Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Tlotlele Ka mo Go Oketsegileng!”

“Re Tlotlele Ka mo Go Oketsegileng!”

“Re Tlotlele Ka mo Go Oketsegileng!”

BAITHUTI ba sekolo sengwe se segolwane kwa Nezlobnaya kwa Russia, ba ne ba ithuta dibuka tsa mokwadi mongwe wa Mo-Russia yo o bidiwang Mikhail Bulgakov. Nngwe ya dibuka tseo e ne e tlhalosa Jesu Keresete ka tsela e e nyenyefatsang, fa Satane ene e mo tlhalosa e le mogaka. Fa baithuti ba sena go buisana ka se ba neng ba ntse ba se bala, morutabana o ne a ba kwadisa tlhatlhobo e e malebana le se ba se badileng mo bukeng eno. Le fa go ntse jalo, mongwe wa baithuti e bong Andrey, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa yo o nang le dingwaga di le 16, o ne a kopa morutabana ka maitseo gore ene a se ka a kwadisiwa tlhatlhobo eno gonne segakolodi sa gagwe se ne se sa mo letle go ithuta dibuka tse di ntseng jalo. O ne a re o kopa go kwala tlhamo e e tlhalosang kafa ene a lebang Jesu Keresete ka gone. Morutabana o ne a dumela.

Mo tlhamong ya gagwe, Andrey o ne a tlhalosa gore le fa gone a tlotla maikutlo a batho ba bangwe, o lemogile gore tsela e e molemolemo ya go ithuta ka Jesu ke ka go bala nngwe ya dipego di le nnè tsa Efangele. Fa o ka di bala, “o tla ithuta ka botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe tse di begilweng ke basupi ba ba boneng ka matlho.” Andrey o ne a oketsa ka gore: “Kgang e nngwe gape e ke tshwenyegileng ka yone ke kafa Satane a tlhalosiwang ka gone. Bangwe ba ka tswa ba kgatlhiwa ke go bala dibuka tse mo go tsone Satane a tlhalosiwang e le mogaka, mme tota nna ga di nkgatlhe.” O ne a tlhalosa gore totatota Satane ke sebopiwa se se boikepo le se se nonofileng sa semoya se se neng sa tlhanogela Modimo, mme se tlisetsa batho boikepo, pogo le kutlobotlhoko. Andrey o ne a konela tlhamo ya gagwe ka gore: “Ga ke dumele gore go bala buka eno go tla ntsholegela molemo. Ga se gore ke kgatlhanong le Bulgakov. Mme gone ke bona go le botoka gore ke bale Baebele fa ke batla go ithuta hisitori ya boammaaruri ka Jesu Keresete.”

Morutabana wa ga Andrey o ne a kgatlhegile thata mo a neng a kopa Andrey gore a baakanyetse pego e e kaga Jesu Keresete e a tla e buang mo tlelaseng. Andrey o ne a dumela kwantle ga go okaoka. Lekgetlo le le latelang ka nako ya go ithuta ka dibuka, Andrey o ne a balela baithuti pego ya gagwe. O ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a akanya gore Jesu ke monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Morago ga moo o ne a bala kgaolo e e buang ka loso lwa ga Jesu go tswa mo bukeng ya Baebele ya Mathaio. E re ka nako e a neng a e neilwe e ne e setse e fela, Andrey o ne a batla go konela pego ya gagwe, mme baithuti mmogo le ene ba ne ba kopa ba re: “Re tlotlele ka mo go oketsegileng! Go ne ga diragalang morago ga foo?” O ne a tswelela ka go bala pego ya Mathaio e e buang ka tsogo ya ga Jesu.

Fa Andrey a fetsa, baithutimmogo le ene ba ne ba mmotsa dipotso di le dintsi ka Jesu le Jehofa. Andrey o bolela jaana: “Ke ne ka rapela Jehofa gore a nneye botlhale mme o ne a araba thapelo ya me. Ke ne ka kgona go araba dipotso tsa bone tsotlhe!” Morago ga foo, Andrey o ne a naya morutabana wa gagwe khopi ya buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela,  * mme a e amogela ka boitumelo. Andrey a re: “O ne a nnaya maduo a a kwa godimo ka ntlha ya pego e ke e dirileng mme a nkakgolela go bo ke tlhatswegile pelo ka se ke se dumelang e bile se sa ntlhabise ditlhong. Gape o ne a re o dumalana le nna mo dilong dingwe tse ke di dumelang.”

Andrey o itumela tota go bo a ne a dira tshwetso ya go reetsa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele ka go se bale buka e e tlontlololang Jehofa le Morwawe Jesu Keresete. Kgato e a e tsereng ga ya mo sireletsa fela gore a se ka a bala dilo tse di sa dumalaneng le Dikwalo, gape e ne ya mo naya tshono e e molemo ya go buisana le ba bangwe ka boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.