Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Moaposetoloi Paulo o ne a raya go reng fa a ne a re basadi ba tshwanetse “ba didimale mo diphuthegong”?

Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Jaaka mo diphuthegong tsotlhe tsa baitshepi, a basadi ba didimale mo diphuthegong, gonne ga go letlwe gore ba bue.” (1 Bakorintha 14:33, 34) Gore re kgone go tlhaloganya kgang eno sentle, go molemo gore re sekaseke se tota Paulo a neng a bua ka sone fa a ne a neela kgakololo eno.

Mo lekwalong la 1 Bakorintha kgaolo 14, Paulo o ne a tlotla ka dikgang tse di neng di ama dipokano tsa phuthego ya Bakeresete. O ne a tlhalosa dilo tse go tshwanetseng ga tlotlwa ka tsone kwa dipokanong tseo, mme a neela kgakololo malebana le kafa di tshwanetseng go tshwarwa ka gone. (1 Bakorintha 14:1-6, 26-34) Mo godimo ga moo, o ne a gatelela maikaelelo a dipokano tsa Bokeresete—‘gore phuthego e tle e agiwe.’—1 Bakorintha 14:4, 5, 12, 26.

Taelo e Paulo a neng a e neela ya go ‘didimala,’ e tlhaga gararo mo go 1 Bakorintha kgaolo 14. Lekgetlo lengwe le lengwe o ne a bua le setlhopha se se farologaneng mo phuthegong, mme mo makgetlong ano otlhe, lebaka la gagwe la go neela kgakololo eno le a tshwana—gore “dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.”—1 Bakorintha 14:40.

La ntlha Paulo o ne a re: “Fa mongwe a bua ka teme, a go lekanyediwe ka ba le babedi kgotsa ba le bararo fa ba le bantsi, mme ba naana sebaka; mme a mongwe a ranole. Mme fa go se na moranodi, a a didimale fela mo phuthegong mme a bue le ene ka esi a ba a bue le Modimo.” (1 Bakorintha 14:27, 28) Seno se ne se sa reye gore le ka motlha motho yoo o ne a sa tshwanela go bua kwa dipokanong mme go ne go raya gore go na le dinako tse ka tsone a tshwanetseng go didimala fela. Totatota maikaelelo a dipokano—e leng go agana—ga a na go fitlhelelwa fa motho yoo a bua ka puo e go seng motho ope yo o e tlhaloganyang.

La bobedi, Paulo o ne a re: “A baporofeti ba babedi kgotsa ba bararo ba bue, mme a ba bangwe ba lemoge se se kaiwang. Mme fa go na le tshenolo mo go yo mongwe fa a ntse foo, a wa ntlha a didimale fela.” Seno se ne se sa reye gore moporofeti wa ntlha ga a tshwanela go bua mo dipokanong, mme se ne se raya gore o tshwanetse go didimala ka dinako tse dingwe. Mme yo o boneng tshenolo nngwe ka kgakgamatso ke ene a ka buang le phuthego, mme maikaelelo a dipokano—a gore “botlhe ba kgothatsege”—a tla fitlhelelwa.—1 Bakorintha 14:26, 29-31.

La boraro Paulo o ne a bua le basadi ba Bakeresete fela mme a re: “Basadi ba didimale mo diphuthegong, gonne ga go letlwe gore ba bue, mme a ba nne mo taolong.” (1 Bakorintha 14:34) Goreng Paulo a ne a naya bokgaitsadi taelo eno? Gore go nne go na le thulaganyo mo phuthegong. O ne a re: “Mme fa ba batla go ithuta sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae, gonne go tlhabisa ditlhong gore mosadi a bue mo phuthegong.”—1 Bakorintha 14:35.

Gongwe bokgaitsadi bangwe ba ne ba ganetsa se se neng se buiwa mo phuthegong. Kgakololo ya ga Paulo e ne e thusa bokgaitsadi gore ba tile moya oo wa go tlhoka thulaganyo mme ka boikobo ba amogele maemo a bone mo thulaganyong ya ga Jehofa ya botlhogo segolobogolo malebana le banna ba bone. (1 Bakorintha 11:3) Mo godimo ga moo, fa bokgaitsadi ba didimala fela, ba ne ba tla bo ba bontsha gore ga ba batle go nna barutisi mo phuthegong. Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo, o ne a bontsha gore ga go a tshwanela gore mosadi a tseye maemo a go ruta: “Ga ke letle mosadi go ruta, kgotsa go dirisa taolo mo monneng, fa e se go nna ka tidimalo.”—1 Timotheo 2:12.

A seno se raya gore le ka motlha mosadi wa Mokeresete ga a tshwanela go bua kwa dipokanong tsa phuthego? Nnyaa. Mo motlheng wa ga Paulo, go ne go na le dinako tse ka tsone basadi ba Bakeresete, gongwe ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, ba neng ba rapela kana ba porofeta mo phuthegong. Mo dinakong tseo, ba ne ba bontsha gore ba lemoga maemo a bone ka go rwala mo tlhogong. * (1 Bakorintha 11:5) Mo godimo ga moo, mo motlheng wa ga Paulo le gompieno, bokgaitsadi mmogo le bakaulengwe ba kgothalediwa gore ba bolele phatlalatsa tsholofelo ya bone. (Bahebera 10:23-25) Kwantle ga go bua fela mo bodireding jwa tshimo, bokgaitsadi ba bolela tsholofelo ya bone le go kgothatsa ba bangwe mo dipokanong tsa phuthego ka go neela dikakgelo tse di akanyeditsweng sentle fa ba kopilwe gore ba dire jalo, le ka go amogela dikabelo tsa go dira dipontsho kana go neela dipuo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

Ka jalo, basadi ba Bakeresete ba ‘didimala’ ka go tila go leka go tsaya tiro ya monna ya go ruta phuthego. Ga ba gwetlhe taolo ya ba ba rutang mo phuthegong, ka go botsa dipotso tse di tla dirang gore go nne le kganetsano. Fa bokgaitsadi ba Bakeresete ba dira seabe sa bone se se tshwanetseng mo phuthegong, ba tla bo ba thusa mo go direng gore go rene moya wa kagiso mme “dilo tsotlhe [mo dipokanong tsa Bokeresete] di diragale ka boikaelelo jwa go agana.”—1 Bakorintha 14:26, 33.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Mo metlheng ya gompieno bokgaitsadi ba ba godileng semoyeng ba latela sekai seo, fa ka ntlha ya maemo ba tshwanelwa ke go dira tiro nngwe mo phuthegong, e e ka bong e dirwa ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng.—Bona Tora ya Tebelo, July 15, 2002, tsebe 26.