Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itse se se Siameng Le go Se Dira

Go Itse se se Siameng Le go Se Dira

Kgang ya Botshelo

Go Itse se se Siameng Le go Se Dira

JAAKA GO BOLETSE HADYN SANDERSON

Jesu o kile a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Johane 13:17) Ee, re ka tswa re itse se se siameng mme ka dinako dingwe go thata go se dira! Le fa go ntse jalo, morago ga go tshela dingwaga di feta 80, tse di le 40 tsa tsone ke di feditseng ke le mo tirelong ya borongwa, ke tlhomamisegile gore mafoko ao a ga Jesu a boammaaruri. Ruri go dira se Modimo a reng re se dire go a itumedisa. Mma ke go tlotlele.

KA 1925, fa ke ne ke na le dingwaga di le tharo, batsadi ba me ba ne ba nna gone kwa puong ya Baebele e e neng e tshwaretswe mo toropong ya gaetsho e e bidiwang Newcastle mo Australia. Puo eo ya setlhogo se se reng, “Dimilione Tse di Tshelang Jaanong ga di Kitla di Swa,” e ne ya tlhomamisetsa mmè gore o bone boammaaruri, mme o ne a simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, rre ene o ne a felelwa ke kgatlhego. O ne a ganetsa tumelo e ntšha e mmè a neng a le mo go yone mme a mo tshosetsa ka gore fa a sa e tlogele, ene o tla mo tlogela. Mmè o ne a rata rre e bile a sa batle gore lelapa la rona le kgaogane. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore selo sa botlhokwatlhokwa e ne e le go utlwa Modimo, mme o ne a ikemiseditse go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. (Mathaio 10:34-39) Rre o ne a re tlogela, mme morago ga moo ke ne ke mmona ka sewelo fela.

Fa ke akanya ka se se neng sa direga ka nako eo, ke utlwa ke kgatlhwa thata ke tsela e mmè a neng a ikanyega mo Modimong ka yone. Tshwetso e a neng a e dira e dirile gore nna le mogolole e bong Beulah re tshele botshelo jo bo nang le masego a le mantsi a semoya. Gape e ne ya re ruta thuto nngwe e e botlhokwa—fa re itse se se siameng, re tshwanetse go kgaratlhela go se dira.

Go Lekwa Tumelo

Baithuti ba Baebele, e leng tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone ka nako eo, ba ne ba leka ka natla go thusa lelapa la rona. Nkoko o ne a tla go nna le rona mme le ene a amogela boammaaruri. Nkoko le mmè ba ne ba nna balekane ba ba sa kgaoganeng mo tirong ya go rera, mme tsela e e tlotlegang e ba neng ba lebega ka yone le tsela e ba neng ba le botsalano ka yone e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba ba tlotle.

Mo go yone nako eo, bakaulengwe ba ba godileng ba Bakeresete ba ne ba ntlhokomela mme ba nnaya thapiso e e molemo. Go ise go ye kae ke ne ka ithuta go dirisa karata ya go neela bosupi ka go buisana le batho ka tsela e e motlhofo mo magaeng a bone. Gape ke ne ke tshameka dipuo tsa Baebele ka keramafono e potlana mme ke nna le seabe mo megwantong e re neng re e dira mo mmileng o mogolo wa toropo re tshotse dipolakate. Go ne go le thata tota go dira jalo gonne ke ne ke lwa le go boifa batho. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itse se se siameng mme ke ikemiseditse go se dira.

Fa ke sena go wetsa dithuto tsa me tsa sekolo, ke ne ka ya go bereka kwa bankeng, mme tiro eno e ne e ntlhoka gore ke etele makala a le mantsi a dibanka a a neng a le mo kgaolong yotlhe ya New South Wales. Le fa go ne go na le Basupi ba se kae fela mo kgaolong eo ya naga, thapiso e ke e neilweng e ne ya nthusa go boloka tumelo ya me e tshela. Mmè le ene o ne a nkwalela makwalo a a neng a nnonotsha semoyeng.

Makwalo ao a ne a nnaya thuto e ke neng ke e tlhoka ka nako e ke neng ke e tlhoka ka yone. Ntwa ya Lefatshe II e ne e setse e simolotse, mme ke ne ka laelwa gore ke ikwadisetse bosole. Manejara wa banka e ne e le motsenakereke yo o tlhoafetseng e bile e le molaodi wa sesole wa mo lefelong la rona. Fa ke mo tlhalosetsa gore nna ke Mokeresete mme ga ke tseye letlhakore o ne a re ke itlhophele fa gare ga dilo tse pedi—gore a ke tla tlogela bodumedi jwa me kana ke tla tlogela go bereka mo bankeng! Kgang eno e ne ya ya kwa setlhoeng fa ke ya go ipega kwa setheong sa lefelo la rona sa go kwadisa masole a masha. Manejara wa me o ne a le teng mme a ntebile ka matlho a mahibidu fa ke atamela tafole ya go ikwadisa. Fa ke gana go saena dipampiri tsa teng tsa go ikwadisetsa bosole, badiredibagolo ba teng ba ne ba sa tlhole ba le botsalano. Ka nako eo, maemo a ne a sisibetse tota, mme ke ne ke ikemiseditse go dira se se siameng. Jehofa o ne a nthusa go nna ke ritibetse fela le go sa fetoge mo maikaelelong a me. Moragonyana fa ke utlwa gore bakgerisi bangwe ba ne ba batlana le nna, ke ne ka phutha se e leng sa me mme ka pagama terena e e latelang ka tswa mo toropong eo!

Fa ke sena go boela kwa Newcastle, ke ne ka isiwa kgotlatshekelo mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba le supa ba ba neng ba ganne go tsenela bosole. Moatlhodi o ne a re atlholela dikgwedi di le tharo tsa go dira tiro e e boima mo kgolegelong. Le fa gone maemo a kgolegelo a ne a sa itumedise, go dira se se siameng go ne ga re tlisetsa masego. Fa re sena go gololwa, mongwe wa Basupi ba ke neng ke nna le bone mo seleng, yo o bidiwang Hilton Wilkinson o ne a nkopa gore ke tle go mmerekela mo lefelong la go tseela dinepe. Ke teng kwa ke neng ka kopana le mosadi wa me wa ka moso e bong Melody, yo o neng a dira mo lefelong la go amogela baeng. Fela fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong, ke ne ka supa boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa.

Go Ipeela Mokgele wa Tirelo ya Nako e e Tletseng

Fa nna le Melody re sena go nyalana, re ne ra ipulela lefelo la rona la go tsaya dinepe mo Newcastle. Go ise go ye kae re ne re na le tiro e ntsi jaana mo e neng ya ama botsogo jwa rona le bomoya jwa rona. Mo e ka nnang ka yone nako eo, Ted Jaracz, yo ka nako eo a neng a direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Australia, mme jaanong e le leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a buisana le rona ka go ipeela mekgele ya semoya. Morago ga puisano eo, re ne ra dira tshwetso ya go rekisa kgwebo ya rona le go tlhofofatsa matshelo a rona. Ka 1954 re ne ra reka tereilara e nnye mme ra fudugela kwa toropong ya Ballarat kwa Victoria. Re ne ra nna babulatsela kana bareri ba nako e e tletseng.

Jehofa o ne a segofatsa maiteko a rona tota fa re ntse re bereka mmogo le phuthego e nnye e e mo Ballarat. Mo dikgweding di le 18 fela, palo ya batho ba ba neng ba nna gone mo dipokanong e ne ya oketsega go tswa go 17 go ya go 70. Moragonyana re ne ra amogela taletso ya go tsenela bodiredi jwa go etela diphuthego kana tiro ya potologo kwa Australia Borwa. Mo dingwageng tse tharo tse di latelang re ne ra itumelela go etela diphuthego tse di mo motseng wa Adelaide le mo dikgaolong tse di dirang beine le tse di tlhagisang maungo a mofuta wa namune gaufi le Noka ya Murray. Matshelo a rona a ne a fetogile thata! Re ne re itumelela go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato. Ruri seo e ne e le tuelo e kgolo ya go dira se re neng re itse gore se siame!

Kabelo ya go Nna Barongwa

Ka 1958, re ne ra itsise ofisi ya lekala ya Australia ka maikaelelo a rona a go ya Kopanong ya Ditšhabatšhaba ya “Thato ya Bomodimo” e e neng e tlile go tshwarelwa kwa New York City moragonyana mo ngwageng oo. Ba ne ba re araba ka go re romelela diforomo tsa sekolo sa barongwa sa Gileade se se tshwarelwang kwa United States. E re ka re ne re le mo magareng a dingwaga tsa bo30, re ne re akanya gore re setse re fetile dingwaga tse di batlegang gore motho a ye Gileade. Le fa go ntse jalo, re ne ra romela dikopo tsa rona mme ra lalediwa go nna teng mo tlelaseng ya bo32. Fa re le mo bogareng jwa khoso eo, re ne ra amogela kabelo ya rona ya borongwa—India! Le fa gone re ne re tshogile pele, re ne re batla go dira se se siameng, ka jalo re ne ra amogela kabelo ya rona ka boitumelo.

Re ne ra tsamaya ka sekepe mme ra goroga kwa Bombay (e jaanong e bidiwang Mumbai) moso mongwe ka 1959. Babereki ba le makgolokgolo ba ne ba robetse kafa ntle mo boemakepe. Go ne go utlwala menko e re sa e tlwaelang. Fa letsatsi le tlhaba, le ne la re utlwisa se tota re neng re tlile go lebana le sone. Re ne re ise re ko re lebane le mogote o o kalo! Banyalani bangwe ba barongwa e bong Lynton le Jenny Dower, ba e neng e le babulatsela mmogo le rona kwa Ballarat, ba ne ba re amogela. Ba ne ba re isa kwa Legaeng la Bethele la India le difolete tsa lone di neng di kitlanye tota e bile di le gaufi le toropo. Go ne go na le badiri ba Bethele ba baithaopi ba le barataro ba ba neng ba nna mo legaeng leo. Mokaulengwe Edwin Skinner yo e neng e sa le e le morongwa kwa India go tloga ka 1926 o ne a re re reke dibeke tsa mosepele tse dikgolo tse di dirilweng ka seile pele re ya kwa kabelong ya rona e ntšha. Dikgetsi tseno di ne di dirisiwa ke batho ba le bantsi mo ditereneng tsa kwa India, mme le rona di ne tsa re thusa thata mo maetong a re neng ra a tsaya moragonyana.

Morago ga loeto lwa malatsi a le mabedi ka terena, re ne ra goroga kwa kabelong ya rona kwa Tiruchchirappalli, e leng motse o o kafa borwa jwa toropo ya Madras (e jaanong e bidiwang Tamil Nadu). Fa re fitlha teng re ne ra nna le babulatsela ba ba kgethegileng ba le bararo ba Baindia ba ba neng ba rerela baagi ba lefelo leo ba le 250 000. Botshelo bo ne bo le thata. Nako nngwe re ne re saletswe ke madi a a kwa tlase ga R26 fela mo dipateng tsa rona. Mme fa madi ao a fela, Jehofa ga a ka a re latlha. Monna mongwe yo o neng a ithuta Baebele o ne a re adima madi gore re duelele lefelo lengwe le re neng re ka tshwarela dipokano mo go lone. Nako nngwe fa re ne re tloga re felelwa ke dijo, moagelani mongwe o ne a re tlisetsa setšhuu se se tswaisitsweng ka khari. Se ne se le monate tota, mme tsela e se neng se baba ka yone, se ne sa ntshwarisa kgodisa!

Fa re Le mo Tshimong

Le fa go ne go na le batho bangwe ba ba buang Seesemane mo Tiruchchirappalli, bontsi jwa batho ba ne ba bua Se-Tamil. Ka jalo re ne ra dira ka natla go ithuta puisano e e motlhofo ka puo eo e re neng re tla e dirisa mo tshimong. Seo se ne sa dira gore batho ba le bantsi ba lefelo leo ba re tlotle.

Re ne re itumelela bodiredi jwa tshimo fela thata. Ka tlhago fela Baindia ke batho ba ba ratang go amogela baeng, mme bontsi jwa bone ba ne ba re laletsa mo malapeng a bone gore re tle go ja dijonyana tse di motlhofo. Re ne re itumelela seo thata gonne gantsi themperetšha e ne e fitlha go didikirii tsa Celsius di le 40. Pele re ba bolelela molaetsa o re tlileng ka one, re ne re supa go nna maitseo ka gore re tlotle ka dilo tse di amang matshelo a rona. Gantsi beng ba matlo ba ne ba botsa nna le mosadi wa me dipotso tse di jaaka: “Lo tswa kae? A lo na le bana? Go reng lo se na bone?” Gantsi fa ba utlwa gore ga re na bana ba ne ba ithaopela go re isa kwa ngakeng e e ka re thusang go bona bana! Mme gone motlotlo oo o ne o re thusa go ba itsise gore rona re bomang le botlhokwa jwa tiro ya rona ya go ruta batho Baebele.

Batho ba le bantsi ba re neng re ba rerela, e ne e le ba bodumedi jwa Bahindu—dithuto tsa bodumedi tse di farologaneng gotlhelele le tsa Bokeresete. Go na le go nnela go ngangisana ka difilosofi tse di raraaneng tsa Bahindu, re ne re ba rerela fela ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo—mme re ne re nna le matswela a a molemo. Mo dikgweding di le thataro fela, batho ba ka nna 20 ba ne ba simolola go tla kwa dipokanong tsa rona tse di neng di tshwarelwa kwa legaeng la rona la barongwa. Mongwe wa batho bao e ne e le moenjiniri yo o neng a bidiwa Nallathambi. Moragonyana ene le morwawe e bong Vijayalayan ba ne ba thusa batho ba ka nna 50 gore ba nne batlhanka ba ga Jehofa. Gape Vijayalayan o ne a direla ka nakwana kwa lekaleng la India.

Re Nna Re le Mo Tseleng

Re ne re setse re na le dikgwedi tse di kafa tlase ga di le thataro re le mo India fa ke ne ke kopiwa go nna molebedi wa ntlha wa kgaolo wa naga eo. Seno se ne se raya gore ke tshwanetse go tsamaya India yotlhe ke rulaganya dikopano e bile ke dira mmogo le ditlhopha di le robongwe tse di buang dipuo tse di farologaneng. E ne e le tiro e e thata tota. Re ne re paka diaparo tsa rona le dilo tse re neng re tlile go di dirisa dikgwedi di le thataro mo teng ga diteranka di le tharo le mo teng ga dibeke tsa mosepele tse dikgolo tse di dirilweng ka seile, mme re pagama terena go tswa mo toropong ya Madras (e jaanong e bidiwang Chennai). E re ka kgaolo eo e ne e le bogolo jwa dikilometara di le 6 500, re ne re nna re le mo tseleng. Nako nngwe fa kopano e fela kwa borwa jwa toropo ya Bangalore ka Sontaga, ke fa re tshwanelwa ke go tsaya loeto go ya bokone kwa Darjeeling kwa dithoteng tsa dithaba tsa Himalaya gore re ye go tshwara kopano e nngwe gape mo bekeng e e latelang. Re ne re tsamaya loeto lwa dikilometara di ka nna 2 700 go ya Darjeeling mme re pagama diterena tse thataro.

Mo maetong a rona a ntlhantlha re ne re itumelela go bontsha batho ditshwantsho tsa diselaete tsa setlhogo se se reng, The New World Society in Action. Baesekopo eno e ne e thusa batho gore ba tlwaelane le dikarolo tsotlhe tsa tiro e e dirwang ke batlhanka ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Gantsi batho ba le makgolokgolo ba ne ba tla go bona dibaesekopo tseno. Nako nngwe re ne re bontsha setlhopha se se neng se kokoane fa thoko ga tsela baesekopo eno. Fa baesekopo eno e ntse e tshameka, maru a pula ya matlakadibe a ne a ntse a thiba mme go ise go ye kae ke fa a tla ntlheng ya rona. E re ka nako nngwe setlhopha sa batho se kile sa tsosa dikhuduego fa baesekopo e ne e emisiwa, ke ne ka swetsa ka gore ke tswelele ke e tshameka mme gone ke dire gore e tshameke ka bonako. Ka lesego, filimi e ne ya fela sentle fa marothodi a ntlha a pula a simolola go rotha, ga re a ka ra tlhoka go e tima pele ga foo.

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, nna le Melody re ne ra etela dikarolo di le dintsi tsa India. E re ka mo kgaolong nngwe le nngwe mofuta wa dijo tsa teng, diaparo, puo ya bone le tsela e naga e neng e lebega ka yone e ne e farologane, e ne e kete re tswa mo nageng e nngwe re ya kwa go e nngwe. Ruri tsela e popo ya ga Jehofa e farologaneng ka yone e a kgatlha! Go ntse fela jalo le ka diphologolo tsa naga tsa kwa India. Nako nngwe fa re ne re tlhomile ditente mo sekgweng sa kwa Nepal, re ne ra bona nkwe e kgolo thata. E ne e le phologolo e e kgatlhang tota. Fa re e bona, keletso ya rona ya go nna kwa Paradaiseng e kgabagare go tla nnang le kagiso fa gare ga batho le diphologolo mo go yone e ne ya nonofa tota.

Go Tokafadiwa ga Tsela e Dilo di Dirwang ka Yone mo Phuthegong

Mo metlheng eo, bakaulengwe ba kwa India ba ne ba tshwanetse go dira diphetogo gore ba tsamaisane sentle le tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo phuthegong ya ga Jehofa. Mo diphuthegong tse dingwe banna ba ne ba nna mo letlhakoreng le lengwe la phaposi e ba neng ba tshwarela dipokano mo go yone fa basadi ba ne ba nna mo go le lengwe. Go ne go direga ka sewelo gore dipokano di tshwarwe ka nako. Kwa lefelong lengwe, go ne go letswa tshipi gore baboledi ba Bogosi ba tle dipokanong. Kwa mafelong a mangwe baboledi ba ne ba goroga kwa dipokanong ka bongwe ka bongwe gonne ba ne ba lepa nako ka letsatsi. Dikopano le maeto a balebedi ba ba etang di ne di sa nne teng ka metlha. Bakaulengwe ba ne ba ikemiseditse go dira dilo ka tshwanelo, mme ba ne ba tlhoka go thapisiwa.

Ka 1959 phuthego ya ga Jehofa e ne ya tlhoma Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi. Thulaganyo eno ya go thapisa e e leng teng lefatshe ka bophara e thusa balebedi ba potologo, babulatsela ba ba kgethegileng, barongwa le bagolwane ba phuthego gore ba dire dikabelo tsa bone tse di tswang mo Dikwalong ka tshwanelo. Ke ne ka nna motlhatlheledi wa sekolo seno fa se ne se simolola kwa India ka December 1961. Ka bonya ka bonya matswela a thapiso eo a ne a solegela diphuthego tse di neng di le mo nageng eo molemo mme di ne tsa gatela pele ka bonako. Fa bakaulengwe ba setse ba itse se ba tshwanetseng go se dira, moya wa Modimo o ne wa ba tlhotlheletsa gore ba se dire.

Dikopano tse dikgolo tse di neng tsa tshwarwa le tsone di ne tsa kgothatsa bakaulengwe mme tsa dira gore ba nne seoposengwe. Kopano e e sa lebalesegeng mo go tsone e ne e le Kopano ya Ditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa New Delhi ka 1963 e e neng e na le setlhogo se se reng, “Mafoko a a Molemo a Bosakhutleng.” Basupi ba ba leng mo India yotlhe ba ne ba tsamaya loeto lwa dikilometara di le diketekete gore ba nne teng mo kopanong eo mme bontsi jwa bone ba ne ba dirisa madi otlhe a ba neng ba a bolokile. E ne e le la ntlha Basupi ba mo India ba kopana le bakaulengwe ba bangwe ba ba neng ba etile e re ka go ne go na le batlakopanong ba le 583 ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse dingwe di le 27.

Ka 1961, nna le Melody re ne ra kopiwa go tla go direla kwa legaeng la Bethele kwa Bombay, kwa moragonyana ke neng ka nna leloko la Komiti ya Lekala gone. Ke ne ka amogela dikabelo tse dingwe gape. Mo dingwageng di le dintsi ke ne ka nna molebedi yo o etelang makala mo dikarolong tsa Asia le kwa Botlhabagare. E re ka tiro ya go rera e ne e thibetswe mo dinageng tseno ka bontsi, baboledi ba mo dinageng tseo ba ne ba tshwanetse go nna ‘botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo e le ba ba se nang molato jaaka maphoi.’—Mathaio 10:16.

Go Atolosiwa ga Lekala le Diphetogo Tse Dingwe

Fa re ne re goroga la ntlha kwa India ka 1959, go ne go na le baboledi ba le 1 514 ba ba tlhagafetseng. Gompieno palo eo e godile go nna baboledi ba ba fetang 24 000. Gore re kgone go lebana sentle le kgolo eno, re ne ra fuduga gabedi re fudugela mo dikagong tse disha tsa Bethele, e ka tswa e le mo Bombay kana mo dikagong tse di gaufi le yone. Mme morago ga moo, ka March 2002, lelapa la Bethele le ne la fuduga gape—mo lekgetlong leno le fudugela mo dikagong tse disha tse di agilweng gaufi le Bangalore, kafa borwa jwa India. Go na le maloko a le 240 a Bethele a a nnang mo dikagong tseno tsa segompieno mme bangwe ba bone ba ranolela dibuka tsa Baebele mo dipuong di le 20.

Le fa nna le Melody re ne re lebeletse go fudugela Bangalore, maemo a botsogo a ne a re pateletsa go boela kwa Australia ka 1999. Gone jaanong re maloko a lelapa la Bethele kwa Sydney. Le fa gone re fudugile kwa India, lorato lo re ratang ditsala tsa rona le bana ba rona ba semoya ba ba kwa nageng eo ka lone, lo santse lo nonofile thata. Re itumela thata fa re amogela makwalo a a tswang kwa go bone!

Nna le Melody re ikutlwa re segofaditswe thata fa re leba kwa morago mo dingwageng tse di fetang 50 tse re di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng. Tiro ya rona ya pele e ne e le go boloka ditshwantsho tsa batho mo dinepeng mme tiro e re neng ra e dira moragonyana ya go boloka batho mo mogopolong wa Modimo, e botoka thata go feta ya pele. Ruri re na le maitemogelo a a molemo ka ntlha ya tshwetso e re neng ra e dira ya go baya Modimo kwa pele mo matshelong a rona! Ee, tota go dira se Modimo a reng se siame go dira gore re itumele!

[Dimmapa/Setshwantsho mo go tsebe 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

INDIA

New Delhi

Darjeeling

Bombay (Mumbai)

Bangalore

Madras (Chennai)

Tiruchchirappalli

[Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Hadyn le Melody ka 1942

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Lelapa la Bethele la kwa India, 1975