Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Boammaaruri ke Bomang?

Bakeresete ba Boammaaruri ke Bomang?

Bakeresete ba Boammaaruri ke Bomang?

“BOKERESETE bo a dira fela fa e le gore batho ba gakologelwa Jesu Keresete mo dilong tse ba di rutang le mo go se ba se dirang.” (On Being a Christian) Fa moithutabodumedi wa kwa Switzerland, e bong Hans Küng a ne a bua jalo e ne e le boammaaruri jo bo ka se ganediweng: Bokeresete jwa boammaaruri bo nna teng fela fa batho ba ba peloephepa ba dirisa dithuto tsa ga Jesu.

Go tweng he fa batho le ditumelo di ipolela gore di latela Keresete mme tota di sa dire se Jesu a neng a se ruta? Jesu ka boene o ne a boletse gore batho ba bantsi ba tla ipitsa Bakeresete. Ba ne ba tla umaka dilo tse dintsi go bontsha gore ba ne ba mo diretse, ba re: “A re ne ra se ka ra porofeta ka leina la gago, ra ba ra leleka madimona ka leina la gago, ra ba ra dira ditiro di le dintsi tse di maatla ka leina la gago?” Le fa go ntse jalo, Jesu o tla araba jang? Mafoko a a maatla a a neng a a bua a bontsha sentle gore o ne a tla ba atlhola jang, fa a ne a re: “Ga ke ise nke ke lo itse! Tlogang fa go nna, lona ba lo dirang ka go tlhoka molao.”—Mathaio 7:22, 23.

A bo seo e le tlhagiso e e gagametseng jang ne mo bathong ba ba “dirang ka go tlhoka molao,” ba ba ipolelang gore ba latela Jesu! Sekaseka dilo tse pedi tsa botlhokwa thata tse Jesu a neng a re ba tshwanetse go di dira gore a tle a ba tseye e le Bakeresete ba boammaaruri go na le gore a se ka a ba amogela ka gonne e le ba ba dirang ka go tlhoka molao.

“Fa lo Ratana”

Selo sengwe se Jesu a neng a re se a tlhokega ke seno: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”Johane 13:34, 35.

Jesu o batla gore balatedi ba gagwe ba ratane ba bo ba rate le batho ba bangwe ka lorato lwa mmatota. Bakeresete ba bantsi ba dirile seo mo makgolokgolong a dingwaga fa e sa le Jesu a tla mo lefatsheng. Mme go tweng ka mekgatlho e mentsi ya bodumedi e e ipolelang gore e emela Keresete? A dilo tse ba di dirileng mo nakong e e fetileng di bontsha lorato? Le e seng. Go na le moo, ba ntse ba di goga kwa pele mo dintweng tse dintsintsi tse mo go tsone go tshololwang madi a batho ba ba se nang molato.—Tshenolo 18:24.

Le mo metlheng ya segompieno go ntse go direga jalo. Ditšhaba tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete di ne tsa etelela pele mo kgailong ya batho e e dirilweng mo dintweng tse pedi tsa lefatshe tsa lekgolo la bo20 la dingwaga. Bosheng jaana, maloko a dikereke tse go tweng ke tsa Bokeresete a ne a eteletse pele mo bosetlhogong jo bo feteletseng le mo kgailong ya morafe kwa Rwanda ka 1994. Desmond Tutu yo e kileng ya bo e le bishopomogolo wa kereke ya Anglican a re: “Batho ba ba neng ba lwantshana jalo mo ntweng eno e e matlho mahibidu e e tletseng ka tshololo ya madi e ne e le ba bodumedi bo le bongwe fela. Bontsi jwa bone e ne e le Bakeresete.”

“Fa lo Nnela Ruri mo Lefokong la Me”

Jesu o ne a bolela selo se sengwe gape sa botlhokwa se se tlhokegang mo Bokereseteng jwa boammaaruri fa a ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.

Jesu o lebeletse gore balatedi ba gagwe ba nnele ruri mo lefokong la gagwe—ke gore, ba latele dithuto tsa gagwe. Moithutabodumedi Küng a re baruti ba bodumedi ba ba ipolelang gore ba latela Keresete ba “tsweletse pele go amogela dithuto tsa Bagerika.” Ba emiseditse dithuto tsa ga Jesu ka dithuto tse di tshwanang le gore moya ga o swe, go dumela mo pakatoring, go obamela Marea, le go nna le setlhopha sa baruti—tse di theilweng mo madumeding a boheitane le difilosofi.—1 Bakorintha 1:19-21; 3:18-20.

Baruti ba bodumedi gape ba ruta thuto ya Tharonngwe e e sa tlhaloganyesegeng, ba baya Jesu mo maemong a ene a iseng a ko a ipeye mo go one. Ka go dira jalo, ba ne ba faposa batho gore ba se ka ba obamela ene yo Jesu a neng a bua ka ene ka metlha—Rraagwe, e bong Jehofa. (Mathaio 5:16; 6:9; Johane 14:28; 20:17) Hans Küng a re: “Fa Jesu a bua ka Modimo, o raya Modimo wa bogologolo wa ditlhogo tsa lotso, Aborahame, Isake le Jakobe: Yahweh . . . Go ya ka ene yono ke ene fela Modimo o le esi.” Ke batho ba le kae gompieno ba ba lemogang motlhofo fela gore Modimo wa ga Jesu le Rraagwe Jesu ke Yahweh—kana Jehofa jaaka re tlwaetse le kwalwa ka Setswana?

Baeteledipele ba bodumedi ba tlhokomologile taelo ya ga Jesu gotlhelele ya gore ba se ka ba tsaya letlhakore mo dipolotiking. Mo motlheng wa ga Jesu, Galalea “e ne e le boremelelo jwa ditiro tsa bosetšhaba,” ga rialo mokwadi Trevor Morrow. Baratanaga ba bantsi ba Bajuda ba ne ba dirisa dibetsa go lwela gore ba bone kgololesego mo go tsa bopolotiki le tsa bodumedi. A Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba lwele dilo tse di ntseng jalo? Nnyaa. Mo boemong jwa seo o ne a ba raya a re: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19; 17:14) Le fa go ntse jalo, go na le gore baeteledipele ba kereke ba nne ba sa tseye letlhakore, ba ne ba simolola se mokwadi wa kwa Ireland, e bong Hubert Butler a se tlhalosang a re ke “dithuto tsa kereke tse di tshegetsang bosole le bopolotiki.” A re: “Bokeresete jo bo buelelang dipolotiki mo e ka nnang ka metlha bo boa gape e nna Bokeresete jo bo buelelang bosole, mme fa boradipolotiki le baruti ba tla go dumalana ka sengwe, ka metlha Kereke e segofatsa masole a puso gore e bone melemo mengwe mo pusong.”

Baruti ba Maaka ba Itatola Jesu

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore bangwe ba ne ba tla tlogela Bokeresete jwa boammaaruri. O ne a re fa a sena go swa “diphiri tse di gatelelang” tse di tswang mo bathong ba ba ipitsang Bakeresete di ne di tla “bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:29, 30) Ba ne ba tla “bolela phatlalatsa gore ba itse Modimo,” mme tota ba ne ba tla “mo itatola ka ditiro tsa bone.” (Tito 1:16) Moaposetoloi Petere le ene o ne a tlhagisa gore baruti ba maaka ba ne ba tla “kukunela ba tla tlisa mo teng makoko a a senyang gape ba [ne ba] tla itatola le e leng mong wa bone yo o ba rekileng.” O ne a re boitshwaro jwa bone jo bo maswe bo ne bo tla dira gore batho ba bue “tsela ya boammaaruri” ka go ‘kgoba.’ (2 Petere 2:1, 2) Mokanoki wa Mogerika W. E. Vine o ne a re go itatola Keresete jalo go raya go “itatola Rara le Morwa, ka botlhanogi le ka go ruta dithuto tse di boikepo.”

Ke eng se Jesu a neng a tla se dira fa batho ba ba ipitsang barutwa ba gagwe ba ne ba ka palelwa ka boomo ke go “nnela ruri mo lefokong la [gagwe]” le go dira dilo tse dingwe tse a batlang gore ba di dire? O ne a tlhagisa jaana: “Le fa e le mang yo o intatolang fa pele ga batho, ruri le nna ke tla mo itatola fa pele ga ga Rre yo o kwa magodimong.” (Mathaio 10:33) Ee ruri, Jesu ga a itatole motho yo o dirang phoso mme tota a rata go ikanyega. Ka sekai, le fa moaposetoloi Petere a ne a itatola Jesu gararo, o ne a ikwatlhaya mme a itshwarelwa. (Mathaio 26:69-75) Le fa go ntse jalo, Jesu o itatola batho kana ditumelo tse tota e leng diphiri tse di apereng diaparo tsa nku—batho ba ba itirang e kete ba latela Keresete mme ka boomo fela ba sa latele dithuto tsa gagwe e bile ba tatalala mo mokgweng wa bone. Jesu o ne a bua jaana ka baruti bao ba maaka: “Lo tla lemoga batho bao ka maungo a bone.”—Mathaio 7:15-20.

Fa Baaposetoloi ba Sena go Swa, go Tsoga Botlhanogi

Bakeresete ba maaka ba simolotse leng go itatola Keresete? Fela fa Jesu a sena go swa. Jesu o ne a tlhagisa gore ka bonako Satane Diabolo o ne a tla jala “mefero,” kana Bakeresete ba maaka, mo gare ga “peo e e molemo,” kana Bakeresete ba boammaaruri, e leng peo e Jesu a e jadileng mo bodireding jwa gagwe. (Mathaio 13:24, 25, 37-39) Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore baruti ba ba tsietsang ba ne ba ntse ba le teng le mo motlheng wa gagwe. A re lebaka la konokono la go bo ba ile ba fapoga dithuto tsa ga Jesu Keresete ke gore ba ne ba se na “lorato lwa boammaaruri.”—2 Bathesalonika 2:10.

Baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba thibela botlhanogi jono lobaka lotlhe lo ba neng ba le mo lefatsheng ka lone. Mme fa baaposetoloi ba sena go swa, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dirisa “tiro nngwe le nngwe e e maatla le ditshupo tsa maaka le dikgakgamatso le . . . tsietso nngwe le nngwe e e sa siamang” gore ba fapose batho ba le bantsi mo boammaaruring jo bo neng bo rutwa ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe. (2 Bathesalonika 2:3, 6-12) Mofilosofi wa Moesemane Bertrand Russell a re go ise go ye kae, phuthego ya pele ya Bokeresete e ne ya fetolwa go nna mokgatlho wa bodumedi o o neng o tla “gakgamatsa Jesu, le e leng Paulo.”

Bokeresete Jwa Boammaaruri bo Nna Gone Gape

Boammaaruri bo bonala sentle. Fa e sa le baaposetoloi ba swa, Keresete o ntse a sa umakiwe mo dilong tse dintsi tse di ntseng di dirwa mo leineng la Bokeresete. Le fa go ntse jalo, seo ga se reye gore Jesu o paletswe ke go diragatsa tsholofetso e a neng a e neile balatedi ba gagwe ya gore o tla nna le bone “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Re ka tlhomamisega gore fa e sa le a bua mafoko ao, go ntse go na le batho bangwe ba ba ikanyegang ba ba ‘gakologelwang Jesu Keresete mo dilong tse ba di rutang le mo go se ba se dirang.’ Jesu Keresete o dirile jaaka a ne a solofeditse gore o tla ema nokeng batho ba ba ntseng jalo ka gonne ba ile ba leka ka natla go bontsha lorato lo lo tlhaolang Bakeresete ba boammaaruri e bile ba ile ba latela dithuto tsa boammaaruri tse a neng a di ruta.

Gape, Jesu o ne a solofetsa gore mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, o tla phutha barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang a ba tsenya mo phuthegong ya Bokeresete e e lemotshegang motlhofo e a tla e dirisang go diragatsa thato ya gagwe. (Mathaio 24:14, 45-47) Gone jaanong o dirisa yone phuthego eo go phutha “boidiidi jo bogolo” jwa banna, basadi le bana “bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme” mme o ba dira seoposengwe kafa tlase ga boeteledipele jwa gagwe go nna “letsomane le le lengwe” kafa tlase ga “modisa a le mongwe.”—Tshenolo 7:9, 14-17; Johane 10:16; Baefeso 4:11-16.

Ka jalo, ikgaoganye le ditumelo kana le mekgatlho epe fela e e sentseng leina la ga Keresete le e e sentseng leina la Bokeresete mo dingwageng di le dikete tse pedi tse di fetileng. Fa o sa dire jalo, jaaka Jesu Keresete a ile a bolelela moaposetoloi Johane, o ka “amogela karolo ya dipetso tsa [bone]” fa Modimo a diragatsa katlholo ya gagwe mo go bone mo nakong e e sa fediseng pelo. (Tshenolo 1:1; 18:4, 5) Ititeye sehuba gore o tla nna gareng ga batho ba moporofeti Mika a buileng ka bone fa a ne a re “go ela kwa bokhutlong jwa metlha” baobamedi ba boammaaruri—ba ba latelang Bokeresete jwa boammaaruri—ba ne ba tla reetsa ditaelo tsa Modimo mme ba ‘tsamaye mo ditselaneng tsa gagwe’ tsa kobamelo e e itshekileng e e tsosolositsweng. (Mika 4:1-4) Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go go thusa go bona baobamedi bao ba boammaaruri.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa tseye karolo mo ntweng?

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Soldiers, left: U.S. National Archives photo; flamethrower, right: U.S. Army Photo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go “ratana” le go “nnela ruri mo lefokong la me” ke dilo tsa botlhokwa tse Jesu a reng Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go di dira