Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fenya Dikgoreletsi Kwa Panama

Go Fenya Dikgoreletsi Kwa Panama

Go Fenya Dikgoreletsi Kwa Panama

“PANAMA, borogo jo bo golaganyang dikarolo tse di farologaneng tsa lefatshe.” Dingwaga di le masome a matlhano tse di fetileng, moano ono o ne wa umakiwa mo thulaganyong e e neng e ratega thata ya radio kwa nageng eo ya Amerika Bogare. Gompieno jaana, moano ono o bontsha tsela e baagi ba le bantsi ba ikutlwang ka yone ka naga eo.

Panama e golaganya Amerika Bokone le Amerika Borwa. Mo godimo ga moo, go na le borogo jwa mmatota mo gare ga dikarolo tse pedi tseno tsa lefatshe jo bo fetang fa godimo ga borogo jo bo itsegeng thata jo bo bidiwang Panama Canal. Kanale eno e e dirilweng ka tsela e e manontlhotlho e tsamaya go kgabaganya naga yotlhe, mme e golaganya lewatle la Atlantic le la Pacific. Dikepe tse di tswang mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe di feta ka one mme seno se di thusa gore di kgabaganye mo lobakeng lo lokhutshwane go na le gore di fetse malatsi kgotsa dibeke di le dintsi di le mo loetong. Ee, Panama ke borogo jo bo botlhokwa jo bo golaganyang dikarolo di le dintsi tsa lefatshe.

Panama, Lefelo la Batho ba Ditso Tse di Farologaneng

Gape, Panama ke lefelo la batho ba ditšhaba le ditso tse di farologaneng. Batho bano, mmogo le ba bangwe ba bantsi ba ba tlholegang mo nageng eno, ba bopa morafe wa batho ba ditso tse di farologaneng o o tletseng ka naga eno e ntle. Le fa go ntse jalo, a go a kgonega go dira gore batho bano ba ditšhaba, ditso, bodumedi le dipuo tse di farologaneng ba nne seoposengwe le gore ba kgone go akanya ka tsela e e tshwanang le go nna le mokgele o le mongwe fela ka ntlha ya go rutwa dithuto tse di botlhokwa thata tsa Lefoko la Modimo?

Ee, go ka kgonega. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Baefeso 2:17, 18 a bontsha gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga—e leng Bajuda le Bagerika—ba ne ba kgona go dira jalo ka thuso ya setlhabelo sa ga Keresete se se neng sa kgona go dira gore batho ba nne seoposengwe. Paulo o ile a kwala jaana: “[Jesu] o ne a tla mme a lo bolelela dikgang tse di molemo tsa kagiso, lona ba ba kgakala thata, le kagiso mo go ba ba gaufi, ka gonne rona, ditlhopha tse pedi tsa batho, re atamela Rara ka ene ka moya o le mongwe.”

Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa kwa Panama ba bolelela batho ba ba tswang kgakala, ka kgopolo ya semoya, mme ka dinako tse dingwe, ka tsela ya mmatota, “dikgang tse di molemo tsa kagiso.” Mme seno se dira gore ba ba “atamelang” Jehofa ba nne seoposengwe ka tsela e e itumedisang. Seno se ne sa felela ka gore go tlhomiwe diphuthego tsa dipuo di le thataro kwa Panama—Se-Spain, Se-Cantonese, puo ya diatla ya Se-Panama, Seesemane, le ya dipuo tse dingwe tse pedi tsa naga eo, e leng Sekuna le Se-Ngobere (Guaymí). Go kgothatsa tota go bona kafa batho ba dipuo tseno ba leng seoposengwe ka gone mo go obameleng Jehofa.

Go Fenya Dikgoreletsi Kwa Comarca

Setlhopha sa batho ba ba buang Se-Ngobere ke sone se segolo go feta tse dingwe tse robedi tsa batho ba ba tlholegang mo Panama. Ke setlhopha sa batho ba ka nna 170 000 mme bontsi jwa bone ba nna mo lefelong le legolo le bosheng jaana le neng la simolola go tsewa e le comarca, kgotsa lefelo le le beetsweng kwa thoko. Karolo e kgolo ya lefelo leno e tletse dithaba tse di nang le dikgwa tse di kitlaneng tse motho o kgonang go di palama fela fa o tsamaya ka dinao, gape le na le mafelo a a kwa dintshing tsa lewatle a motho o kgonang fela go ya kwa go one ka mokoro. Gantsi go agiwa metse gaufi le dinoka le gaufi le dintshi tsa lewatle, mme seno se dira gore go nne motlhofo go isa dithoto kwa go yone. Baagi ba le bantsi ba kwa comarca ba leka botshelo ka go bereka mo masimong a kofi mo dithabeng, ka go tshwara ditlhapi kgotsa ka go lema. Ba le bantsi ba bone ba tsena dikereke tse di ipitsang gore ke tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, go na le bangwe ba e leng maloko a bodumedi jwa koo jo bo bidiwang Mama Tata. Ba bangwe ba ikgolaganya le sukia (moperesiti) go ya go batla kalafi fa ba lwala kgotsa ba utlwa e kete ba tshwenngwa ke meya e e bosula. Le mororo ba le bantsi ba bone ba bua Se-Spain, puo e e tlhaloganngwang botoka thata koo ke Se-Ngobere.

Go Tsaya Loeto ka Mokoro Go ya Go Rerela Batho

Basupi ba ga Jehofa ba a lemoga gore go botlhokwa go thusa batho go ithuta boammaaruri ka tsela e e tla ba amang, e seng mogopolo fela, mme le dipelo. Go dira jalo go tla ba tlhotlheletsa gore ba dire diphetogo tse di tlhokegang mo matshelong a bone gore a dumalane le melaometheo ya Baebele. Ka jalo, babulatsela ba ba kgethegileng ba ba abetsweng go ya go bereka mo dikarolong di le robedi tsa comarca ba ile ba ithuta Se-Ngobere ba thusiwa ke Basupi ba mo lefelong leo.

Diphuthego di le 14 tse di tlhomilweng mo lefelong leno di bontsha sentle gore tiro e sa ntse e le kgolo fela thata mono. Ka sekai, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Dimas le Gisela, e leng banyalani ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa kwa phuthegong nngwe e nnye ya Tobobe e e fa losing lwa lewatle e e neng e na le baboledi ba ka nna 40. Go ne go se motlhofo gore ba tlwaele go dira maeto a mantsintsi ka mokoro ba ya go rerela batho ba ba boikokobetso ba ba neng ba nna gaufi le Losi lwa Atlantic. Dimas le Gisela ba ne ba lemoga gore metsi a a sisibetseng a lewatle gape a ka fetoga go nna makhubu a a kotsi. Fa ba sena go nna ba etela metse e e farologaneng ka mokoro, gantsi ba ne ba opelwa ke mokwatla le mabogo. Bothata jo bongwe jo ba neng ba lebane le jone e ne le go ithuta puo ya lefelo leo. Le fa go ntse jalo, go intsha setlhabelo ga bone le go se ipone tsapa go ne ga segofadiwa ka gore go nne le batho ba le 552 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete ka 2001.

Ka kwa ga moseja wa noka go tswa mo Tobobe, go na le motse mongwe o o bidiwang Punta Escondida. Setlhopha se sennye sa baboledi se ne se tlwaetse go kgabaganya noka eo ka mokoro—fa maemo a bosa a ba dumelela—ba tla dipokanong mo Tobobe mme dipego di ne di bontsha gore go ne go ka kgonega gore ba tlhome phuthego mo lefelong leo. Seno se ne sa dira gore Dimas le Gisela ba kopiwe go fudugela kwa Punta Escondida. Kafa tlase ga sebaka sa dingwaga di le pedi fela, setlhopha se se kwa Punta Escondida se ne sa nna phuthego e e tlhagafetseng ya baboledi ba le 28, mme ba ba neng ba nna gone beke le beke kwa puong ya phatlalatsa ba ne ba le 114. Ka 2004, phuthego e ntšha eno e ne ya itumela tota fa batho ba le 458 ba nna teng mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete.

Go Fenya Bothata Jwa go sa Itse go Bala le go Kwala

Go itse go bala le go kwala ga batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang go ile ga dira gore ba atamalane gaufi thata le Jehofa. Seno ke se se ileng sa direga ka Fermina, lekgarebe lengwe la kwa kgaolong e e dithaba ya comarca. Barongwa bangwe ba Basupi ba ba neng ba bereka mo lefelong le le kwa thoko leno le a neng a nna mo go lone, ba ne ba lemoga gore o ne a tlhwaela molaetsa wa Bogosi tsebe ka kelotlhoko. E ne ya re fa ba kopa go ithuta le ene, a ba bolelela gore o ne a ka rata go ithuta le bone. Le fa go ntse jalo, go ne go na le bothata. O ne a kgona go bua Se-Spain le Se-Ngobere, mme o ne a sa kgone go bala le go kwala epe ya dipuo tseno. Mongwe wa barongwa o ne a ithaopela gore o tla mo ruta, a dirisa boroutšhara jwa setlhogo se se reng Ineele go Bala le go Kwala. *

Fermina e ne e le moithuti yo o molemo tota, yo o baakanyetsang thuto ya gagwe ka tlhagafalo, a dira tiro yotlhe e a e neilweng gore a sale a e dira e bile a dira ka natla mo go ithuteng go kwala. Mo sebakeng sa ngwaga fela, ke fa a setse a dirile kgatelopele e kgolo mo a neng a setse a kgona go ithuta boroutšhara jwa setlhogo se se reng O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! * E ne ya re fa ba rulaganyetsa gore go tshwarwe dipokano, Fermina o ne a nna teng mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go bo lelapa la gagwe le ne le humanegile, o ne a sa kgone go le duelela sepalangwa sa go ya dipokanong. E ne ya re fa mongwe wa babulatsela a lemoga bothata jo Fermina a neng a na le jone, a akantsha mo go ene gore a akanyetse go dira mesese ya setso sa Ba-Ngobere mme a e rekise. Fermina o ne a dira jalo mme le fa go ne go na le dilo tse dingwe tse a neng a di tlhoka, o ne a ela tlhoko gore madi a a neng a a bona ka go rekisa, o ne a a dirisetsa fela go ya dipokanong tsa Bokeresete. Ene le lelapa la gagwe ba fudugetse kwa lefelong le lengwe, mme o gatela pele sentle semoyeng. Ga ba itumelele fela go bo jaanong ba itse go bala le go kwala, mme se se botlhokwa le go feta, ba itumelela go bo ba itse Jehofa.

Go Fenya Dikgoreletsi Tsa go Rerela Bosusu

Kwa Panama, malapa a le mantsi a tlhabisiwa ditlhong ke go bo go na le bangwe ba ba sa utlweng mo go one. Ka dinako tse dingwe, batho bano ba ba sa utlweng ga ba newe thuto epe. Bosusu ba le bantsi ba ikutlwa ba kgaphetswe kwa thoko e bile ba tlhokomologilwe, e re ka go se motlhofo go bua le bone.

Ka jalo, go ne ga lemotshega gore go ne go na le sengwe se se tshwanetseng go dirwa go thusa bosusu ka dikgang tse di molemo. Setlhopha sa babulatsela ba ba tlhagafetseng le ba bangwe ba ne ba simolola go ithuta Puo ya Diatla ya kwa Panama fa molebedi yo o etang a sena go ba kgothaletsa go dira jalo. Maiteko ano a bone a ne a segofadiwa.

Go ela kwa bofelong jwa ngwaga wa 2001, go ne go setse go tlhomilwe setlhopha se se dirisang puo ya diatla kwa Panama City. Palo ya ba ba neng ba nna gone mo dipokanong tsa teng e ne e ka nna 20. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ntse ba gatela pele mo go ithuteng puo eno, ba ne ba kgona go fitlhelela batho ba ba neng ba utlwa boammaaruri jwa Baebele lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa bone. Basupi ba le bantsi ba ba neng ba na le bana ba ba sa utlweng le bone ba ne ba simolola go nna teng mo dipokanong mme ba lemoga gore bana ba bone ba ne ba tlhaloganya dithuto tsa Baebele motlhofo e bile ba ne ba rata boammaaruri. Gantsi batsadi ba ne ba ithuta puo ya diatla gore ba kgone go buisana botoka le bana ba bone. Batsadi ba ne ba kgona go thusa bana ba bone semoyeng mme ba lemoga gore go dira jalo go ne go nonotsha lelapa. Seno se bonala sentle mo go se se neng sa diragalela Elsa le morwadie e bong Iraida.

Mosupi mongwe yo o neng a kopanela le setlhopha sa puo ya diatla o ne a utlwalela ka Iraida, a mo etela mme a mo tsamaisetsa buka ya setlhogo se se reng Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! * Iraida o ile a itumelela thata se a neng a se ithuta ka ditshwantsho tseno malebana le lefatshe le lesha. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene ka boroutšhara jono. Fa a sena go fetsa thuto mo bukeng eno, ba ne ba fetela mo boroutšhareng jwa Modimo o Batla Gore re Direng? * Ka nako eo, Iraida o ne a simolola go kopa mmaagwe gore a mo thuse go baakanyetsa thuto le go mo tlhalosetsa tshedimosetso ya yone.

Elsa o ne a na le mathata a mabedi: E re ka e ne e se Mosupi, o ne a sa itse boammaaruri jwa Baebele, e bile o ne a sa itse go dirisa puo ya diatla. O ne a tle a bolelelwe gore a se ka a bua le morwadie ka go dirisa puo ya diatla gore morwadie a tle a kgone go ithuta go bua. Ka ntlha ya moo, ene le morwadie ba ne ba sa kgone go tlotla. E re ka a ile a amiwa thata ke kopo eno ya ga Iraida ya gore a mo thuse, Elsa o ile a kopa Mosupi mongwe mo phuthegong gore a ithute le ene. O ne a re: “Ke ile ka kopa jalo gore ke kgone go thusa morwadiake, e re ka ke ise nko ke bone Iraida a itumetse thata jaana.” Elsa le morwadie ba ne ba ithuta Baebele mme a ithuta puo ya diatla. Fa Elsa a ntse a dirisa nako a na le morwadie, puisano fa gare ga bone e ne ya simolola go tokafala. Iraida o ne a simolola go tlhopha ditsala tsa gagwe ka kelotlhoko a bo a kopanela le phuthego. Jaanong Mmè yono mmogo le morwadie ba nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. Elsa o sa tswa go kolobediwa bosheng jaana, mme Iraida o sa ntse a gagamalela mokgele oo. Elsa o tlhalosa gore jaanong o simolola go itse morwadie sentle le gore jaanong ba kgona go bua ka dilo di le dintsi tse di botlhokwa tse ba di ratang.

Setlhopha seno se se dirisang puo ya diatla, se se ileng sa nna phuthego ka April 2003, jaanong se godile mme se na le baboledi ba ka nna 50, mme batho ba ba nnang gone mo dipokanong ba feta palo eo. Ba ba fetang nngwetharong ya bone ke bosusu. Go rulaganngwa ditlhopha tse dingwe gape mo ditoropong di le tharo ka kwa ntle ga Panama City. Le mororo go sa ntse go na le tiro e ntsi go e dira mo tshimong eno, ga go pelaelo gore go dirilwe tiro e e seng kana ka sepe ya go thusa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang “ba ba sa kgoneng go bua” gore ba kgone go buisana le Mmopi wa bone yo o lorato e bong Jehofa Modimo.

Matswela ano ke bosupi fela jwa se se diregang mo Panama yotlhe. Le mororo e le batho ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng, ba dipuo le maemo a a farologaneng a botshelo, bontsi jwa bone ba ile ba nna seoposengwe mo kobamelong ya Modimo o o osi wa boammaaruri. Boammaaruri jwa lefoko la ga Jehofa bo ile jwa kgona go bolelelwa le batho ba go neng go le thata go buisana le bone mo nageng eno, e batho ba le bantsi ba e bitsang “borogo jo bo golaganyang dikarolo tse di farologaneng tsa lefatshe.”—Baefeso 4:4.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 16 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 21 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 21 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Dimmapa mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

LEWATLE LA CARIBBEAN

PANAMA

Tobobe

LEWATLE LA PACIFIC

Panama Canal

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Basadi ba Ba-Kuna ba tshwere matsela a a dirilweng ka manontlhotlho

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Morongwa o rerela mosadi wa Mo-Ngobe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Basupi ba ba tswang kwa Ngobe ba palama mokoro go ya kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Boammaaruri jwa Baebele bo kopanya batho ba ditso le ba dipuo tse di farologaneng mo Panama

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Go tshwerwe thuto ya “Tora ya Tebelo” ka puo ya diatla

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Elsa le morwadie e leng Iraida ba kgona go tlotla ka dilo tse di botlhokwa

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Ship and Kuna women: © William Floyd Holdman/Index Stock Imagery; village: © Timothy O’Keefe/Index Stock Imagery