Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa lo Dirisa Taolo, Etsang Keresete

Fa lo Dirisa Taolo, Etsang Keresete

Fa lo Dirisa Taolo, Etsang Keresete

DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, go ne ga dirwa tekeletso ya go bona kafa batho ba itshwarang ka teng, mme matswela a yone a ne a gakgamatsa thata. Batho ba ba neng ba dirisiwa go dira ditekeletso tseno ba ne ba kgaoganngwa ka ditlhopha tse pedi. Setlhopha se sengwe se ne sa newa tiro ya go nna badisa ba magolegwa mme sa laelwa go tlhokomela setlhopha se sengwe, se se neng sa laelwa go nna magolegwa. Go ne ga diragalang?

Pego e ne ya bolela jaana: “Mo lobakeng lwa malatsi a se kae fela, bontsi jwa [badisa ba magolegwa] ba ne ba simolola go sotla le go kgerisa magolegwa, ba a otlhaya gangwe le gape, mme magolegwa one a ne a ikoba ka ntlha ya letshogo e bile a ikutlwa gore ke batho ba maemo a a kwa tlase.” Babatlisisi ba ne ba dira tshwetso eno: Mo e ka nnang mongwe le mongwe a ka wela mo seraing sa go dirisa taolo ka tsela e e sa siamang.

Tsela e e Siameng Le e E sa Siamang ya go Dirisa Taolo

Ke boammaaruri gore go dirisa taolo ka tsela e e siameng e ka nna selo se se solegelang molemo. Go ka dira gore go nne le kaelo e e tshwanetseng mme go ka felela ka gore batho ba solegelwe molemo mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. (Diane 1:5; Isaia 48:17, 18) Le fa go ntse jalo, jaaka fa tekeletso e e umakilweng fa godimo e bontshitse, go nna go ntse go na le kotsi ya gore taolo e se ka ya dirisiwa sentle. Baebele e bua ka kotsi eno mme ya re: “Fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.”—Diane 29:2; Moreri 8:9.

Go dirisa taolo ka tsela e e sa siamang go kotsi, tota le fa go dirwa ka maitlhomo a a molemo. Ka sekai, malobanyana jaana setlhopha sa batho ba ba rutang bodumedi kwa Ireland se ne sa kopa maitshwarelo phatlalatsa ka ntlha ya tsela e barutisi bangwe ba ileng ba dirisa taolo ka tsela e e sa siamang ka teng mo baneng ba ba neng ba ba tlhokomela. Ga go pelaelo gore maitlhomo a bontsi jwa barutisi bano a ne a le molemo, mme mekgwa e bangwe ba bone ba neng ba e dirisa e ne e le kotsi ka tsela e e feteletseng. Lokwalodikgang longwe lo ne lwa bega gore “bana ba le bantsi [ba ne ba] gobala ka tsela nngwe ka ntlha ya tirisodikgoka e e feteletseng le go tshwarwa makgwakgwa ke bakaulengwe ba le bantsi ba barutisi.” (The Irish Times) Ka gone, o ka dirisa jang taolo ka tsela e e tla dirang gore o thuse ba bangwe go dira sotlhe se ba ka se kgonang go na le gore ba katogele kgakala le wena kgotsa o ba utlwise botlhoko ka tsela e o buang ka yone le e o dirang dilo ka yone?—Diane 12:18.

“Taolo Yotlhe” e Neilwe Jesu Keresete

Akanya ka sekai sa ga Jesu Keresete. Nakwana fela pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.” (Mathaio 28:18) A seno se ne sa boifisa barutwa ka tsela nngwe? A ba ne ba akanya gore jaanong Jesu o tlile go bontsha moya o o tshwanang le wa Bo-Kaesare ba kwa Roma, ba ba neng ba itsege ka go dirisa dikgoka go fedisa botsuolodi kgotsa go fedisa ba ba kgatlhanong le puso?

Pego ya Baebele e bontsha ka tsela e e phepafatseng gore ga go a nna jalo! Jesu Keresete o dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e tshwanang le e Rraagwe a e dirisang ka yone. Le fa gone go se pelaelo gore Jehofa ke Molaodimogolo yo o maatlaotlhe wa Lobopo, o rata fa babusiwa ba gagwe ba mo direla ka gonne ba mo rata, e seng ka go bo ba mmoifa kgotsa ba mo ikobela ka tsela ya bokgoba. (Mathaio 22:37) Jehofa ga a ke a dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e sa siamang. Ponatshegelo e e bonalang sentle e e neng ya bonwa ke moporofeti Esekiele e bontsha seno.

Mo ponatshegelong eno, Esekiele o ne a bona dibopiwa di le nnè tsa baengele tse di neng di tlotlomatsa bolaodi jwa Modimo. Sengwe le sengwe sa tsone se ne se na le difatlhego di le nnè. Esekiele o ne a kwala jaana: “Fa e le setshwano sa difatlhego tsa tsone, ka bonè jwa tsone di ne di na le sefatlhego sa motho le sefatlhego sa tau kafa mojeng, mme ka bonè jwa tsone di ne di na le sefatlhego sa poo kafa molemeng; ka bonè jwa tsone gape di ne di na le sefatlhego sa ntsu.” (Esekiele 1:10) Difatlhego tseno tse nnè di ne di tshwantshetsa dinonofo tse nnè tse di tlhomologileng tsa Modimo tse a di dirisang ka tekatekano. Dinonofo tseno di tlhalosiwa mo Lefokong la Modimo e le: lorato, lo lo emelwang ke sefatlhego sa motho; tshiamiso, e e emelwang ke sefatlhego sa tau; le botlhale, jo bo emelwang ke sefatlhego sa ntsu. Dinonofo tseno tse tharo di dirisiwa mmogo le ya bonè—maatla, jaaka fa e supiwa ke sefatlhego sa poo. Seno sotlhe se kayang? Ponatshegelo eno e bontsha gore Jehofa le ka motlha ga a ke a dirisa maatla a gagwe a a senang selekanyo le taolo ya gagwe a sa tle a a lekalekanya le dinonofo tse dingwe tsa gagwe tse di tlhomologileng.

E re ka Jesu Keresete a etsisa Rraagwe, ka dinako tsotlhe o ne a dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e dumalanang ka botlalo le lorato, botlhale le tshiamiso. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ikutlwa ba lapologile fa ba dira ba le mo taolong ya gagwe. (Mathaio 11:28-30) Nonofo e e tlhomologileng go di gaisa tsotlhe e Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba nang le yone ke lorato, e seng maatla kgotsa taolo!—1 Bakorintha 13:13; 1 Johane 4:8.

O Dirisa Jang Taolo e o Nang le Yone?

Wena o dira jang mo ntlheng eno? Ka sekai, a o dirisa taolo e o nang le yone mo lelapeng la gago ka go gagamalela gore dilo di dirwe ka tsela e wena o batlang di dirwa ka yone? A ba bangwe mo lelapeng ba dumalana le ditshwetso tsa gago ka go bo ba go boifa kgotsa ka go bo ba go rata? A ba go ikobela ka ntlha ya maatla a o nang le one? Tseno ke dipotso tse ditlhogo tsa malapa di ka di ipotsang gore di ba thuse go tsamaisa dilo ka tsela ya puso ya Modimo mo thulaganyong ya lelapa.—1 Bakorintha 11:3.

Go tweng fa e le gore o na le taolo e e rileng mo phuthegong ya Bokeresete? Gore o bone gore a o e dirisa ka tsela e e siameng, bapisa tsela e o dirang dilo ka yone le melaometheo e e latelang e e tlhotlheleditsweng ke Jehofa Modimo ya bo ya bontshiwa ke Jesu Keresete.

“Motlhanka wa Morena . . . o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe, . . . a nna a ithibile mo bosuleng, a laya ka bonolo ba ba sa sekamelang mo go direng molemo.”—2 Timotheo 2:24, 25.

Batho bangwe mo phuthegong ya pele ya Bokeresete ba ne ba na le taolo e kgolo. Ka sekai, Timotheo o ne a kgona tota le go ‘laela bangwe gore ba se ka ba ruta thuto e sele ya motheo.’ (1 Timotheo 1:3) Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore Timotheo o ne a bontsha dinonofo tsa Modimo mo go sengwe le sengwe se a neng a se dira, ka gonne ga go pelaelo gore o ne a dira dilo tumalanong le kgakololo ya ga Paulo ya gore a laye “ka bonolo” le “go nna bonolo mo go botlhe” fa a dirisa taolo ya gagwe ya bolebedi mo phuthegong ya Bokeresete. E re ka a ne a sa le mmotlana fa a bapisiwa le bagolwane ba bangwe, o ne a tshwanetse go itshwara jaaka morwa yo o nang le tlotlo mo go ba ba godileng le go nna morwarre yo o lorato fa a dirisana le ba babotlana. (1 Timotheo 5:1, 2) Fa phuthego ya Bokeresete e tlhokomelwa ka tsela eno e e lorato, e kgona go nna le moya wa lorato, wa lelapa le le lorato, e seng wa go tlhoka lorato le o o setlhogo wa setlhopha sa bagwebi.—1 Bakorintha 4:14; 1 Bathesalonika 2:7, 8.

“Babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona; mme le fa e le mang yo o batlang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona.”—Mathaio 20:25, 26.

Babusaesi ba ba setlhogo ba lefatshe “ba rena” mo babusiweng ba bone ka go ba pateletsa go dira se ba se batlang le go gatelela gore ba dire dilo ka tsela e e rileng, ba ba tshosetsa ka gore ba tla otlhaiwa fa ba sa ba ikobele. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o ile a bua thata ka go direla batho ba bangwe e seng go ba gatelela. (Mathaio 20:27, 28) Ka dinako tsotlhe o ne a tshwara barutwa ba gagwe ka lorato le ka tsela e e bontshang gore o amega ka bone. Fa o latela sekao sa ga Jesu, go motlhofo thata gore batho ba bangwe ba dirisane mmogo le wena. (Bahebera 13:7, 17) Gape seno se dira gore go nne motlhofo le go feta gore ba bangwe ba ikobele taolo ya gago ba bo ba dire mo go oketsegileng fa go kgonega, ba dira jalo ka go rata e seng ka gonne ba patelediwa ka tsela nngwe.—Mathaio 5:41.

“Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, e seng . . . ka go rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme e nne ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 Petere 5:2, 3.

Balebedi gompieno ba lemoga gore ba tla ikarabelela mo Modimong ka boemo jwa semoya jwa batho botlhe mo phuthegong. Ba tsaya boikarabelo jono jwa bone ka tsela e e masisi. Fa go tliwa mo ntlheng ya go tlhokomela letsomane la Modimo, ba leka ka natla go dira jalo ka go rata, ka tlhagafalo le ka tsela e e lorato. Jaaka moaposetoloi Paulo, ba dira ka natla go aga le go nonotsha tumelo ya ba ba leng mo taolong ya bone, e seng go batla go nna beng ba tumelo ya bone.—2 Bakorintha 1:24.

Fa go tlhokega gore bagolwane ba neele mongwe kgakololo e e tshwanetseng, ba dira jalo ka moya o o bonolo gore ba lolamise yo o dirileng phoso kgotsa ba thuse Mokeresete mmogo le bone gore a gatele pele semoyeng. Ba nna ba gakologetswe kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo, mongwe le mongwe wa lona a ntse a ipeile leitlho, e se re kgotsa le lona lwa raelwa.”—Bagalatia 6:1; Bahebera 6:1, 9-12.

“Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile . . . Aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:13, 14.

O dirisana jang le batho ba go ka diregang gore ba palelwa ke go dira dilo sentle ka botlalo go ya ka melao ya Bokeresete? A o akanyetsa makoa a bone jaaka fa Jehofa le Jesu Keresete ba dira? (Isaia 42:2-4) Kgotsa a o gatelela gore go diragadiwe molao ka tsela e e gagametseng mo maemong mangwe le mangwe? (Pesalema 130:3) Gakologelwa gore o tshwanetse wa nna bonolo fa go kgonega mme o tlhomame fa fela e le gore go a tlhokega. Go dira dilo ka tsela e e lorato go tla go thusa gore o nne le kamano e e nonofileng le batho ba ba mo taolong ya gago le gore wena le bone lo tshepane.

Fa e le gore o neilwe taolo nngwe e e rileng, leka ka natla go etsa Jehofa Modimo le Jesu Keresete fa o dirisa taolo eo. Gakologelwa setshwantsho se se kgatlhang thata se mopesalema a ileng a se dirisa fa a tlhalosa tsela e Jehofa a dirisang taolo ya gagwe ka yone mo bathong ba gagwe. Dafide o ne a opela jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe.” Jesu le ene re bala jaana ka ene: “Ke nna modisa yo o molemo, mme ke itse dinku tsa me le dinku tsa me di a nkitse, fela jaaka Rara a nkitse le nna ke itse Rara; mme ke neela moya wa me mo boemong jwa dinku.” Ga go na dikao dipe tse dingwe tse di botoka tse re ka nnang le tsone malebana le go dirisa taolo ka tsela e e lorato fa e se Jehofa Modimo le Jesu Keresete fela.—Pesalema 23:1-3; Johane 10:14, 15.

[Mafoko a a mo go tsebe 18]

Tsela e Jehofa a dirisang maatla ka yone ka dinako tsotlhe e dumalana ka botlalo le dinonofo tsa gagwe tsa tshiamiso, botlhale le lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ka dinako tse dingwe, bagolwane ba tshwanelwa ke go naya ba ba dirileng phoso kgakololo ka tsela e e lorato

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a itshware jaaka morwa yo o tlotlegang le morwarre yo o amegang ka ba bangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jesu Keresete o dirisa taolo ya gagwe ka tsela e e botlhale, e e tshiamo le e e lorato