Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Diatla Tsa Lona di Nonofe

A Diatla Tsa Lona di Nonofe

A Diatla Tsa Lona di Nonofe

“A diatla tsa lona di nonofe, lona ba mo malatsing ano lo utlwang mafoko ano mo molomong wa baporofeti.”—SEKAREA 8:9.

1, 2. Ke eng fa re tshwanelwa ke go sekaseka buka ya ga Hagai le ya ga Sekarea?

DIPOLELELOPELE tsa ga Hagai le Sekarea di ne tsa kwalwa dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng, mme lefa go ntse jalo di na le bokao jo bogolo mo botshelong jwa gago. Dipego tsa Baebele tse di fitlhelwang mo dibukeng tseno tse pedi ga se hisitori fela. Ke karolo ya ‘dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele go re laya.’ (Baroma 15:4) Bontsi jwa dilo tse re di balang mo dibukeng tseno di re dira gore re akanye ka maemo a mmatota a a ntseng a direga go tloga fa e sa le Bogosi bo tlhomiwa kwa legodimong ka 1914.

2 Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana fa a ne a umaka ditiragalo le maemo a a neng a diragalela batho ba Modimo ba bogologolo: “Jaanong dilo tseno di ne tsa tswelela di ba diragalela e le dikao, mme di ne tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (1 Bakorintha 10:11) Ka gone, o ka nna wa ipotsa: ‘Dibuka tseno tsa Hagai le Sekarea di na le bokao bofe mo motlheng wa rona?’

3. Hagai le Sekarea ba bua thata ka eng?

3 Jaaka fa setlhogo se se fetileng se ile sa bolela, boporofeti jwa Hagai le jwa Sekarea bo akaretsa nako ya fa Bajuda ba ne ba boetse kwa nageng e ba e neilweng ke Modimo morago ga go gololwa kwa botshwarong kwa Babelona. Baporofeti bano ba babedi ba ne ba bua thata ka tiro ya go aga tempele sesha. Bajuda ba ne ba thaya motheo wa tempele ka 536 B.C.E. Le fa gone Bajuda ba ba godileng ba ne ba nna ba akantse thata ka dilo tsa nako e e fetileng, bontsi jwa batho ba ne ba “goa ka ntlha ya boipelo.” Mme gone, mo motlheng wa rona go diregile sengwe se segolo le e leng go feta seo. Ke eng fa re ka rialo?—Esera 3:3-13.

4. Go ile ga direga eng ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I?

4 Ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe 1, batlodiwa ba ga Jehofa ba ne ba gololwa mo botshwarong jwa Babelona o Mogolo. Seo e ne e le bosupi jo bogolo jwa gore Jehofa o ba ema nokeng. Pele ga foo, go ne go bonala baeteledipele ba bodumedi le ditsala tsa bone tsa dipolotiki ba kgonne go emisa tiro ya Baithuti ba Baebele ya go rera le go ruta phatlalatsa. (Esera 4:8, 13, 21-24) Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ne a tlosa dikgoreletsi tse di neng di thibela tiro ya go rera le go dira barutwa. Mo masomeng a dingwaga go tloga ka 1919, tiro ya go rera ka Bogosi e ile ya gola thata mme ga go na sepe se se ileng sa kgona go emisa kgatelopele ya yone.

5, 6. Sekarea 4:7 e umaka katlego efe e kgolo e e neng e tla nna gone?

5 Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ema nokeng tiro ya batlhanka ba gagwe ba ba kutlo ya go rera le go ruta mo motlheng wa rona. Re bala jaana mo go Sekarea 4:7: “O tla tlisa leje la motheo. Le tla bo le goelelwa go twe: ‘A bontle jo bo kgatlhang! A bontle jo bo kgatlhang!’” Seno se tshwantshetsa katlego efe e kgolo mo motlheng wa rona?

6 Sekarea 4:7 e bolelela pele gore go ne go tla tla nako ya gore kobamelo ya boammaaruri ya Morena Molaodimogolo e boele mo maemong a yone a a tshwanetseng mo malwapeng a mo lefatsheng a tempele ya gagwe ya semoya. Tempele eo ke thulaganyo ya ga Jehofa ya gore batlhanka ba gagwe ba mo obamele ka thuso ya setlhabelo sa tetlanyo sa ga Keresete Jesu. Ke boammaaruri gore, fa e sa le tempele eno e kgolo ya semoya e nna gone go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Le fa go ntse jalo, kobamelo ya boammaaruri mo malwapeng a yone a mo lefatsheng e tla boela mo maemong a yone a a tshwanetseng. Gone jaanong dimilionemilione tsa batho di direla Jehofa mo malwapeng a mo lefatsheng a tempele eno ya semoya. Dimilione tseno le matshwititshwiti a mangwe a batho ba ba tsositsweng mo baswing ba tla dirwa gore ba itekanele ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. Fa dingwaga tseno tse di sekete di fela, ke baobamedi ba boammaaruri fela ba Modimo ba ba tla salang mo lefatsheng gore ba le phepafatse.

7. Jesu o na le seabe sefe mo go direng gore kobamelo ya boammaaruri e boele mo maemong a yone a a tshwanetseng mo motlheng wa rona, mme ke eng fa seo se tshwanetse go re kgothatsa?

7 Molaodi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua ba ne ba le gone fa tempele e ne e wediwa ka 515 B.C.E. Sekarea 6:12, 13 e boleletse pele jaana seabe sa botlhokwa se Jesu a tla nnang le sone mo go busetseng kobamelo ya boammaaruri mo maemong a yone a a tshwanetseng: “Jehofa wa masomosomo o buile jaana: ‘Monna ke yono yo leina la gagwe e leng Letlhogela. Mme o tla tlhoga a le mo lefelong la gagwe, e bile ruri o tla aga tempele ya ga Jehofa. Mme . . . fa e le ene, o tla nna le seriti; o tla nna a bo a busa a le mo setulong sa gagwe sa bogosi, mme o tla nna moperesiti mo setulong sa gagwe sa bogosi.’” Fa o akanya gore Jesu, yo o kwa legodimong le yo o dirang gore losika lwa segosi lwa ga Dafide lo nne le matlhogela, ke ene yo o emang tiro ya Bogosi e e dirwang mo tempeleng ya semoya nokeng, a o akanya gore go na le mongwe yo o ka kgonang go kgoreletsa tiro eno go gatela pele? Legoka! A seno ga se a tshwanela go re kgothatsa gore re dire ka natla mo bodireding jwa rona, re sa itetle go itewa tsebe ke ditlhobaelo tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi?

Dilo Tse e Leng Tsone Tsa Botlhokwa

8. Ke eng fa re tshwanetse go dira gore tiro e e dirwang mo tempeleng ya semoya e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona?

8 Gore Jehofa a re eme nokeng le go re segofatsa, re tshwanetse go dira gore tiro e e dirwang mo tempeleng ya semoya e nne yone e tlang pele mo botshelong jwa rona. Ga re a tshwanela go tshwana le Bajuda ba ba ileng ba re, “Nako ga e ise e tle,” re tshwanetse go gopola gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” (Hagai 1:2; 2 Timotheo 3:1) Jesu o ile a bolelela pele gore balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ne ba tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira barutwa. Re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra tlhokomologa tshiamelo eno e e molemo e re nang le yone. Tiro eno ya go rera le go ruta e e ileng ya emisiwa ka nakwana ke baganetsi ba lefatshe e ne ya boa ya dirwa gape ka 1919, mme gone ga e ise e wediwe. Lefa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore ruri e tla wediwa!

9, 10. Masego a ga Jehofa a ikaegile ka eng, mme seo se kaya eng mo go rona?

9 Fa re tswelela pele re dira ka natla mo tirong ya rona re tla segofadiwa, motho ka namana le re le setlhopha. Ela tlhoko tsholofetso eno ya ga Jehofa e e ka re gomotsang. Ka bonako fela fa Bajuda ba sena go boa ba dira tiro ya go aga motheo wa tempele ka tlhoafalo, Jehofa o ile a re: “Go tloga mo letsatsing leno, ke tla segofatsa.” (Hagai 2:19) Ba ne ba tla solegelwa molemo ka botlalo ke masego a gagwe. Jaanong akanya ka masego a a fitlhelwang mo tsholofetsong eno ya Modimo: “Go tla nna le peo ya kagiso; mofine ka boone o tla ntsha maungo a one, le lefatshe ka bolone le tla ntsha kungo ya lone, le magodimo ka boone a tla ntsha monyo wa one; mme eleruri ke tla dira gore ba ba setseng ba setšhaba seno ba rue dilo tseno tsotlhe.”—Sekarea 8:9-13.

10 Fela jaaka Jehofa a ile a segofatsa Bajuda bao ka tsela ya semoya le ka tsela ya senama, le rona o tla re segofatsa jalo fa re ntse re dira tiro e a re abetseng yone ka tlhagafalo le ka boitumelo. Masego ano a akaretsa go tshedisana ga rona ka kagiso, go nna le tshireletsego, katlego le kgolo ya semoya. Le fa go ntse jalo, re a tlhaloganya gore Jehofa o tla tswelela a re segofatsa fa fela re dira tiro e e dirwang mo tempeleng ya gagwe ya semoya ka tsela e a batlang e dirwa ka yone.

11. Re ka itshekatsheka jang?

11 Jaanong ke nako ya gore re ‘tlhome pelo ya rona mo ditseleng tsa rona.’ (Hagai 1:5, 7) Re tshwanetse go ipha nako ya go sekaseka dilo tse re di tsayang di le botlhokwa mo botshelong. Tsela e Jehofa a re segofatsang ka yone gompieno e ikaegile ka gore re tlotlomatsa leina la gagwe go le kana kang le gore re dira ka natla go le kana kang mo tirong e e dirwang mo tempeleng ya gagwe ya semoya. O ka ipotsa jaana: ‘A ke fetotse dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa mo botshelong? A ke tlhoafaletse Jehofa, boammaaruri jwa gagwe le tiro ya gagwe ka tsela e ke neng ke tlhoafetse ka yone fa ke ne ke kolobediwa? A go batla botshelo jwa manobonobo go ama tsela e ke direlang Jehofa le Bogosi jwa gagwe ka yone? A ka tsela nngwe go tshaba batho—go tshwenyega ka ga gore batho ba tla akanya eng ka nna—ke gone go nkgoreletsang?’—Tshenolo 2:2-4.

12. Ke maemo afe a Bajuda ba neng ba le mo go one a a tlhalosiwang mo go Hagai 1:6, 9?

12 Ga re batle gore Modimo a re time masego a gagwe a magolo e le ka gonne re tlhokomologile tiro ya go tlotlomatsa leina la gagwe. Gopola gore fa Bajuda ba ba golotsweng ba sena go simolola tiro ya go aga tempele ka tlhoafalo, ‘mongwe le mongwe wa bone o ne a itlhaganelela kwa ntlong ya gagwe,’ jaaka fa Hagai 1:9 e bolela. Ba ne ba simolola go tshwarega thata ka dilo tsa bone tsa botshelo. Seo se ne sa dira gore go nne le “go tlisiwa go le gonnye,” go se na dijo le dino tse di lekaneng le diaparo tse di thuthafatsang. (Hagai 1:6) Jehofa o ne a se ka a tlhola a ba segofatsa. A go na le sengwe se re ka ithutang sone mo go seno?

13, 14. Re ka dirisa jang dithuto tse re ithutang tsone mo go Hagai 1:6, 9, mme ke eng fa go dira jalo go le botlhokwa?

13 A ga go boammaaruri gore fa re batla gore Jehofa a tswelele pele a re segofatsa, re tshwanetse go tila go amega fela ka dilo tsa rona mo re feleletsang re tlhokomologile kobamelo ya gagwe? Re tshwanetse go tila go dira jalo go sa kgathalasege gore a dilo tse di re itayang tsebe ke go inaakanya le ditiro tsa kgwebo tsa go batla go huma ka bonako, go gagamalela thutego e e kwa godimo ka boikaelelo jwa go batla go nna le tiro ya maemo kana ditiro tsa go batla go kgotsofatsa dikeletso tsa rona.

14 Dilo tseo di ka nna tsa bo di se phoso ka botsone. Le fa go ntse jalo, a ga se boammaaruri gore ke “ditiro tse di suleng” tse di ka se kang tsa thusa motho go bona botshelo jo bo sa khutleng? (Bahebera 9:14) Ke ka ntlha yang fa re rialo? Ka gonne ke ditiro tse di suleng ka tsela ya semoya, tse e leng boithamako fela le tse di sa solegeleng motho molemo. Fa motho a di gwalalela, di ka feleletsa di dirile gore a swe semoyeng. Go ne ga nna jalo ka Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng mo motlheng wa baaposetoloi. (Bafilipi 3:17-19) Go diragaletse bangwe mo motlheng wa rona. O ka tswa o itse batho bangwe ba ka iketlo ba ileng ba tlogela ditiro tsa Bokeresete le phuthego; mme gone jaanong ga go bonale ba batla go boela mo tirelong ya ga Jehofa. Re solofela gore batho ba ba ntseng jalo ba tla boela kwa go Jehofa, mme gone boammaaruri ke gore, go gagamalela “ditiro tse di suleng” go ka dira gore motho a se ka a tlhola a amogelwa ke Jehofa. A selo se se hutsafatsang ruri! Seo se tla dira gore motho a se ka a tlhola a nna le boipelo le kagiso tse moya wa Modimo o re thusang go nna le tsone. Akanya fela ka melemo e mentsi e motho a tla latlhegelwang ke yone mo bokaulengweng jwa rona jo bo lorato jwa Bokeresete!—Bagalatia 1:6; 5:7, 13, 22-24.

15. Hagai 2:14 e bontsha jang gore kobamelo ya rona ke selo se se tshwanetseng go tsewa masisi?

15 Kgang eno ke kgang e e masisi. Ela tlhoko mo go Hagai 2:14 kafa Jehofa a ileng a ikutlwa ka teng ka Bajuda ba ba neng ba tshwaregile ka go baakanya matlo a bone mme ba tlhokomologile ntlo ya gagwe ya kobamelo. “‘Ke tsela e batho bano ba leng ka yone, e bile ke tsela e setšhaba seno se leng ka yone fa pele ga me,’ go bua Jehofa, ‘e bile ke tsela e tiro yotlhe ya diatla tsa bone e leng ka yone, le sengwe le sengwe se ba se isang koo. Se itshekologile.’” Ditlhabelo dipe fela tse Bajuda ba neng ba di ntsha mo sebesong sa nakwana se se neng se le kwa Jerusalema di ne di sa amogelege fa fela ba ne ba tlhokomologile kobamelo ya boammaaruri.—Esera 3:3.

Modimo o re Tlhomamisetsa Gore o Tla re Ema Nokeng

16. Go ya ka diponatshegelo tse Sekarea a neng a di newa, ke eng se Bajuda ba neng ba ka tlhomamisega ka sone?

16 Bajuda ba ba ikobelang Modimo, ba ba neng ba dira ka natla mo tirong ya go aga tempele sesha ba ne ba tlhomamisediwa ka metseletsele ya diponatshegelo di le robedi tse di neng tsa newa Sekarea gore Modimo o ne a tla ba ema nokeng mo tirong eo. Ponatshegelo ya ntlha e ne e ba tlhomamisetsa gore tiro ya go aga tempele e ne e tla wediwa le gore go ne go tla nna le katlego mo Jerusalema le Juda fa fela Bajuda ba ne ba ka tswelela ka tiro e ba neng ba e neilwe. (Sekarea 1:8-17) Ponatshegelo ya bobedi e ne e solofetsa gore magosi otlhe a a neng a ganetsa kobamelo ya boammaaruri a ne a tla fedisiwa. (Sekarea 1:18-21) Diponatshegelo tse dingwe di ne di tlhomamisa gore Modimo o ne a tla sireletsa tiro ya go aga, gore go ne go tla nna le batho ba le bantsi ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba tla ologela mo ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo fa e sena go agiwa, gore go ne go tla nna le kagiso ya boammaaruri le polokesego, gore go ne go tla tlosiwa dilo tse di neng di bonala e le dikgoreletsi tse dikgolo mo tirong e Modimo a neng a ba neile yone, gore go ne go tla fedisiwa boikepo le gore baengele ba ne ba tla ba okamela le go ba sireletsa. (Sekarea 2:5, 11; 3:10; 4:7; 5:6-11; 6:1-8) O ka tlhaloganya gore ke eng fa dilo tseno tse di neng di tlhomamisetsa Bajuda ba ba kutlo gore Modimo o tla ba ema nokeng di ile tsa dira gore ba fetole tsela ya bone ya go tshela le go tlhoma mogopolo mo tirong e Modimo a neng a ba gololetse yone kwa Babelona gore ba tle go e dira.

17. Ke eng se re tshwanetseng go ipotsa sone fa re akanya ka se re se tlhomamisediwang?

17 Ka tsela e e tshwanang, go tlhomamisediwa ga rona gore kobamelo ya boammaaruri e tla fenya, go tshwanetse ga re rotloeletsa go dira ka natla le go re tlhotlheletsa go tlhokomela ntlo ya ga Jehofa ya kobamelo. Ipotse: ‘Fa e le gore ke dumela gore eno ke nako ya go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi le go dira barutwa, a mekgele ya me le tsela e ke tshelang ka yone di bontsha seo? A ke ipha nako e e lekaneng go ithuta Lefoko la Modimo la boporofeti, ke dira gore e nne selo se ke amegileng thata ka sone le go tlotla ka lone le Bakeresete ka nna le batho ba bangwe ba ke kopanang le bone?’

18. Go tlile go direga eng go ya ka Sekarea kgaolo 14?

18 Sekarea o ile a bolelela pele go senngwa ga Babelona o Mogolo le go tla ga ntwa ya Haramagedona morago ga moo. Re bala jaana: “E tla nna letsatsi le le lengwe le le itsiweng e le la ga Jehofa. Ga go kitla go nna motshegare, le gone ga go kitla go nna bosigo; mme go tla diragala gore mo nakong ya maitseboa go nne lesedi.” Ee, letsatsi la ga Jehofa e tla nna letsatsi la lefifi le legolo, la botsididi jo bogolo mo babeng ba gagwe ba mo lefatsheng! Mme mo baobameding ba ba ikanyegang ba ga Jehofa e tla nna letsatsi la lesedi le le sa feleng le la go itumelela go amogelwa ke ene. Sekarea gape o ile a tlhalosa kafa dilo tsotlhe mo lefatsheng le lesha di tla bolelang go nna boitshepo ga ga Jehofa ka teng. Kobamelo ya boammaaruri mo tempeleng ya Modimo e kgolo ya semoya e tla nna yone fela kobamelo e e setseng mo lefatsheng. (Sekarea 14:7, 16-19) A mafoko a a kgothatsang ruri! Re tla bona go diragadiwa ga dilo tse di boleletsweng pele e bile re tla bona go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa. A bo letsatsi leo la ga Jehofa e tla bo e le le le kgethegileng thata jang ne!

Masego a a Nnelang Ruri

19, 20. Ke eng fa Sekarea 14:8, 9 e go kgothatsa?

19 Morago ga ditiragalo tseo tse di boitshegang, Satane le badimona ba gagwe ba tla tswalelwa mo moleteng ba sa tlhole ba kgona go dira sepe. (Tshenolo 20:1-3, 7) Morago ga moo go tla nna le masego a magolo ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete. Sekarea 14:8, 9 ya re: “Go tla diragala mo letsatsing leo gore metsi a a tshelang a tla elela a tswa Jerusalema, sephatlo sa one a ya lewatleng le le kwa botlhaba le sephatlo sa one a ya lewatleng le le kwa bophirima. Go tla diragala jalo selemo le mariga. Mme Jehofa o tla nna kgosi ya lefatshe lotlhe. Mo letsatsing leo Jehofa o tla itshupa a le mongwe fela, le leina la gagwe le le lengwe fela.”

20 “Metsi a a tshelang,” kana “noka ya metsi a botshelo,” e e tshwantshetsang dithulaganyo tse Jehofa a di abelang batho go bona botshelo, di tla elela di sa kgaotse go tswa mo bonnong jwa Bogosi jwa ga Mesia. (Tshenolo 22:1, 2) Boidiidi jo bogolo jwa baobamedi ba ga Jehofa, ba ba falotseng Haramagedona, ba tla solegelwa molemo ke go gololwa mo botlhankeng jwa loso lwa ga Adame. Tota le ba ba suleng ba tla solegelwa molemo ka go bona tsogo. Seo se tla simolola karolo e ntšha ya bolaodi jwa ga Jehofa mo lefatsheng. Batho mo lefatsheng lotlhe ba tla tsaya tsia gore Jehofa ke ene Molaodi wa Lobopo, le gore ke ene fela yo o tshwanelwang ke go obamelwa.

21. Ke eng se re tshwanetseng go ikemisetsa go se dira?

21 Fa re akanya ka dilo tsotlhe tse Hagai le Sekarea ba di boleletseng pele le tsotlhe tse di setseng di diragaditswe, re na le lebaka le le utlwalang la go tswelela pele ka tiro e Modimo a re abetseng go e dira mo malwapeng a tempele ya gagwe ya semoya. Fa re ntse re letile nako eo ya gore kobamelo ya boammaaruri e busediwe mo maemong a yone a a tshwanetseng, e kete rotlhe re ka lwela go dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa rona. Sekarea 8:9 e re rotloetsa jaana: “A diatla tsa lona di nonofe, lona ba mo malatsing ano lo utlwang mafoko ano mo molomong wa baporofeti.”

A o A Gakologelwa?

• Ke ditiragalo dife tse di tshwanang le tsa gompieno tse di dirang gore buka ya Hagai le ya Sekarea di tshwanele motlha wa rona?

• Ke dithuto dife ka ga dilo tse re tshwanetseng go di tsaya di le botlhokwa tse re ithutang tsone mo dibukeng tsa Hagai le Sekarea?

• Ke eng fa go sekaseka molaetsa wa ga Hagai le Sekarea go re naya lebaka la go nna le tsholofelo ka isagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Hagai le Sekarea ba ne ba kgothaletsa Bajuda go dira ka moya otlhe e le gore ba segofadiwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 27]

A o ‘itlhaganeletse kwa ntlong ya gago’?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jehofa o ne a ba segofatsa fela jaaka a ne a ba solofeditse