Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsamaiso e e Diretsweng go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo

Tsamaiso e e Diretsweng go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo

Tsamaiso e e Diretsweng go Diragatsa Boikaelelo Jwa Modimo

‘Modimo o dira dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone.’—BAEFESO 1:11.

1. Ke eng fa diphuthego tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa di tla bo di kokoane ka April 12, 2006?

MO MAITSEBOENG a Laboraro, April 12, 2006, dimilione di ka nna 16 tsa batho di tla bo di kokoane go keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Mo go lengwe le lengwe la mafelo a ba tla bong ba kokoane kwa go one, go tla bo go na le tafole e mo go yone go beilweng senkgwe se se sa bedisiwang, se se tshwantshetsang mmele wa ga Keresete le beine e khibidu, e e tshwantshetsang madi a gagwe a a tsholotsweng. Go ela kwa bofelong jwa puo e e tla bong e tlhalosa bokao jwa Segopotso sa loso lwa ga Jesu, go tla fetisiwa pele senkgwe mme morago go fetisiwe beine fa pele ga batho ba ba tla bong ba le gone. Mo diphuthegong dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa go tla nna le motho a le mongwe fela kana ba le mmalwa ba ba jang senkgwe le go nwa beine. Le fa go ntse jalo, mo diphuthegong di le dintsi ga go kitla go nna le batho ba ba jang. Ke eng fa e le Bakeresete ba le mmalwa fela, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba ba jang fa bontsi jwa bone, e leng ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng, bone ba sa je?

2, 3. (a) Jehofa o ne a tswelela pele jang a bopa dilo go ya ka maikaelelo a gagwe? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a bopa lefatshe le batho?

2 Jehofa ke Modimo yo o nang le maikaelelo. O diragatsa maikaelelo a gagwe ka go ‘dira dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone.’ (Baefeso 1:11) O ne a simolola pele ka go bopa Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (Johane 1:1, 14; Tshenolo 3:14) Go tswa foo, Jehofa o ne a dirisa Morwa yono wa gagwe go bopa lelapa la barwa ba semoya mme morago a bopa lobopo lotlhe, go akaretsa le lefatshe le batho.—Jobe 38:4, 7; Pesalema 103:19-21; Johane 1:2, 3; Bakolosa 1:15, 16.

3 Jehofa ga a ka a bopa lefatshe go nna lefelo le a tla lekelang batho mo go lone go bona gore a ba tshwanelega go ka nna bangwe ba barwa ba gagwe ba semoya ba kwa legodimong jaaka fa bontsi jwa dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete di ruta. O ne a le bopa ka boikaelelo, o le bopetse “go agiwa.” (Isaia 45:18) Modimo o ne a bopela batho lefatshe le lefatshe a le bopela batho. (Pesalema 115:16) Lefatshe lotlhe le ne le tshwanetse go nna paradaise e e tletseng ka batho ba ba siameng ba ba neng ba tla le lema le go le tlhokomela. Modimo ga ise a ko a solofetse banyalani ba ntlha gore moragonyana ba ne ba tla ya go tshela kwa legodimong.—Genesise 1:26-28; 2:7, 8, 15.

Boikaelelo Jwa ga Jehofa bo a Gwetlhiwa

4. Tsela e Jehofa a dirisang bolaodi jwa gagwe ka yone e ne ya gwetlhiwa jang go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho?

4 Morwa mongwe wa Modimo wa semoya o ile a tsuologa mme a ikaelela go kgoreletsa boikaelelo jwa ga Jehofa, a sa dirise sentle mpho e Jehofa a mo abetseng yone ya go nna le tshwanelo ya go itlhophela. O ne a kgoreletsa kagiso e e bonwang ke batho botlhe ba ba ikokobeletsang bolaodi jwa ga Jehofa ka lorato. Satane o ne a tlhotlheletsa banyalani ba ntlha ba batho go simolola go tshela ka tsela ya go itaola ba sa ikokobeletse Modimo. (Genesise 3:1-6) O ne a sa belaele gore Jehofa o na le maatla, go na le moo, o ne a belaela tsela e Jehofa a dirisang bolaodi jwa gagwe ka yone, mme ka go dira jalo a gwetlha tshwanelo ya gagwe ya go busa. Ka jalo, kgang eno ya botlhokwa e e kaga bolaodi jwa ga Jehofa e ne ya simologa mono mo lefatsheng go tloga fela kwa tshimologong ya hisitori ya batho.

5. Ke kgang efe e nngwe e Satane a neng a e tsosa, mme ka go dira jalo o ne a akaretsa le bomang mo kgannyeng eo?

5 Kgang e nngwe gape e e amanang le eo ya bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe ke kgang e Satane a neng a e tsosa mo motlheng wa ga Jobe. Satane o ile a belaela lebaka la go bo dibopiwa tsa ga Jehofa di ikanyega mo go ene le la go bo di mo direla. O ne a bolela gore di ikobela Modimo le go mo direla fela ka ntlha ya mabaka a bogagapa le gore fa di ne di ka lebana le diteko, di ne di tla mo tlhanogela. (Jobe 1:7-11; 2:4, 5) Le fa Satane a ile a gwetlha go ikanyega ga batlhanka ba ga Jehofa ba batho, tota dikgwetlho tseno di ne di akaretsa le barwa ba Modimo ba semoya, go akaretsa le Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi.

6. Jehofa o ile a diragatsa jang boikaelelo jwa gagwe le bokao jwa leina la gagwe?

6 Go dumalana le boikaelelo jwa gagwe le bokao jwa leina la gagwe, Jehofa o ne a itira Moporofeti le Mmoloki. * O ne a raya Satane a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Jehofa o ne a tla dirisa Losika lwa “mosadi,” kana phuthego ya gagwe ya kwa legodimong go araba dikgwetlho tsa ga Satane le go abela ditlogolwana tsa ga Adame tsholofelo ya go bona kgololo le botshelo.—Baroma 5:21; Bagalatia 4:26, 31.

“Sephiri se se Boitshepo sa Thato ya Gagwe”

7. Jehofa o ne a dirisa moaposetoloi Paulo go senola boikaelelo bofe jwa gagwe?

7 Mo lekwalong le moaposetoloi Paulo a ileng a le kwalela Bakeresete ba Efeso, o ne a tlhalosa ka tsela e e molemo kafa Jehofa a dirang dilo ka teng go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Paulo o ile a re: “O ne a re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe. Sone, se kafa boipelong jo bo molemo jwa gagwe jo a neng a bo ikaelela go dira tsamaiso fa tekanyo ya dinako tse di tlhomilweng e fela, e leng, go phuthela dilo tsotlhe mmogo gape mo go Keresete, dilo tse di kwa magodimong le dilo tse di mo lefatsheng.” (Baefeso 1:9, 10) Boikaelelo jo bo molemo jwa ga Jehofa ke gore go nne le kutlwano mo lobopong le le agilweng ke dibopiwa tse di ikokobeletsang bolaodi jwa gagwe ka go rata. (Tshenolo 4:11) Seo se tla dira gore leina la gagwe le itshepisiwe, le go senola fa Satane a le maaka le gore thato ya Modimo e direge “mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:10.

8. Lefoko le le ranotsweng e le “tsamaiso” le kaya eng?

8 Jehofa o tla dirisa “tsamaiso” kana boikaelelo go diragatsa ‘boipelo jo bo molemo’ jwa gagwe. Paulo o dirisitse lefoko le totatota le kayang “tsamaiso ya lelapa.” Lefoko leo ga le kaye puso e e jaaka Bogosi jwa ga Mesia, go na le moo le kaya tsela ya go tsamaisa dilo. * Tsela e e molemo e Jehofa a tla tsamaisang dilo ka yone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe e akaretsa “sephiri se se boitshepo” se se neng se tla senolwa kgato ka kgato fa dingwaga di ntse di feta.—Baefeso 1:10; 3:9, mokwalo o o kwa tlase mo NW.

9. Jehofa o ne a senola jang sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe kgato ka kgato?

9 Jehofa o ne a dirisa dikgolagano tse di farologaneng go senola kgato ka kgato tsela e boikaelelo jwa gagwe kaga Losika lo lo solofeditsweng kwa Edene bo neng bo tla diragadiwa ka yone. Kgolagano e a neng a e dira le Aborahame e ne ya bontsha gore Losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tla mo lefatsheng go tswa mo losikeng lwa ga Aborahame mme e ne e tla nna lone lo ‘ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe’ di tla itshegofatsang ka lone. Kgolagano eo e ne ya senola le gore go ne go tla nna le batho ba bangwe ba ba neng ba tla ikopanya le yo e neng e tla nna karolo ya konokono ya losika. (Genesise 22:17, 18) Kgolagano ya Molao e e dirilweng le Baiseraele e ne ya senola boikaelelo jwa ga Jehofa jwa go nna le “bogosi jwa baperesiti.” (Ekesodo 19:5, 6) Kgolagano e e dirilweng le Dafide e ne ya bontsha gore Losika lo ne lo tla nna Tlhogo ya Bogosi ka bosakhutleng. (2 Samuele 7:12, 13; Pesalema 89:3, 4) Fa kgolagano ya Molao e sena go lebisa Bajuda kwa go Mesia, Jehofa o ne a senola dikarolo tse dingwe gape tse di amanang le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe. (Bagalatia 3:19, 24) Batho ba ba neng ba tla ikopanya le yo e neng e tla nna karolo ya konokono ya losika ba ne ba tla nna bontlhanngwe jwa “bogosi jwa baperesiti” jo go boletsweng pele ka jone mme go ne go tla dirwa “kgolagano e ntšha” le bone gore ba nne “Iseraele” yo mosha wa semoya.—Jeremia 31:31-34; Bahebera 8:7-9. *

10, 11. (a) Jehofa o ne a senola jang Losika lo lo solofeditsweng? (b) Ke eng fa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo a ile a tla mo lefatsheng?

10 Nako e ne ya goroga ya gore Losika lo lo boleletsweng pele lo iponatse mo lefatsheng e le go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Jehofa o ne a romela moengele Gabariele go itsise Marea gore o tla tshola morwa yo o neng a tla bidiwa Jesu. Moengele o ne a mo raya a re: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Ka gone go ne ga bonala sentle gore yo e neng e le Losika lo lo solofeditsweng ke mang.—Bagalatia 3:16; 4:4.

11 Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi o ne a tshwanelwa ke go tla mo lefatsheng go tla go lekwa ka botlalo. O ne a tla itshupa gore a o tla kgona go araba kgwetlho ya ga Satane ka botlalo. A o ne a tla tswelela a ikanyega mo go Rraagwe? Seno se ne se amana le sephiri se se boitshepo. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa seabe sa ga Jesu jaana: “Sephiri se se boitshepo sa boineelo jono jwa bomodimo se segolo: ‘O ne a bonadiwa mo nameng, a bolelwa a siame mo moyeng, a bonala mo baengeleng, a rerwa mo gare ga ditšhaba, ga dumelwa mo go ene mo lefatsheng, a amogelwa kwa godimo ka kgalalelo.’” (1 Timotheo 3:16) Ee, Jesu o ne a kgona go araba kgwetlho ya ga Satane ka go ikanyega ka botlalo go isa losong. Le fa go ntse jalo, dikarolo tse dingwe tsa sephiri se se boitshepo di ne di sa ntse di tla senolwa.

“Sephiri se se Boitshepo sa Bogosi Jwa Modimo”

12, 13. (a) Karolo nngwe ya “sephiri se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo” ke eng? (b) Go ne ga tlhokega eng fa Jehofa a ne a tlhopha palo e nnye ya batho go ya go tshela kwa legodimong?

12 Mo go lengwe la maeto a ga Jesu a go rera kwa Galalea, o ne a bontsha gore sephiri se se boitshepo se ne se amana thata le puso ya Bogosi jwa ga Mesia. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo [“bogosi jwa Modimo,” Mareko 4:11].” (Mathaio 13:11) Karolo nngwe ya sephiri seo e akaretsa kgang ya go bo Jehofa a tlhophile “letsomanyane” la batho ba ba 144 000 gore ba kopanele le Morwawe go nna karolo ya losika, go busa le ene kwa legodimong.—Luke 12:32; Tshenolo 14:1, 4.

13 E re ka batho ba ne ba bopetswe go tshela mo lefatsheng, go ne ga tlhokega gore Jehofa a bope “popo e ntšha” gore batho bangwe ba ye go tshela kwa legodimong. (2 Bakorintha 5:17) Moaposetoloi Petere, yo e neng e le mongwe wa batho ba ba tlhophilweng go nna le tsholofelo eo e e sa tshwaneng le epe ya go tshela ka legodimong, o ne a re: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne go ya ka kutlwelobotlhoko e kgolo ya gagwe o ne a re tsala sesha gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka tsogo ya ga Jesu Keresete mo baswing, go ya bosweng jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng. Bo beetswe lona kwa magodimong.”—1 Petere 1:3, 4.

14. (a) Batho ba e seng Bajuda ba ile ba akarediwa jang mo ‘sephiring se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo’? (b) Ke eng fa re kgona go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo”?

14 Karolo e nngwe ya sephiri se se boitshepo se se kaga puso e e tlang ya Bogosi e ne e amana le thato ya Modimo ya gore batho ba e seng Bajuda ba nne karolo ya palo e nnye ya batho ba ba neng ba tla bilediwa go busa le Keresete kwa legodimong. Paulo o ne a tlhalosa karolo eno ya “tsamaiso” ya Modimo kana tsela ya gagwe ya go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jaana: “Mo dikokomaneng tse dingwe sephiri seno ga se a ka sa itsisiwe bomorwa batho jaaka jaanong se senoletswe baaposetoloi ba gagwe ba ba boitshepo le baporofeti ka moya, e leng, gore batho ba ditšhaba ba tshwanetse go nna baruaboswammogo le malokommogo a mmele le ba ba nang le seabe le rona mo tsholofetsong re le seoposengwe le Keresete Jesu ka dikgang tse di molemo.” (Baefeso 3:5, 6) Tsela ya go tlhaloganya karolo eno ya sephiri se se boitshepo e ne ya senolelwa ‘baaposetoloi ba ba boitshepo.’ Le gompieno, fa e ne e se ka thuso ya moya o o boitshepo re ne re se kitla re tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo.”—1 Bakorintha 2:10; 4:1; Bakolosa 1:26, 27.

15, 16. Ke eng fa Jehofa a ile a tlhopha Bakeresete bangwe mo bathong gore ba ye go busa le Keresete?

15 Batho ba ba “dikete di le lekgolo masome a manè le bonè” ba ba bonweng ba eme le “Kwana” kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo ba tlhalosiwa e le “ba ba rekilweng mo lefatsheng,” “ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana,” Keresete Jesu. (Tshenolo 14:1-4) Jehofa o ile a tlhopha morwa wa gagwe wa ntlha mo barweng ba gagwe ba kwa legodimong go nna karolo ya konokono ya losika lo lo solofeditsweng kwa Edene, mme gone ke eng fa a ile a tlhopha Bakeresete bangwe go tswa mo bathong go ya go busa le Keresete? Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa gore palo eno e nnye e ne ya “bidiwa go ya ka boikaelelo jwa [ga Jehofa],” “kafa boipelong jo bo molemo jwa thato ya gagwe.”—Baroma 8:17, 28-30; Baefeso 1:5, 11; 2 Timotheo 1:9.

16 Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore a itshepise leina la gagwe le legolo le le le boitshepo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe. Jehofa o ne a dirisa “tsamaiso” ya gagwe kana tsela ya gagwe ya go laola dilo ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng go tla go lekwa ka botlalo go isa losong. Mo godimo ga moo, o ne a ikaelela go dira gore puso ya Bogosi ya ga Mesia Morwawe e akaretse batho ba le bone ba ileng ba ikanyega mo bolaoding jwa gagwe go isa losong.—Baefeso 1:8-12; Tshenolo 2:10, 11.

17. Ke eng fa re ka itumelela gore Keresete le babusi ka ene ba kile ba tshela mo lefatsheng?

17 Jehofa o ile a bontsha fa a rata ditlogolwana tsa ga Adame ka lorato lo logolo ka go dira gore Morwawe a tle mo lefatsheng le go tlhopha batho bangwe mo lefatsheng go nna baruaboswa mmogo le Morwawe mo pusong ya Bogosi. Seo se ne se tla solegela molemo jang batho ba bangwe ba ba ileng ba itshupa ba ikanyega mo go Jehofa go tloga ka Abele go ya pele? E re ka batho ba ba sa itekanelang ba tshotswe e le makgoba a boleo le loso, ba ne ba tshwanelwa ke go alafiwa semoyeng le mo mmeleng le go dirwa gore ba itekanele go ya ka se Jehofa a neng a ikaeletse sone ka batho go tloga kwa tshimologong. (Baroma 5:12) A bo go kgothatsa jang ne mo go botlhe ba ba tlhoafaletseng go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng go itse gore Kgosi ya bone e tla ba bontsha lorato le bopelonomi fela jaaka a ile a bo bontsha barutwa ba gagwe ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng! (Mathaio 11:28, 29; Bahebera 2:17, 18; 4:15; 7:25, 26) Mme a bo go kgothatsa jang go itse gore batho ba ba tla busang le Keresete le go nna baperesiti le ene kwa legodimong e tla nna batho ba e kileng ya bo e le banna le basadi ba tumelo ba ka bobone ba ileng ba itshokela makoa a bone le go lebana le mathata a botshelo fela jaaka rona!—Baroma 7:21-25.

Boikaelelo Jwa ga Jehofa Jo bo Sa Palelweng

18, 19. Ke eng fa re tlhaloganya mafoko a ga Paulo a a mo go Baefeso 1:8-11 sentle, mme go tla sekasekwa eng mo setlhogong se se latelang?

18 Jaanong re tlhaloganya sentle bokao jwa mafoko a Paulo a ileng a a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng, a a mo go Baefeso 1:8-11. O ne a bolela gore Jehofa o ne a ba itsise “sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe,” gore ba ne ba “abelwa go nna baruaboswa” le Keresete le gore ba ne ba “tlhomamisiwa e sale pele go ya ka boikaelelo jwa yo o dirang dilo tsotlhe go ya ka tsela e thato ya gagwe e ikaelelang ka yone.” Re a lemoga gore seno se tsamaisana le “tsamaiso” e e molemo e Jehofa a tla e dirisang go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Seno se re thusa le gore re tlhaloganye lebaka la go bo e le Bakeresete ba se kae fela ba ba jang senkgwe le go nwa beine ka nako ya Sejo sa Morena sa Maitseboa.

19 Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka gore Segopotso sa loso lwa ga Keresete se kaya eng mo Bakereseteng ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong. Re tla ithuta le gore ke eng fa dimilione tse dingwe tsa batho ba tsholofelo ya bone e leng go tshela mo lefatsheng ka bosakhutleng ba tshwanetse go kgatlhegela thata se se tshwantshediwang ke Segopotso.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Leina la Modimo fa le ranolwa jaaka le ntse le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Jehofa o kgona go nna sengwe le sengwe fela se a tlhokang go nna sone go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.—Ekesodo 3:14.

^ ser. 8 Mafoko a ga Paulo a bontsha gore “tsamaiso” eo e ne e dira mo motlheng wa gagwe, mme Dikwalo di bontsha gore Bogosi jwa ga Mesia jone bo tlhomilwe ka 1914.

^ ser. 9 Go bona dintlha ka botlalo ka dikgolagano tseno tse di amanang le go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo, bona Tora ya Tebelo ya February 1, 1989, ditsebe 10-15.

Go Boeletsa

• Ke eng fa Jehofa a ile a bopa lefatshe le go baya batho mo go lone?

• Ke eng fa go ile ga tlhokega gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa a tle go lekwa mo lefatsheng?

• Ke eng fa Jehofa a ile a tlhopha batho bangwe mo lefatsheng gore ba buse le Keresete?

[Dipotso Tsa Thuto]