Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi—Nnang Sekao se se Molemo mo Baneng ba Lona

Batsadi—Nnang Sekao se se Molemo mo Baneng ba Lona

Batsadi—Nnang Sekao se se Molemo mo Baneng ba Lona

“BAITHUTATLHALOGANYO ba ka nna ba emisa ka letsholo la bone le le tshotseng dingwaga di le lekgolo la go batlana le tsela e e molemolemo ya go godisa bana—e seng ka gonne ba bone tsela eo e e molemolemo, mme ka gonne e seyo.” Go ne ga bolela jalo makasine wa Time mo pegong ya one ya tshekatsheko ya buka e e buang ka go godisa bana. Buka eno e bolela gore selo se segolo se bana ba se dirang ke go etsa mekgwa ya balekane ba bone, e seng ya batsadi ba bone.

Ga go na pelaelo gore re tshwanetse go amogela ntlha ya gore kgatelelo ya balekane e maatla tota. (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Mokwadi wa lokwalodikgang e bong William Brown o ne a re: “Fa e le gore go na le Modimo mongwe yo e seng wa bodumedi yo basha ba dumelang mo go ene, Modimo yoo ke wa go batla go tshwana le batho ba bangwe. . . . Mo basheng, go farologana le balekane ba bone ke selo se se maswemaswe go gaisa le lone loso.” Fa batsadi ba sa dire gore bana ba bone ba ikutlwe ba ratiwa mo gae e bile ba sa dire gore go nne monate mo gae kgotsa ba sa iphe nako e e lekaneng le bone—e leng dilo tse pedi tse gantsi batsadi ba sa di direng mo lefatsheng leno le go nnang go itlhaganetswe mo go lone—tota ba a bo ba letla bana ba bone gore ba tlhotlhelediwe ka tsela e e sa siamang ke balekane ba bone.

Mo godimo ga moo, mo nakong eno ya ‘metlha ya bofelo,’ thulaganyo ya lelapa e senyegela pele ka gonne jaaka fa Baebele e boleletse pele, batho ba tshwaregile thata ka go batla madi, menate le dikgatlhego tsa bopelotshetlha. Ka gone, ruri ga go gakgamatse go bona bana e le “ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego.”—2 Timotheo 3:1-3.

Lereo le le reng “lorato lwa tlholego,” jaaka fa le dirisitswe mo Baebeleng, le kaya lorato lo maloko a lelapa a ratanang ka lone. Lorato lono ke sebofo sa tlholego se se tlhotlheletsang batsadi go tlhokomela bana ba bone le gore bana le bone ba nne le kamano e e nonofileng le batsadi ba bone. Mme fa batsadi ba se na lorato lwa tlholego, bana ba tla batla kgomotso go sele—mme gantsi ba e batla mo balekaneng ba bone, ba go ka diregang thata gore ba etsise mekgwa ya bone le boitshwaro jwa bone. Le fa go ntse jalo, gantsi seemo seno se ka tilwa fa batsadi ba dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa bone jwa lelapa.—Diane 3:5, 6.

Lelapa—Thulaganyo e e Simolotsweng ke Modimo

Fa Modimo a sena go nyadisa Adame le Efa gore e nne monna le mosadi, o ne a ba naya taelo eno: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” Morago ga moo, lelapa—e leng rre, mmè le bana—le ne la simologa. (Genesise 1:28; 5:3, 4; Baefeso 3:14, 15) E le gore Jehofa a thuse batho go godisa bana, o ne a tlhomamisa gore dilo dingwe tsa konokono tsa go nna motsadi di itlele ka tlholego fela. Le fa go ntse jalo, go farologana le diphologolo, batho bone ba tlhoka thuso e e oketsegileng, ka gone Jehofa o ne a ba kwalela dilo tse di neng di tla ba kaela. Dilo tseno di akaretsa dikaelo tse di malebana le boitshwaro, boemo jwa semoya le tsela e e tshwanetseng ya go otlhaya bana.—Diane 4:1-4.

Modimo o ne a bolela se se latelang, a bua segolobogolo le borrabana: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7; Diane 1:8, 9) Ela tlhoko gore batsadi ba ne ba tshwanetse go tsenya molao wa Modimo mo dipelong tsa bone pele. Ke ka ntlha yang fa seno se ne se le botlhokwa? Ka gonne thuto e ruri e tlhotlheletsang batho ba bangwe ga se e e tswang mo molomong, go na le moo ke e e tswang mo pelong. Batsadi ba ka kgona go fitlhelela dipelo tsa bana ba bone fa fela thuto eo e tswa mo dipelong tsa bone. Batsadi ba ba ntseng jalo gape ba tla tlhomela bana ba bone sekao se se molemo, ka gonne bana ba bonako go bona fa motho a sa dire selo go tswa pelong.—Baroma 2:21.

Batsadi ba Bakeresete ba bolelelwa gore ba rute bana ba bone go tloga fa e sa le masea ka “thapiso le kotlhao le kgakololo le tao ya Morena.” (Baefeso 6:4, The Amplified Bible; 2 Timotheo 3:15) Go tloga fa e sa le masea? Ee! Mmabana mongwe o ne a kwala jaana: “Ka dinako tse dingwe rona batsadi ga re tseele tlhogong bokgoni jo bana ba nang le jone. Re bo tlhaetsa matlho. Tota ba na le bokgoni. Rona batsadi re tshwanetse ra dirisa bokgoni joo.” Ee, bana ba rata go ithuta, mme fa ba rutiwa ke batsadi ba ba boifang Modimo, le bone ba tla ithuta go nna lorato. Bana ba ba ntseng jalo ba tla ikutlwa ba babalesegile e bile ba sireletsegile fa ba beetswe melao e ba tshwanetseng go e latela. Ka gone, batsadi ba ba batlang go atlega mo go godiseng bana ba tshwanetse ba leka ka natla go nna ditsala tse di lorato, ba nne le puisano e e molemo ba bo ba nne barutisi ba ba pelotelele mme ba sa repise letsogo, ba dira gore bana ba nne mo lefelong le le molemo le ba tla golang sentle mo go lone. *

Sireletsa Bana ba Gago

Mogokgo mongwe kwa Jeremane yo o neng a amegile ka bana o ne a kwalela batsadi jaana: “Re rata go lo rotloetsa lona batsadi ba ba rategang gore lo simolole go nna le seabe se segolwane mo go godiseng bana ba lona mme lo se ka lwa tlogelela thelebishene kgotsa balekane ba bana ba lona ba ba sa siamang e nna bone ba bopang botho jwa bone ka gonne [boikarabelo] jono tota ke jwa lona.”

Go tlogela ngwana wa gago gore a tlhotlhelediwe ke thelebishene kgotsa ke dithaka tsa gagwe tse di sa siamang, totatota ke go letla gore moya wa lefatshe o tlhotlheletse tsela e ngwana a golang ka yone. (Baefeso 2:1, 2) Moya ono wa lefatshe o ganetsana ka tlhamalalo le moya wa Modimo, o tshwana le phefo e e maatla e e tlang e rwele dipeo tsa go akanya ga ‘selefatshe, ga bophologolo, ga bodimona’ e bo e di jala mo megopolong le mo dipelong tsa ba ba se nang maitemogelo kgotsa ba ba dieleele. (Jakobe 3:15) Tsela eno ya go akanya e e senyang jaaka mofero kgabagare e senya pelo. Jesu o ile a dira setshwantsho se se bontshang matswela a se se jalwang mo pelong, ka go re: “Motho yo o molemo o ntsha molemo mo letlotlong le le molemo la pelo ya gagwe, mme motho yo o boikepo o ntsha se se boikepo mo letlotlong la gagwe la boikepo; gonne molomo wa gagwe o bua se se tletseng mo pelong.” (Luke 6:45) Ka gone, Baebele e re kgothatsa jaana: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago, gonne metswedi ya botshelo e tswa mo go yone.”—Diane 4:23.

Ke boammaaruri gore bana ba tla nna ba itshwara jaaka bana, mme bangwe ba bone ba sekametse thata mo go nneng tlhogo e thata, le e leng go tswa mo tseleng. (Genesise 8:21) Ke eng se batsadi ba ka se dirang? Baebele ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane; thupa ya kotlhao ke yone e e tla bo tlosetsang kgakala le ene.” (Diane 22:15) Batho bangwe ba bolela gore seno ke go tshwara ngwana ka tsela e e makgwakgwa e bile go dira jalo go feletswe ke nako. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgatlhanong le thubakanyo le tshotlo tsa mofuta mongwe le mongwe. “Thupa,” le fa gone ka dinako tse dingwe e ka raya go otlhaya ka tsela ya mmatota, e tshwantshetsa taolo ya botsadi e e dirisiwang ka tlhomamo mme gone e le ka lorato le ka tsela e e tshwanetseng ka ntlha ya go batla gore dilo di tsamaele bana sentle ka bosakhutleng.—Bahebera 12:7-11.

Itumelele Boitlosobodutu le Bana ba Gago

Ke selo se se itsegeng gore bana ba tlhoka go tshameka le go itlosa bodutu gore ba kgone go gola sentle. Batsadi ba ba botlhale ba dirisa tshono nngwe le nngwe e e tlhagang go nonotsha kamano ya bone le bana ba bone ka go itumelela boitlosobodutu le bana ba bone nako le nako fa go kgonega. Ka go dira jalo, ga se fela gore batsadi ba tla kaela bana ba bone gore ba tlhophe boitlosobodutu jo bo siameng, mme gape ba ka bontsha bana ba bone kafa ba anaanelang go nna mmogo le bone ka teng.

Rrabana mongwe wa Mosupi a re gantsi fa a tswa tirong o ne a tshameka kgwele le morwawe. Mmabana mongwe ene o gakologelwa gore o ne a rata thata go tshameka metshameko e e jaaka morabaraba le bana ba gagwe. Mosetsana mongwe yo o setseng a godile o gakologelwa gore ene le ba lelapa la gaabo ba ne ba itumelela go palama dibaesekele. Bana bano botlhe jaanong ke bagolo, mme tsela e ba ratang batsadi ba bone ka yone—le e ba ratang Jehofa ka yone—e nonofile le go feta mme e ntse e nonofa go ya pele.

Ee ruri, batsadi ba ba bolelelang bana ba bone gore ba a ba rata ba bo ba ba bontsha le ka ditiro e bile ba bontsha gore ba itumelela go nna le bone ba dira gore seno se nnele ruri mo megopolong ya bana ba bone tota le fa ba setse ba godile. Ka sekai, bontsi jwa baalogi ba tlelase nngwe ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ba ile ba bolela gore se se dirileng gore ba gagamalele bodiredi jwa nako e e tletseng ke sekao le kgothatso ya batsadi ba bone. A bo seno e le boswa jo bo molemolemo jang ne mo baneng, mme a bo e le tshegofatso jang mo batsading! Ke boammaaruri gore ga se bana botlhe ba maemo a bone a ba letlang go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng fa ba setse ba godile, mme ruri bana botlhe ba solegelwa molemo e bile ba tlotla batsadi ba bone ba ba boifang Modimo ba e nnang ditsala tsa bone tse di ntshanang seinong e bile ke dikao tse di molemo tse ba ka di etsang.—Diane 22:6; Baefeso 6:2, 3.

Batsadi ba ba Senang Balekane ba ka Atlega

Gompieno bana ba le bantsi ba golela mo malapeng a motsadi yo o senang molekane. Le fa gone seno e le kgwetlho e kgolo mo go godiseng ngwana, ba ka kgona go atlega. Batsadi ba ba senang balekane ba ka kgothadiwa ke sekai se se mo Baebeleng sa ga Yunise, Mokeresete wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga. E re ka a ne a nyetswe ke monna yo o sa dumeleng, go ka direga gore monna wa ga Yunise o ne a sa mo eme nokeng mo dilong tsa semoya. Le fa go ntse jalo, tsela e Yunise a ileng a ruta Timotheo ka yone ke sekao se se molemo. Tlhotlheletso ya gagwe e e molemo e a neng a tlhotlheletsa Timotheo ka yone go tloga fela fa a sa le lesea, mmogo le ya ga Loise, e bong nkokoagwe Timotheo, e ile ya nna maatla go gaisa tlhotlheletso epe e e bosula e e neng e ka tswa mo dithakeng dingwe tsa ga Timotheo.—Ditiro 16:1, 2; 2 Timotheo 1:5; 3:15.

Basha ba le bantsi gompieno ba ba goletseng mo lelapeng la motsadi yo o sa dumeleng kgotsa mo lelapeng la motsadi yo o senang molekane le bone ba ile ba bontsha dinonofo tse di molemo tse Timotheo yo mmotlana a neng a na le tsone. Ka sekai, Ryan, yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 22 e bile a le mo bodireding jwa nako e e tletseng, o goletse mo lelapeng la motsadi yo o senang molekane, ene le mogolowe wa mosimane le wa mosetsana. Rraabone e ne e le letagwa mme o ne a ba latlha fa Ryan a na le dingwaga di le nnè. Ryan o gakologelwa jaana: “Mama o ne a ititeile sehuba gore lelapa la rona le tswelele pele le direla Jehofa, mme o ne a dira dilo tumalanong le maikemisetso ao a gagwe ka pelo yotlhe.”

Ryan o ne a re: “Ka sekai, mmè o ne a tlhomamisa gore rona bana re tlhotlhelediwa ke ditsala tse di molemo. O ne a sa re letle go itsalanya le bao Baebele e ba tlhalosang e re ke ba ba bosula, e ka tswa e le kwa ntle ga phuthego kgotsa mo teng ga yone. Gape o ne a re ruta tsela e re tshwanetseng go leba thutego ya lefatshe ka yone.” Le fa gone gantsi mmaagwe Ryan a ne a tshwaregile e bile a lapile fa a tswa tirong, seno se ne se sa mo thibele go kgatlhegela bana ba gagwe ka tsela e e lorato. Ryan o ne a re: “Ka dinako tsotlhe Mmè o ne a batla go nna le rona le go tlotla le rona. E ne e le morutisi yo o pelotelele mme gone a sa repisa letsogo, a dira sotlhe se a ka se kgonang go tlhomamisa gore re nna le thuto ya lelapa ya Baebele e e tshwarwang ka metlha. Fa go tliwa mo melaometheong ya Baebele, o ne a sa dumele gore re ineele fa re raelesega go e tlola.”

Fa Ryan a leba kwa morago o lemoga gore tlhotlheletso e e molemo go gaisa mo botshelong jwa gagwe le jwa bomogolowe e ne e tswa mo motsading wa gagwe yo ruri a neng a rata Modimo e bile a rata le bana ba gagwe. Ka gone, lona batsadi ba Bakeresete—lo ka tswa lo nyetswe kgotsa lo tlhokafaletswe ke balekane, lo na le balekane ba ba dumelang kgotsa ba ba sa dumeleng—se ineeleng fa lo kgobega marapo kgotsa fa lo nna le poelo morago ya nakwana fela fa lo ntse lo leka ka natla go ruta bana ba lona. Ka dinako tse dingwe, bana bangwe, fela jaaka morwa wa sesinyi, ba ka nna ba tlogela boammaaruri. Mme fa ba bona kafa tota lefatshe le leng lolea ka teng le kafa le senang lorato ka teng, ba ka nna ba boa. Ee, “mosiami o tsamaya mo bothokgaming jwa gagwe. Go itumela bomorwawe morago ga gagwe.”—Diane 20:7; 23:24, 25; Luke 15:11-24.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona dintlha ka botlalo malebana le dikgang tseno, bona tsebe 55-9 ya buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

BATSADI BA GA JESU—BA NE BA TLHOPHILWE KE MODIMO

Fa Jehofa a ne a roma Morwawe Jesu gore a tle go tsholwa e le motho, o ile a tlhopha batsadi ba gagwe ka kelotlhoko. Se se kgatlhang ke gore, o ile a tlhopha banyalani ba ba boikokobetso, ba ba boifang Modimo ba ba neng ba se ka ba dira gore Jesu a nne matepe, mme go na le moo ba mo ruta Lefoko la Modimo le botlhokwa jwa go bereka ka natla le go nna le maikarabelo. (Diane 29:21; Dikhutsafalo 3:27) Josefa o ne a ruta Jesu tiro ya go nna mmetli wa legong, mme ga go pelaelo gore Josefa le Marea ba ne ba laela Jesu, ka e ne e le ene ngwana wa bone wa leitibolo, gore a ba thuse go tlhokomela bana ba bangwe ba bone, ba ba neng ba ka nna barataro.—Mareko 6:3.

O ka nna wa akanya ka lelapa la ga Josefa le bereka mmogo ka nako ya Tlolaganyo go baakanyetsa loeto lwa bone lwa ngwaga le ngwaga lwa go ya Jerusalema—e leng loeto lwa dikilometara di le 200 go ya le go boa go se na dipalangwa tsa segompieno. Ruri ga go na pelaelo gore lelapa la maloko a le robongwe kgotsa go feta le ne le tla tshwanelwa ke go rulaganyetsa loeto lono lo loleele sentle. (Luke 2:39, 41) Go sa kgathalesege dikgwetlho tse ba neng ba lebana le tsone, ga go pelaelo gore Josefa le Marea ba ne ba tsaya maeto ano a le botlhokwa thata, gongwe ba dirisa tshono eno go ruta bana ba bone ka ditiragalo tse di fetileng tsa Baebele.

Fa Jesu a sa ntse a nna kwa gaabo, o ne a “tswelela a le mo taolong” ya batsadi ba gagwe, mme ka nako eno yotlhe “a gatela pele mo botlhaleng le mo kgolong ya mmele le mo kamogelong ya Modimo le ya batho.” (Luke 2:51, 52) Ee, Josefa le Marea ba ile ba itshupa gore ba ne ba tshwanelega go bo Jehofa a ile a ba tshepa. A bo e le sekao se se molemo jang ne mo batsading gompieno!—Pesalema 127:3.