Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhaloganya Baebele—Sengwe Se o Ka Kgonang go se Itumelela

Go Tlhaloganya Baebele—Sengwe Se o Ka Kgonang go se Itumelela

Go Tlhaloganya Baebele—Sengwe Se o Ka Kgonang go se Itumelela

BAEBELE e na le mafoko a botlhokwatlhokwa a boammaaruri a a tswang kwa Modimong. E re bolelela gore boikaelelo jwa botshelo ke eng, gore ke ka ntlha yang fa batho ba boga le gore isagwe ya batho e tlile go nna jang. E re ruta kafa re ka bonang boitumelo ka teng, kafa re ka nnang ka teng le ditsala le kafa re ka rarabololang mathata ka katlego ka teng. Gape mo go yone re ithuta ka Mmopi wa rona, e bong Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. Go itse seo go a re itumedisa e bile go dira gore re tshele matshelo a a nang le maikaelelo.

Mo Baebeleng, go nna le kitso ka Modimo go tshwantshiwa le go ja. Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4; Bahebera 5:12-14) Fela jaaka go ja dijo tse di otlang letsatsi le letsatsi go le botlhokwa gore re tswelele re tshela, le go bala Lefoko la Modimo ka metlha go botlhokwa gore re tle re bone tsholofetso ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng.

Re itumelela go ja ka ntlha ya tsela e re dirilweng ka yone le ka gonne go naya mmele se o se tlhokang. Le fa go ntse jalo, go na le selo se sengwe se re se tlhokang thata gore re tle re nne re itumetse. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Re ka kgona go itumela ka gonne re ka bona dilo tse re di tlhokang semoyeng fa re tlhaloganya Lefoko la Modimo.

Ke boammaaruri gore batho ba bangwe ba fitlhela go le thata go tlhaloganya Baebele. Ka sekai, o ka nna wa tlhoka go tlhalosediwa ditemana tse di buang ka ditlwaelo tse di sa tlwaelegang kana tse di dirisang mafoko a tshwantshetso. Gape go na le boporofeti jo bo kwadilweng go dirisiwa puo ya tshwantshetso jo motho a ka bo tlhaloganyang fela fa a ka bala ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di buang ka kgang e e tshwanang. (Daniele 7:1-7; Tshenolo 13:1, 2) Le fa go ntse jalo, o ka kgona go tlhaloganya Baebele tota. Ke eng se se ka dirang gore o tlhomamisege gore o ka kgona go e tlhaloganya?

Sengwe Se re Ka Kgonang go se Itumelela Rotlhe

Baebele ke Lefoko la Modimo. Mo go yone Modimo o re bolelela se thato ya gagwe e leng sone. A Modimo o ne a ka re naya buka e e thata go tlhaloganngwa kana e e tlhaloganngwang fela ke batho ba ba rutegileng thata? Nnyaa, Jehofa o ne a ka se dire jalo. Keresete Jesu o ne a re: “Go na le rrabana ofe mo go lona yo, fa morwawe a kopa tlhapi, gongwe a tla mo nayang noga mo boemong jwa tlhapi? Kgotsa fa gape a kopa lee, a tla mo nayang phepheng? Jalo, fa lona, le mororo lo le boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:11-13) Ka jalo, o ka tlhomamisega gore o ka kgona go tlhaloganya Baebele le gore fa o kopa Modimo o le peloephepa, o tla go naya thuso e o e tlhokang gore o tlhaloganye Lefoko la gagwe. Tota e bile, dithuto tsa motheo tsa Baebele di ka tlhaloganngwa le ke bana!—2 Timotheo 3:15.

Le fa go tlhokega gore motho a tseye matsapa gore a tlhaloganye Baebele, fa re e bala re ka kgothala thata. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo losong, o ne a bonala mo barutweng ba gagwe mme a bua le bone ka boporofeti jwa Baebele. Pego ya ga Luke ya re: “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe a ba phuthololela dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” Matswela e ne ya nna afe? Mo maitseboeng ao, fa barutwa ba ntse ba akanya ka se ba se ithutileng, ba ne ba raana ba re: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?” (Luke 24:13-32) Go tlhaloganya Lefoko la Modimo go ne ga ba itumedisa ka gonne go ne ga nonotsha tumelo ya bone mo ditsholofetsong tsa Modimo mme ga dira gore ba lebe isagwe ba na le tsholofelo.

Go na le gore go tlhaloganya Lefoko la Modimo e nne mokgweleo, go ka itumedisa e bile go molemo fela jaaka go ja dijo tse di monate tse di otlang. Ke eng se o ka se dirang gore o e tlhaloganye? Setlhogo se se latelang se tla go bontsha ka fa o ka itumelelang ka teng “e e leng kitso ya Modimo.”—Diane 2:1-5.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Jaaka rre yo o lorato, Jehofa o re naya moya o o boitshepo go re thusa go tlhaloganya Baebele