Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tlhoka Mesia?

A re Tlhoka Mesia?

A re Tlhoka Mesia?

O KA botsa potso eo, “A re tlhoka Mesia?” Ee, go tla bo go utlwala go ipotsa gore a Mesia a ka ama botshelo jwa gago ka tsela ya mmatota.

Batho bangwe ba o ka tswang o tlotla tsela e ba lebang dilo ka yone ba tla go tlhomamisetsa gore karabo ya seo e tlhamaletse e bile e phepafetse: Tota o tlhoka Mesia fela jaaka mongwe le mongwe a mo tlhoka. Moitse mongwe wa molao wa Sejuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga o ne a kwala jaana ka Mesia: “Le fa ditsholofetso tsa Modimo di ka bo di le dintsi jang, di ntse Ee ka ene.” Ka jalo o ne a bontsha seabe se segolo se Mesia a nang le sone mo maikaelelong a Mmopi a go segofatsa ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe. (2 Bakorintha 1:20) Seabe sa ga Mesia se botlhokwa thata mo e leng gore boporofeti jwa Baebele bo bua thata ka go tla ga gagwe le botshelo jwa gagwe mo lefatsheng. Mo bukeng e e badilweng ke batho ba le bantsintsi mo dingwageng tse 70 tse di fetileng, Henry H. Halley o ne a re: “Tesetamente e Kgologolo e kwaletswe gore batho ba lebelele go tla ga ga [Mesia] le gore e mmaakanyetse tsela.” A mme go tla ga gagwe go botlhokwa? Ke eng fa o tshwanetse go tshwenyega ka gone?

Lefoko “Mesia” tota le kaya “Motlodiwa” mme le tshwana le lefoko le le itsegeng la “Keresete.” Yono yo Kgatiso ya 1970 ya Encyclopædia Britannica e mmitsang “morekolodi yo mogolo” o ne a tshwanetse go tla ka ntlha ya dilo tse di bontshitseng go tlhoka tlotlo tse di dirilweng ke banyalani ba ntlha, Adame le Efa. Ba bopilwe ba itekanetse, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng, mme e ne ya ba latlhegela. Moengele wa setsuolodi, yo o neng a bidiwa Satane Diabolo, o ne a bolela gore Mmopi wa bone o ne a beile melao e e gagametseng thata le gore ba ne ba ka tshela botoka fa ba itirela ditshwetso ka se se molemo le se se bosula.—Genesise 3:1-5.

Efa o ne a tsiediwa mme a dumela maaka ao. Adame, yo go lebegang a ne a tseela kamano ya gagwe le mosadi wa gagwe kwa godimo go feta go ikanyega mo Modimong, o ne a kopanela mo botsuoloding joo jo bo tlhotlheleditsweng ke Diabolo. (Genesise 3:6; 1 Timotheo 2:14) Ka go dira jalo, ga ba ka ba latlhegelwa fela ke tsholofelo ya bone ya go tshelela ruri mo paradaiseng. Ba ne ba fetisetsa boleo le ditlamorago tsa jone, e leng loso mo baneng ba bone ba ba iseng ba tsholwe.—Baroma 5:12.

Mmopi wa rona Jehofa, ka bonako fela o ne a bona tsela ya go dirolola ditlamorago tse di bosula tsa ditiragalo tseo tse di bakilweng ke botsuolodi joo. O ne a tla dira gore go nne le tetlano a dirisa se moragonyana e neng e tla nna molaomotheo mo Molaong wa ga Moshe—gore selo se tswelwe ke se sengwe se se tshwanang le sone. (Duteronome 19:21; 1 Johane 3:8) Molao ono o ne o tshwanetse go diragadiwa gore bangwe ba bana ba ba se nang lesego ba ga Adame le Efa ba tle ba kgone go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise, jaaka Mmopi a ne a ikaeletse gore go nne jalo ka batho. Seno se re isa kwa go Mesia.

Fa Jehofa Modimo a ne a atlhola Diabolo, o ne a bua jaana mo boporofeting jwa ntlha jwa Baebele: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a re “kgang ya ditsholofetso tsa ga Mesia e go buiwang ka yone mo Baebeleng e simolola ka polelwana [eno].” Mokanoki yo mongwe o ne a re Modimo o tlile go dirisa Mesia go “dirolola masetlapelo otlhe a a bakilweng ke boleo jwa batho ba ntlha,” a bo a tlisetsa batho masego.—Bahebera 2:14, 15.

Le fa go ntse jalo, o ka tswa o lemoga gore gone jaanong batho ba kgakala thata le go bona masego. Go na le gore batho ba bone masego, ba feletswe ke tsholofelo e bile ba itlhobogile. Ka jalo, The World Book Encyclopedia ya re “Bajuda ba bantsi ba santse ba lebeletse gore Mesia a tle” le gore o “tla baakanya diphoso a bo a fenya baba ba batho ba gagwe.” Le fa go ntse jalo, Baebele ya re Mesia o setse a tlile. A go a utlwala gore re dumele se Baebele e se buang? Setlhogo se se latelang se tla re naya karabo.