Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhaloganya Baebele—Ke Eng se se Tla go Thusang?

Go Tlhaloganya Baebele—Ke Eng se se Tla go Thusang?

Go Tlhaloganya Baebele—Ke Eng se se Tla go Thusang?

“O FITLHETSE ba ba botlhale le ba ba bonokopela dilo tseno ka kelotlhoko, mme o di senoletse masea.” (Luke 10:21) Mafoko ano a Jesu a neng a a raya Rraagwe yo o kwa legodimong a bontsha gore fa re batla go tlhaloganya Baebele, re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng. Re bona botlhale jwa ga Jehofa ka gonne a re neile buka e e ka tlhaloganngwang ka botlalo fela ke batho ba ba ikokobeditseng, ba ba batlang go rutiwa.

Ga go motlhofo gore bontsi jwa rona re ikokobetse. Rotlhe re na le tshekamelo ya go ikgogomosa. Gape, re tshela mo “metlheng ya bofelo,” mo gare ga batho ba e leng “baithati, . . . ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-4) Mekgwa eno e re kgoreletsa go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Ka maswabi, rotlhe re tlhotlhelediwa ke batho ba re tshelang le bone. Ka jalo, a o ka nna le boikutlo jo bo tlhokegang gore o kgone go tlhaloganya Baebele?

Go Etleetsa Pelo le Tlhaloganyo

Esera yo e neng e le moeteledipele wa batho ba Modimo bogologolo, “o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa.” (Esera 7:10) A go na le tsela nngwe e re ka etleetsang dipelo tsa rona ka yone? Ee, e teng. Re ka simolola ka go leba Baebele ka tsela e e tshwanetseng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete mmogo le ene jaana: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo, le gape le dirang mo go lona badumedi.” (1 Bathesalonika 2:13) Le fa Modimo a ne a dirisa batho go kwala Baebele, ba ne ba kwala se se tswang kwa go Jehofa. Go lemoga ntlha eno ya botlhokwa go tla dira gore re amogele se re se balang.—2 Timotheo 3:16.

Tsela e nngwe ya go etleetsa dipelo tsa rona ke ka thapelo. E re ka Baebele e tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo, re ka kgona go tlhaloganya molaetsa wa yone fa re thusiwa ke moya o o boitshepo. Re tshwanetse go rapelela thuso e e ntseng jalo. Ela tlhoko kafa mopesalema a neng a tshwenyegile ka seno ka teng fa a ne a kwala jaana: “Ntira gore ke tlhaloganye, gore ke tle ke boloke molao wa gago le gore ke o boloke ka pelo yotlhe.” (Pesalema 119:34) Re tshwanetse go rapelela botlhale gore re kgone go tlhaloganya se se kwadilweng mme gape re rapelele go nna le boikutlo jo bo siameng jo bo tla dirang gore re amogele se Baebele e se buang. Gore re kgone go tlhaloganya Baebele, re tshwanetse go amogela se se boammaaruri.

Fa o tlhatlhanya gore o tle o nne le boikutlo jo bo siameng, sekaseka kafa go ithuta Baebele go ka go thusang ka teng. Re na le mabaka a le mantsi a a molemo a go bo re bala Lefoko la Modimo, mme lebaka la botlhokwa le go feta ke ka gonne e re thusa go atamalana le Modimo. (Jakobe 4:8) Re kgona go lemoga gore Jehofa ke motho wa mofuta mang fa re bala kafa a dirang dilo ka teng mo maemong a a farologaneng, kafa a anaanelang ka teng batho ba ba mo ratang, le kafa a dirisanang ka teng le batho ba ba mo tlogelang. Ka metlha fa re bala Baebele, boikaelelo jwa rona jo bogolo e tshwanetse go nna go batla go itse Modimo botoka mme ka tsela e e ntseng jalo re nonotshe kamano ya rona le ene.

Dilo Tse di Kgoreletsang go Nna le Boikutlo jo bo Siameng

Ke eng se se ka re kgoreletsang go tlhaloganya Lefoko la Modimo? Selo se sengwe se se ka re kgoreletsang ke go nna le boikutlo jwa gore re tshwanetse go ngaparela ditumelo tse di sa tshwanelang tsa batho ba bangwe. Ka sekai, o ka tswa o tseetse kwa godimo dilo tse di dumelwang ke batho bangwe le tsela e ba lebang dilo ka yone. Le fa go ntse jalo, o ne o ka dirang fa e le gore batho bao ga ba tlotlomatse e bile ga ba tseele kwa godimo boammaaruri jwa Lefoko la Modimo? Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna thata go tlhaloganya se tota Baebele e se rutang. Ka jalo, Baebele e re kgothaletsa gore re tlhatlhobe ka kelotlhoko dilo tse re setseng re di rutilwe.—1 Bathesalonika 5:21.

Mmaagwe Jesu, e bong Marea, o ne a lebana le kgwetlho e e ntseng jalo. O ne a godisitswe go ya ka ngwao ya Sejuda. O ne a ngaparetse Molao wa ga Moshe thata mme ga go na pelaelo gore o ne a ya sinagogeng. Fa nako e ntse e ya o ne a lemoga gore Modimo o ne a sa tlhole a amogela kobamelo e batsadi ba gagwe ba e mo rutileng. Ka jalo, Marea o ne a amogela thuto ya ga Jesu mme a nna mongwe wa maloko a ntlha a phuthego ya Bokeresete. (Ditiro 1:13, 14) Ka go dira jalo o ne a sa nyatse batsadi ba gagwe le dingwao tsa bone, mme o ne a bontsha gore o rata Modimo. Le rona, fela jaaka Marea, re tshwanetse go ikanyega mo Modimong go feta go ikanyega mo mothong le fa e le ope fela gore re tle re solegelwe molemo ke go ithuta Baebele.

Ka maswabi, batho ba bantsi ba nyatsa boammaaruri jo bo rutwang ke Baebele. Ba bangwe bone ba kgotsofalela go latela dingwao tsa bodumedi tse di theilweng mo maakeng. Ba bangwe ba supa gore ba nyaditse boammaaruri ka tsela e ba buang ka yone le ka tsela e ba tshelang ka yone. Mme gone go amogela boammaaruri jo bo rutwang ke Baebele go ka go bakela mathata mangwe: Go ka dira gore o se ka wa utlwana le ditsala tsa gago, baagisani, batho ba o berekang le bone, le e leng ba lelapa la gago. (Johane 17:14) Le fa go ntse jalo, monna yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Reka boammaaruri mme o se ka wa bo rekisa.” (Diane 23:23) Fa e le gore o tseela boammaaruri kwa godimo, Jehofa o tla go thusa go tlhaloganya Baebele.

Selo se sengwe se se ka kgoreletsang motho go tlhaloganya molaetsa wa Baebele ke fa a sa batle go dirisa se e se rutang. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neilwe go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa bogosi jwa magodimo, mme batho bale ga baa go newa. Gonne pelo ya batho bano ga e tlhole e amogela sepe, mme ka ditsebe tsa bone ba utlwile mme ga ba arabele.” (Mathaio 13:11, 15) Bontsi jwa batho ba Jesu a neng a ba rerela ba ne ba sa amogele molaetsa wa gagwe e bile ba ne ba sa ikemisetsa go fetoga. Ba farologane thata le mogwebi yo Jesu a neng a bua ka ene mo setshwantshong! E ne ya re fa mogwebi yoo a bona perela ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, o ne a rekisa dilo tsotlhe kwantle ga go diega gore a e reke. Go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele go tshwanetse ga nna tlhwatlhwakgolo fela jalo mo go rona.—Mathaio 13:45, 46.

Kgwetlho ya go Amogela Se o Se Rutiwang

Selo se sengwe se se dirang gore go tlhaloganya Baebele go se ka ga nna motlhofo ke fa re le batho ba ba sa amogeleng se re se rutiwang. Motho a ka fitlhela go le thata go amogela dikgopolo tse disha mo mothong yo mongwe yo o lebegang e le wa maemo a a kwa tlase. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba ga Jesu Keresete e ne e le “banna ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” (Ditiro 4:13) Fa Paulo a ne a tlhalosa lebaka la go bo go ne go ntse jalo, o ne a kwala jaana: “Lo bona go lo bitsa ga gagwe, bakaulengwe, gore go ne ga se ka ga bidiwa ba bantsi ba ba botlhale ka tsela ya senama, ba bantsi ba ba nang le maatla, ba bantsi ba ba tshotsweng ke batlotlegi; mme Modimo o ne a tlhopha dilo tsa boeleele tsa lefatshe, gore a tle a tlhabise batho ba ba botlhale ditlhong.” (1 Bakorintha 1:26, 27) Fa o lemoga gore go rutiwa ke motho wa maemo a a kwa tlase go dira gore o thatafalelwe ke go ikokobetsa, gakologelwa gore motho yoo o dirisiwa ke Modimo go go ruta. A go na le sengwe se se ka gaisang go rutwa ke Jehofa, yo e leng “Motlhatlheledi yo Mogolo” wa rona?—Isaia 30:20; 54:13.

Molaodi wa masole a Siria e bong Naamane o ne a thatafalelwa ke go amogela kaelo e e tswang mo mothong wa maemo a a kwa tlase. O ne a ya go bona moporofeti wa ga Jehofa, e bong Elisha ka gonne a ne a batla go alafiwa lepero. Mme ditaelo tsa Modimo tsa se a neng a tshwanetse go se dira gore a fole di ne tsa tlisiwa ke motlhanka kwa go Naamane. Molaetsa oo le tsela e o tlileng ka yone di ne tsa dira gore Naamane a palelwe ke go ikobela ditaelo tseo mo e leng gore kwa tshimologong o ne a gana go ikobela lefoko la moporofeti wa Modimo. Fa go ntse go ya, Naamane o ne a fetola boikutlo jwa gagwe mme a fodisiwa. (2 Dikgosi 5:9-14) Re lebana le kgwetlho e e tshwanang fa re bala Baebele. Re ka nna ra ithuta gore re tshwanetse go tshela ka tsela e e farologaneng gotlhelele le e re ntseng re tshela ka yone fa re batla go fodisiwa ka tsela ya semoya le mo boitsholong. A re tla ikokobetsa mme ra letla mongwe gore a re rute se re tshwanetseng go se dira? Ke batho ba ba iketleeleditseng go rutiwa fela ba ba ka tlhaloganyang Baebele.

Monna mongwe yo o neng a na le maemo mo pusong kafa tlase ga kgosigadi Kandase wa Ethiopia, o ne a nna le boikutlo jo bo molemo. O ne a boela kwa Afrika a palame koloi ya gagwe fa morutwa Filipo a ne a mo tabogela. Filipo o ne a mmotsa gore a o ne a tlhaloganya se a neng a se bala. Modiredimogolo yoo o ne a ikokobetsa mme a re: “Tota, nka tlhaloganya jang, fa mongwe a sa nkaele?” Monna yoo o ne a kolobediwa fa a sena go tlhaloganya Lefoko la Modimo. Morago ga foo, o ne a “itsamaela a ipela thata.”—Ditiro 8:27-39.

Ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ke batho fela ba ba tlwaelegileng. Beke le beke ba tshwara dithuto tsa Baebele mo magaeng a batho ba feta dimilione di le thataro. E re ka Baebele e ruta batho go tshela botshelo jo bo molemolemo, e tlhalosa tsholofelo e le yosi ya mmatota e batho ba ka nnang le yone e bile e bontsha batho kafa ba ka atamalanang ka teng le Modimo, batho ba le bantsintsi ba lemogile gore go ithuta Baebele le go tlhaloganya se e se buang go ba itumedisa fela thata. Le wena o ka go itumelela.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Naamane o ne a thatafalelwa ke go amogela ditaelo tse di neng di tla ka motlhanka wa maemo a a kwa tlase

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go tlhaloganya Baebele go a re itumedisa