Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang lo Thantse ka Botlalo mo Ditlhaloganyong”

“Nnang lo Thantse ka Botlalo mo Ditlhaloganyong”

“Nnang lo Thantse ka Botlalo mo Ditlhaloganyong”

“Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—DIANE 14:15.

1, 2. (a) Se se diragaletseng Lote kwa Sodoma se re ruta eng? (b) Mafoko a a reng “nnang lo thantse mo ditlhaloganyong” a raya eng?

FA Aborahame a ne a re Lote e nne ene a tlhophang lefatshe pele, Lote o ne a kgatlhwa ke naga e e neng e na le metsi a mantsi, e e neng e “tshwana le tshingwana ya ga Jehofa.” E tshwanetse ya bo e ne e bonala e le lefelo le lentle thata gore lelapa la gagwe le ka nna mo go lone, ka gonne “Lote [o ne] a itlhophela Kgaolo yotlhe ya Joredane” mme a tlhoma bothibelelo jwa gagwe gaufi le Sodoma. Le fa go ntse jalo, o ne a tsieditswe ke tsela e lefelo leno le neng le lebega ka yone, ka gonne gaufi le foo go ne go nna “banna ba Sodoma ba [ba neng] ba le bosula e bile e le baleofi ba bagolo thata kgatlhanong le Jehofa.” (Genesise 13:7-13) Fa nako e ntse e ile, Lote le lelapa la gagwe ba ne ba latlhegelwa fela thata. La bofelo ene le bomorwadie ba ne ba feleletsa ba nna mo logageng. (Genesise 19:17, 23-26, 30) Se kwa tshimologong se neng se bonala se le sentle, o ne a fitlhela gore se ne se se sentle go le kalo.

2 Pego eno ya se se diragaletseng Lote e ruta batlhanka ba Modimo sengwe gompieno. Fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso, re tshwanetse go nna re etse tlhoko dikotsi tse di ka nnang teng, mme re ikele tlhoko gore re se ka ra tsiediwa ke se re se bonang fela kafa ntle. Ka gone, go a tshwanela gore lefoko la Modimo le bo le re kgothatsa jaana: “Nnang lo thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong.” (1 Petere 1:13) Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng go twe “nnang lo thantse mo ditlhaloganyong” fa le tsewa jaaka le ntse le raya “go tlhapogelwa.” Go ya ka mokanoki wa Baebele e bong R. C. H. Lenski, go tlhapogelwa gono ke “go nna le mogopolo o o ritibetseng, o o tsepameng, o o kgonang go akanyetsa dilo sentle le go di atlhola ka tsela e e tshwanetseng mme ka go rialo, o re kgontsha go dira ditshwetso tse di siameng.” Nta re tlotle ka maemo mangwe a a ka nnang a re tlhoka gore re nne le mogopolo o o tlhapogetsweng.

Go Akanyetsa Kgang ya go Simolola Kgwebo

3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa mongwe a tla go re bolelela ka tshono nngwe ya kgwebo e e re bulegetseng?

3 A re re gongwe motho mongwe yo o itsegeng, gongwe e le moobamedi wa ga Jehofa, o go kopa gore lo bule kgwebo mmogo. O go bolelela a sa kgale mathe ganong gore lo tlile go atlega tota mo kgwebong eno, mme o go kgothaletsa gore o tsene ka bonako tshono eno e ise e go tswe dinaleng. O ka nna wa simolola go ipona wena le lelapa la gago lo tshela botshelo jo bo botoka thata, gongwe e bile o ipolelela gore e tla dira gore o nne le nako e ntsi ya go dira dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, Diane 14:15 e tlhagisa jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Gantsi fa batho ba itumeletse tshono eno ya go kgona go simolola kgwebo e ntšha, ga nke ba bona dikotsi tse di tsamayang le gone, kgotsa gore e ka nna ya phutlhama. Ga nke ba akanyetsa ka botlalo go sa tlhomamang ga kgwebo eo. (Jakobe 4:13, 14) Mo maemong a a tshwanang le ano, a bo go le botlhokwa jang ne go nna re thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong!

4. Re ka ‘akanyetsa jang dikgato tsa rona’ fa re sekaseka tshitshinyo nngwe e re e newang malebana le kgwebo?

4 Motho yo o botlhale o tlhatlhoba tshitshinyo eno ka kelotlhoko pele ga a dira tshwetso. (Diane 21:5) Fa o e tlhatlhoba ka tsela eo gantsi o feleletsa o bone dilo dingwe tse di neng di sa lemotshege pele. Akanya ka boemo jo bo latelang: Mongwe o batla gore o mo adime madi gore a ye go simolola kgwebo nngwe mme o go bolelela gore o tla boelwa ke morokotso o o seng kana ka sepe fa o ka mo adima madi ao. O ka nna wa ikutlwa o rata seo, mme a go ka tswa go na le dikotsi tse di tsamaisanang le gone? A motho yo o adimang madi mo go wena yono o a dumalana gore o tla go busetsa madi a gago go sa kgathalesege gore a kgwebo ya gagwe e a atlega kgotsa jang, kgotsa a o tla a busa fela fa e le gore kgwebo e a atlega? Ka mafoko a mangwe, a o ipaakanyeditse go se boelwe ke madi a gago fa kgwebo e sa atlege? Gape o ka nna wa ipotsa jaana: “Ke eng fa a adima madi mo bathong? A go ka direga gore dibanka di bona kgwebo eno e se kitla e atlega?” Go ipha nako ya go akanyetsa dikotsi tse di ka nnang gone go tla go thusa go akanyetsa tshitshinyo eo sentle.—Diane 13:16; 22:3.

5. (a) Jeremia o ne a tsaya kgato efe e e botlhale fa a ne a reka tshimo? (b) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go kwala ditumalano tsotlhe tsa kgwebo tse lo di dirang?

5 Fa Jeremia a ne a reka tshimo mo ngwaneng wa ga rangwanaagwe, yo le ene e neng e le moobamedi wa ga Jehofa, o ne a kwala seno fa fatshe mo pele ga basupi. (Jeremia 32:9-12) Le gompieno motho yo o botlhale o tla tlhomamisa gore ditumalano tsotlhe tsa kgwebo tse a di tsenelang, go akaretsa le tse a di tsenelang le balosika le badumedi mmogo le ene, di kwalwa fa fatshe. * Go nna le tumalano e e kwadilweng, e e tlhalosang dilo sentle, e bile e rulagantswe sentle go tla thusa go thibela go se tlhaloganyane go go ka tlhagang e bile go tla boloka kutlwano e ntse e le teng. Kafa letlhakoreng le lengwe, gantsi fa go ka nna le mathata mo kgwebong mo gare ga batlhanka ba ga Jehofa, lengwe la mabaka ke gore go a bo go sa kwalwa ditumalano fa fatshe. Ka maswabi, mathata ano a ka feleletsa ka mahutsana, letlhoo, gongwe le go swa semoyeng.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikela tlhoko mo bopelotshetlheng?

6 Selo se sengwe se re tshwanetseng go ikela tlhoko mo go sone ke bopelotshetlha. (Luke 12:15) Fa motho a solofeditswe mokoa wa madi a ka feleletsa a sa tlhole a bona le gore kgwebo eno e e iseng e itsetsepele sentle e ka nna ya phutlhama. Tota le bangwe ba ba ileng ba amogela ditshiamelo tse dintle mo tirelong ya ga Jehofa ba setse ba kile ba wela mo seraing seno. Lefoko la Modimo le re tlhagisa jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.” (Bahebera 13:5) Fa Mokeresete a akanyetsa gore a ke a tsenele kgwebo nngwe, o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A tota go a tlhokega gore ke tsene?’ Go tshela botshelo jo bo sa raraanang, ka boikaelelo jwa gore re batla go tlhoma mogopolo mo go obameleng Jehofa fela go tla re sireletsa mo ‘mefuteng yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.’—1 Timotheo 6:6-10.

Dikgwetlho Tse Bakeresete ba ba Seng mo Lenyalong ba Lebanang le Tsone

7. (a) Bakeresete ba le bantsi ba ba seng mo lenyalong ba lebana le dikgwetlho tsa mofuta mang? (b) Tsela e re tlhophang molekane wa lenyalo ka yone e amana jang le go ikanyega ga rona mo Modimong?

7 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba eletsa go nyala mme ga ba ise ba bone molekane yo o tshwanelang. Mo dinageng dingwe, o gatelelwa ke ba bangwe gore o nyale. Le fa go ntse jalo, go ka nna thata tota go kopana le molekane yo o tshwanelang mo gare ga badumedi mmogo le wena. (Diane 13:12) Mme gone Bakeresete ba a lemoga gore go ikobela kaelo ya Baebele ya go nyala “mo Moreneng fela” go bontsha gore re batla go ikanyega mo go Jehofa. (1 Bakorintha 7:39) Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba tshwanetse go nna ba thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong fa e le gore ba batla go ema ba nitame mo dikgatelelong le mo dithaelong tse ba lebanang le tsone.

8. Mosetsana wa Moshulame o ne a lebane le kgatelelo efe, mme basadi ba Bakeresete ba ka lebana le kgwetlho e e tshwanang jang gompieno?

8 Mo bukeng ya Baebele ya Sefela sa Difela, kgosi nngwe e kgatlhegela mosetsana mongwe wa maemo a a kwa tlase, wa kwa magaeng, yo o neng a bidiwa Moshulame. O leka go mo ngoka ka dikhumokhumo tsa gagwe, maemo a gagwe le bontle jwa gagwe, le fa gone mosetsana yono a setse a ntse a ratana le lekawana lengwe. (Sefela sa Difela 1:9-11; 3:7-10; 6:8-10, 13) Fa o le mosadi wa Mokeresete, le wena o ka nna wa iphitlhela o kgatlhegelwa ke motho mongwe yo gongwe wena o sa mo kgatlhegeleng. Motho mongwe kwa tirong, gongwe e le motho yo o nang le maemo mo tirong, a ka nna a simolola go go bolelela ka tsela e o leng montle ka yone, a go direla dilo, e bile a batla ditsela tsa go ipona a na le wena. Ela tlhoko gore a se ka a go latswa ka leleme. Le fa gone e se gore ka metlha yotlhe motho o dira dilo tseno ka gonne a batla go ratana le wena kgotsa a batla go kopanela le wena mo boitshwarong jo bo sa siamang, gantsi go isa koo. Fela jaaka lekgarebe la Moshulame, nna “lobota.” (Sefela sa Difela 8:4, 10) O se ka wa mo letla a bontsha go go kgatlhegela ka tsela eo fa o sa batle. Di sa ntse di tloga fela, dira gore ba o dirang le bone ba itse gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o dirise sebaka sengwe le sengwe go ba neela bosupi. Seno se tlile go go sireletsa.

9. Dikotsi dingwe tsa go ratana le motho yo o sa mo itseng mo Internet ke dife? (Bona gape lebokoso le le mo go tsebe 25.)

9 Morago jaana diaterese tsa Internet tse di diretsweng go thusa batho ba ba sa nyalang go bona balekane ba lenyalo di simolola go ata. Bangwe ba leba seno e le tsela ya go itse batho ba, fa e ne e se ka Internet, ba neng ba se kitla ba kopana le bone. Le fa go ntse jalo, go ratana fela le motho yo o sa mo itseng go kotsi tota. Mo Internet, go ka nna thata go bona fa motho a bua boammaaruri le fa a sa bue boammaaruri. (Pesalema 26:4) Ga se gore mongwe le mongwe yo o go rayang a re ke motlhanka wa ga Jehofa ke ene tota. Mo godimo ga moo, fa o intsha le motho lo dirisa Internet, lorato lo ka gola ka bonako, mme lwa dira gore o se ka wa tlhola o bona dilo jaaka di ntse. (Diane 28:26) Lo ka tswa lo dirisa Internet, kgotsa lo dirisa mekgwa e mengwe, ga go botlhale go ratana le motho yo o sa mo itseng go le kalo.—1 Bakorintha 15:33.

10. Bakeresete ba ba seng mo lenyalong ba ka kgothadiwa jang ke badumedi mmogo le bone?

10 Jehofa “o pelonomi tota mo go bontsheng lorato” mo batlhankeng ba gagwe. (Jakobe 5:11) O a itse gore dikgwetlho tse Bakeresete ba ba patelediwang ke maemo gore ba bo ba se mo lenyalong ba lebanang le tsone di utlwisa botlhoko thata ka dinako dingwe, mme o anaanela go ikanyega ga bone fela thata. Ba bangwe ba ka ba kgothatsa jang? Ka metlha re tshwanetse go ba akgolela go ikobela ga bone melao ya Modimo le moya wa bone wa go intsha setlhabelo. (Baatlhodi 11:39, 40) Gape, fa re rulaganya nako ya go nna mmogo le ba bangwe go agana, re ka ba akaretsa mo dithulaganyong tsa rona. A o setse o kile wa dira jalo bosheng jaana? Mo godimo ga moo, re ka ba rapelela, re kope Jehofa gore a ba thuse gore ba nne ba nitame semoyeng mme ba bone boitumelo mo go mo direleng. Ka go ba kgatlhegela go tswa pelong, e kete re ka bontsha gore re ba anaanela fela jaaka Jehofa le ene a ba anaanela.—Pesalema 37:28.

Go Lebana le Mathata a Boitekanelo

11. Mathata a a masisi a boitekanelo a beela motho dikgwetlho dife?

11 A bo go utlwisa botlhoko jang ne fa rona kgotsa mongwe yo re mo ratang a lwala la go swa! (Isaia 38:1-3) Le mororo gone re tla batla kalafi e e tla kgonang go re thusa, gape go botlhokwa gore re nne re tshwareletse mo melaometheong ya Dikwalo. Ka sekai, Bakeresete ba leka go ikobela taelo ya Baebele ya gore re ithibe mo mading, e bile ba tila mofuta le fa e le ofe wa kalafi o o amanang le mewa. (Ditiro 15:28, 29; Bagalatia 5:19-21) Le fa go ntse jalo, mo go ba ba sa bonang thapiso e kalo ka tsa kalafi, go leka go bona gore ke kalafi efe e e tshwanelang, e ka nna selo se se tlhakanyang tlhogo le se se boifisang. Ke eng se se ka re thusang go nna re thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong?

12. Mokeresete a ka dira jang gore a se ka a feteletsa dilo fa a akanyetsa mefuta ya kalafi e a batlang go e dirisa?

12 “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe” ka go batlisisa mo Baebeleng le mo dibukeng tse dingwe tsa Bokeresete. (Diane 14:15) Mo dikarolong tsa lefatshe tse go se nang dingaka le dikokelo tse dintsi mo go tsone, tsela e le yosi fela ya kalafi e ka nna ya setso, mo go dirisiwang mere. Fa re akanyetsa go dirisa mokgwa ono wa kalafi, re ka nna ra fitlhela tshedimosetso e e mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1987, ditsebe 26-9, e thusa. E re lemosa ka dikotsi dingwe tse re ka nnang ra se ka ra di lemoga. Ka sekai, re ka nna ra tshwanelwa ke go botsa ka dilo tse di latelang: A ngaka eno e itsiwe e dirisana le bodimona? A kalafi e e dirisiwang e dirisiwa ka tumelo ya gore bolwetse kgotsa loso lo lo tlhagileng lo bakilwe ke gore medimo mengwe (kgotsa badimo) e kgopisitswe, kgotsa gongwe go dumelwa gore di bakilwe ke batho bangwe ba ba lwang le wena ba ba dirisang boloi? A go ntshiwa ditlhabelo dingwe, go buiwa le badimo, kgotsa go latelwa meetlo mengwe ya bodimona go baakanya kgotsa go dirisa setlhare sengwe? (Duteronome 18:10-12) Go batlisisa ka dilo tseno go tla re thusa go latela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.” * (1 Bathesalonika 5:21) Go tla re thusa gore re se ka ra feteletsa dilo.

13, 14. (a) Re ka bontsha jang go nna tekatekano fa re tlhokomela botsogo jwa rona? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna tekatekano fa re tlotla le ba bangwe ka dilo tsa botsogo le kalafi?

13 Re tshwanetse go nna tekatekano mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, go akaretsa le mo ntlheng ya go tlhokomela boitekanelo jwa rona. (Bafilipi 4:5) Go tlhokomela boitekanelo jwa rona ka tsela e e tshwanetseng go bontsha gore re anaanela mpho e e botlhokwatlhokwa e re e neilweng e bong botshelo. Fa re lebane le mathata mangwe a boitekanelo, re tshwanetse go batla kalafi ya one. Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra lebelela go nna le botsogo jo bo itekanetseng fa nako ya Modimo e ise e goroge ya go “alafa ditšhaba.” (Tshenolo 22:1, 2) Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra senya nako yotlhe re tshwenyegile go feta selekanyo ka botsogo jwa rona mo e leng gore dilo tse re di tlhokang thata tsa semoya re di kgaphela kwa thoko.—Mathaio 5:3; Bafilipi 1:10.

14 Gape re tshwanetse go bontsha go nna tekatekano fa re tlotla le ba bangwe ka dilo tsa boitekanelo le kalafi. Ga re a tshwanela go tlhola re nnetse go tlotla fela ka tsone fa re na le Bakeresete ba bangwe kwa dipokanong le kwa dikopanong, mo re tshwanetseng ra bo re tlotla ka dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, ditshwetso malebana le kalafi gantsi di ama melaometheo ya Baebele, segakolodi sa motho, le kamano ya gagwe le Jehofa. Ka gone, e tla bo e se go bontsha lerato go leka go patelela modumedi ka rona gore a latele pono ya rona kgotsa go mo gatelela gore a itlhokomolose segakolodi sa gagwe. Le mororo motho a ka kopa ba ba godileng semoyeng mo phuthegong gore ba mo thuse, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe” fa a dira ditshwetso, mme “mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—Bagalatia 6:5; Baroma 14:12, 22, 23.

Fa re Ikutlwa re Gateletswe Thata mo Maikutlong le mo Mogopolong

15. Maemo a a gatelelang mo maikutlong le mo mogopolong a ka re ama jang?

15 Maemo a a gatelelang mo maikutlong le mo mogopolong a ka dira gore le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa tota ba bue kgotsa ba dire ka tsela e e seng botlhale. (Moreri 7:7) Fa Jobe a ne a sa ntse a lebane le teko e e botlhoko, o ne a batla a latlhegelwa ke pono e e tshwanetseng mme go ne ga tlhokega gore tsela ya gagwe ya go akanya e baakanngwe. (Jobe 35:2, 3; 40:6-8) Le mororo “Moshe e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe,” nako nngwe Baiseraele ba ne ba mo gakatsa a ba a feleletsa a buile ka mafega. (Dipalo 12:3; 20:7-12; Pesalema 106:32, 33) Dafide o ne a bontsha nonofo e ntle thata ya boikgapo mme a se ka a bolaya Kgosi Saulo, mme e ne ya re fa Nabale a mo tlhapatsa a ba a bua ka go mo nyatsa, Dafide o ne a galefa mo a neng a ba a feleletsa a sa tlhole a kgona go akanya sentle. E nnile fela fa Abigaile a tla go mo thiba a neng a simolola go itharabologelwa, mme a efoga phoso e e maswe thata e a batlileng a e dira.—1 Samuele 24:2-7; 25:9-13, 32, 33.

16. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra dira dilo ka mafega?

16 Le rona re ka nna ra lebana le maemo mangwe a a ka dirang gore re ikutlwe re gateletswe thata mo maikutlong le mo mogopolong, mme a ka dira gore re se ka ra dira ka botlhale. Go leka go akanyetsa dikgopolo tsa ba bangwe ka botlhale, jaaka Dafide a ne a dira, go ka re thusa gore re tile go nna mafega re bo re feleletse re itlhaganeletse go wela mo boleong. (Diane 19:2) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “Fuduegang, mme lo se ka lwa leofa. Buelang mo pelong ya lona, mo bolaong jwa lona, mme lo didimale.” (Pesalema 4:4) Fa go kgonega, go ka nna botlhale go leta go fitlha re kokobela maikutlo pele ga re tsaya kgato kgotsa re dira tshwetso. (Diane 14:17, 29) Re ka leba kwa go Jehofa ka go mo rapela ka pelo yotlhe, “mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa [rona] le maatla a [rona] a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Kagiso eno e re e newang ke Modimo e tla dira gore re nitame e bile e tla re thusa go nna re thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong.

17. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikaega ka Jehofa gore re nne re thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong?

17 Le fa re ka leka thata jang go tila dikotsi le go dira dilo ka botlhale, rotlhe re dira diphoso. (Jakobe 3:2) Go ka direga gore re tseye kgato nngwe e e phoso mme re sa lemoge gotlhelele. (Pesalema 19:12, 13) Mo godimo ga moo, rona batho, ga re kgone e bile ga re a tshwanela go kaela dikgato tsa rona re sa kaelwe ke Jehofa. (Jeremia 10:23) A bo re leboga jang ne gore a bo a re tlhomamisetsa jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” (Pesalema 32:8) Ee, ka thuso ya ga Jehofa re ka kgona go nna re thantse ka botlalo mo ditlhaloganyong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka go kwala ditumalano tsa kgwebo fa fatshe, bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1997, ditsebe 30-1; November 15, 1986, ditsebe 16-17; le Tsogang! ya February 8, 1983, ditsebe 13-15 (ka Seesemane), tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 12 Go dira jalo go tla thusa le ba ba akanyetsang go dirisa mekgwa e e belaetsang ya kalafi go alafa malwetse mangwe.

O ne O ka Araba o Reng?

Re ka nna jang re thantse mo ditlhaloganyong

• fa re bolelelwa ka tshono e re nang le yone ya go ka bula kgwebo?

• fa re batla molekane wa lenyalo?

• fa re lebane le mathata a boitekanelo?

• fa re le mo maemong a a re gatelelang mo maikutlong le mo mogopolong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 25]

A o Ka e Tshepa?

Diaterese tsa Internet tse di diretsweng batho ba ba sa nyalang ba ba batlang balekane ba lenyalo di nna le dipolelo tse di latelang tsa go ithola maikarabelo:

“Re tla leka bojotlhe go bona tshedimosetso e e tshwanetseng ka motho, mme ga re go tlhomamisetse gore e boammaaruri.”

“Ga re go tlhomamisetse gore tshedimosetso e e mo atereseng eno ya Internet e boammaaruri, e feletse, kgotsa e ka go thusa ka sengwe.”

“Dikgopolo, kgakololo, dipolelo, dintlha, kgotsa tshedimosetso le fa e le efe e e mo atereseng eno ya Internet ke tsa ba ba di kwadileng . . . mme ga go tlhokege gore o beye go le kalo mo go tsone.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe”

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Basadi ba Bakeresete ba ka etsa jang mosetsana wa Moshulame?

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

“Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo”