Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o sa Ntse A na Le Taolo mo Ditiragalong Tsa Lefatshe?

A Modimo o sa Ntse A na Le Taolo mo Ditiragalong Tsa Lefatshe?

Taletso . . .

A Modimo o sa Ntse A na Le Taolo mo Ditiragalong Tsa Lefatshe?

MASETLAPELO a tlholego, malwetse a a bolayang, boferefere jwa batho ba maemo a a kwa godimo, ditlhaselo tsa dirukutlhi, dintwa, bokebekwa. Letsatsi le letsatsi re utlwalela dikgang tsa mofuta oo. Le fa o ka tswa o amilwe ke dilo tsa mofuta oo kana nnyaa, o ipotsa gore lefatshe leno le lebile kae le gore a maemo a tla tokafala.

Go tlotla ka dintlha tseno tse batho ba amegileng ka tsone, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di feta 200 mo lefatsheng lotlhe ba tla bo ba na le puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng, “A Modimo o sa Ntse A na Le Taolo mo Ditiragalong Tsa Lefatshe? Mo puong eo go tla sekasekiwa se Modimo a se buang le se a se solofetsang mo Lefokong la gagwe le le se nang phoso, e bong Baebele, malebana le dipotso tseno tsa botlhokwa:

A Modimo o na le kgatlhego mo dilong tse di diragalang mo lefatsheng?

Modimo o ikutlwa jang ka batho?

A o tshwenyegile ka gore dilo di go tsamaele sentle?

Mo mafelong a le mantsi, puo eno e tla neelwa ka Sontaga, April 30, 2006, kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba mo lefelong la gaeno ba tla go bolelela gore go kopanwa ka nako mang le gore go kopanelwa kae.

O lalediwa ka lorato gore o nne teng go tla go reetsa puo eno e e theilweng mo Baebeleng e e neelwang mahala e e tla go nayang karabo ya potso eno: A Modimo o sa Ntse A na Le Taolo mo Ditiragalong Tsa Lefatshe?