Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng

Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng

Go Phutha Dilo Tse di Kwa Legodimong le Tse di mo Lefatsheng

“[Ke] kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe . . . go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.”—BAEFESO 1:9, 10.

1. ‘Boipelo jo bo molemo’ jwa ga Jehofa ka legodimo le lefatshe ke eng?

KAGISO YA LOBOPO LOTLHE! Seo ke boikaelelo jo bogolo jwa ga Jehofa, “Modimo wa kagiso.” (Bahebera 13:20) O ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo go tlhalosa gore ‘boipelo jo bo molemo’ jwa gagwe ke go “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:9, 10) Tota mafoko a a ranotsweng e le ‘go phuthela mmogo gape,’ a a mo temaneng eno, a kaya eng? J. B. Lightfoot, yo e leng mokanoki wa Baebele, a re: “Mafoko ano a kaya go nna le kutlwano mo lobopong lotlhe e go se kitlang go tlhola go nna le dikgaogano le go se utlwane mo go yone, e dikarolo tsotlhe tsa yone di tla ikaegang ka Keresete le go nna seoposengwe mo go ene. Ga go kitla go tlhola go nna le boleo le loso, khutsafalo le maswabi le pogo.”

“Dilo Tse di Kwa Magodimong”

2. “Dilo tse di kwa magodimong” tse di tshwanetseng go phuthwa ke bomang?

2 Moaposetoloi Petere o ile a sobokanya tsholofelo e e molemo e Bakeresete ba boammaaruri ba nang le yone ka go kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) “Magodimo a masha” a go buiwang ka one fano a kaya bolaodi jo bosha jwa puso, e leng Bogosi jwa ga Mesia. “Dilo tse di kwa magodimong” tse Paulo a di umakileng mo lekwalong le a le kwaletseng Baefeso di ne di tshwanetse tsa phuthelwa “mo go Keresete.” Ke palo e nnye fela ya batho ba ba tlhophetsweng go busa le Keresete kwa legodimong. (1 Petere 1:3, 4) Bakeresete bano ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ba ‘rekilwe mo lefatsheng,’ ‘ba rekilwe mo bathong’ go nna baruaboswa le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.—Tshenolo 5:9, 10; 14:3, 4; 2 Bakorintha 1:21; Baefeso 1:11; 3:6.

3. Ke eng fa go ka twe batlodiwa ba ‘tshwailwe kwa mafelong a selegodimo’ tota le fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng?

3 Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsalwa sesha ka moya o o boitshepo go nna barwa ba ga Jehofa ba semoya. (Johane 1:12, 13; 3:5-7) E re ka Jehofa a ba itseetse go nna “barwa” ba gagwe, ba nna bomonnawe Jesu. (Baroma 8:15; Baefeso 1:5) Ka gone, tota le fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, go buiwa ka bone ba ‘tsositswe mmogo le go nnisiwa mmogo mo mafelong a selegodimo seoposengweng le Keresete Jesu.’ (Baefeso 1:3; 2:6) Ba newa maemo ano a a kwa godimo a semoya ka gonne ba ile ba “tshwaiwa ka moya o o boitshepo o o solofeditsweng, o e leng sesupo sa go sa le gale sa boswa jwa [bone]” jo ba bo beetsweng kwa legodimong. (Baefeso 1:13, 14; Bakolosa 1:5) Ka gone, ke bone “dilo tse di kwa magodimong” tse palo ya tsone e e beilweng go sa le pele ke Jehofa e tshwanetseng go phuthwa.

Go Phutha go a Simololwa

4. Go phuthiwa ga “dilo tse di kwa magodimong” go ne ga simologa leng mme jang?

4 Go tsamaisana le “tsamaiso” ya ga Jehofa kana tsela ya gagwe ya go laola dilo, go phuthwa ga “dilo tse di kwa magodimong” go ne go tla simolola “fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela.” (Baefeso 1:10) Nako eo e e tlhomilweng e ne ya goroga ka Pentekosete ya 33 C.E. Mo letsatsing leo, baaposetoloi le barutwa, ba banna le ba basadi, ba ne ba tshololelwa moya o o boitshepo. (Ditiro 1:13-15; 2:1-4) Seno se ne sa supa go simologa ga kgolagano e ntšha le go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete le setšhaba se sesha sa Iseraele wa semoya, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Bahebera 9:15; 12:23, 24.

5. Ke eng fa Jehofa a ile a bopa “setšhaba” se sesha gore se tseye maemo a Iseraele wa tlholego?

5 Kgolagano ya Modimo e e dirilweng le Iseraele wa tlholego e ne ya se ka ya tlhagisa ‘bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo’ se se neng se tla direla Modimo ka bosakhutleng kwa legodimong. (Ekesodo 19:5, 6) Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda a re: “Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Mathaio 21:43) Setšhaba seo sa Iseraele wa semoya, se dirilwe ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba go dirilweng kgolagano e ntšha le bone. Moaposetoloi Petere o ile a bua jaana ka bone: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang. Gonne lo kile lwa bo lo se setšhaba, mme jaanong lo setšhaba sa Modimo.” (1 Petere 2:9, 10) Iseraele wa tlholego e ne e sa tlhole e le setšhaba se Jehofa a dirileng kgolagano le sone. (Bahebera 8:7-13) Jaaka fa Jesu a ile a bolelela pele, ba ne ba tseelwa tshiamelo ya go nna karolo ya Bogosi jwa ga Mesia mme ya newa maloko a le 144 000 a Iseraele wa semoya.—Tshenolo 7:4-8.

Go Dirwa Kgolagano ya Bogosi le Bone

6, 7. Ke kgolagano efe e e kgethegileng e Jesu a ileng a e dira le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng ka moya, mme seo se kaya eng mo go bone?

6 Mo bosigong jo Jesu a neng a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe ka jone, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me; mme ke dira kgolagano le lona, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna, ya bogosi, gore lo tle lo je lo bo lo nwe fa tafoleng ya me mo bogosing jwa me, lo bo lo nne mo ditulong tsa bogosi go atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.” (Luke 22:28-30) Fano Jesu o ne a umaka kgolagano e e kgethegileng e a neng a e dirile le bomorwarraagwe ba ba tloditsweng ka moya ba ba 144 000 ba ba neng ba tla nna ba “ikanyega go ya losong” le go itshupa e le ‘bafenyi.’—Tshenolo 2:10; 3:21.

7 Batho ba setlhopha seno se se lekanyeditsweng ba tlogela go nna le tsholofelo epe fela ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng e le batho ba nama le madi. Ba tla busa le Keresete kwa legodimong, ba dula mo ditulong tsa bogosi go atlhola batho. (Tshenolo 20:4, 6) Mma jaanong re sekaseke dikwalo tse dingwe tse di buang fela ka batlodiwa bano le tse di bontshang lebaka la go bo “dinku tse dingwe” di sa je senkgwe le go nwa beine ka nako ya Segopotso.—Johane 10:16.

8. Batlodiwa ba bontsha eng ka go ja senkgwe? (Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 23.)

8 Batlodiwa ba boga dilo tse Keresete a ileng a di boga mme ba iketleeleditse go lebana le loso fela jaaka ene. E re ka Paulo e ne e le mongwe wa setlhopha seno, o ne a bolela gore o ne a iketleeleditse go intsha setlhabelo ka tsela epe fela gore a ‘bone Keresete le gore a itse ene le maatla a tsogo ya gagwe le go tlhakanela mo dipogong tsa gagwe.’ Ee, Paulo o ne a iketleeleditse go ineela “mo losong lo lo tshwanang le lwa gagwe.” (Bafilipi 3:8, 10) Bakeresete ba le bantsi ba ba tloditsweng fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng ba ile ba itshokela “tshwaro e e felelang ka loso e e neilweng Jesu.”—2 Bakorintha 4:10.

9. Senkgwe sa Segopotso se tshwantshetsa mmele ofe?

9 Fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa, o ile a re: “Seno se kaya mmele wa me.” (Mareko 14:22) O ne a bua ka mmele wa gagwe o o neng o tla tloga o setlakwa le go tladikwa madi. Senkgwe se se sa bedisiwang se ne se tshwantshetsa sentle mmele oo. Ka ntlha yang? Ka gonne mo Baebeleng, sebediso se ka tshwantshetsa boleo kana boikepo. (Mathaio 16:4, 11, 12; 1 Bakorintha 5:6-8) Jesu o ne a itekanetse, mme mmele wa gagwe wa mo lefatsheng o ne o se na boleo. O ne a tla ntsha mmele oo o o itekanetseng go nna setlhabelo sa thuanyo. (Bahebera 7:26; 1 Johane 2:2) Go dira ga gagwe jalo go ne go tla solegela Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang molemo, e ka ne tsholofelo ya bone e le ya go tshela kwa legodimong kana go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Johane 6:51.

10. Batho ba ba nwang beine ka nako ya Segopotso ba “nna le seabe mo mading a ga Keresete” ka tsela efe?

10 Paulo o ile a kwala jaana fa a bua ka beine e batlodiwa ba e nwang ka nako ya Segopotso: “Senwelo sa tshegofatso se re se lebogelang, a ga se go nna le seabe mo mading a ga Keresete?” (1 Bakorintha 10:16) Batho ba ba nwang beine ba “nna le seabe mo mading a ga Keresete” ka tsela efe? Ga se gore ba nna le seabe ka go ntsha setlhabelo sa thekololo ka gonne bone ka bobone ba tlhoka go rekololwa. Ka gonne ba dumela gore madi a ga Keresete a na le maatla a go rekolola, ba itshwarelwa maleo mme ba bolelwa ba siametse go tshela kwa legodimong. (Baroma 5:8, 9; Tito 3:4-7) Batho ba ba 144 000 ba ba tla ruang boswa le Keresete ba a “itshepisiwa,” ba tlosiwa boleo gore ba nne “baitshepi’ ka boleng jwa madi a a tsholotsweng a ga Keresete. (Bahebera 10:29; Daniele 7:18, 27; Baefeso 2:19) Ee, ke ka madi a gagwe a a tsholotsweng go bo Keresete a ile a “rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba, mme [a] ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa lefatshe e le dikgosi.”—Tshenolo 5:9, 10.

11. Batlodiwa ba bontsha eng fa ba nwa beine ya Segopotso?

11 Fa Jesu a ne a simolola go keteka Segopotso sa loso lwa gagwe la ntlha, o ne a naya baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang senwelo sa beine, a bo a re: “Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.” (Mathaio 26:27, 28) Fela jaaka Jehofa a ile a dirisa madi a dipoo le a dipodi go dira kgolagano ya Molao le setšhaba sa Iseraele, madi a ga Jesu le one a ne a dirisiwa go tlhoma kgolagano e ntšha e Jehofa a neng a e dira le Iseraele wa semoya go tloga ka Pentekosete ya 33 C.E. (Ekesodo 24:5-8; Luke 22:20; Bahebera 9:14, 15) Fa batlodiwa ba nwa beine e e tshwantshetsang “madi a kgolagano,” ba bontsha gore ba tsentswe mo kgolaganong e ntšha mme ba bona melemo ya yone.

12. Batlodiwa ba kolobediwa mo losong lwa ga Keresete ka tsela efe?

12 Batlodiwa ba gakololwa sengwe gape. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Senwelo se ke se nwang lo tla se nwa, le kolobetso e ke kolobediwang ka yone lo tla kolobediwa ka yone.” (Mareko 10:38, 39) Moragonyana moaposetoloi Paulo o ile a bua ka Bakeresete a re ba “kolobediwa mo losong lwa [ga Keresete].” (Baroma 6:3) Batlodiwa ba tshela botshelo jwa go intsha setlhabelo. Loso lwa bone ke lwa go intsha setlhabelo ka gonne ba tlogela go nna le tsholofelo epe fela ya go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng. Go kolobediwa ga Bakeresete bano ba ba tloditsweng mo losong lwa ga Keresete go wediwa fa ba swa ka boikanyegi mme ba tsosiwa e le dibopiwa tsa semoya go “busa mmogo jaaka dikgosi” le Keresete kwa legodimong.—2 Timotheo 2:10-12; Baroma 6:5; 1 Bakorintha 15:42-44, 50.

Go ja Senkgwe le go Nwa Beine

13. Ke eng fa batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba sa je senkgwe le go nwa beine ya Segopotso, mme gone ke eng fa ba nna gone mo Segopotsong?

13 E re ka go ja senkgwe le go nwa beine tse di fetisiwang ka nako ya Segopotso go akaretsa dilo tseno tsotlhe, ga go pelaelo gore go tla bo go sa siama gore batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba je le go nwa. Batho ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba a lemoga gore ga se maloko a a tloditsweng a mmele wa ga Keresete, e bile ga ba mo kgolaganong e ntšha e Jehofa a e dirileng le batho ba ba tla busang le Jesu Keresete. E re ka “senwelo” se tshwantshetsa kgolagano e ntšha, ke ba ba mo kgolaganong eo e ntšha fela ba ba jang senkgwe le go nwa beine. Batho ba ba solofetseng go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng ba itekanetse mo pusong ya Bogosi ga ba kolobediwe mo losong lwa ga Jesu e bile ga ba a bilediwa go ya go busa le ene kwa legodimong. Fa ba ne ba ka ja le go nwa, ba ne ba tla bo ba dira sengwe se se sa ba tshwanelang. Ka gone, ga ba je senkgwe le go nwa beine le mororo ba nna gone mo Segopotsong go tla go nna babogedi fela. Ba leboga Jehofa ka sotlhe se a ba diretseng sone ka Morwawe, go akaretsa le go ba itshwarela maleo ka ntlha ya madi a a tsholotsweng a ga Keresete.

14. Batlodiwa ba nonotshiwa jang semoyeng ke go ja senkgwe le go nwa beine?

14 Nako ya go felela ga palo e nnye ya Bakeresete ba ba bileditsweng go ya go busa le Keresete kwa legodimong e tloga e fela. Batlodiwa ba tla tswelela pele ba nonotshiwa semoyeng ke go ja senkgwe le go nwa beine ka nako ya Segopotso go fitlha ka nako ya fa ba tla bo ba swa mme ba tlogela botshelo jwa mo lefatsheng. Ba ikutlwa ba na le kamano e e nonofileng le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba e leng maloko a mmele wa ga Keresete. Go ja senkgwe le go nwa beine go ba gopotsa boikarabelo jwa bone jwa gore ba tshwanetse go ikanyega go isa losong.—2 Petere 1:10, 11.

Go Phuthwa ga “Dilo Tse di mo Lefatsheng”

15. Ke bomang ba ba phuthiwang go thusa Bakeresete ba ba tloditsweng?

15 Fa e sa le ka bo1930, palo e e ntseng e oketsega ya “dinku tse dingwe” tse e seng karolo ya “letsomanyane” e bile tsholofelo ya tsone e le go tshela mo lefatsheng di ile tsa ema batlodiwa nokeng. (Johane 10:16; Luke 12:32; Sekarea 8:23) Ba ile ba nna ditsala tse di ikanyegang tsa bomorwarraagwe Keresete, ba ba thusa thata mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” go nna bosupi mo ditšhabeng tsotlhe. (Mathaio 24:14; 25:40) Ka go dira jalo, ba na le tshono ya go atlholwa ke Keresete e le “dinku” tse a tla di bayang “ka fa mojeng” wa gagwe fa a tla bo a tla go atlhola ditšhaba. (Mathaio 25:33-36, 46) Ka ntlha ya go dumela mo mading a ga Keresete, ba tla nna “boidiidi jo bogolo,” jo bo tla falolang “pitlagano e kgolo.”—Tshenolo 7:9-14.

16. “Dilo tse di mo lefatsheng” di tla akaretsa bomang, mme go tla direga jang gore botlhe ba nne le tshono ya go nna “bana ba Modimo”?

16 Fa palo ya bofelo ya ba ba 144 000 e sena go felela, “diphefo” tse di tla senyang tsamaiso e e boikepo ya ga Satane mo lefatsheng di tla simolola go tsubutla. (Tshenolo 7:1-4) Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete le babusi ka ene ba baperesiti, boidiidi jo bogolo bo tla thusiwa ke palo e e sa bolelwang go sa le pele ya batho ba ba tla tsosiwang. (Tshenolo 20:12, 13) Batho bano ba tla nna le tshono ya go nna babusiwa ba mo lefatsheng ba ga Kgosi ya Bomesia, Keresete Jesu. Kwa bofelong jwa Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, dilo tseno tsotlhe “tse di mo lefatsheng” di tla lebana le teko ya makgaolakgang. Ba ba tla itshupang ba ikanyega ba tla itseelwa go nna “bana ba Modimo” ba mo lefatsheng.—Baefeso 1:10; Baroma 8:21; Tshenolo 20:7, 8.

17. Boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla diragadiwa jang?

17 Ka gone, ka go dirisa “tsamaiso” ya gagwe kana tsela ya gagwe ya go laola dilo, Jehofa o tla bo a diragaditse boikaelelo jwa gagwe jwa go “phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” Dibopiwa tsotlhe tse di botlhale kwa legodimong le mo lefatsheng di tla bo di phuthetswe mmogo gore go nne le kagiso ya lobopo lotlhe, ka boipelo di ikokobeletsa bolaodi jo bo siameng jwa Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo, Jehofa.

18. Batlodiwa le ditsala tsa bone ba tla solegelwa molemo jang ke go nna gone mo Segopotsong?

18 A bo go tla bo go nonotsha tumelo ya palo e nnye ya batlodiwa jang ne le dimilione tsa ditsala tsa bone tsa dinku tse dingwe go kokoana mmogo ka April 12, 2006! Ba tla bo ba keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete, fela jaaka Jesu a ile a laela jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Botlhe ba ba tla bong ba le gone ba tshwanetse go gopola se Jehofa a ba diretseng sone ka Morwawe yo o rategang, Keresete Jesu.

Go Boeletsa

• Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng ka dilo tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng?

• “Dilo tse di kwa legodimong” ke bomang, mme ba ile ba phuthwa ka tsela efe?

• “Dilo tse di mo lefatsheng” ke bomang, mme ba na le tsholofelo efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 23]

“Mmele wa ga Keresete”

Mo go 1 Bakorintha 10:16, 17 Paulo o ne a umaka “mmele” ka tsela e e kgethegileng fa a ne a bua ka botlhokwa jwa senkgwe mo go bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ka moya. O ne a re: “Senkgwe se re se ngathoganyang, a ga se go nna le seabe mo mmeleng wa ga Keresete? Ka gonne go na le senkgwe se le sengwe fela, rona, le mororo re le bantsi, re mmele o le mongwe, gonne rotlhe re ja senkgwe se le sengwe fela seo.” Fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ja senkgwe sa Segopotso, ba supa go nna seoposengwe ga bone mo phuthegong ya batlodiwa e e tshwanang le mmele o Keresete e leng Tlhogo ya one.—Mathaio 23:10; 1 Bakorintha 12:12, 13, 18.

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ke eng fa e le batlodiwa fela ba ba jang senkgwe le go nwa beine?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ka ntlha ya tsamaiso ya ga Jehofa dibopiwa tsotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng di tla dirwa seoposengwe