Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

Maloko a Masha a Setlhopha se se Laolang

KA Laboraro mo mosong ka August 24, 2005, malapa a Bethele a kwa United States le kwa Canada a go neng go ikgolagantswe le one ka bidio a ne a utlwa kitsiso e e itumedisang thata. Go simolola ka September 1, 2005, go tsentswe bakaulengwe ba bangwe ba babedi go nna maloko a masha a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e bong, Geoffrey W. Jackson le Anthony Morris III.

Mokaulengwe Jackson o ne a simolola go nna mmulatsela ka February 1971 kwa Tasmania, e leng setlhaketlhake sa Australia. Ka June 1974 o ne a nyala Jeanette (Jenny). Ba ne ba tlhongwa go nna babulatsela ba ba kgethegileng go ise go ye kae morago ga foo. Go simolola ka 1979 go fitlha ka 2003, ba ne ba le barongwa kwa Tuvalu, Samoa le Fiji, tse e leng ditlhaketlhake tsa kwa South Pacific. Fa Mokaulengwe le Kgaitsadi Jackson ba le kwa ditlhaketlhakeng tseo, ba ne ba thusa thata ka tiro ya go ranola dibuka tse di theilweng mo Baebeleng. Go simolola ka 1992, Mokaulengwe Jackson o ne a direla mo Komiting ya Lekala kwa Samoa, mme go simolola ka 1996, a nna leloko la Komiti ya Lekala kwa Fiji. Ka April 2003 ene le Jenny ba ne ba nna maloko a lelapa la Bethele la United States mme ba simolola go bereka mo Lephateng le le Thusang Baranodi. Ka bonako morago ga foo, Mokaulengwe Jackson o ne a dirwa mothusi wa Komiti e e Rutang ya Setlhopha se se Laolang.

Mokaulengwe Morris o simolotse tirelo ya bobulatsela ka 1971 kwa United States. Ka December wa one ngwaga oo o ne a nyala Susan, mme ba ne ba tswelela ba le babulatsela ka dingwaga di ka nna nnè go fitlha ngwana wa bone wa ntlha wa mosimane e bong Jesse, a tsholwa. Morago ga dikgwedi di le mokawana ba ne ba nna le ngwana yo mongwe gape wa mosimane e bong Paul. Mokaulengwe Morris o ne a tsenela tirelo ya nako e e tletseng gape ka 1979 e le mmulatsela wa ka metlha. Mosadi wa gagwe o ne a boa a nna mmulatsela fa bana ba bone ba simolola go tsena sekolo. Lelapa leo le ne la direla kwa go nang le tlhokego e kgolo teng kwa Rhode Island le kwa North Carolina, kwa United States. Kwa North Carolina, Mokaulengwe Morris o ne a direla e le mongwe yo o emelang molebedi wa potologo mme bana ba bone ba ne ba nna babulatsela ba ka metlha. Jesse le Paul ba ne ba kopiwa go tla go direla kwa lekaleng la United States ba na le dingwaga di le 19 boobabedi. Mokaulengwe Morris ene o ne a simolola tiro ya bopotologi. Ka 2002 ene le Susan ba ne ba kopiwa go tla Bethele, mme ba ne ba simolola kabelo eo ya bone e ntšha ka August 1. Mokaulengwe Morris o ne a dira mo Lephateng la Tirelo kwa Patterson mme moragonyana a nna mothusi wa Komiti ya Tirelo ya Setlhopha se se Laolang.

Fa go kopanyelediwa le maloko ano a mabedi a masha, maloko a Setlhopha se se Laolang fa a feletse ke C. W. Barber; J. E. Barr; S. F. Herd; M. S. Lett; G. Lösch; T. Jaracz; G. H. Pierce; A. D. Schroeder; D. H. Splane; le D. Sydlik. Maloko otlhe a Setlhopha se se Laolang ke Bakeresete ba ba tloditsweng.