Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o amega ka Batho ba ba Ikokobeditseng

Jehofa o amega ka Batho ba ba Ikokobeditseng

Jehofa o amega ka Batho ba ba Ikokobeditseng

BOIKOKOBETSO bo botlhokwa thata mo go Jehofa. Le fa gone Modimo a sa kolote batho sepe, ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang o iketleeditse go bontsha batho ba ba mo ikokobeletsang bopelotlhomogi. Batho bao ba supa gore ga ba itshepe kana ga ba ipelafatse, mme ba lebile kwa go ene ba batla go dira thato ya gagwe. Go ntse fela jaaka mokwadi yo o tlhotlheleditsweng wa Mokeresete e bong Jakobe a ne a bua: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.”—Jakobe 4:6.

Tota le batho ba ba kileng ba bo ba dira dilo tse di bosula, ba ka ikokobetsa fa pele ga ga Jehofa ba kope gore a ba utlwele botlhoko, mme o tla ba utlwa. Ka sekai, Kgosi Manase o ne a faposa baagi ba Juda le Jerusalema “gore ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga bomorwa Iseraele.” Le fa go ntse jalo, fa Jehofa a sena go letla gore kgosi ya Asiria e ise Manase botshwarwa, Manase o ne “a nna a ikokobetsa thata ka ntlha ya Modimo wa borraagwemogologolwane. Mme a nna a Mo rapela, mo A neng a dumela go rapelesega mme A utlwa kopo ya gagwe ya gore a mo utlwele botlhoko mme a mmusetsa kwa Jerusalema kwa bogosing jwa gagwe; mme Manase a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.” Ka jalo Manase o ne a ithuta go ikokobetsa.—2 Ditiragalo 33:9, 12, 13.

Melemo ya go Nna Boikokobetso

Motho yo o ikokobetsang fa pele ga Modimo a ka solofela gore Modimo a mo kaele. Moporofeti Daniele yo o neng a le kwa botshwarwa kwa Babelona, o ne a tseetswe kwa godimo thata fa moengele a ne a mmontsha ponatshegelo e e tswang kwa Modimong, gonne Daniele o ne a ikokobeditse fa pele ga Modimo gore e nne ene a mo kaelang.—Daniele 10:12.

Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o ikgodisang a batla kgalalelo o tla palelwa fela jaaka Kgosi Usia wa Juda, yo o neng a ipagololela mogodu mme a itseela ditiro tsa boperesiti ka tsela e e seng kafa molaong: “Fela fa a sena go nonofa, pelo ya gagwe ya nna mabela gore a bo a dire bosula, mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.” Fa a ne a galefela baperesiti ba ba neng ba mmontsha phoso ya gagwe, o ne a itewa ka lepero.—2 Ditiragalo 26:16-21.

Boikokobetso bo ka re thusa tota fa re lebane le maemo a a thata. Fa motho a welwa ke masetlapelo, boikokobetso bo thusa motho yoo gore a itshoke mme a tswelele a direla Modimo. Kgosi Dafide o ne a lebana le mathata a le mantsi. O ne a tsongwa jaaka senokwane ke Kgosi Saulo. Mme gone ga a ka a ngongorega kgatlhanong le Modimo kana a itlotlomaletsa motlodiwa wa ga Jehofa. (1 Samuele 26:9, 11, 23) Fa a ne a leofela Jehofa ka go akafala le Bathesheba, moporofeti Nathane o ne a mo kgalema ka bogale, mme o ne a nna a ikokobeditse fa pele ga Modimo.—2 Samuele 12:9-23.

Nonofo ya Modimo

Jehofa Modimo ka boene o supa boikokobetso ka go bontsha baleofi ba ba ikokobeditseng bopelotlhomogi le kutlwelobotlhoko. Kgang fela ya gore o dirisana le badirabosula e bile o rometse Morwawe gore a tle go nna setlhabelo sa maleo a batho e bontsha kafa a ikokobeditseng ka gone. O ne a dirisa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang mme a bontsha bopelotlhomogi mo baneng ba ga Adame ka go ba naya tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 8:20, 21.

Kgosi Dafide o ne a bona nonofo eno ya Modimo mme o ne a e anaanela thata. Fa Jehofa a sena go mo falotsa mo seatleng sa baba botlhe ba gagwe, o ne a opela jaana: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Samuele 22:36) Le fa gone Jehofa a na le seriti se segolo e bile a nna kwa lefelong le le kwa godimo kwa magodimong, go ka bolelwa jaana ka ene: “Ke mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona, Ene yo o nnang kwa godimo? O a ikokobetsa gore a lebe legodimo le lefatshe, o tsholetsa motho wa maemo a a kwa tlase go tswa mo loroleng; o godisa mohumanegi go tswa mo kgatamping ya molora, gore a mo nnise le batlotlegi, le batlotlegi ba batho ba gagwe.”—Pesalema 113:5-8.

Boikokobetso Jwa ga Jesu Keresete

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhoma sekao se segolo sa go nna motlhanka wa Modimo yo o ikokobeditseng. Mo maitseboeng a pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a ikgatlha ka toulo a bo a tlhatswa le go phimola maoto a mongwe le mongwe wa baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, e leng tiro e ka tlwaelo e neng e dirwa ke batlhanka le makgoba. (Johane 13:2-5, 12-17) O ne a reile barutwa ba gagwe a re: “Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.” (Mathaio 23:12) Moaposetoloi Petere yo o neng a le gone mo bosigong joo, o ne a gakologelwa sekao se se molemo sa ga Jesu mme moragonyana o ne a gakolola badumedi mmogo le ene jaana: “Lotlhe ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana . . . Ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng.”—1 Petere 5:5, 6.

Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete gore ba nne le mogopolo o o tshwanang le wa ga Jesu Keresete; o umaka boemo jo bo kwa godimo jwa Morwa Modimo pele a nna motho fa a ne a sa ntse a le kwa legodimong le Rraagwe e bong Jehofa, gore o ne a iithontsha, a tsaya sebopego sa motlhanka mme a nna mo setshwanong sa batho. Paulo o oketsa ka go re: “Mo godimo ga moo, e rile [Jesu] a iphitlhela a le mo sebopegong sa motho, a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” Mafoko a ga Jesu a a neng a a bua malebana le tuelo ya boikokobetso a ne a itshupa a le boammaaruri ka se se neng sa mo diragalela fela jaaka moaposetoloi a ne a tswelela ka go re: “Ka lone lebaka leno gape Modimo o ne a mo godisetsa kwa boemong jo bo kwa godimo mme ka bopelonomi a mo naya leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele.”—Bafilipi 2:5-11.

Selo se se kgatlhang le go feta ke gore le fa gone a le mo maemong ao a a kwa godimo, fa a tla bo a dirisa ‘taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng’ go diragatsa thato ya Modimo ka lefatshe, Keresete o tla bo a santse a ikokobeditse ka yone tsela eo kwa bokhutlong jwa Puso ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. (Mathaio 28:18; 6:10) Ka gone Dikwalo di re bolelela jaana: “Fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya gagwe, go tswa foo Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:28.

Bakeresete ba Tshwanetse go Tlhagolela go Nna Boikokobetso

Fa moaposetoloi Paulo a ne a gakolola Bakeresete mmogo le ene gore ba apare botho “jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa” o ne a re: “Jalo, jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:10, 12) Gape o ne a ba kopa jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang ka ba bangwe jaaka o lo nang le one ka lona; lo se ka lwa tlhoma megopolo mo dilong tse di kwa godimo, mme yang le dilo tse di kwa tlase. Lo se ka lwa nna botlhale mo matlhong a lona.”—Baroma 12:16.

Boikokobetso bo rotloetsa kagiso. Motho yo o ikokobeditseng ga a lwantshe bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete e le go ba itsise se a se tsayang e le “ditshwanelo” tsa gagwe tsa botho. Moaposetoloi o ne a bolela gore le fa a na le kgololesego ya go dira dilo tsotlhe, o tla dira fela dilo tse di agang, mme fa sengwe se a se dirang se ne se ka tshwenya segakolodi sa mokaulengwe mongwe, o ne a tla tlogela go dira selo seo.—Baroma 14:19-21.

Gape go tlhokega boikokobetso go boloka kagiso e le gone, ka go dirisa kgakololo ya ga Jesu ya gore re itshwarele maleo a bangwe ba re direlang one. (Mathaio 6:12-15) Mme fa motho a kgopisa yo mongwe, go leka boikokobetso jwa gagwe go utlwa taelo ya gore a ye kwa mothong yoo mme a amogele phoso ya gagwe a kope go itshwarelwa. (Mathaio 5:23, 24) Kana fa motho yo a mo kgopisitseng a mo atamela, ke lorato lo lo nang le boikokobetso fela lo lo tla mo tlhotlheletsang gore a amogele phoso ya gagwe mme a baakanye bothata ka yone nako eo. (Mathaio 18:15) Mme gone kagiso e motho yoo a nnang le yone le e e nnang teng mo phuthegong ka ntlha ya boikokobetso jo bo ntseng jalo, e feta kgakala boikutlo jwa go jewa ke ditlhong; gape se motho a se dirileng go supa boikokobetso se nonotsha nonofo eno e e molemo ya boikokobetso mo mothong yoo.

Boikokobetso bo thusa Mokeresete gore a kgotsofalele dilo tse a nang le tsone, mme bo tla mo thusa gore a nne a itumetse e bile a le tekatekano. Batho ba ba ikokobeditseng ba ka itumela, le fa ba ka tswa ba utlwisitswe botlhoko e bile ba sa tshwarwa sentle ke ba ba ikgodisang le ba ba ikgogomosang. Ba ka gomodiwa ke mafoko a a reng: “Batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—Sefania 2:3.