Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Nthusitse Gore ke Mmone

Jehofa o Nthusitse Gore ke Mmone

Kgang ya Botshelo

Jehofa o Nthusitse Gore ke Mmone

JAAKA GO BOLETSE FLORENCE CLARK

Ke ne ka tshwara seatla sa monna wa me yo o neng a lwala thata. E re ka ke ne ke tsena kereke ya Anglican, ke ne ka rapela Modimo gore monna wa me a fole, mme ka mo solofetsa gore fa a ka tshela, ke tla batla Modimo go fitlha ke bo ke mmona. Mme ke tla nna motlhanka wa gagwe.

KE TSHOLETSWE mo lelapeng loora-Chulung ka September 18, 1937, mo Setšhabeng sa Baaborijene ba ba bidiwang Ba-Oombulgurri mo kgaolong e e kwa thoko le e e Setlhaba ya Kimberley kwa Bophirima jwa Australia.

Ke sa ntse ke gakologelwa sentle dinako tse di itumedisang tsa fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana mme go se letsapa le mphisang pelo. Ke ne ka ithuta dilo di le mmalwa ka Modimo le Baebele kwa kerekeng mme mmè ke ene a nthutileng melaometheo ya Bokeresete. O ne a mpalela Baebele ka metlha ke sa ntse ke le monnye mme seo se ne sa dira gore ke rate go ithuta ka Modimo. Gape ke ne ke rata mongwe wa bommangwane yo e neng e le morongwa kwa kerekeng ya gagwe. Ke ne ke itse mo pelong gore ke ikaeletse go tshwana le ene.

Lefelo la rona le le kileng la bo le bidiwa Forrest River Mission, le ne le na le sekolo se se neng se simolola ka mophato wa ntlha go ya go wa botlhano. Ke ne ke ya sekolong diura di le pedi fela moso mongwe le mongwe. Seno se ne se raya gore tota ke ne ke se na thuto e e lekaneng ya sekolo, e leng selo se se neng se tshwenya rre thata. E re ka rre a ne a batla gore bana ba gagwe ba bone thuto e e botoka, o ne a swetsa ka gore re fuduge mo Oombulgurri mme re ye go nna kwa toropong ya Wyndham. Ke ne ke utlwile botlhoko thata mo letsatsing le re fudugileng ka lone mme kwa Wyndham, ke ne ka kgona go tsena sekolo letsatsi lotlhe mo dingwageng di le nnè tse di neng tsa latela go tloga ka 1949 go ya go 1952. Ke leboga tota go bo rre a ne a nthusa gore ke bone thuto eo.

Mmè o ne a berekela ngaka nngwe e e neng e nna mo lefelong la gaetsho, mme fa ke tlogela sekolo ke na le dingwaga di le 15, ngaka eo e ne ya mpha tiro ya go nna mooki mo bookelong jwa Wyndham. Ke ne ka amogela tiro eo ka boitumelo gonne go ne go le thata go bona tiro ka nako eo.

Dingwaga di le mmalwa moragonyana, ke ne ka kopana le monna mongwe wa mosweu yo o bidiwang Alec yo tiro ya gagwe e neng e le go tlhokomela maruo. Re ne ra nyalana ka 1964 mo toropong ya Derby kwa ke neng ke tsena Kereke ya Anglican gone. Letsatsi lengwe ke ne ka etelwa ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka ba bolelela gore tota ga ke kgatlhegele se ba se buang mme ka ba kopa gore ba se tlhole ba boa gape. Le fa go ntse jalo, ba ne ba buile sengwe se se nkgatlhileng thata—gore Modimo o na le leina, e leng Jehofa.

“A ga O Kgone go Ithapelela?”

Ka 1965 botshelo bo ne jwa simolola go nna thata. Monna wa me o ne a tlhagelwa ke dikotsi tse tharo tse di masisi—tse pedi e ne e le ka pitse mme e nngwe ka koloi. Ka lesego o ne a kgona go fola mme a boela tirong. Le fa go ntse jalo, nakwana morago ga foo, o ne a gobala gape a pagame pitse. Mo lekgetlong leno o ne a gobetse thata mo tlhogong. Fa ke goroga kwa sepatela ngaka e ne ya mpolelela gore monna wa me o tlile go swa. Ke ne ke le mo khutsafalong e e seng kana ka sepe. Mooki mongwe o ne a kopa moruti wa Katoliki wa mo motseng wa rona gore a tle go mpona, mme moruti yoo o ne a re: “E seng jaanong. Ke tla tla ka moso!”

Ke ne ka bolelela mosadi mongwe wa moitlami gore ke ne ke batla gore moruti a tle go rapela le nna. Mosadi yoo o ne a re: “Molato ke eng ka wena? A ga o kgone go ithapelela?” Ka jalo ke ne ka simolola go rapela difikantswe tse di mo kerekeng gore di nthuse—mme ka se ka ka bona thuso epe. Go ne go bonala gore monna wa me o a swa. Ke ne ka ipotsa jaana, ‘Ke tla tshela jang fa monna wa me a ka swa?’ Gape ke ne ke amegile ka bana ba me ba bararo—Christine, Nanette, le Geoffrey. Ba tla gola jang kwantle ga rraabone? Se se itumedisang ke gore malatsi a le mararo morago ga moo monna wa me o ne a thanya, mme a gololwa mo bookelong ka December 6, 1966.

Le fa gone monna wa me a ne a kokotlegela sentle, o ne a gobetse boboko. O ne a sa tlhole a kgona go gakologelwa dilo dingwe mme seo se mo dira gore a nne dikgoka a bo a nne le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo. O ne a sa kgone go itshokela bana ba rona mme a nna dikgoka tota fa ba sa dire dilo jaaka bagolo ba dira. Go ne go le thata go mo tlhokomela. Ke ne ke tshwanelwa ke go mo direla mo e ka nnang sengwe le sengwe. Ke ne ka bo ka mo ruta gape go bala le go kwala. Letsapa le ke neng ke nna le lone ka ntlha ya go mo tlhokomela ke ntse ke dira ditiro tse dingwe tsa lelapa, le ne la nkoafatsa mme ke ne ka nna le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo tlhaloganyong. Dingwaga di le supa morago ga kotsi e e neng ya tlhagela monna wa me, re ne ra dumalana ka gore re kgaogane lobakanyana go fitlha botsogo jwa me bo tokafala.

Ke ne ka tsaya banake mme ka fudugela kwa borwa jwa toropo ya Perth. Pele ke fuduga, nnake o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang kwa Kununurra, e leng toropo e nnye e e kwa Bophirima jwa Australia. O ne a mpontsha setshwantsho se se bontshang lefatshe la paradaise le Baebele e le solofetsang mo bukeng ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. * Gape o ne a mpontsha go tswa mo bukeng eno gore Modimo o na le leina, e leng Jehofa, mme seno se ne sa nkgatlha tota. E re ka ke ne ke ise ke tsamaye ke bolelelwe dilo tseno kwa kerekeng ya me, ke ne ka swetsa ka gore ke tla founela Basupi ba ga Jehofa fa ke sena go bona bonno kwa Perth.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke okaoka go ikgolaganya le bone. Maitseboa mangwe ke ne ka utlwa mongwe a kokota. Morwaake o ne a ya go bula mme a boela kwa go nna a tabogile a re: “Mama, batho ba o rileng o tla ba founela ke bano.” Ke ne ke gakgametse, mme ka mo raya ka re: “Ba reye o re ga ke yo!” Mme morwaake o ne a nkaraba ka go re: “Mama, wa itse gore ga ke a tshwanela go bua maaka.” Fa a sena go mpontsha phoso ya me, ke ne ka ya go bula kgoro. Fa ke ntse ke dumedisa baeng bano, ke ne ka lemoga gore ba gamaregile. Ba ne ba tlile go bona motho yo o neng a nna mo ntlong ya rona yo o neng a setse a fudugile. Ke ne ka ba kopa gore ba tsene, ka ba tlhaba ka dipotso mme ba ne ba mpha dikarabo tse di kgotsofatsang tse di tswang mo Baebeleng.

Mo bekeng e e latelang, ke ne ka simolola go ithuta Baebele ka metlha le Basupi re dirisa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Thuto eno e ne ya dira gore ke boele ke rate dilo tsa semoya gape. Dibeke di le pedi morago ga moo, ke ne ka ya Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete. Ke ne ka simolola go ya dipokanong Sontaga mongwe le mongwe mme go ise go ye kae, ke ne ke ya le kwa dipokanong tsa fa gare ga beke. Ke ne ka simolola go rerela ba bangwe ka se ke neng ke ithuta sone. Ke ne ka lemoga gore go thusa ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Baebele go ne go dira gore ke ikutlwe ke tokafetse mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Dikgwedi di le thataro morago ga moo ke ne ka kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo kwa Perth.

Fa ke ntse ke gatela pele semoyeng, ke ne ka lemoga kafa Jehofa a lebang lenyalo le le boitshepo ka gone mme ka tlhaloganya le molaomotheo wa Baebele o o fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 7:13 o o reng: “Mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme le fa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se tlogele monna wa gagwe.” Temana eno e ne ya ntlhotlheletsa gore ke boele kwa go Alec.

Ke Boela Kwa Derby

Ke ne ka goroga kwa Derby ka June 21, 1979, morago ga go tlogela monna wa me dingwaga di feta tlhano. Ke ne ke tlhakatlhakane maikutlo ke ipotsa gore monna wa me o tla dirang fa a mpona ke boa. Go ne ga direga selo se ke neng ke sa se solofela, o ne a itumetse tota gore ke boetse kwa go ene mme gone a swabile fa a utlwa gore ke Mosupi wa ga Jehofa. Ka yone nako eo, o ne a akantsha gore ke tsene kereke ya gagwe, e leng kereke e ke neng ke e tsena pele ke fudugela kwa Perth. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore ga nkake ka kgona go dira jalo. Ke ne ke leka ka natla go tlotla botlhogo jwa gagwe le go dira dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ke mosadi wa Mokeresete. Ke ne ka leka go bua le ene ka Jehofa le ditsholofetso tsa Gagwe tse di molemo tsa isagwe, mme o ne a sa kgatlhege.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, Alec o ne a amogela tsela ya me e ntšha ya botshelo a bo a nthusa le ka madi gore ke kgone go ya kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye mmogo le kwa dipokanong tsa beke le beke. Ke ne ka leboga tota fa a sena go reka koloi—sedirisiwa sa botlhokwa mo karolong eno e e kwa thoko ya Australia—gore ke e dirise fa ke le mo bodireding jwa Bokeresete. Gantsi bakaulengwe le bokgaitsadi go akaretsa le balebedi ba ba etang ba ne ba robala mo legaeng la rona masigo a le mmalwa. Seno se ne sa thusa Alec gore a itse Basupi ba ba farologaneng, mme go ne go lebega a rata go nna le bone.

Ke ne Ka Ikutlwa Jaaka Esekiele

Ke ne ke itumelela go etelwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi mme gone ke ne ke lebane le kgwetlho. E ne e le nna fela Mosupi yo o nnang mo toropong ya Derby. Phuthego e e gaufi e ne e le kwa Broome, e leng dikilometara di le 220 go tswa mo re neng re nna teng. Ka jalo ke ne ka dira tshwetso ya gore ke tla dira ka natla go anamisa mafoko a a molemo. Ka thuso ya ga Jehofa, ke ne ka dira dithulaganyo mme ka simolola go neela bosupi ka ntlo le ntlo. Go ne go le thata, mme ke ne ke ntse ke ikgakolola mafoko a moaposetoloi Paulo a a reng: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

Baruti ba mo lefelong la rona ba ne ba sa itumelele tiro ya me, bogolosegolo go bona ke rerela Baaborijene ba gaetsho. Ba ne ba leka go ntshosetsa le go emisa tiro ya go rera. Tsela e ba neng ba nkganetsa ka yone e ne ya dira gore ke ikemisetse le go feta gore ke tla tswelela ke rera, mme ka metlha ke ne ke rapela Jehofa gore a nthuse. Gantsi ke ne ke gakologelwa mafoko ano a a kgothatsang a a neng a neelwa Esekiele: “Bona! Ke dirile gore sefatlhego sa gago se nne thata fela jaaka difatlhego tsa bone le phatla ya gago e nne thata fela jaaka diphatla tsa bone. Ke dirile gore phatla ya gago e nne jaaka teemane, e nne thata go feta legweka. O se ka wa ba boifa, le gone o se ka wa welwa ke poifo ka ntlha ya difatlhego tsa bone.”—Esekiele 3:8, 9.

Mo makgetlong a le mmalwa, banna ba le babedi ba setlhopha sengwe sa kereke ba ne ba tla kwa go nna fa ke ntse ke reka dilwana mo mabenkeleng. Ba ne ba ntshotla ba buela kwa godimo e bile ba tsositse tlhatlharuane ba leka go ngoka bareki ba bangwe gore ba ba bone. Ke ne ka ba tlhokomologa. Lekgetlo lengwe fa ke ne ke ile go dira loeto lwa go boela kwa mothong mongwe yo o kgatlhegang, moruti wa kereke nngwe o ne a tla kwa go nna mme a ntatofatsa ka gore ga ke dumele mo go Jesu. O ne a phamola Baebele ya me a bo a e kgotlhokgotsha mo sefatlhegong sa me morago ga moo a bo a e busetsa gape mo diatleng tsa me. Ke ne ka mo leba mo matlhong ka bopelokgale mme ka bua le ene ka bonolo ke mo nopolela lekwalo la Johane 3:16 mme ka mo tlhomamisetsa gore ke dumela mo go Jesu. O ne a sala a gamaregile fela fa a bona gore ke tlhomamisegile ka se ke se buang a bo a retologa a tsamaya fela kwantle ga go bua sepe.

Ke ne ke itumelela go rerela Baaborijene ba ba neng ba nna mo kgaolong ya Derby. Moruti mongwe o ne a leka go nthibela go rerela batho ba setšhaba sengwe, mme o ne a tlosiwa mo lefelong leo. Ka jalo ke ne ka kgona go ba isetsa molaetsa wa Baebele. E ne e le bogologolo ke ntse ke batla go nna morongwa jaaka mmangwane, mme jaanong ke ne ke dira tiro ya borongwa ke thusa ba bangwe go ithuta Lefoko la Modimo. Batho ba le bantsi ba Baaborijene ba ne ba amogela dikgang tse di molemo mme ke ne ka simolola dithuto di le mmalwa tsa Baebele.

Go Tshwenyega Ka se Ke se Tlhokang Semoyeng

Ke ne ka fetsa dingwaga di le tlhano e le nna fela Mosupi wa ga Jehofa mo Derby. E re ka go ne go se dipokano tsa ka metlha tse di nkgothatsang le baobamedi mmogo ba ba ka nkgothatsang, go ne go le thata tota go nna ke nonofile semoyeng. Nako nngwe ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo tota mme ka ya go iphokisa phefo ka koloi. Fa ke boela gae thapama, ke ne ka fitlhela kgaitsadi mongwe le bana ba gagwe ba le supa ba ntetile. Ba ne ba ntletse dibuka go tswa kwa phuthegong e e kgakala ya Broome. Go tloga ka nako eo go ya pele, kgaitsadi Betty Butterfield o ne a dira dithulaganyo tsa gore a tle mo Derby gangwe ka kgwedi mme a fetse mafelobeke a na le nna. Re ne re ya go rera mmogo mme morago ga moo re ithute Tora ya Tebelo kwa legaeng la me. Mme le nna ke ne ke dira ka tsela e e tshwanang ke ya Broome gangwe ka kgwedi.

Bakaulengwe ba kwa Broome ba ne ba nthusa tota, mme gangwe le gape ba ne ba tsaya loeto lo loleele go tla mo Derby ba tla go bereka le nna mo tirelong ya tshimo. Ba ne ba rotloetsa le bakaulengwe kana bokgaitsadi bape fela ba ba tswang kwa ditoropong tse dingwe ba ba neng ba tlile go kgabaganya mo Derby gore ba nketele mme ba ye tshimong le nna. Baeng bano ba ne ba ntlela ditheipi tsa dipuo tsa phatlalatsa. Bangwe ba bone ba ne ba ithuta Tora ya Tebelo le nna. Maeto ano a bone a makhutshwane a ne a nkgothatsa tota.

Ke ne Ke sa Ntse ke Tlile go Bona Thuso e Nngwe Gape

Mo dingwageng di le mmalwa ke ntse ke thusiwa gape ke Arthur le Mary Willis, e bong banyalani bangwe ba ba tlogetseng tiro ba ba neng ba tswa kwa dikarolong tse di kafa borwa jwa Australia Bokone. Ba ne ba nthusa dikgwedi di le tharo mo setlheng se go neng go le tsiditsana mo go sone. Mokaulengwe Willis o ne a tshwara bontsi jwa dipokano e bile a etelela pele mo bodireding jwa tshimo. Re ne re tsamaya mmogo go ya kwa dikarolong tse di kgakala tsa Setlhaba sa Kimberley, re etela dipolasi tse di mo mafelong ano. Ka dinako tsotlhe fa Mokaulengwe le Kgaitsadi Willis ba tsamaya, ke ne ke ikutlwa ke latlhegile tota.

Kgabagare, go ya kwa bofelong jwa 1983, ke ne ka amogela dikgang tse di itumedisang tsa gore lelapa lengwe—Danny le Denise Sturgeon le barwa ba bone ba le banè—ba ne ba tlile go nna mo Derby. Fa ba sena go goroga, re ne re kgona go tshwara dipokano tsa beke le beke ka metlha le go tsamaya mmogo mo bodireding jwa tshimo. Ka 2001 go ne ga tlhomiwa phuthego. Gompieno, go na le phuthego e e nonofileng mo Derby ya baboledi ba Bogosi ba le 24, le bagolwane ba le babedi mmogo le motlhanka wa bodiredi a le mongwe ba ba re tlhokometseng sentle semoyeng. Ka dinako dingwe re nna le batho ba ka nna 30 mo dipokanong tsa rona.

Fa ke gakologelwa dingwaga tse dintsi tse di fetileng, ke itumela tota go bona kafa Jehofa a nthusitseng ka gone gore ke mo direle. Le fa gone monna wa me a se mo tumelong e le nngwe le nna, o ntse a tsweletse a ntshegetsa ka ditsela tse dingwe. Maloko a le matlhano a lelapa la me ke Basupi ba ba kolobeditsweng—bomorwadiake ba le babedi, bana ba bone ba babedi le ngwana wa ga nnake. Mo godimo ga moo, ba le mmalwa mo losikeng lwa me ba ithuta Baebele le batho ba ga Jehofa.

Ruri ke a leboga go bo Jehofa a ne a nthusa gore ke mmone. Mme ke ikemiseditse go nna motlhanka wa gagwe ka bosakhutleng.—Pesalema 65:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

AUSTRALIA

Wyndham

Setlhaba sa Kimberley

Derby

Broome

Perth

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Kangaroo and lyrebird: Lydekker; koala: Meyers

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke dira jaaka mooki kwa bookelong jwa Wyndham, 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Phuthego ya Derby, 2005