Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Selo se le Sosi Se se Ka Dirololang Loso!

Selo se le Sosi Se se Ka Dirololang Loso!

Selo se le Sosi Se se Ka Dirololang Loso!

MONNA mongwe yo o bidiwang Lasaro le bokgaitsadie, e bong Maratha le Marea, ba nna kwa Bethani, e leng toropo e e dikilometara di ka nna tharo ka kwa ntle ga Jerusalema. Tsatsi lengwe fa tsala ya bone e bong Jesu a seyo, Lasaro a lwala thata. Bokgaitsadie ba tshwenyegile thata ka ene. Ba romela molaetsa kwa go Jesu. Fa Jesu a sena go utlwa molaetsa oo, o a tsamaya o ya go bona Lasaro. Fa a le mo tseleng o bolelela barutwa ba gagwe gore o ya go tsosa Lasaro mo borokong. Barutwa ba gagwe ga ba mo tlhaloganye kwa tshimologong, mme Jesu o dira gore ba tlhaloganye sentle fa a re: “Lasaro o sule.”—Johane 11:1-14.

Fa Jesu a fitlha kwa lebitleng la ga Lasaro, o laela pele gore go tlosiwe leje le le tswetseng phupu. Fa a sena go rapelela kwa godimo, a re: “Lasaro, tswa!” Lasaro o a tswa. Monna yo o neng a na le malatsi a le manè a sule o tsositswe.—Johane 11:38-44.

Pego eno e e buang ka Lasaro e bontsha gore tsogo ke yone fela e e ka dirololang loso. A mme tota kgakgamatso ya go tsosa Lasaro mo losong e kile ya direga? Baebele ya re e diregile. Bala mo go Johane 11:1-44, mme o tla bona kafa dintlha tsa pego eo di tlhalosiwang sentle thata ka teng. A ga o dumele gore seo se diragetse? Fa o sa dumele, go ka raya gore ga o dumele gore dikgakgamatso tsotlhe tse go kwadilweng ka tsone mo Baebeleng di diregile, go akaretsa le go tsosiwa ga ga Jesu Keresete ka boene. Baebele ya re: “Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, tumelo ya lona ga e na mosola.” (1 Bakorintha 15:17) Tsogo ya baswi ke thuto ya konokono ya Dikwalo. (Bahebera 6:1, 2) Mme gone, “tsogo ya baswi” e kaya eng?

Ke Eng se se Kaiwang ke “Tsogo ya Baswi”?

Mo Dikwalong tsa Bokeresete Tsa Segerika, polelo e e reng “tsogo ya baswi” e tlhaga makgetlho a feta 40. E ranolwa go tswa mo lefokong la Segerika le totatota le rayang “go ema gape.” Lefoko la Sehebera le le tshwanang le lone le raya “go busediwa ga baswi mo botshelong.” Le fa go le jalo, fa motho a sena go swa, go tsosiwa eng? Go ka se tsosiwe mmele, ka gonne o a bola e bile o kopana le lorole lwa mmu. Ga go tsosiwe mmele o o suleng mme go tsosiwa motho yo o suleng. Ka jalo, tsogo ya baswi e akaretsa go tsosolosiwa ga mokgwa wa botshelo wa motho yoo—botho jwa gagwe, dilo tse a di dirileng mo botshelong jwa gagwe, le dilo tsotlhe tse di neng di mo tlhaola mo bathong ba bangwe.

Jehofa Modimo, yo o gakologelwang sengwe le sengwe ka botlalo, ga a palelwe ke go gakologelwa mekgwa ya botshelo ya batho ba ba suleng. (Isaia 40:26) E re ka Jehofa e le Mosimolodi wa botshelo, o ka kgona motlhofo fela go tsosa motho ene yoo ka mmele o mosha. (Pesalema 36:9) Gape, Baebele ya re Jehofa Modimo o “tlhologelelwa”—o na le keletso e kgolo—ya go tsosa baswi. (Jobe 14:14, 15) Abo go itumedisa tota go itse gore Jehofa o kgona go tsosa motho yo o suleng le gore o tlhologeletswe go dira jalo!

Jesu Keresete le ene o na le seabe se segolo mo go tsoseng baswi. Fa Jesu a na le lobaka lo lo fetang ngwaga go le gonnye fela a simolotse bodiredi jwa gagwe, o ne a re: “Fela jaaka Rara a tsosa baswi mme a ba tshedisa, jalo Morwa le ene o tshedisa ba a batlang go ba tshedisa.” (Johane 5:21) A se se diragaletseng Lasaro ga se re bontshe gore Jesu Keresete o na le maatla e bile o rata go tsosa baswi?

Go tweng ka kgopolo ya gore go na le sengwe mo teng ga rona se se tswelelang se tshela morago ga loso? Thuto ya tsogo le kgopolo ya gore moya wa motho ga o swe, tota di a ganetsana. Fa e le gore go na le sengwe mo go rona se se tswelelang se tshela fa re sena go swa, a go ne go ka tlhokega gore go nne le tsogo ya baswi? Kgaitsadie Lasaro, e bong Maratha o ne a sa dumele gore fa kgaitsadie a swa, o ne a tswelela a tshela mo lefelong lengwe la moya. O ne a dumela mo tsogong ya baswi. Fa Jesu a ne a mo tlhomamisetsa a re: “Kgaitsadio o tla tsoga,” Maratha o ne a re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:23, 24) Mme fa Lasaro a tsosiwa, ga a ka a bua sepe ka botshelo jo a neng a bo tshela fa a sena go swa. O ne a sule. Baebele ya re: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele. . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho], lefelo le o yang kwa go lone.”—Moreri 9:5, 10.

Go ya ka Baebele, selo se le sosi se se ka dirololang loso ke tsogo ya baswi. Mme mo bathong ba bantsintsi ba ba setseng ba sule, ke bomang ba ba tlileng go tsosiwa le gone ba tsosediwa kae?

Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa?

Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Go ya ka tsholofetso eno, batho ba ba mo mabitleng a kgakologelo—ba Jehofa a ba gakologelwang—ba tla tsosiwa. Potso e nna gore, Mo bathong botlhe ba ba suleng, ke bomang tota ba ba emetseng go tsosiwa ba Modimo a ba gakologelwang?

Buka ya Baebele ya Bahebera kgaolo 11 e na le lenaane la maina a banna le basadi ba ba neng ba direla Modimo ka boikanyego. Bone mmogo le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba suleng mo dingwageng tsa bosheng ba tla nna gareng ga ba ba tla tsosiwang. Go tweng ka batho ba ba neng ba sa tshele tumalanong le melao ya Modimo ya tshiamo, gongwe e le ka gonne ba ne ba se na kitso? A le bone Modimo o tla ba gakologelwa? Ee, Modimo o tla gakologelwa bontsi jwa bone ka gonne Baebele e solofetsa jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o kileng a tshela yo o tlileng go tsosiwa. Baebele ya re: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo.” (Bahebera 10:26, 27) Bangwe ba bone ba dirile maleo a a sa itshwarelweng. Ga ba kwa Hadese (lebitla le le tlwaelegileng la batho) mme ba kwa Gehena, e leng lefelo la tshwantshetso le le emelang go senngwa ka bosakhutleng. (Mathaio 23:33) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra atlhola gore a motho o tla tsosiwa kana nnyaa. Modimo ke ene a atlholang. O itse gore ke mang yo o kwa Hadese le yo o kwa Gehena. Se rona re tshwanetseng go se dira ke gore re tshele tumalanong le thato ya Modimo.

Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosediwa go ya Legodimong?

Tsogo e e gakgamatsang go di gaisa tsotlhe ke ya ga Jesu Keresete. O ne a “bolawa mo nameng, mme a tshedisiwa mo moyeng.” (1 Petere 3:18) Ga go na motho ope yo o kileng a tsosiwa jalo pele. Jesu ka boene o ne a re: “Ga go na motho ope yo o tlhatlogetseng kwa legodimong fa e se yo o fologileng kwa legodimong, e bong Morwa motho.” (Johane 3:13) Morwa motho ke ene wa pele go tsosiwa e le motho wa moya. (Ditiro 26:23) Mme go ne go tla latela ba bantsi. Temana ya re: “Mongwe le mongwe a le mo maemong a gagwe: Keresete mabutswapele, morago ga moo ba e leng ba ga Keresete mo nakong ya go nna gone ga gagwe.”—1 Bakorintha 15:23.

Setlhopha se sennye sa batho—“ba e leng ba ga Keresete”—ba tla tsosediwa go tshela kwa legodimong ka ntlha ya maikaelelo mangwe a a kgethegileng. (Baroma 6:5) Ba tla busa “lefatshe e le dikgosi,” ba busa le Keresete. (Tshenolo 5:9, 10) Gape ba tla direla e le baperesiti ka gore ba tla nna le seabe mo tirong ya go dirolola diphelelo tsa boleo jo batho ba bo ruileng mo mothong wa ntlha, Adame. (Baroma 5:12) Batho ba ba busang le Keresete e le dikgosi le baperesiti ba 144 000 ka palo. (Tshenolo 14:1, 3) Ba newa mebele ya mofuta mang fa ba tsosiwa? Baebele ya re, “mmele wa semoya.” Mmele oo o tla dira gore ba kgone go tshela kwa legodimong.—1 Bakorintha 15:35, 38, 42-45.

Batho ba ba yang go tshela kwa legodimong ba tsosiwa leng? Bakorintha wa Ntlha 15:23 ya re: “Mo nakong ya go nna gone ga [ga Keresete].” Ditiragalo tsa lefatshe fa e sale go simolola ka 1914 di bontsha sentle gore go nna gone ga ga Keresete mmogo le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” di simolotse ka ngwaga oo. (Mathaio 24:3-7) Ka jalo go na le lebaka la go dumela gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba setse ba tsoseditswe go ya legodimong, le fa gone tsogo ya teng e sa bonwe ke batho. Seno se raya gore baaposetoloi le Bakeresete ba pele ba tsoseditswe go ya go tshela kwa legodimong. Go tweng ka Bakeresete ba ba tshelang gone jaanong ba ba nang le tsholofelo e e tlhomameng e ba e neilweng ke Modimo ya go busa le Keresete kwa legodimong? Ba tsosiwa “ka ponyo ya leitlho,” kana fela fa ba sena go swa. (1 Bakorintha 15:52) E re ka setlhopha seno se sennye sa batho se tsosiwa pele ga boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tla tsosediwang go tshela mo lefatsheng, tsogo ya bone e bidiwa “tsogo ya pele ya baswi.”—Bafilipi 3:11; Tshenolo 20:6.

Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosediwa go Tshela mo Lefatsheng?

Go ya ka Baebele, batho ba bantsi ba ba suleng ba tla tsosiwa gore ba boe ba tshele mo lefatsheng. (Pesalema 37:29; Mathaio 6:10) Fa moaposetoloi Johane a ne a kwala ka ponatshegelo e e gakgamatsang thata ya batho ba ba tsosiwang, o ne a re: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone, mme ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone. Mme loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo. Seno se kaya loso lwa bobedi, bodiba jwa molelo.” (Tshenolo 20:11-14) Modimo o gakologelwa ba ba kwa Hadese, kana Sheole, e leng lebitla le le tlwaelegileng la batho. Mongwe le mongwe wa bone o tla tsosiwa mo losong. (Pesalema 16:10; Ditiro 2:31) Mme mongwe le mongwe o tla atlholwa go ya ka se a tla se dirang fa a sena go tsosiwa. Ke eng se se tla diragalelang loso le Hadese? Di tla latlhelwa mo “bodibeng jwa molelo.” Seno se raya gore batho ba ka se tlhole ba swa ka ntlha ya boleo jo ba bo ruileng mo go Adame.

Akanya fela kafa tsholofelo ya tsogo ya baswi e itumedisang ka teng mo bathong ba ba swetsweng ke mongwe yo ba mo ratang! Fa Jesu a ne a tsosa morwa yo o esi wa motlholagadi wa Naine, motlholagadi yono o tshwanetse a bo a ne a itumetse fela thata! (Luke 7:11-17) Mme Baebele e bua jaana ka batsadi ba mosetsana wa dingwaga tse 12 yo Jesu a neng a mo tsosa mo losong: “Ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” (Mareko 5:21-24, 35-42; Luke 8:40-42, 49-56) E tla nna boitumelo jo bo seng kana ka sepe mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la Modimo gore re amogele baratiwa ba rona fa ba tsosiwa.

Go itse boammaaruri ka tsogo go tshwanetse ga ama matshelo a rona jang gone jaanong? The World Book Encyclopedia ya re: “Batho ba bantsi ba tshaba loso mme ka jalo ba tshaba le go akanya ka lone.” Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba bantsi ba tsaya loso e le masaitsiweng—sengwe se se sa itsiweng le se se tshwanetseng go boifiwa. Go itse boammaaruri ka boemo jwa baswi le go nna le tsholofelo ya tsogo go ka re kgothatsa fa go direga gore re lebane le “mmaba wa bofelo,” e leng loso. (1 Bakorintha 15:26) Gape go itse seno go dira gore re kgone go lebana botoka le botlhoko jo re bo utlwang fa tsala e re atamalaneng thata le yone kana mongwe wa losika a swa.

Tsogo eno ya mo lefatsheng e tla nna teng leng? Gompieno lefatshe le tletse ka thubakanyo, dintwa, tshololo ya madi le kgotlelo. Fa baswi ba ka tsosediwa mo lefatsheng le le ntseng jaana, ruri ba ka se itumele go ya go ile. Le fa go ntse jalo, Mmopi o solofeditse gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla fedisa lefatshe leno le le laolwang ke Satane. (Diane 2:21, 22; Daniele 2:44; 1 Johane 5:19) Maikaelelo a Modimo ka lefatshe a gaufi le go diragadiwa. Go tswa foo, mo lefatsheng le lesha la Modimo la kagiso, boidiidi jwa batho ba jaanong ba robetseng mo losong ba tla tsosiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bontsi jwa batho ba ba suleng ba tla tsosediwa gore ba tshele mo lefatsheng