Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang

Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang

Boitlosobodutu jo bo Molemo, jo bo Lapolosang

“E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.”—1 BAKORINTHA 10:31.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa ditiro tse di itumedisang di ka tsewa e le “mpho ya Modimo,” le fa go ntse jalo Baebele e ntsha tlhagiso efe e sa fitlhe sepe?

KE SELO sa tlholego fela go batla go dira dilo tse di re itumedisang. Jehofa, Modimo wa rona yo o itumetseng, o batla gore re itumelele botshelo, mme o re file dilo di le dintsi tse di dirang gore re bo itumelele. (1 Timotheo 1:11; 6:17) Kgosi Solomone yo o botlhale o kile a kwala a re: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka . . . fa e se go ipela [le] gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:12, 13.

2 Go ipela ka tsela eno, morago ga gore motho a eme gore a bone tiro e e molemo e a e dirileng, eleruri go a lapolosa, bogolo jang fa o na le balosika le ditsala, lo itumetse mmogo. Go ka buiwa ga twe ke “mpho ya Modimo.” Mme gone, lebaka la go bo Mmopi a re file dilo tse dintsi jaana ga le reye gore jaanong re tshwanetse go fetsa nako yotlhe re le mo meketeng e e sa feleng. Baebele e nyatsa botagwa, go ja bobe, le boitshwaro jo bo sa siamang, mme e tlhagisa gore batho ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10; Diane 23:20, 21; 1 Petere 4:1-4.

3. Ke eng se se tla re thusang go nna re tsogile semoyeng e bile re gakologetswe letsatsi le legolo la ga Jehofa?

3 Mo metlheng eno ya bofelo e go leng boima go lebana le yone, Bakeresete ba lebane le kgwetlho e kgolo thata ya go tshela ka botlhale mo lefatsheng leno le le bodileng, mme ba ntse ba ikela tlhoko gore ba se ka ba tshwaediwa ke ditlwaelo tsa lone. (Johane 17:15, 16) Jaaka fa go boleletswe pele, batho mo motlheng wa rona ke “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo” mo e leng gore ga ‘ba tseye tsia’ bosupi jwa gore “pitlagano e kgolo” e gaufi thata. (2 Timotheo 3:4, 5; Mathaio 24:21, 37-39) Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.” (Luke 21:34, 35) Rona batlhanka ba Modimo, re ikemiseditse go tsaya tsia tlhagiso eno ya ga Jesu. Ga re tshwane le batho ba lefatshe leno le le boikepo, mme re leka go nna re tsogile semoyeng le go nna re gakologetswe letsatsi le legolo la ga Jehofa.—Sefania 3:8; Luke 21:36.

4. (a) Ke ka ntlha yang fa go le thata go bona boitlosobodutu jo bo molemo? (b) Ke kgakololo efe e e fitlhelwang mo go Baefeso 5:15, 16 e re batlang go e dirisa?

4 Ga go motlhofo go tila ditlwaelo tse di maswe tsa lefatshe leno, ka gonne Diabolo o dirile gore go nne motlhofo go di bona le gore di eletsege. Bogolo jang fa re tshwanelwa ke go senka boitapoloso le boitlosobodutu jo re tla kopanelang mo go jone. Bontsi jwa dilo tsa lefatshe leno boikaelelo jwa tsone ke go itumedisa ‘dikeletso tsa nama.’ (1 Petere 2:11) Motho o kgona go bona boitlosobodutu jo bo kotsi mo mafelong a batho botlhe, mme gape bo a kgona go tsenelela le mo magaeng a rona ka dibuka tse di balwang, ka thelebishene, ka Internet, le ka dibidio. Ka gone, Lefoko la Modimo le gakolola Bakeresete jaana ka botlhale: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) Tsela e le yosi ya go tlhomamisa gore ga re raelwe ke boitlosobodutu jo bo kotsi, ga re senye nako yotlhe ya rona mo go jone, e bile ga re bo letle bo senya kamano ya rona le Jehofa, e leng se se tla dirang gore re senngwe, ke fa re tsaya kgakololo eno tsia thata!—Jakobe 1:14, 15.

5. Re bona tapologo e kgolo fa re dira eng?

5 Ereka Bakeresete ba nna ba tshwaregile ka metlha, go a utlwala gore ka dinako dingwe ba ikutlwe ba eletsa go itapolosa ka tsela nngwe. Tota e bile, Moreri 3:4 ya re go na le “nako ya go tshega” le “nako ya go tlolaka.” Ka jalo Baebele ga e tseye boitlosobodutu e le tshenyo ya nako. Mme bo tshwanetse go re lapolosa, e seng go tsenya bomoya jwa rona mo kotsing kgotsa go re kgoreletsa mo ditirong tsa rona tsa semoya. Bakeresete ba ba godileng ba iponetse ka bobone gore go rata go abela ba bangwe dilo go leretse motho boitumelo jo bogolo. Ba eteletsa go dira thato ya ga Jehofa kwa pele mo matshelong a bone, mme ba ‘bonela mewa ya bone tapologo’ ya mmatota fa ba amogela jokwe ya ga Jesu e e bonolo.—Mathaio 11:29, 30; Ditiro 20:35.

Go Tlhopha Boitlosobodutu jo bo Molemo

6, 7. Ke eng se se ka go thusang go bona gore ke boitlosobodutu bofe jo bo siameng le jo bo sa siamang?

6 Re ka tlhomamisega jang gore mofuta mongwe wa boitlosobodutu o siametse Mokeresete? Batsadi ba ka kaela bana ba bone, mme le bagolwane ba ka thusa fa go tlhokega. Mme gone, boammaaruri ke gore ga go tlhokege gore go tle motho mongwe o sele go tla go re bolelela gore buka nngwe, baesekopo nngwe, motshameko mongwe, mokgwa mongwe wa go tansa, kgotsa pina nngwe ga e a siama. Paulo o ne a re “batho ba ba godileng sentle, . . . bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo [thapisitswe] ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14; 1 Bakorintha 14:20) Baebele e re naya melaometheo e e re kaelang. Segakolodi sa gago, se se thapisitsweng ke Lefoko la Modimo, se tla go thusa fa o se reetsa.—1 Timotheo 1:19.

7 Jesu o ne a re “setlhare se itsiwe ka maungo a sone.” (Mathaio 12:33) Fa boitlosobodutu bongwe bo tlhagisa maungo a a bodileng a go rata thubakanyo, boitshwaro jo bo sa siamang, kgotsa bodimona, re tshwanetse go bo gana. Gape, ga bo a siama fa bo tsenya botshelo jwa motho kgotsa boitekanelo jwa gagwe mo kotsing, fa bo mo tsenya mo mathateng a madi kgotsa bo mo kgoba marapo, kgotsa fa bo kgopisa ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore fa re gobatsa segakolodi sa mokaulengwe wa rona, re a leofa. O ne a kwala jaana: “Fa lona lo leofela bakaulengwe ba lona jalo lo bo lo gobatsa digakolodi tsa bone tse di bokoa, lo leofela Keresete. Jalo, fa e le gore dijo di dira gore mokaulengwe wa me a kgotšwe, gotlhelele ga ke kitla ke tlhola ke ja nama gape, gore ke se ka ka kgopisa mokaulengwe wa me.”—1 Bakorintha 8:12, 13.

8. Go na le dikotsi dife mo go diriseng metshameko ya dikhomputara le dibidio?

8 Mabenkele a tletse ka dibidio le metshameko ya dikhomputara. Dingwe tsa tsone di ka nna tsa bo e le tsa go ijesa monate fela e bile di lapolosa, mme dilo tseno tsa go itlosa bodutu di nna di gola mo go bontsheng dilo tse Baebele e di nyatsang. Ga go ka ke ga twe ke go itlosa bodutu fela go go sa reng sepe fa motshameko mongwe o batla gore ba ba o tshamekang ba golafatse ba bangwe kgotsa ba ba bolaye kgotsa ba itshware ka tsela nngwe e e tlhabisang ditlhong thata! Jehofa o tlhoile ba ba “ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5; Diane 3:31; Bakolosa 3:5, 6) Mme fa go tshameka motshameko mongwe go tsenya moya wa bopelotshetlha mo go wena, kgotsa wa go galefa thata, go go tlogela o lapile thata mo maikutlong, kgotsa go senya nako ya gago e e botlhokwa, ela tlhoko kotsi ya gone semoyeng mme o dire diphetogo tse di tlhokegang ka bonako.—Mathaio 18:8, 9.

Go Itlosa Bodutu ka Ditsela Tse di Molemo

9, 10. Ke eng se ba ba dirisang temogo ba ka se dirang go itlosa bodutu?

9 Ka dinako tse dingwe Bakeresete ba tle ba botse gore: “Boitlosobodutu jo bo siameng ke jo bo ntseng jang? Bontsi jwa dilo tsa lefatshe leno tsa boitlosobodutu ke tse di thulanang le melao ya Baebele.” O ka tlhomamisega gore go a kgonega go bona boitlosobodutu jo bo kgotsofatsang, ke fela gore o tlhoka go bo tseela matsapa. Bo tlhoka gore o rulaganye dilo go sa le gale o bo o bo akanyetse thata, bogolo jang lona batsadi. Ba le bantsi ba bona ditsela tse di molemo tsa go itapolosa teng mo lelapeng le mo phuthegong. Go ja lo iketlile, lo tla lo tlotla ka ditiragalo dingwe tsa letsatsi kgotsa ka kgang nngwe ya Baebele go a itumedisa e bile go a aga. Go ka nna ga rulaganngwa dipikiniki, metshameko e e tshwanelang, go ya camping, go haeka, kgotsa go etela mawatleng. Mefuta eno e e molemo ya go itlosa bodutu e ka nna e e itumedisang le e e lapolosang.

10 Mogolwane mongwe le mosadi wa gagwe ba ba godisitseng bana ba bararo ba bega jaana: “Go tloga fela fa bana ba rona ba sa ntse ba le bannye thata, re ne re dira gore ba kopanele mo go tlhopheng lefelo le re tlileng go ya kwa go lone ka malatsi a boikhutso. Ka dinako dingwe re ne re dira gore mongwe le mongwe wa bone a laletse tsala nngwe ya gagwe e kgolo, mme seno se ne se dira gore malatsi ao a boikhutso e nne a a itumedisang. Re ne re ela tlhoko ditiragalo dingwe tsa botlhokwa mo matshelong a bana ba rona. Nako le nako re ne re tle re laletse lelapa lengwe le ditsala tse di mo phuthegong gore ba re etele. Ka dinako tse dingwe re ne re apaya re bo re ya go jela kwa ntle re bo re tshameka. Ka dinako tse dingwe re ya go kgweetsa kgotsa go tsamaya mo dithabeng, re dirisa dipaka tseno go ithuta ka popo ya ga Jehofa.”

11, 12. (a) Ke eng se o ka se dirang go akaretsa ba bangwe fa o rulaganyetsa boitlosobodutu ka dinako dingwe? (b) Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e ba le bantsi ba ileng ba e itumelela thata?

11 A wena kgotsa lelapa la lona lo ka pitlologa go akaretsa ba bangwe fa lo dira dithulaganyo tsa go itlosa bodutu ka dinako dingwe? Batho bangwe, ba ba jaaka motlholagadi, motho yo o sa nyalang, kgotsa lelapa la motsadi a le mongwe, ba ka nna ba bo ba tlhoka go kgothadiwa. (Luke 14:12-14) Gape o ka nna wa akaretsa ba sekae ba ba sa leng basha mo phuthegong, mme gone o le kelotlhoko gore ga o beye ba bangwe mo boemong jo bo tla dirang gore ba tshwaediwe ke tlhotlheletso e e maswe. (2 Timotheo 2:20, 21) Fa ba ba bokoa ba go fitlhela go le thata go tswa mo magaeng a bone, gongwe go ka nna ga dirwa dithulaganyo tsa go ba tlisetsa dijo go di ja le bone kwa legaeng la bone.—Bahebera 13:1, 2.

12 Ba le bantsi ba ile ba kgothadiwa ke dikokoano tse mo go tsone ba ba etileng ba itumelelang go ja dijo tse di motlhoswana le ba bangwe, ba utlwa jaaka fa ba bangwe ba tlhalosa gore ba nnile jang Bakeresete, e bile ba utlwa se se ba thusitseng go nna ba ikanyega mo Modimong. Go ka nna ga tlotlwa ka dikgang dingwe tsa Baebele, mo botlhe ba ba leng teng, go akaretsa le bana, ba kgothalediwang go nna le seabe. Metlotlo e e tshwanang le eno e ka nna dipaka tse di molemo tsa go kgothatsana mme go se na ope yo o tla dirwang gore a ikutlwe a tsenngwa matlho a batho kgotsa a tlhaela ka tsela nngwe.

13. Jesu le Paulo ba ne ba tlhoma sekao jang mo go bontsheng moya wa go amogela baeng, le mo tseleng e ba neng ba dira ka yone fa e le bone baeng?

13 Jesu o re tlhomela sekao se se tshwanetseng fa go tsenwa mo go bontsheng moya wa go amogela baeng le mo tseleng e a neng a dira ka yone fa e le ene moeng. Ka metlha o ne a dirisa dipaka tseno go ruta ka dilo tsa semoya. (Luke 5:27-39; 10:42; 19:1-10; 24:28-32) Barutwa ba gagwe ba bogologolo ba ne ba etsa sekao sa gagwe. (Ditiro 2:46, 47) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo neye mpho nngwe ya semoya gore lo nitamisiwe; kgotsa, mma ke re, gore lo kgothatsane, mongwe le mongwe ka tumelo ya yo mongwe, ya lona le ya me.” (Baroma 1:11, 12) Ka tsela e e tshwanang, mo dikokoanong tsa rona tsa boitlosobodutu, boemo e tshwanetse ya nna jo bo dirang gore go nne le go kgothatsana.—Baroma 12:13; 15:1, 2.

Dilo Dingwe Tse re Tshwanetseng go di Gakologelwa Le go Di Ela Tlhoko

14. Ke ka ntlha yang fa go se botlhale go dira dikokoano tse dikgolo thata tsa boitlosobodutu?

14 Ga go botlhale go rulaganya dikokoano tse dikgolo thata tsa boitlosobodutu, ka gonne go tlile go nna thata go nna o beile se se diregang mo dikokoanong tseno leitlho. Ka nako nngwe e e sa thulaneng le nako ya dilo tsa semoya, malapa a le mmalwa a ka nna a batla go ya pikiniking mmogo kgotsa go tshameka motshameko mongwe o o sa kgothaletseng moya wa kgaisano. Fa go na le bagolwane bangwe, batlhanka ba bodiredi, kgotsa Bakeresete bangwe ba ba godileng mo kokoanong eo, ba ka kgona go nna le tlhotlheletso e e molemo mme nako eo e ka nna e e lapolosang fela thata.

15. Ke ka ntlha yang fa motho yo o rulaganyang kokoano ya go itlosa bodutu a tshwanetse go ela tlhoko gore dilo di beilwe leitlho ka tsela e e tshwanetseng?

15 Mo dikokoanong tseno tsa go itlosa bodutu, ba ba di rulaganyang ba tshwanetse go gakologelwa gore se se diregang mo kokoanong eo se tshwanetse go nna se beilwe leitlho ka tsela e e tshwanetseng. Le mororo o itumelela go laletsa ba bangwe go tla go itumela le wena, o tla ikutlwa jang fa o ka utlwa gore ka ntlha ya go se ele ga gago dilo tlhoko, mongwe wa batho ba ba laleditsweng o ne a kgopisiwa ke se se neng sa direga mo legaeng la gago? Akanya ka molaomotheo o o mo go Duteronome 22:8. Moiseraele yo o neng a aga ntlo e ntšha o ne a tshwanetse go aga lobota lo lo thekeletsang kwa mathuding a a kwa borulelong, a gantsi a neng a dirisiwa go amogela baeng. Ka ntlha yang? “Gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe yo o wang a ka nna a wa mo go yone.” Ka tsela e e tshwanang, se o se dirang go sireletsa baeng ba gago mo kokoanong ya boitlosobodutu o tshwanetse wa se dira ka gonne o batla gore baeng ba gago ba se ka ba gobala mo mmeleng le mo semoyeng. Mme gone, seno ga se reye gore o ba beele melao e mentsintsi e e gagametseng thata.

16. Ke eng se se tshwanetseng go elwa tlhoko fa e le gore go tla bo go nowa bojalwa kwa kokoanong nngwe?

16 Fa go na le bojalwa mo kokoanong ya boitlosobodutu, bo tshwanetse go ntshiwa ka kelotlhoko e kgolo. Bakaulengwe ba le bantsi ba ba rulaganyang dikokoano tse di tshwanang le tseno ba letla gore bojalwa bo nowe fela fa e le gore e tla bo e le bone ka bobone ba tlhokomelang gore baeng ba newa eng kgotsa ba nwa eng. Ga go a tshwanelwa ga letlelelwa sepe se se ka nnang sa kgopisa ba bangwe kgotsa sa ba raela go nwa go feta selekanyo. (Baefeso 5:18, 19) Baeng bangwe ba ka nna ba swetsa ka gore ba se ka ba nwa bojalwa. Mo mafelong a le mantsi go na le melao e e tlhomilweng ya gore ke batho ba dingwaga dife ba ba letleletsweng go nwa bojalwa, mme Bakeresete ba tshwanetse go utlwa melao ya ga Kaesara tota le fa melao eno e ka utlwala e gagametse thata.—Baroma 13:5.

17. (a) Fa go na le mmino mo kokoanong ya boitlosobodutu, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore motho yo o rulaganyang kokoano eno a o tlhophe ka kelotlhoko? (b) Fa e le gore batho ba tla bo ba tansa mo kokoanong eno, ba tshwanetse go bontsha jang moya wa bori?

17 Yo o rulaganyang kokoano ya boitlosobodutu o tshwanetse go tlhomamisa gore mmino, go tansa, kgotsa tsela le fa e le efe fela ya go itapolosa e e tla bong e dirisiwa e tsamaisana le melaometheo ya Bokeresete. Batho ba ba farologaneng ba rata mefuta e e farologaneng ya mmino, mme gape go na le mefuta e mentsi thata ya mmino. Le fa go ntse jalo, mefuta e le mentsi ya mmino wa gompieno e kgothaletsa moya wa botsuolodi, boitshwaro jo bo sa siamang le thubakanyo. Re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha mmino o re tla o tshamekang. Ga go tlhokege gore mmino e bo e le o o bodutu gore go twe ke mmino o o tshwanetseng, mme gape ga ya tshwanela gore e nne mmino o o tsosang maikutlo kgotsa o o dirisang puo e e maswe, o o tshamekelwang kwa godimo, o na le moribo o o kwa godimo thata. Ela tlhoko gore fa o tlhopha motho yo o tla tshamekang mmino, o se ka wa dirisa motho yo o sa ntseng a tlhoka go ithuta gore go tshwanetse ga dirisiwa modumo o o lekaneng fa go tshamekwa mmino. Go phepafetse gore mokgwa wa go tansa o o akaretsang boitshwaro jo bo sa siamang, o mo go one go tsamaisiwang dinoka le matsele ka tsela e e tsosang maikutlo a tlhakanelodikobo, o tla bo o sa tshwanela Mokeresete.—1 Timotheo 2:8-10.

18. Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang ka go nna ba beile leitlho se ba se dirang kwa dikokoanong tsa boitlosobodutu?

18 Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go leka go bona gore go rulagantswe eng kwa kokoanong ya boitlosobodutu e bana ba bone ba laleditsweng go ya kwa go yone, mme mo makgetlhong a le mantsi go ka nna botlhale go tsamaya le bone. Ka maswabi, batsadi bangwe ba ile ba letla bana ba bone gore ba ye kwa meletlong e e neng e se na yo o beileng se se diregang koo leitlho, mme ba le mmalwa ba ba neng ba ile kwa meletlong eno ba ile ba raelesega go wela mo boitshwarong jo bo sa siamang kgotsa mo dilong tse dingwe tse di sa tshwanelang. (Baefeso 6:1-4) Tota le fa basha ba tloga ba digela dingwaga tsa bone tsa bolesome, mme ba itshupile gore ba kgona go akanya jaaka batho ba ba godileng, go sa ntse go tlhokega gore ba thusiwe go “tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.”—2 Timotheo 2:22.

19. Ke go gakologelwa boammaaruri bofe go go tla re thusang go tlhoma mogopolo mo go se re tshwanetseng ra bo re ‘batla sone pele’?

19 Go itlosa bodutu nako le nako le go itapolosa ka tsela e e tshwanetseng le e e lapolosang go ka dira gore botshelo e nne jo bo itumedisang. Jehofa ga a re time monate oo, mme gone boammaaruri ke gore re a itse gore dilo tseno ka botsone ga di re thuse go ipolokela matlotlo a semoya kwa legodimong. (Mathaio 6:19-21) Jesu o ne a thusa barutwa ba gagwe go lemoga gore selo se se botlhokwa thata mo botshelong ke go ‘batla pele bogosi le tshiamo ya Modimo,’ e seng se re ka se jang kgotsa ra se nwa kgotsa ra se apara, e leng “dilo tse ditšhaba di di gwalalelang.”—Mathaio 6:31-34.

20. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ka lebelela go bona dilo dife tse di molemo tse a tlileng go ba fa tsone?

20 Ee, re ka ne re ‘ja kgotsa re nwa kgotsa re dira sepe fela,’ re ka kgona go dira “dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo,” re leboga Modimo yo Mogolo yo o re fang se re se tlhokang gore a bo a re file dilo tse di molemo tse re kgonang go di itumelela ka tekatekano. (1 Bakorintha 10:31) Mo lefatsheng la gagwe la Paradaise, le le tlogang le tla, re tla nna le dipaka tse dintsi tsa go itumelela bopelotshweu jwa ga Jehofa ka botlalo, mmogo le go itumelela go nna mmogo le botlhe ba ba tshelang ka melao ya gagwe e e siameng.—Pesalema 145:16; Isaia 25:6; 2 Bakorintha 7:1.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go le thata jaana mo Bakereseteng gompieno go bona boitlosobodutu jo bo siameng?

• Mengwe ya mefuta ya boitlosobodutu e e itshupileng e le e e molemo mo malapeng a Bakeresete ke efe?

• Fa motho a kopanela mo mofuteng mongwe wa boitlosobodutu jo bo siameng, dilo tse a tshwanetseng go di gakologelwa le go di ela tlhoko ke dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tlhopha boitlosobodutu jo bo nang le maungo a a molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 19]

Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e Bakeresete ba sa e amogeleng?