Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke dikotsi dife tse tharo tse Jesu a neng a tlhagisa ka tsone mo go Mathaio 5:22?

Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu Keresete o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso; mme le fa e le mang yo o bitsang morwarraagwe ka lefoko le le sa tshwanelang go buiwa la lenyatso o tla ikarabelela go Kgotlatshekelo e Kgolo; mme le fa e le mang yo o reng, ‘Seeleele ke wena se se nyatsegang!’ o tla lebanwa ke Gehena e e tukang.”—Mathaio 5:22.

Jesu o ne a bua ka dilo tse Bajuda ba neng ba tlwaelane le tsone—kgotlatshekelo ya tshiamiso, Kgotlatshekelokgolo le Gehena e e tukang—go ba bontsha ka tsela e batho ba ba dirang maleo a a masisi ba tla bonang katlholo e e botlhoko ka gone.

Sa ntlha, Jesu o ne a re mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela kwa ‘kgotlatshekelong ya tshiamiso,’ e leng kgotlatshekelo e nnye. Go ya ka ngwao ya Bajuda, dikgotlatshekelo tseno di ne di tshwarelwa mo metseng mme go ne go tla banna ba ka nna 120 kgotsa go feta mo go tsone. (Mathaio 10:17; Mareko 13:9) Baatlhodi ba ba leng kwa dikgotlatshekelong tseo ba ne ba na le dithata tsa go atlhola le eleng dikgetsi tsa polao. (Duteronome 16:18; 19:12; 21:1, 2) Ka jalo, Jesu o ne a bontsha gore fa motho a nna a bolokile sekgopi ka mokaulengwe wa gagwe o dira boleo jo bo masisi.

Morago ga moo, Jesu o ne a re motho yo o “bitsang morwarraagwe ka lefoko le le sa tshwanelang go buiwa la lenyatso o tla ikarabelela go Kgotlatshekelo e Kgolo.” Lefoko la Segerika rha·kaʹ le le ranotsweng ka go re “lefoko le le sa tshwanelang go buiwa la lenyatso,” le raya selo se se lolea. Go ya ka The New Thayer’s Greek-English Lexicon of the New Testament, lefoko leo e ne e le, “lefoko la kgobo le le neng le dirisiwa ke Bajuda ba mo motlheng wa ga Keresete.” Ka jalo, Jesu o ne a bontsha kafa go leng masisi ka gone gore motho a bontshe kafa a tlhoileng mogabone ka gone ka go mmitsa ka mafoko a a sotlang le a lenyatso. Jesu o ne a raya gore motho yo o dirisang mafoko a a ntseng jalo, ga a na go atlholwa ke kgotlatshekelo e nnye fela mme o tla atlholwa ke Kgotlatshekelo e Kgolo, e leng setlhopha sotlhe sa Sanehederine—setlhopha sa boatlhodi sa kwa Jerusalema sa baperesiti ba bagolo le banna ba bagolwane ba le 70 le bakwadi.—Mareko 15:1.

Jesu o ne a konela ka go re fa motho a raya yo mongwe a re, “Seeleele ke wena se se nyatsegang!” o tla latlhelwa mo teng ga Gehena e e tukang. Lefoko “Gehena” le tswa mo lefokong le Sehebera e leng geh hin·nomʹ, le le rayang, “mokgatšha wa Hinoma” o o neng o le kafa bophirima le kafa borwa jwa Jerusalema wa bogologolo. Mo motlheng wa ga Jesu, mokgatšha oo o ne o fetogile lefelo la go fisetsa matlakala go akaretsa le ditopo tsa dinokwane tse di bosula thata tse go neng go tsewa gore ga di tshwanelwe ke go fitlhwa ka tsela e e tlotlegang. Ka jalo lefoko “Gehena” le ne le tshwanela sentle go tlhalosa tshenyego ya bosakhutleng.

Jaanong mafoko a a reng “seeleele se se nyatsegang” a ne a bolelang? Lefoko le le dirisitsweng fano le ne le tshwana le lefoko la Sehebera le le rayang “go tsuologa” kana “go nna seganana.” Le tlhalosa motho e le yo o se nang mosola, motlhanogi kana motho yo o tsuologelang Modimo. Ka jalo fa motho a re morwarraagwe ke “seeleele se se nyatsegang” go tshwana le gore o raya gore morwarraagwe o tshwanetse go amogela katlholo e e tshwanang le e e newang motho yo o tsuologelang Modimo, e leng tshenyego ya bosakhutleng. Ka jalo go ya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone, motho yo o atlholang yo mongwe ka tsela e e ntseng jalo, ene ka boene o tshwanelwa ke yone katlholo eo e e masisi—tshenyego ya bosakhutleng.—Duteronome 19:17-19.

Ka gone, Jesu o ne a beela balatedi ba gagwe molao o o kwa godimo go feta o o neng o fitlhelwa mo melaometheong e e neng e le mo Molaong wa ga Moshe. Le fa gone batho ba ne ba dumela gore mmolai o ne a tshwanelwa ke go “ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso,” Jesu ene ga a ka a felela foo. O ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba tshwanetse go tila le eleng go nna ba bolokile sekgopi ka morwarraabone.—Mathaio 5:21, 22.