ne ga feta makgolokgolo a dingwaga a itshoketse go tlhoka kutlo ga bone. Gangwe le gape o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go ba kgothatsa jaana: “Boang mo ditseleng tsa lona tse di bosula mme lo boloke ditaelo tsa me, melao ya me, go ya ka molao otlhe o ke o laetseng borraalonamogologolwane le o ke o lo romeletseng ka batlhanka ba me baporofeti.” Go ne ga felela ka eng? Ka maswabi, batho ba ne “ba se ka ba reetsa.”—2 Dikgosi 17:13, 14.

9. Jesu o ne a bontsha jang bopelotelele jo bo tshwanang le jwa ga Rraagwe?

9 Ntlha ya bofelo ke go re, Jehofa o ile a romela Morwawe, yo o ileng a leka ka bojotlhe go ikuela mo Bajudeng gore ba letlane le Modimo. Bopelotelele joo jwa ga Jesu bo ne bo bontsha sentle bopelotelele jwa ga Rraagwe. Jesu o ile a bua jaana ka khutsafalo ka a ne a itse sentle gore o ne a tla tloga a bolawa: “Jerusalema wee, Jerusalema wee, mmolai wa baporofeti le mokgobotletsi wa ba ba rometsweng kwa go ene,—a bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone! Mme lo ne lwa se ka lwa go batla.” (Mathaio 23:37) Mafoko ao a a amang pelo ke a motho yo o lorato le yo o pelotelele a bua le ditsala tsa gagwe e seng a motho yo o setlhogo yo o sa amegeng ka ba bangwe. Fela jaaka Rraagwe wa kwa legodimong, Jesu o ne a batla batho bano go sokologa e le gore ba tile katlholo e e botlhoko. Bangwe ba bone ba ile ba reetsa tlhagiso eo ya ga Jesu mme ba tila katlholo e e botlhoko e e neng ya wela Jerusalema ka 70 C.E.—Luke 21:20-22.

10. Bopelotelele jwa Modimo bo re solegetse molemo ka tsela efe?

10 A bo Modimo a na le bopelotelele jo bo gakgamatsang jang ne! Le fa batho ba le bantsi ba sa ikobele Jehofa, o letlile gore mongwe le mongwe wa rona le batho ba bangwe ba ba dimilionemilione re nne le tshono ya go mo itse le go nna le tsholofelo ya gore re tlile go bolokwa. Petere o ile a kwalela Bakeresete ka ene a re: “Tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.” (2 Petere 3:15) A seo ga se re dire gore re anaanele gore bopelotelele jwa ga Jehofa bo dirile gore re nne le tshono ya go bona poloko? A seo ga se re dire gore re kope Jehofa gore a tswelele a le pelotelele le rona fa re ntse re mo direla letsatsi le letsatsi?—Mathaio 6:12.

11. Go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a le pelotelele go tla re tlhotlheletsa go dira eng?

11 Fa re tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a le pelotelele seo se re thusa gore re nne re letetse poloko ya gagwe ka bopelotelele, re sa tlelwe ke kakanyo ya gore o bonya go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Dikhutsafalo 3:26) Fa re ntse re tswelela ka go rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle, re ikanya Modimo gore o itse nako e e siameng ya go ka araba thapelo eo. Mo godimo ga moo, re tlhotlheletsega go etsa Jehofa ka go nna pelotelele jaaka ene fa re dirisana le bakaulengwe ba rona le batho ba re ba rerelang. Le rona ga re batle ope a senngwa, go na le moo re ka rata go bona ba ikwatlhaya mme le bone ba nna le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—1 Timotheo 2:3, 4.

Akanya ka Bopelotelele Jwa Baporofeti

12, 13. Go ya ka Jakobe 5:10, moporofeti Isaia o ile a kgona go bontsha bopelotelele ka tsela efe?

12 Go ithuta ka bopelotelele jwa ga Jehofa go re thusa go anaanela nonofo eno le go lwela go nna le yone. Ga go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba nne le bopelotelele mme gone go a kgonega gore ba ka nna le jone. Re ithuta go tswa mo batlhankeng ba Modimo ba bogologolo. Morutwa Jakobe o ile a kwala jaana: “Bakaulengwe, tsayang baporofeti e le sekao sa go boga bosula le go bontshiwa ga bopelotelele, bone ba ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa.” (Jakobe 5:10) Go nametsa pelo e bile go a kgothatsa go itse gore batho ba bangwe ba ile ba kgona go fenya mathata a le rona re lebanang le one.

13 Ka sekai, ga go pelaelo gore moporofeti Isaia o ne a tlhoka go nna pelotelele mo kabelong ya gagwe. Jehofa o ile a bontsha seo ka go mo raya a re: “Tsamaya, mme o reye batho bano o re, ‘Utlwang gangwe le gape, mme lo se ka lwa tlhaloganya; bonang gangwe le gape, mme lo se ka lwa nna le kitso epe.’ Dira gore pelo ya batho bano e se ka ya tlhola e amogela sepe, mme o dire gore ditsebe tsa bone di nne logwadi, o ngaparaganye matlho a bone, gore ba se ka ba bona ka matlho a bone le gore ba se ka ba utlwa ka ditsebe tsa bone, le gore pelo ya bone e se ka ya tlhaloganya le gore ba se ka ba boela morago mme ba fodisiwa.” (Isaia 6:9, 10) Isaia o ne a bolela melaetsa ya ga Jehofa ya tlhagiso ka dingwaga di ka nna 46 le fa setšhaba seo se ne se sa tsibogele molaetsa wa gagwe! Le rona bopelotelele bo tla re thusa go itshoka mo tirong ya rona ya go rera dikgang tse di molemo le fa batho ba le bantsi ba sa di tsibogele.

14, 15. Ke eng se se neng sa thusa Jeremia go itshokela mathata le go kgobega marapo?

14 Ke boammaaruri gore, fa baporofeti ba ntse ba tsweletse ka bodiredi jwa bone ba ne ba sa itshokele fela go se tsewe tsia ga molaetsa wa bone; ba ne ba itshokela le go bogisiwa. Jeremia o ne a tsenngwa mo disaneng, a tswalelwa “mo ntlong ya mehiri” le go latlhelwa mo mogobeng. (Jeremia 20:2; 37:15; 38:6) O ne a bogisiwa ke bone batho ba a neng a leka go ba thusa. Le fa go ntse jalo, Jeremia o ne a se ka a galefisiwa ke seo kana go ipusolosetsa. O ile a itshokela seo ka bopelotelele ka dingwaga di le dintsi.

15 Jeremia o ne a se ka a letla gore go bogisiwa le go sotlwa go mo dire gore a ineele, mme le rona gompieno ga re letle dilo tseno di re dira gore re ineele. Ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re kgobegile marapo. Jeremia le ene o ne a ikutlwa a kgobegile marapo. O ne a re: “Lefoko la ga Jehofa mo go nna le ne la nna lebaka la kgobo le la tshotlo letsatsi lotlhe. Ke ne ka re: ‘Ga ke na go mo umaka, e bile ga ke na go tlhola ke bua mo leineng la gagwe.’” Go ne ga direga eng go tloga foo? A Jeremia o ne a tlogela go rera? O ne a tswelela ka go re: “Mo pelong ya me [lefoko la Modimo le ne la] nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a me; ke ne ka lapa go o tshola, mme ke ne ke sa kgone go o itshokela.” (Jeremia 20:8, 9) Ela tlhoko gore fa a ne a tlhoma mogopolo thata mo go sotliweng ke batho, o ne a nna a sa itumela. Mme fa a ne a akanya thata ka molemo le botlhokwa jwa molaetsa wa gagwe, o ne a boa a itumela gape. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a na le Jeremia “jaaka yo o thata yo o boifisang,” a mo nonotsha gore a bolele lefoko la Modimo ka tlhoafalo le ka bopelokgale.—Jeremia 20:11.

16. Re ka dira jang gore re nne re itumetse mo tirong ya rona ya go rera dikgang tse di molemo?

16 A moporofeti Jeremia o ne a itumelela tiro ya gagwe? Ee! O ne a raya Jehofa a re: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa.” (Jeremia 15:16) Jeremia o ne a itumelela tshiamelo eno e e tlotlegang ya go nna moemedi wa Modimo wa boammaaruri le go rera lefoko la gagwe. Le rona re ka itumela. Mo godimo ga moo, fela jaaka baengele kwa legodimong, le rona re a itumela go bo batho ba le bantsi jaana ba amogela molaetsa wa Bogosi, ba ikwatlhaya le go tsena mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Luke 15:10.

“Boitshoko Jwa ga Jobe”

17, 18. Jobe o ile a itshoka ka tsela efe, mme go ne ga felela ka eng?

17 Fa morutwa Jakobe a sena go bua ka baporofeti ba bogologolo, o ile a re: “Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng loratong e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng e le “boitshoko” le na le bokao jo bo tshwanang le jwa le Jakobe a le dirisitseng mo temaneng e e tlang pele ga eo le le ranotsweng e le “bopelotelele.” Fa mokanoki mongwe a tlhalosa pharologano ya mafoko ao o ile a re: “Lefoko le le ranotsweng e le bopelotelele le kaya go nna pelotelele fa batho ba re bogisa, mme le le ranotsweng e le boitshoko le kaya go itshoka ka bopelokgale fa re lebane le maemo a a ngomolang pelo.”

18 Jobe o ile a lebana le maemo a a ngomolang pelo tota. O ile a latlhegelwa ke dithoto, a swelwa ke bana le go tshwarwa ke bolwetse jo bo botlhoko. Gape o ile a tshwanelwa ke go itshokela ditatofatso tsa maaka tsa gore Jehofa o ne a mo otlhaya. Jobe o ne a se ka a didimala fela fa a ntse a boga dilo tseno; o ne a tlhalosa kafa seemo seo se mo utlwisang botlhoko ka teng mo a neng a bua mafoko a a nayang mogopolo wa gore o ne a siame le e leng go feta Modimo. (Jobe 35:2) Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a koafala tumelo, mme o ne a tswelela a ikanyega. O ne a se ka a tlhapatsa Modimo jaaka fa Satane a ile a bolela gore o ne a tla mo tlhapatsa. (Jobe 1:11, 21) Go ne ga felela ka eng? Jehofa o ne a “segofatsa bokhutlo jwa ga Jobe morago ga moo go feta tshimologo ya gagwe.” (Jobe 42:12) Jehofa o ne a dira gore Jobe a fole, a dira gore khumo ya gagwe e oketsege go menagane gabedi, a bo a mo segofatsa ka go dira gore a tshele ka boitumelo le ka kgotsofalo le ba lelapa la gagwe. Go itshoka ga ga Jobe ka boikanyegi go ile ga mo thusa le gore a tlhaloganye Jehofa ka botlalo.

19. Go itshoka ka bopelotelele ga ga Jobe go re ruta eng?

19 Bopelotelele jwa ga Jobe bo re ruta eng? Jaaka Jobe, le rona re ka nna ra lwala kana ra nna le mathata mangwe. Re ka nna ra se ka ra tlhaloganya ka botlalo gore ke eng fa Jehofa a letla gore re lebane le teko e e rileng. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka seno: Fa re nna re ikanyega, o tla re segofatsa. Jehofa ga a ke a palelwa ke go duela batho ba ba mmatlang ka tlhoafalo. (Bahebera 11:6) Jesu o ile a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 10:22; 24:13.

“Letsatsi la ga Jehofa le Tla Tla”

20. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore letsatsi la ga Jehofa le tla tla?

20 Le fa gone Jehofa a le pelotelele gape o rata tshiamo mme ga a kitla a letla boikepo bo tswelela pele go ya go ile. Ga a nnele pelotelele ruri. Petere o ile a re: “[Modimo] o ne a se ka a ithiba go otlhaya lefatshe la bogologolo.” Le fa Jehofa a ile a sireletsa botshelo jwa ga Noa le ba lelapa la gagwe, batho ba ba boikepo ba motlha oo ba ne ba gogolwa ke metsi a morwalela. Gape o ne a atlhola metse ya Sodoma le Gomora ka tsela e e botlhoko, a e senya gotlhelele. Dikatlholo tseno di “tlhomela baikepi sekao sa dilo tse di tla tlang.” Re ka tlhomamisega ka seno: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla.”—2 Petere 2:5, 6; 3:10.

21. Re ka bontsha jang bopelotelele le boitshoko, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Ka gone, a re etseng bopelotelele jwa ga Jehofa ka go thusa batho ba bangwe go ikwatlhaya e le gore ba ke ba bolokwe. Mme gape a re etseng sekao sa baporofeti ka go bolela dikgang tse di molemo ka bopelotelele le fa batho ba re ba rerelang ba sa di tsibogele. Mo godimo ga moo, fa re itshokela diteko le go tswelela re ikanyega jaaka Jobe, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa fela thata. Re na le mabaka a a utlwalang a go ipelela bodiredi jwa rona fa re bona kafa Jehofa a ileng a segofatsa batho ba gagwe ka teng mo maitekong a bone a go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Jehofa a bontsha bopelotelele?

• Bopelotelele jwa baporofeti bo re ruta eng?

• Jobe o ne a bontsha boitshoko jang, mme go ne ga felela ka eng?

• Re itse jang gore Jehofa ga a nnele pelotelele ruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bopelotelele jwa ga Jesu bo ne bo bontsha sentle bopelotelele jwa ga Rraagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Jehofa o ne a duela bopelotelele jwa ga Jeremia jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Jehofa o ile a duela boitshoko jwa ga Jobe jang?