Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Metse e e Kwa Thokothoko ya Bolivia ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

Batho ba Metse e e Kwa Thokothoko ya Bolivia ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

Batho ba Metse e e Kwa Thokothoko ya Bolivia ba Utlwa Dikgang Tse di Molemo

RE KOKOANE mo losing lwa lewatle re le 20, re lebeletse pele ka tlhoafalo loeto lo re tlileng go lo tsaya mo letsatsing leo go etela metse e e leng kwa noka e simololang gone. Re kwa tlase ga dithaba tsa Andes, e leng kwa noka ya Beni e elelelang mo lefelong le le se nang dithaba gone, kwa tlase ga Amazon. Ke lefelo le le nang le bontle jo bo jesang kgakge.

Le fa go ntse jalo, rona ga re bajanala. Bangwe ba rona ba tswa gone mo lefelong leo; ba le mmalwa ba bangwe bone ba tswa kwa metseng e e kgakala go tla go nna mono mo Rurrenabaque, e leng torotswana e ntle e e nang le ditlhare tsa dithunya, matlo a a ruletsweng ka bojang le mebila e mo go yone re tshwenngwang fela ke modumo o o nnang teng ka sewelo wa dithuthuthu tse di dirisiwang jaaka dithekisi. Ke ka ntlha yang fa re tsaya loeto lono?

Se se diregang mono se direga gantsi le mo dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa Bolivia. Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa ditoropong le kwa dinageng tse dingwe ba isa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo kwa ditoropong tse dinnye.—Mathaio 24:14.

Bolivia e mo bogareng jwa Amerika Borwa. Naga eno e bogolo jo bo lekanang le Fora go menagane gabedi mme palo ya batho ba ba nnang mo go yone e ka dira fela nngwesomeng ya batho ba Fora. Bontsi jwa baagi ba Bolivia ba nna mo metseng kana mo ditoropong tse di nang le meepo kwa mafelong a a kwa godimo thata kana a temothuo e leng ntsi thata kwa go one. Le fa go ntse jalo, mo dinageng tsa boboatsatsi tse di kwa tlase, ditoropo tsa teng di kgaogantswe ke dikgwa tse dikgolo tse di kitlaneng.

Mo dingwageng tsa bo1950 le bo1960, barongwa ba ba pelokgale ba ba jaaka Betty Jackson, Elsie Meynberg, Pamela Moseley, le Charlotte Tomaschafsky, ba ne ba eteletse pele tiro ya go rera mo ditoropong di le dintsi tse di kwa thoko. Ba ne ba ruta batho ba ba peloephepa boammaaruri jwa Baebele mme ba thusa go tlhoma diphuthego tse dinnye. Mo dingwageng tsa bo1980 le bo1990, go ne ga nna le koketsego e e menaganeng ga rataro ya palo ya Basupi ba ga Jehofa ba bontsi jwa bone ba nnang mo ditoropong. Gone jaanong go na le diphuthego mo karolong nngwe le nngwe ya toropo. Diphuthego tseno di mo dikgaolong tse mo go tsone go nnang batho ba ba humileng, ba ba berekang mo diofising tsa dikago tse di agetsweng kwa godimo, ba ba nnang mo dintlong tse dikgolo tse dintle mme ba reka mo disuphamaketeng. Mme gape go na le diphuthego tse dingwe tse di mo metseng e e kwa thoko, e batho ba teng ba nnang mo dintlwaneng tse di agilweng ka mmu, ba ba rekang mo mebarakeng mme ba apara diaparo tsa setso tse di mebalabala. Le fa go ntse jalo, ke eng se se ka dirwang go thusa batho ba ba oketsegileng ba ba nnang mo mafelong a a kwa thokothoko gore le bone ba itse Jehofa?

Go Tlogela Botshelo jo bo Monate Jwa Toropo

Mo masomeng a le mabedi a a fetileng a dingwaga, batho ba le bantsi ba ne ba fuduga mo ditoropong tsa Bolivia tse go nang le meepo mo go tsone le mo magaeng ba ya go nna kwa ditoropong tse dikgolo. Ga go a tlwaelega gore batho ba fuduge go tswa mo toropong ba ye go nna kwa metsaneng. Mo metsaneng e le mentsi, go na le founo e le nngwe fela mme motlakase o nna teng diura di se kae fela ka letsatsi. Basupi ba ba nnang mo ditoropong tseno tse dinnye ba bona badumedimmogo le bone gangwe fela ka ngwaga kwa dikopanong, mme loeto lwa go ya kwa dikopanong tseo lo ja madi a le mantsi, lo kotsi e bile lo a lapisa. Dikolo tse di mo metsaneng eno di ruta bana thuto ya motheo fela. Jaanong, ke eng se se tlhotlheletsang Basupi ba le bantsi jaana gore ba fuduge mo ditoropong ba ye go nna kwa metsaneng eno?

Luis o ne a re: “Bosheng jaana ke ne ka bona tshono ya go tsweletsa dithuto tsa me kwa toropong ya La Paz. Mme ka dinako tsotlhe batsadi ba me ba ne ba tlhola ba bua gore tiro ya go dira barutwa ke yone tiro e e kgatlhang go feta tiro le fa e ka nna efe. Ka jalo ke ne ka dira khoso e khutshwane fela ya go ithuta go aga. Fa ke ne ke le mo malatsing a boikhutso kwa Rurrenabaque, ke ne ka lemoga kafa batho ba neng ba tlhoafaletse go reetsa dikgang tse di molemo ka gone. E ne ya re ke bona gore go ne go na le bakaulengwe ba le mmalwa fela gone, ka bona gore ruri ke ne ke tshwanetse go tla go ba thusa. Gone jaanong ke na le dithuto tsa magae tsa Baebele di le 12. Ka sekai, ke ithuta le monna mongwe le mosadi ba ba nang le bana ba le banè. Monna yono o ne a nwa thata e bile a betšha, mme jaanong o tlogetse dilo tseno tsotlhe mme o simolotse go bolelela ditsala tsa gagwe se a ithutang sone ka Jehofa. Ka dinako tsotlhe o baakanyetsa thuto e re tlileng go ithuta yone. Fa a tshwanelwa ke go tsamaya malatsi a le mararo kana a le manè go ya go rema dikota kwa sekgweng, o utlwa botlhoko tota gonne a sa batle go foswa ke thuto ya gagwe. Fa ke ba bona botlhe kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke lemoga gore tota ke dirile tshwetso e e siameng ya go intsha setlhabelo gore ke tle go thusa mo lefelong leno.”

Juana ke motsadi yo o godisang bana a le esi. A re: “Ke ne ke bereka tiro ya go phepafatsa ntlo nngwe kwa La Paz. Fa morwaake a ne a sa ntse a le monnye, ke ne ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng mo toropong eo. Fa ke ne ke etetse kwa Rurrenabaque, ke ne ka lemoga gore ruri tiro ya me e ne e ka nna le matswela fa ke ne nka fudugela mo motseng oo. Ka jalo re ne ra fudugela teng, mme ka bona tiro ya go phepafatsa ntlo. Kwa tshimologong, go ne go le thata go itshokela mogote wa lefelo leo le ditshenekegi tsa teng. Mme re setse re na le dingwaga di le supa re nna teng. Ke kgona go tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele beke le beke, mme batho ba le bantsi ba ke ithutang le bone ba bontsha kanaanelo ka go nna gone mo dipokanong.” Juana le morwawe ke bangwe ba batho ba ba tlileng go pagama sekepe go ya kwa noka e simololang teng. Le wena o ka nna wa tsamaya le rona.

Go ya Kwa Metsaneng e e Kwa Noka e Simololang Teng

Enjene ya sekepe e dumela kwa godimo fa sekepe seno se ya go feta fa tselaneng e e fa gare ga dithaba. Setlhopha sa bopapalagae se tsositse modumo, se ngongoregela go nna teng ga rona. Metsi a a seretse a a tswang mo dithabeng a ntse a biloga go re dikologa fa motsamaisasekepe a ntse a se tsamaisa ka bokgeleke mo nokeng e e elelang. Mo mosong, ke fa re goroga mo motsaneng mongwe. Fa re fitlha koo, re kopana le molebedi wa Phuthego ya Rurrenabaque, mme o re bontsha kwa re yang go rera gone.

Baagi ba mo motsaneng oo ba ne ba re amogela ka botsalano, ba re kopa go nna mo moriting wa setlhare kana go tsena mo ntlong e e agilweng ka lotlhaka lwa bampuse mme e ruletswe ka matlhare a setlhare sa mokolane. Go ise go ye kae, re kopana le banyalani ba basha ba ba ntseng ba gamola ntšhe ka sedirisiwa sa go gamola se se dirilweng ka logong. Matute a teng a tshelegela mo sejaneng sa kopore. Fa ba sena go fetsa ba tlile go bedisa matute ano go fitlha a nna sirapa e ba ka e rekisang kwa toropong. Ba re amogela mo legaeng la bone mme ba botsa dipotso tse dintsi ka Baebele.

Re tswelela re raletse noka re ntse re rera mo motsaneng mongwe le mongwe. Ba le bantsi ba itumelela go utlwa se Baebele e se bolelang ka go fedisiwa ga bolwetse le loso. (Isaia 25:8; 33:24) Malapa a le mantsi a a nnang mo lefelong leno a utlwisitswe botlhoko ke go swelwa ke bana ba bone gonne go se na thulaganyo ya kalafi. Botshelo jwa bone bo thata e bile ga ba a tlhomamisega ka isagwe gonne ba itshedisa fela ka go lema le go tshwara ditlhapi. Ka jalo, bontsi jwa bone ba kgatlhiwa thata ke tsholofetso ya Modimo e e mo go Pesalema 72 e e buang ka puso e e tlileng go tlosa khumanego. Mme gone a o akanya gore batho ba ba kgatlhegang ba ba nnang mo mafelong ao a a kwa thoko ba ka dira maiteko a go nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete? Potso eo e ne e tshwenya Eric le Vicky ba e leng badiredi ba nako e e tletseng kwa Santa Rosa, e leng sekgala sa diura di le tharo ka koloi go ya kwa mokgatšheng wa Amazon.

A Batho ba ba Kgatlhegang ba Tla Tla?

Eric le Vicky ba ne ba tla mo Bolivia dingwaga di le 12 tse di fetileng ba tswa kwa California kwa U.S.A. Molebedi mongwe yo o etang o ne a akantsha gore ba fudugele kwa Santa Rosa. Vicky o tlhalosa jaana: “Go na le difouno di le pedi fela mo toropong eo, mme ga go na sedirisiwa sa Internet. Go na le diphologolo di le dintsi tsa naga. Gantsi re bona dikwena, bontšhe le dinoga tse dikgolo fa re etela mafelo a a kgakala ka sethuthuthu sa rona. Le fa go ntse jalo, batho ke bone ba kgatlhang thata go feta diphologolo. Re ithuta Baebele le lelapa loora-Vacas, banyalani ba basha ba ba nang le bana ba le banè ba bannye. Ba nna dikilometara di ka nna 26 go tswa mo toropong. Rre wa teng e ne e le letagwa mme jaanong o fetogile. Beke nngwe le nngwe, o tla le lelapa la gagwe lotlhe le kgaitsadie kwa Holong ya Bogosi. O pagamisa mosadi wa gagwe le ngwana mo baesekeleng. Ngwana yo mongwe yo o nang le dingwaga di le robongwe ene o pega kgaitsadie yo mmotlana mo baesekeleng e nngwe, fa yo mongwe yo o nang le dingwaga di le robedi ene a tsamaya ka baesekele e nngwe a le nosi. Go ba tsaya diura di le tharo go goroga kwa dipokanong.” Ruri lelapa leno le rata Jehofa mme ba dira maiteko otlhe go nna gone mo dipokanong.

Mo dikgweding di le 18 fela, batho ba le bararo ba mo Santa Rosa ba ne ba tshwanelegela go kolobediwa mme ba ba ka nnang 25 bone, ba nna gone mo Holong e ntšha ya Bogosi e e mo Santa Rosa. Le fa gone batho ba le bantsi ba batla go ithuta Baebele, bontsi jwa bone ba na le dikgoreletsi tse di masisi tse ba tshwanetseng go di fenya gore ba kgone go direla Jehofa.

Kgwetlho ya go Kwadisa Manyalo Semolao

Marina le Osni, e leng barongwa ba ba rerang mo toropong e e kwa thoko e e gaufi le molelwane o o leng fa gare ga Bolivia le Brazil, ba re batho ba le bantsi ba ba nnang mo lefelong leno ga ba tseye kgolagano ya lenyalo e le e e nnelang ruri. Ba fetofetola balekane. Osni a re: “Jono ke bothata jo bo dirang gore ba se ka ba gatela pele semoyeng. Fa batho ba batla go nna Bakeresete ba boammaaruri, e nna selo se se raraaneng le se se jang madi a le mantsi. Bangwe ba tshwanelwa ke go baakanya maemo a bone le balekane ba bone ba nako e e fetileng mme ba nyale semolao. Le fa go ntse jalo, fa bangwe ba lemoga gore Dikwalo ke tsone di kgothatsang gore ba nyalane sentle le go kwadisa lenyalo semolao, ba ne ba dira ka thata gore ba nne le madi a a tlhokegang gore ba duele madi a puso e a tlhokang.”—Baroma 13:1, 2; Bahebera 13:4.

Marina o anela maitemogelo a ga Norberto. “Norberto o ne a nna le basadi ba le mmalwa pele a nna le mosadi mongwe yo tiro ya gagwe e neng e le go baka senkgwe. Mosadi yono o ne a le monnye mo go Norberto ka dingwaga di le 35 mme a na le ngwana wa mosimane yo Norberto a neng a mo godisa jaaka e kete ke wa gagwe. Fa mosimanyana yono a ntse a gola, Norberto o ne a batla go mo tlhomela sekao se se molemo. Ka jalo e ne ya re fa Mosupi mongwe a ne a tlile kwa lebakeng, mme a mmolelela ka thuto ya mahala ya Baebele, Norberto o ne a e amogela le fa gone a ne a sa itse go bala e bile a setse a fetile dingwaga di le 70. Fa Norberto le mosadi yo a neng a nna le ene ba utlwa se Jehofa a batlang ba se dira, ba ne ba nyalana semolao mme morago ga moo ba kolobediwa. Mosimanyana yono jaanong ke mosha wa Mokeresete yo o nang le maikarabelo—e leng sone se rraagwe yo o mo godisang a neng a solofetse gore se direge. Norberto o ne a ithuta go bala, mme o neela dipuo mo dipokanong tsa phuthego. Le fa gone a le bokoa ka ntlha ya dingwaga tsa gagwe, ke modiredi yo o tlhagafetseng wa dikgang tse di molemo.”

Go Nonotshiwa ke Moya wa ga Jehofa

Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe ba pele a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o goroga mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Ruri go a kgothatsa go bona moya wa Modimo o tlhotlheletsa banna le basadi ba Bakeresete go fudugela kwa dikarolong tse di kgakala! Ka sekai, ka 2004 Bakeresete ba ba tlhagafetseng ba le 30 ba ne ba amogela dikabelo tsa nakwana tsa go ya go rera kwa ditshimong tse di kwa thoko e le badiredi ba ba kgethegileng ba babulatsela. Ba leboga thata sekai sa bakaulengwe ba le 180 ba ba neng ba fudugela kwa Bolivia go tla go nna babulatsela, balebedi ba potologo, baithaopi ba Bethele kana barongwa. Baboledi ba Bogosi ba le 17 000 ba mo Bolivia ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 22 000 mo magaeng a batho ba ba kgatlhegang.

Bakaulengwe bano botlhe ba itumela tota gonne ba lemoga gore ba kaelwa ke moya wa ga Jehofa. Ka sekai, Robert le Kathy ba ne ba amogela kabelo ya go nna barongwa kwa Camiri. Camiri ke toropo e e kwa thoko e e mo lefelong le le tala le le dithota gaufi le noka. Robert o tlhalosa jaana: “Go lebega re tlile ka nako e e tshwanetseng. Mo dingwageng di le pedi batho ba le 40 ba ne ba nna baboledi ba dikgang tse di molemo.”

Letagwa le le Betšhang le a Reetsa

Batho ba le bantsi mo toropong eno ba kgatlhiwa thata ke diphetogo tse di dirwang ke batho ba ba ithutang Baebele. Ka sekai, letsatsi lengwe, mo e ka nnang dingwaga di le nnè tse di fetileng, monna mongwe wa letagwa yo o bidiwang Ariel o ne a kaname mo bolaong a sa kgone go tsoga ka ntlha ya go bo a ne a letse a nole. Le fa gone go betšha go ne go dirile gore a itsege thata, o ne a tshwenngwa ke dikoloto tse a neng a na le tsone tse di ntseng di oketsega, lenyalo le le nang le mathata le barwadie ba ba sa tlhokomelweng. Dilo tse a neng a ntse a di akanya di ne tsa kgaosediwa ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo a neng a tsamaya ka ntlo le ntlo. Ariel o ne a reetsa ka tlhoafalo fa mokaulengwe a ntse a tlhalosa Dikwalo. Go ise go e kae, Ariel o ne a boetse gape kwa bolaong jwa gagwe, a bala ka botshelo jo bo itumetseng jwa lelapa, Paradaise le go direla Modimo. Moragonyana o ne a dumela go ithuta Baebele.

Fa barongwa ba goroga mo Camiri, mosadi wa ga Ariel e bong Arminda, le ene o ne a ithuta Baebele—mme e seng ka tlhoafalo go le kalo. O ne a re: “Ke tla leka ka moo nka kgonang ka gone go dira gore Ariel a tlogele go nwa. Mme gone ga ke bone gore ke tla atlega. Ke mo tlhobogile.” Le fa go ntse jalo, thuto ya Baebele e ne e kgatlha go feta kafa a neng a akantse ka gone. Mo lobakeng lwa ngwaga fela, o ne a setse a kolobeditswe mme a rerela ba losika lwa gagwe. Go ise go ye kae, ba le mmalwa ba losika lwa gagwe ba ne ba ineela mo go Jehofa.

Ariel ene o ne a sa ntse a thatafalelwa ke go tlogela go nwa, go goga le go betšha. Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga fa a ne a laletsa ditsala tsa gagwe tsotlhe gore di nne gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. O ne a dirile tshwetso eno: “Ditsala tsa me tse di sa tleng ke a di tlogela. Ke tla ithuta Baebele le ba ba tlang.” O ne a simolola dithuto di le tharo tsa Baebele ka tsela eo. Le e leng pele Ariel a nna leloko la phuthego, o ne a ithuta Baebele le mongwe wa losika lwa gagwe yo o neng a gatela pele mme a kolobediwa mo letsatsing le le lengwe le Ariel. Arminda o akgela jaana: “Go lebega e kete Ariel wa bogologolo ga a tlhole a le teng.”

Robert o bega jaana: “La bofelo fa ke bala, maloko a le 24 a lelapa leno a ne a nna gone mo dipokanong ka metlha. Ba le lesome ba kolobeditswe, mme ba le robedi ke baboledi ba ba sa kolobediwang. Batho bangwe ba ba lemogileng diphetogo tse ba di dirileng, le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele mme ba nna gone mo dipokanong tsa phuthego. Palo ya ba ba nnang gone mo dipokanong e oketsegile go tswa go 100 go ya go 190. Nna le Kathy re ithuta Baebele le batho ba ka nna 30 mme botlhe ba nna gone mo dipokanong. Ruri re itumelela go bo re le fano.”

Se se diregang mo ditoropong tse di kgakala tsa Bolivia ke karolo e nnye fela ya tiro ya lefatshe lotlhe ya go phutha batho e e boleletsweng pele mo go Tshenolo kgaolo 7, e e buang ka go phuthwa ga batho mo “letsatsing la Morena” ba ba tla falolang pitlagano e kgolo. (Tshenolo 1:10; 7:9-14) Ga go ise go ke go direge pele mo hisitoring gore dimilione tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe di kopanngwe mo kobamelong ya Modimo o le mongwe wa boammaaruri. Ruri jono ke bosupi jo bo kgatlhang jwa gore go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo go atametse!

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Betty Jackson

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Elsie Meynberg

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Pamela Moseley

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Charlotte Tomaschafsky, kwa bofelong kafa mojeng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Eric le Vicky ba ne ba tla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Beke nngwe le nngwe lelapa loora-Vaca lo tsaya loeto lwa diura di le tharo ka dibaesekele go ya kwa Holong ya Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Baagi ba mo motsaneng o o gaufi le noka ya Beni ba reeditse dikgang tse di molemo ka tlhoafalo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Robert le Kathy ke barongwa kwa Camiri