Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsamaya mo Tselaneng ya Lesedi le le Ntseng le Oketsega

Go Tsamaya mo Tselaneng ya Lesedi le le Ntseng le Oketsega

Go Tsamaya mo Tselaneng ya Lesedi le le Ntseng le Oketsega

“Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.”—DIANE 4:18.

1, 2. Ke eng se se ileng sa diragalela batho ba Modimo ka ntlha ya lesedi le le oketsegang la semoya go tswa mo go Jehofa?

A BO Jehofa Modimo, Motswedi wa lesedi, e le ene yo o tshwanelegang thata jang ne go tlhalosa tsela e go tlhaba ga letsatsi go amang lefifi la bosigo ka yone! (Pesalema 36:9) Modimo a re: ‘Fa lesedi la moso le aparela dikarolo tse di kwa mafelelong a lefatshe, lefatshe le iphetola jaaka letsopa ka fa tlase ga sekano, mme dilo di ema jaaka e kete di apere.’ (Jobe 38:12-14) Fa lesedi la letsatsi le ntse le oketsega, dilo tse di mo lefatsheng di simolola go bonala sentle, fela jaaka letsopa le fetoga popego fa mmopi a le tsenya mo teng ga sekano gore le bopege jaaka sone.

2 Jehofa gape ke Motswedi wa lesedi la semoya. (Pesalema 43:3) Le fa lefatshe le le mo lefifing le le ntshontsho, Modimo wa boammaaruri o tswelela pele go phatsimisetsa batho ba gagwe lesedi. Seo se felela ka eng? Baebele e araba jaana: “Tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” (Diane 4:18) Lesedi le le ntseng le oketsega go tswa mo go Jehofa le tswelela pele ka go phatsimisa tselana ya batho ba gagwe. Le ba thusa go tokafatsa dithulaganyo tsa bone tsa phuthego, dilo tse ba di dumelang le boitshwaro jwa bone.

Lesedi le le Oketsegang le Dira Gore go Nne le Diphetogo mo Phuthegong

3. Isaia 60:17 e solofetsa eng?

3 Jehofa o ile a bolelela pele jaana ka moporofeti Isaia: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi.” (Isaia 60:17) Fela jaaka go dirisa didirisiwa tsa boleng jo bo kwa godimo mo boemong jwa tsa boleng jo bo kwa tlase go bontsha go tlhabolola dilo, Basupi ba ga Jehofa le bone ba ile ba tlhabolola dithulaganyo tsa bone tsa phuthego go ralala “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” kana ‘metlha ya bofelo.’—Mathaio 24:3; 2 Timotheo 3:1.

4. Ke thulaganyo efe e e neng ya tlhongwa ka 1919, mme e ne ya nna mosola ka tsela efe?

4 Mo karolong e e simololang ya metlha eno ya bofelo, diphuthego tsa Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo, di ne di tlhopha bagolwane le batiakone ka go ba boutela. Le fa go ntse jalo, bagolwane bangwe ba ne ba se na moya wa go rera. Bangwe ba bone ba ne ba itsapa go nna le seabe mo tirong ya go rera e bile ba kgoba batho ba bangwe marapo fa ba nna le seabe mo tirong eno. Ka jalo ka 1919 go ne ga tlhomiwa thulaganyo e ntšha ya gore go nne le mokaedi wa tirelo mo phuthegong nngwe le nngwe. Mokaedi yono wa tirelo o ne a sa boutelwe ke phuthego, go na le moo, o ne a tlhomiwa go ya ka tsela ya puso ya Modimo ke ofisi ya lekala ya batho ba Modimo. Boikarabelo jwa mokaedi yono bo ne bo akaretsa go rulaganya tiro ya go rera, go aba ditshimo le go kgothaletsa phuthego go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Mo dingwageng tse di neng tsa latela, tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya dirwa ka tlhagafalo e kgolo.

5. Ke phetogo efe e e neng ya dirwa ka bo1920?

5 Diphuthego tsotlhe di ne tsa nonotshiwa le ke kgothatso e e reng: “Itsiseng, itsiseng, itsiseng Kgosi le bogosi jwa gagwe,” e Baithuti ba Baebele ba neng ba e neelwa kwa kopanong ya Cedar Point, Ohio, U.S.A. ka 1922. Ka 1927 tirelo ya tshimo e ne e setse e rulagantswe ka botlalo mo e bileng letsatsi la Sontaga le neng le tsewa e le lone le le siametseng thata tiro ya go rera ka ntlo le ntlo. Ka ntlha yang? Ka gonne Sontaga e ne e le letsatsi le batho ka bontsi ba neng ba sa ye tirong ka lone. Le gompieno Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba bontsha moya o o ntseng jalo ka go leka go etela batho ka dinako tse ba leng gone kwa gae ka bontsi ka tsone, tse di jaaka ka mafelobeke le mo maitseboeng.

6. Ka 1931, ke maitlamo afe a a neng a dirwa, mme seo se ne sa ama jang tiro ya go bolela ka Bogosi?

6 Tlhoafalo ya go dira tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya oketsega thata ka Sontaga thapama ka July 26, 1931, fa go ne go dirwa maitlamo la ntlha kwa kopanong ya kwa Columbus, Ohio, U.S.A., mme moragonyana mo lefatsheng lotlhe. Bontlhanngwe jwa maitlamo ao bo ne bo re: “Re batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba a ba laetseng go dira tiro mo leineng la gagwe, mme ka go ikobela taelo ya gagwe ya go neela bosupi ka Jesu Keresete le go itsise batho gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le Mothatayotlhe; ka gone re amogela ka boipelo leina le Morena Modimo wa rona a ileng a le bua ka molomo wa gagwe, mme re batla go itsewe ka lone le go bidiwa ka lone e leng, basupi ba ga Jehofa.” (Isaia 43:10) A bo leina leo le tlhalosa sentle jang ne tiro e e dirwang ke botlhe ba ba bidiwang ka leina leo! Ee, Jehofa o na le tiro e a batlang batlhanka botlhe ba gagwe ba nna le seabe mo go yone. Bontsi bo ne jwa tsibogela maikano ao ka matlhagatlhaga a magolo!

7. Ke phetogo efe e e neng ya dirwa ka 1932, mme ka ntlha yang?

7 Bagolwane ba le bantsi ba ne ba dira ka natla mo tirong ya go rera. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe bagolwane ba ba neng ba boutetswe ba ne ba nna kgatlhanong le gore batho botlhe mo phuthegong ba nne le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go tla nna le diphetogo tse dingwe. Ka 1932, diphuthego di ne tsa laelwa ka makasine wa Tora ya Tebelo gore di se ka tsa tlhola di boutela bagolwane le batiakone. Go na le moo, di ne di tshwanetse go boutela komiti ya tirelo ya banna ba ba ratang dilo tsa semoya ba ba neng ba nna le seabe mo tirong ya go rera phatlalatsa. Ka gone, tiro ya go okamela e ne e newa banna ba ba neng ba nna le seabe ka botlalo mo bodireding, mme tiro e ne ya gatela pele.

Go Oketsega ga Lesedi go Felela ka Diphetogo Tse di Oketsegileng

8. Go ne ga dirwa phetogo efe ka 1938?

8 Lesedi le ne le ntse le “phatsimela pele.” Ka 1938 kgang ya go bouta e ne ya fedisiwa gotlhelele. Batlhanka botlhe mo phuthegong ba ne ba tla tlhomiwa go ya ka thulaganyo ya puso ya Modimo e e okametsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Mo e batlang e le diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di ne tsa amogela phetogo eno mme tiro ya go rera e ne ya tswelela e nna le matswela.

9. Ke thulaganyo efe e e neng ya tlhongwa ka 1972, mme ke eng fa e ile ya tokafatsa dilo?

9 Go tloga ka October 1, 1972, go ne ga dirwa phetogo e nngwe gape mo tirong ya go okamela phuthego. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di ne tsa simolola thulaganyo ya gore di okamelwe ke setlhopha sa bagolwane, e seng ke motho a le mongwe fela yo o bidiwang motlhanka wa phuthego kana molebedi. Thulaganyo eno e ntšha e ile ya kgothatsa banna ba ba godileng sentle semoyeng gore ba tshwanelegele go etelela pele mo phuthegong. (1 Timotheo 3:1-7) Ka ntlha ya seo, bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba nna le maitemogelo a go tlhokomela maikarabelo a phuthego. A bo ba ile ba nna thuso e kgolo jang ne mo tirong ya go tlhokomela batho ba bantsi ba basha ba ba neng ba amogela boammaaruri jwa Baebele!

10. Ke thulaganyo efe e e neng ya tlhongwa ka 1976?

10 Maloko a Setlhopha se se Laolang a ne a kgaoganngwa ka dikomiti di le thataro, mme go tloga ka January 1, 1976, ditiro tsotlhe tsa mokgatlho le tsa diphuthego mo lefatsheng lotlhe di ne tsa okamelwa ke dikomiti tseno. A bo phetogo eno e ile ya thusa thata jang ne gore dikarolo tsotlhe tsa tiro ya Bogosi di okamelwe ke ‘bagakolodi ba le bantsi’!—Diane 15:22; 24:6.

11. Ke phetogo efe e e neng ya dirwa ka 1992, mme ka ntlha yang?

11 Ka 1992 go ne ga nna le phetogo e nngwe gape e e ka tshwantshiwang le se se neng sa direga morago ga gore Baiseraele le batho ba bangwe ba boe kwa botshwarong kwa Babelona. Bogologolo ka nako eo, go ne go se na Balefi ba ba lekaneng go tlhokomela ditiro tsa tempele. Ka jalo, Banethinime ba e neng e se Baiseraele ba ne ba newa maikarabelo a go thusa Balefi. Ka tsela e e tshwanang, ka 1992 bangwe ba “dinku tse dingwe” ba ne ba newa maikarabelo a a oketsegileng go thusa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale go tlhokomela maikarabelo a gagwe a a ntseng a oketsega mo lefatsheng. Ba ne ba tlhomiwa go nna bathusi ba dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang.—Johane 10:16.

12. Jehofa o ne a tlhoma kagiso jang go nna balebedi ba rona?

12 Seno sotlhe se ile sa felela ka eng? Jehofa a re: “Ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” (Isaia 60:17) Batlhanka ba ga Jehofa gompieno ba na le “kagiso” mme go rata “tshiamo” go fetogile ‘baabi ba bone ba tiro’—maatla a a ba tlhotlheletsang go direla Modimo. Ba ithulagantse sentle go dira tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa.—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Jehofa o re Thusa go Tlhaloganya Dithuto Dingwe Botoka

13. Ka bo1920 Jehofa o ne a phatsimisa tselana ya batho ba gagwe jang mo dithutong tse ba di dumelang?

13 Jehofa o phatsimisa tselana ya batho ba gagwe le mo dithutong tse ba di dumelang. Sekai sa seno re se bona mo go Tshenolo 12:1-9. Pego eo e bua ka batho ba bararo—“mosadi” yo o moimana yo o tsholang ngwana, “kgogela” le “ngwana wa mosimane, motho wa monna.” A o itse gore mongwe le mongwe wa batho bano o emela eng? Ba ne ba tlhalosiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 1, 1925, mo setlhogong se se reng, “Go Tsalwa ga Setšhaba.” Setlhogo seo se ne sa thusa batho ba Modimo go tlhaloganya dipolelopele tse di kaga go tsalwa ga Bogosi botoka, mme tshedimosetso eo e ne ya bontsha sentle gore go na le diphuthego di le pedi tse di sa tshwaneng—ya ga Jehofa le ya ga Satane. Morago ga moo ka 1927/28, batho ba Modimo ba ne ba lemoga gore go keteka Keresemose le malatsi a matsalo ga go dumalane le Dikwalo mme ba tlogela go tlhola ba keteka mekete eno.

14. Ke dithuto dife tse di neng tsa tlhaloganngwa botoka ka bo1930?

14 Go ne ga nna le boammaaruri jo bongwe gape jo bosha jo bo neng jwa tlhaloganngwa botoka ka bo1930. Go ne go fetile dingwaga di le dintsi Baithuti ba Baebele ba itse gore bontsintsi jo bogolo kana “boidiidi jo bogolo” jo go buiwang ka jone mo go Tshenolo 7:9-17 bo farologana le batho ba ba 144 000 ba ba tla busang le Keresete e le dikgosi le baperesiti. (Tshenolo 5:9, 10; 14:1-5) Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhaloganye sentle gore bontsintsi joo jo bogolo ke bomang. Fela jaaka lesedi la mo mosong le nna le ntsifala go fitlha motho a kgona go bona dilo le mebala sentle, ka 1935 go ne ga tlhalosiwa gore bontsintsi jo bogolo ke batho ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo” ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Moragonyana mo go one ngwaga oo, go ne ga tlhaloganngwa botoka sengwe gape se se neng se ama bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ba tsenang sekolo mo dinageng di le dintsi. Ka nako eo e moya wa go rata naga o neng o anama thata ka yone, Basupi ba ne ba lemoga gore go dumedisa folaga go kaya eng. Mo ngwageng o o neng wa latela, go ne ga tlhalosiwa thuto e nngwe gape ya boammaaruri ya gore Keresete o swetse mo koteng, e seng mo sefapaanong.—Ditiro 10:39.

15. Ke leng mme gone ke jang go neng ga gatelelwa kgang ya gore madi a boitshepo?

15 Morago ga Ntwa ya Lefatshe II e mo go yone go neng go tlwaelegile gore masole a a gobetseng a alafiwe ka go tshelwa madi, go ne ga nna le lesedi le le oketsegileng ka kgang ya gore madi a boitshepo. Makasine wa Tora ya Tebelo wa July 1, 1945 o ne wa kgothaletsa “baobamedi botlhe ba ga Jehofa ba ba batlang botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo go tlotla kgang ya gore madi a boitshepo le go tshela ka tsela e e dumalanang le ditaelo tse di siameng tsa Modimo mo kgannyeng eno.”

16. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne ya gololwa leng ka Seesemane, mme ke dikarolo dife tse pedi tse di molemo tsa yone?

16 Ka 1946 go ne a lemogiwa gore go tlhokega thanolo e ntšha ya Baebele e e dirisang tshedimosetso ya bosheng ya bakanoki e bile e se na tlhotlheletso ya dithuto tse di phoso tse di rutiwang ke madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete. Tiro eo ya go ranola e ne ya simololwa ka December 1947. Ka 1950 go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Seesemane. Dikwalo Tsa Sehebera ka Seesemane di ne tsa gatisiwa ka dibolumo di le tlhano tse di neng tsa gololwa ka bongwe ka bongwe go tloga ka 1953. Bolumo ya bofelo e ne ya gololwa ka 1960, dingwaga tse di ka fetang tse 12 fela morago ga gore tiro ya go ranola e simololwe. Baebele e e feletseng ya Seesemane ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ne ya gololwa ka bolumo e le nngwe ka 1961. Thanolo eno e jaanong e leng gone ka dipuo di le dintsi e na le dikarolo di le dintsi tse di molemo. E dirisa leina la Modimo, Jehofa. Mo godimo ga moo, tsela e e ranolang mekwalo ya ntlhantlha ka yone e re thusitse go gatelapele mo tseleng e re tlhaloganyang boammaaruri jwa Dikwalo ka yone.

17. Ke lesedi lefe le le oketsegileng le le neng la phatsima ka 1962?

17 Ka 1962 go ne ga tlhaloganngwa botoka gore “balaodi ba bagolo” ba go buiwang ka bone mo go Baroma 13:1 ke bomang le gore Bakeresete ba tshwanetse go ba ikobela go ya bokgakaleng bofe. Go ithuta kgaolo 13 ya Baroma ka botlalo le ditemana tse di jaaka Tito 3:1, 2 le 1 Petere 2:13, 17 go ile ga bontsha sentle gore mafoko “balaodi ba bagolo” ga a kaye Jehofa Modimo le Jesu Keresete, go na le moo a kaya balaodi ba dipuso tsa batho.

18. Ke dithuto dife tsa boammaaruri tse di neng tsa tlhalosiwa sentle ka bo1980?

18 Mo dingwageng tse di neng tsa latela, tselana ya mosiami e ne ya tswelela e ntse e phatsimela pele. Ka 1985 go ne ga tlhalosiwa sentle se se kaiwang ke go bolelwa o siametse “botshelo” le go nna tshiamo ka go nna tsala ya Modimo. (Baroma 5:18; Jakobe 2:23) Bokao jwa Jubile ya Bokeresete bo ne jwa tlhalosiwa ka botlalo ka 1987.

19. Jehofa o ile a abela batho ba gagwe lesedi le le oketsegileng jang mo dingwageng tsa bosheng?

19 Ka 1995 go kgaoganngwa ga “dinku” mo ‘dipoding’ go ne ga tlhaloganngwa sentle. Ka 1998 go ne ga tlhalosiwa ka botlalo ponatshegelo ya ga Esekiele e e kaga tempele, mme ponatshegelo eo e setse e diragadiwa. Ka 1999 go ne ga tlhalosiwa sentle gore ‘selo se se ferosang sebete’ se tla ema leng le gore se tla ema jang ‘mo lefelong le le boitshepo.’ (Mathaio 24:15, 16; 25:32) Ka 2002 go ne ga tlhaloganngwa botoka se se bolelwang ke go obamela Modimo ka “moya le ka boammaaruri.”—Johane 4:24.

20. Batho ba Modimo ba ile ba dira diphetogo le mo dilong dife tse dingwe?

20 Mo godimo ga diphetogo tse di amang dithulaganyo tsa phuthego le dithuto tse re di dumelang, go ile ga dirwa le diphetogo tse di amang boitshwaro jwa Bokeresete. Ka sekai, ka 1973 go ne ga tlhaloganngwa gore go goga motsoko ke selo se se ‘leswafatsang nama’ mme go ne go tshwanetse ga tsewa e le boleo jo bo masisi. (2 Bakorintha 7:1) Dingwaga di le lesome morago ga moo, makasine wa Tora ya Tebelo wa July 15, 1983 (wa Seesemane) o ne wa tlhalosa sentle kgang ya go nna le tlhobolo. Tseno ke dikai di se kae fela tsa lesedi le le neng la oketsega mo motlheng wa rona.

Tswelela Pele o Tsamaya mo Tselaneng ya Lesedi le le Oketsegang

21. Re ka kgona go tswelela re tsamaya mo tselaneng ya lesedi le le oketsegang fa re na le boikutlo bofe?

21 Mokaulengwe mongwe yo o nang le lobaka lo loleele e le mogolwane o ile a re: “Ga go motlhofo go amogela diphetogo tse di dirwang.” Ke eng se se mo thusitseng go amogela diphetogo tse dintsi tse a di boneng di dirwa mo dingwageng tse 48 tse a di feditseng e le mmoledi wa Bogosi? O araba jaana: “Selo se segolo se se nthusitseng ke go nna le maikutlo a a siameng. Fa motho a gana go amogela diphetogo o tla salela morago fa phuthego e ntse e gatela pele. Fa ke fitlhela go le thata go amogela phetogo nngwe, ke leka go nna le maikutlo a tshwanang le a ga Petere fa a ne a raya Jesu a re: ‘Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.’ Go tswa foo ke ipotsa jaana, ‘Nka ya kae ka gonne kwa ntle mo lefatsheng go tletse lefifi fela?’ Seno se nthusa go ngangatlela phuthego ya Modimo.”—Johane 6:68.

22. Re solegelwa molemo jang ke go tsamaya mo leseding?

22 Ruri lefatshe le le re dikologileng le mo lefifing le lentshontsho. Fa Jehofa a ntse a tswelela ka go phatsimisetsa batho ba gagwe lesedi, pharologano e e leng gone gareng ga bone le batho ba lefatshe leno e ntse e oketsega. Lesedi leno le re ama jang? Ke boammaaruri gore, fela jaaka go bonesa khuti e e mo tseleng e e lefifi ka lesedi le legolo go sa tlose khuti eo mo tseleng, lesedi la Lefoko la Modimo le lone ga le tlose diphoso. Le fa go ntse jalo, lesedi la Lefoko la Modimo le re thusa go tila diphoso tseo e le gore re tswelele pele re tsamaya mo tselaneng ya lesedi le le oketsegang. Ka gone, a re tsweleleng pele re ela tlhoko lefoko la ga Jehofa la boporofeti, “jaaka lobone lo lo phatsimang mo lefelong le le lefifi.”—2 Petere 1:19.

A o A Gakologelwa?

• Ke diphetogo dife tse di amanang le thulaganyo ya phuthego tse Jehofa a ileng a di dira mo bathong ba gagwe?

• Lesedi le le ntseng le oketsega le dirile gore go dirwe diphetogo dife mo dithutong tse re di dumelang?

• Ke diphetogo dife tse o ileng wa di iponela ka bowena, mme ke eng se se go thusitseng go di amogela?

• Ke eng fa o batla go tswelela o tsamaya mo tselaneng ya lesedi le le ntseng le oketsega?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Kopano ya kwa Cedar Point, Ohio, ya 1922 e ne ya tlhagafatsa Baithuti ba Baebele go dira tiro ya Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

“Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika” e e neng ya gololwa ka 1950, ke N. H. Knorr

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

© 2003 BiblePlaces.com