Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Tsamayang lo Dire Barutwa, lo ba Kolobetse’

‘Tsamayang lo Dire Barutwa, lo ba Kolobetse’

‘Tsamayang lo Dire Barutwa, lo ba Kolobetse’

“Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse . . . , lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—MATHAIO 28:19, 20.

1. Setšhaba sa Iseraele se ne sa dira tshwetso efe fa se ne se le kwa Thabeng ya Sinai?

DINGWAGA di ka nna 3 500 tse di fetileng setšhaba sotlhe se ne sa dira ikano mo Modimong. Baiseraele ba ba neng ba phuthegile kwa Thabeng ya Sinai ba ne ba bua jaana phatlalatsa: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.” Go tloga ka lone lobaka loo go ya pele, Iseraele e ne ya nna batho ba ba ineetseng mo Modimong, ya nna ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng.’ (Ekesodo 19:5, 8; 24:3) Ba ne ba tlile go sirelediwa ke ene le go nna lobaka lo loleele le dikokomana tsa bone mo lefatsheng “le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”—Lefitiko 20:24.

2. Batho gompieno ba ka kgona go nna le kamano efe le Modimo?

2 Le fa go ntse jalo, jaaka fa mopesalema Asafe a ne a tlhalosa, Baiseraele “ga ba a ka ba boloka kgolagano ya Modimo, mme ba ganne go tsamaya mo molaong wa gagwe.” (Pesalema 78:10) Ga ba a ka ba boloka ikano e borraabonemogolo ba neng ba e diretse Jehofa. Kgabagare, setšhaba seo se ne sa latlhegelwa ke kamano e e kgethegileng e ba neng ba na le yone le Modimo. (Moreri 5:4; Mathaio 23:37, 38) Ka gone, Modimo o ne a “lebisa tlhokomelo ya gagwe . . . kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone.” (Ditiro 15:14) Mme mo metlheng eno ya bofelo, o phutha “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o [kgonang] go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme,” mme bo kua jaana ka boitumelo: “Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.”—Tshenolo 7:9, 10.

3. Motho o tshwanetse go tsaya dikgato dife gore a nne le kamano e ntle le Modimo?

3 Gore motho a itumelele kamano e ntlentle eo le Modimo, o tshwanetse go ineela mo go Jehofa a bo a bontshe boineelo joo phatlalatsa ka go kolobediwa mo metsing. Fa a dira jalo o tla bo a ikobela taelo e Jesu a e ntshitseng ka tlhamalalo fa a ne a bua le barutwa ba gagwe, a re: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Baiseraele ba ne ba reeditse fa go balwa “buka ya kgolagano.” (Ekesodo 24:3, 7, 8) Ka gone ba ne ba tlhaloganya sentle se Jehofa a neng a se lebeletse mo go bone. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, go botlhokwa gore motho a nne le kitso e e boammaaruri ka thato ya Modimo, jaaka fa e tlhalosiwa mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele, pele a tsaya kgato ya go kolobediwa.

4. Ke eng se motho a tshwanetseng go se dira gore a tshwanelegele kolobetso? (Akaretsa le lebokoso le le fa godimo.)

4 Ga go pelaelo gore Jesu o ne a batla gore tumelo ya barutwa ba gagwe e bo e theilwe mo motheong o o nitameng pele ba ka kolobediwa. O ne a laela barutwa ba gagwe, e seng fela gore ba ye go dira barutwa, mme gape ba ne ba tshwanetse go ba ruta go ‘boloka dilo tsotlhe tse a di laetseng.’ (Mathaio 7:24, 25; Baefeso 3:17-19) Ka gone, ba ba tshwanelegelang kolobetso gantsi ba bo ba ile ba ithuta Baebele ka dikgwedinyana kgotsa gongwe lobaka lwa ngwaga kgotsa tse pedi, gore fa ba dira tshwetso eno ya go kolobediwa, ba se ka ba e dira ka lepotlapotla kgotsa ba sa e akanyetsa sentle. Ka nako ya kolobetso, ba ba yang kolobetsong ba araba dipotso tse pedi tse di botlhokwa ka ee. E re ka Jesu a ile a gatelela gore ‘lefoko la rona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa rona, Nnyaa,’ go tla nna molemo gore re sekaseke ka kelotlhoko se se kaiwang ke dipotso tseno tse pedi tsa kolobetso.—Mathaio 5:37.

Boikwatlhao le Boineelo

5. Ke dikgato dife tse pedi tse di botlhokwa tse potso ya ntlha ya kolobetso e di gatelelang?

5 Potso ya ntlha ya kolobetso e botsa motho yo o kolobediwang gore a o ikwatlhaetse maleo a gagwe a mo nakong e e fetileng le gore a o ineetse mo go Jehofa go dira thato ya gagwe. Potso eno e gatelela dikgato tse pedi tse di botlhokwa tse motho a tshwanetseng go di tsaya pele ga a kolobediwa, e leng gore a ikwatlhae a bo a ineele.

6, 7. (a) Ke ka ntlha yang fa botlhe ba ba yang kolobetsong ba tshwanetse go ikwatlhaya? (b) Ke diphetogo dife tse motho a tshwanetseng go di dira fa a sena go ikwatlhaya?

6 Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go ikwatlhaya pele ga a kolobediwa? Moaposetoloi Paulo o a tlhalosa: “Rotlhe ka nako nngwe re ne re itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya rona.” (Baefeso 2:3) Pele ga re nna le kitso e e tlhomameng ka thato ya Modimo, re ne re tshela ka tsela ya selefatshe, re tshela go ya ka mekgwa ya lone le ditsela tsa lone. Botshelo jwa rona bo ne bo laolwa ke modimo wa tsamaiso eno, e bong Satane. (2 Bakorintha 4:4) Le fa go ntse jalo, fa re sena go itse thato ya Modimo, re ne ra ikemisetsa go ‘sa tlhole re tshelela dikeletso tsa batho, mme re tshelela go dira thato ya Modimo.’—1 Petere 4:2.

7 Tsela eno e ntšha ya go tshela e re leretse melemo e le mentsi. Sa ntlhantlha e re thusa go nna le kamano e ntle thata le Jehofa, kamano e Dafide a neng a re e tshwana le go lalediwa go tsena mo “mogopeng” wa Modimo le mo ‘thabeng ya gagwe e e boitshepo’—e leng tshiamelo e e seng kana ka sepe eleruri. (Pesalema 15:1) Go a utlwala go lebelela gore Jehofa ga a na a laletsa mongwe le mongwe fela, mme o tla laletsa fela ba ba ‘tsamayang ka go tlhoka molato le ba ba dirang tshiamo e bile ba bua boammaaruri mo pelong ya bone.’ (Pesalema 15:2) Go ikaegile ka gore maemo a rona a ne a ntse jang pele ga re ithuta boammaaruri, go fitlhelela dilo tseno go ka nna ga raya gore re dire diphetogo dingwe—mo boitshwarong jwa rona le mo bothong jwa rona. (1 Bakorintha 6:9-11; Bakolosa 3:5-10) Se se dirang gore re dire diphetogo tseno ke gore re ikwatlhaile—re swabetse tsela e re neng re tshela ka yone pele mme re ikemiseditse go itumedisa Jehofa. Seno se dira gore re fetoge gotlhelele—re tlogele tsela e re neng re tshela ka yone ya bopelotshetlha, ya selefatshe mme re tshele ka tsela e e itumedisang mo Modimong.—Ditiro 3:19.

8. Re dira jang boineelo, mme boineelo jono bo amana jang le kolobetso?

8 Karolo ya bobedi ya potso ya ntlha ya kolobetso e botsa ba ba yang kolobetsong gore a ba ineetse mo go Jehofa go dira thato ya gagwe. Boineelo ke kgato ya botlhokwa e e tshwanetseng go tsewa pele motho a kolobediwa. E dirwa ka thapelo, mo re tlhalosang gone gore re rata go naya Jehofa matshelo a rona ka Keresete. (Baroma 14:7, 8; 2 Bakorintha 5:15) Fa re dirile jalo Jehofa o nna Mong wa rona e bile re nna batho ba gagwe, mme fela jaaka Jesu re itumelela go dira thato ya gagwe. (Pesalema 40:8; Baefeso 6:6) Ikano eno e re e direlang Jehofa e dirwa gangwe fela. Le fa go ntse jalo, e re ka boineelo jwa rona re bo dirile re le rosi, go se na ope yo mongwe yo o bonang, polelo ya phatlalatsa ka letsatsi la kolobetso ke go itsise ba bangwe botlhe gore re ineetse mo go Rraarona wa selegodimo ka ikano.—Baroma 10:10.

9, 10. (a) Go dira thato ya Modimo go akaretsa eng? (b) Tota le badiredi ba bagolo ba Banasi ba ne ba bontsha jang gore ba tlhaloganya boineelo jwa rona?

9 Go latela sekao sa ga Jesu sa go dira thato ya Modimo go akaretsa eng? Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Mono o ne a tlhalosa dilo di le tharo tse re tshwanetseng go di dira. Sa ntlha, re a ‘iitatola.’ Ka mafoko a mangwe, re tlogela ditlwaelo tsa rona tsa bopelotshetlha le bosaitekanelang mme re amogela kgakololo le kaelo ya Modimo. Sa bobedi, re ‘tsaya kota ya rona ya tlhokofatso.’ Mo motlheng wa ga Jesu kota ya tlhokofatso e ne e le letshwao la go tlhabisiwa ditlhong le go boga. Jaaka Bakeresete, re amogela gore re ka nna ra tshwanelwa ke go boga ka ntlha ya dikgang tse di molemo. (2 Timotheo 1:8) Le mororo lefatshe le ka nna la re sotla kgotsa la re kgoba, fela jaaka Keresete re ‘nyatsa ditlhong,’ re itumelela go itse gore re itumedisa Modimo. (Bahebera 12:2) Labofelo, re sala Jesu morago ‘re sa kgaotse.’—Pesalema 73:26; 119:44; 145:2.

10 Se se kgatlhang ke gore tota le baganetsi bangwe ba tlhaloganya kgato eno e Basupi ba ga Jehofa ba e tsayang ya go ineela go direla Modimo a le esi fela. Ka sekai, kwa kampeng ya pogisetso ya Buchenwald ya Jeremane ya Bonasi, Basupi ba ba neng ba gana go itatola tumelo ya bone ba ne ba tshwanetse ba saenela polelo e e reng: “Ke sa ntse ke le Moithuti wa Baebele yo o ineetseng mme ga nkitla ke bo ke tsamaya ke tlola ikano eno e ke ikanetseng Jehofa ka yone.” Ee, polelo eno e bontsha sentle boikutlo jo batlhanka botlhe ba ba ineetseng, ba ba ikanyegang ba Modimo ba nang le jone!—Ditiro 5:32.

Go Tsewa o le Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa

11. Motho yo o kolobediwang o nna le tshiamelo efe?

11 Potso ya bobedi e botsa motho yo o yang kolobetsong gore sa ntlha a o a tlhaloganya gore kolobetso ya gagwe e mo supa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a sena go nwediwa mo metsing, o nna modiredi yo o tlhomamisitsweng yo o sikarang leina la ga Jehofa. Seno ke tshiamelo e kgolo le boikarabelo jo bo sa tshwanelang go tsewa motlhofo. Gape tshiamelo eno e dira gore yo o kolobeditsweng a tshwanelegele go bona poloko e e sa khutleng, fa a nna a ikanyega mo go Jehofa.—Mathaio 24:13.

12. Ke boikarabelo bofe jo bo tsamaisanang le tshiamelo ya go sikara leina la ga Jehofa?

12 Eleruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go sikara leina la Modimo mothatayotlhe, e bong Jehofa. Moporofeti Mika o ne a re: “Ditšhaba tsotlhe, di tla tsamaya sengwe le sengwe mo leineng la modimo wa sone; mme fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.” (Mika 4:5) Le fa go ntse jalo, tshiamelo eno e tsamaya le boikarabelo. Re tshwanetse go tshela matshelo a rona ka tsela e e tla dirang gore leina le re le sikereng le tlotlwe. Fela jaaka Paulo a ne a gakolola Bakeresete kwa Roma, fa motho a sa dire se a se rutang, leina la Modimo le a “tlhapadiwa,” kgotsa le a nyadiwa.—Baroma 2:21-24.

13. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba na le boikarabelo jwa go neela bosupi ka Modimo wa bone?

13 Fa motho a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, gape o amogela boikarabelo jwa go supa ka Modimo wa gagwe. Jehofa o ne a laletsa setšhaba se se ineetseng sa Iseraele gore e nne basupi ba gagwe gore ba mo supele gore ke ene Modimo ka bosakhutleng. (Isaia 43:10-12, 21) Setšhaba seno ga se a ka sa dira jalo, mme kgabagare Jehofa o ne a ba latlha. Gompieno Bakeresete ba boammaaruri ba motlotlo ka tshiamelo eno ya go supa ka Jehofa. Re dira jalo ka gonne re a mo rata e bile re batla go bona leina la gagwe le itshepisiwa. Re ka didimala jang re ntse re itse boammaaruri ka Rraarona wa selegodimo le maikaelelo a gagwe? Re ikutlwa ka tsela e e tshwanang le e moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “Ke patelesega go dira jalo. Tota, a bo go latlhega nna fa e le gore ga ke a bolela dikgang tse di molemo!”—1 Bakorintha 9:16.

14, 15. (a) Phuthego ya ga Jehofa e na le seabe sefe mo go re thuseng go gola semoyeng? (b) Re na le dithulaganyo dife go re thusa semoyeng?

14 Gape, potso ya bobedi e gakolola motho yo o kolobediwang ka boikarabelo jo a nang le jone jwa go dirisana mmogo le phuthego ya ga Jehofa e e kaelwang ka moya. Ga re rosi mo go direleng Modimo, mme re tlhoka thuso, tshegetso le dikgothatso tsa “bakaulengwe botlhe.” (1 Petere 2:17; 1 Bakorintha 12:12, 13) Phuthego ya Modimo e re thusa thata go gola semoyeng. E re naya dikgatiso di le dintsi tsa Baebele tse di re thusang go gola mo kitsong e e tlhomameng, go dira ka botlhale fa re lebane le mathata, le go nna le kamano e e molemo le Modimo. Fela jaaka mmè yo o tlhokomelang gore ngwana wa gagwe o ja sentle e bile o tlhokometswe, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o re naya letlotlo la dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng go re thusa go gatela pele semoyeng.—Mathaio 24:45-47; 1 Bathesalonika 2:7, 8.

15 Mo dipokanong tsa beke le beke, batho ba ga Jehofa ba newa thapiso e ba e tlhokang le kgothatso gore ba tswelele ba ikanyega e le Basupi ba ga Jehofa. (Bahebera 10:24, 25) Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re ruta go bua phatlalatsa, mme Pokano ya Tirelo e re ruta go bua molaetsa wa rona ka tsela e e nang le matswela. E ka tswa e le kwa dipokanong tsa rona kgotsa fa re ithuta dibuka tsa Baebele, re kgona go bona moya wa ga Jehofa o dira, o kaela phuthego ya gagwe. Modimo o dirisa dithulaganyo tseno go re tlhagisa ka dikotsi, go re thapisa gore re nne badiredi ba ba atlegileng, e bile o re thusa go nna re tsogile semoyeng.—Pesalema 19:7, 8, 11; 1 Bathesalonika 5:6, 11; 1 Timotheo 4:13.

Se se Re Tlhotlheletsang go Tsaya Kgato ya go Kolobediwa

16. Ke eng se se re tlhotlheletsang go ineela mo go Jehofa?

16 Ka gone dipotso tse pedi tsa kolobetso di gakolola ba ba yang kolobetsong ka se se kaiwang ke kolobetso ya mo metsing le maikarabelo a a tsamaisanang le yone. Mme he, ke eng se se tshwanetseng sa ba tlhotlheletsa go tsaya kgato eno ya go batla go kolobediwa? Re nna barutwa ba ba kolobeditsweng, e seng ka gonne mongwe a re pateletsa, mme ka gonne Jehofa o a re ‘goga.’ (Johane 6:44) Gonne “Modimo ke lorato,” o busa lobopo ka lorato, e seng ka go le gatelela. (1 Johane 4:8) Re gogelwa kwa go Jehofa ke dinonofo tsa gagwe tsa bopelonomi le ke tsela e a dirisanang le rona ka yone. Jehofa o re file Morwawe yo o tsetsweng a le esi, e bile o solofetsa gore o tla re naya isagwe e ntlentle. (Johane 3:16) Mme ka gone, rona re tlhotlheletsega go mo naya matshelo a rona—go ineela mo go ene.—Diane 3:9; 2 Bakorintha 5:14, 15.

17. Ga re a ineela mo go eng?

17 Ga re a ineela mo boikaelelong bongwe, kgotsa mo tirong nngwe, mme re ineetse mo go Jehofa ka boene. Tiro e Modimo a batlang gore batho ba gagwe ba e dire e tla fetoga, mme go ineela ga bone mo go ene gone ga go fetoge. Ka sekai, se a neng a bolelela Aborahame gore a se dire se ne se sa tshwane gotlhelele le se a neng a bolelela Jeremia gore a se dire. (Genesise 13:17, 18; Jeremia 1:6, 7) Le fa go ntse jalo, ka bobedi jwa bone ba ne ba dira se Jehofa a neng a re ba se dire ka gonne ba ne ba mo rata e bile ba batla go dira thato ya gagwe ka boikanyegi. Mo motlheng ono wa bokhutlo, balatedi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ga Keresete ba leka go diragatsa thomo ya ga Keresete ya gore ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go dira tiro eo ka pelo yotlhe ke tsela e e molemo thata ya go bontsha gore re rata Rraarona wa selegodimo le gore e le ruri re ineetse mo go ene.—1 Johane 5:3.

18, 19. (a) Fa re kolobediwa tota re a bo re reng phatlalatsa? (b) Go tlile go tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Ga go na pelaelo gore kolobetso e re bulela masego a le mantsi, mme ga se kgato e re tshwanetseng go e tsaya motlhofo fela. (Luke 14:26-33) Ke tsela e re bontshang ka yone gore kgato e re ikemiseditseng go e tsaya re e tsaya e le e e botlhokwa go feta boikarabelo le fa e le bofe jo bongwe jo re nang najo. (Luke 9:62) Fa re kolobediwa, tota re a bo re bua phatlalatsa gore: “Modimo yono ke Modimo wa rona ka bosakhutleng, le eleng ka bosaengkae. O tla re kaela go fitlha re swa.”—Pesalema 48:14.

19 Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka dipotso tse dingwe tse di ka nnang tsa tsoga malebana le kolobetso ya mo metsing. A go ka tswa go na le mabaka a a utlwalang a a thibelang motho go kolobediwa? A dingwaga tsa motho di ka mo thibela? Botlhe ba ka thusa jang go dira gore kolobetso e nne tiragalo e e nang le seriti?

A o Ka Kgona go Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa Mokeresete mongwe le mongwe a tshwanetse go ikwatlhaya pele ga a kolobediwa?

• Boineelo mo Modimong bo akaretsa eng?

• Ke maikarabelo afe a a tsamaisanang le tshiamelo ya go sikara leina la ga Jehofa?

• Ke eng se se tshwanetseng sa re tlhotlheletsa go batla go kolobediwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

DIPOTSO TSE PEDI TSA KOLOBETSO

Mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete, a o ikwatlhaetse maleo a gago le go ineela mo go Jehofa go dira thato ya gagwe?

A o a tlhaloganya gore go ineela ga gago le go kolobediwa go supa gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o ikopanya le phuthego ya Modimo e e kaelwang ka moya?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Boineelo ke ikano e re e ikanelang Jehofa ka thapelo

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Tiro ya rona ya go rera e bontsha gore re ineetse mo Modimong