Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Melito wa Kwa Saredise—A o Ne a Femela Boammaaruri Jwa Baebele?

Melito wa Kwa Saredise—A o Ne a Femela Boammaaruri Jwa Baebele?

Melito wa Kwa Saredise—A o Ne a Femela Boammaaruri Jwa Baebele?

NGWAGA le ngwaga, Bakeresete ba boammaaruri ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka letlha le le tsamaisanang le la Nisane 14 mo khalendareng ya Sehebera. Ba ikobela taelo ya ga Jesu e e reng: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” Tota e ne e le mo go lone letsatsi leo ka 33 C.E. fa Jesu a ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa setlhabelo sa gagwe fa a sena go keteka Tlolaganyo. O ne a swa pele ga letsatsi leo le wela.—Luke 22:19, 20; 1 Bakorintha 11:23-28.

Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., batho bangwe ba ne ba simolola go fetola nako e segopotso seno se neng se ketekwa ka yone le mokgwa o se neng se tshwarwa ka one. Letlha le Jesu a suleng ka lone le ne la tswelela le bolokwa kwa Asia Minor. Le fa go ntse jalo, jaaka fa buka nngwe e bontsha, “tlwaelo e e neng e le teng kwa Roma le kwa Alexandria, e ne e le go keteka tsogo ka Sontaga se se latelang,” mme ba ne ba bitsa moletlo oo ba re ke Tlolaganyo ya Tsogo. Setlhopha sengwe se se bidiwang Ba-Quartodeciman (Baketiki ba Letlha la Lesome le Bonè) ba ne ba gatelela gore loso lwa ga Jesu Keresete le tshwanetse go ketekwa ka Nisane 14. Melito wa kwa Saredise le ene o ne a dumela seo. Melito e ne e le mang? O ile a femela jang boammaaruri jwa Baebele mmogo le dilo tse dingwe tse e di rutang?

‘Lesedi le Legolo’

Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, go ya ka Eusebius wa kwa Kaesarea mo bukeng ya setlhogo se se reng Ecclesiastical History, Polycrates wa kwa Efeso o ne a romela lekwalo kwa Roma a buelela go ketekwa ga “letsatsi la bo lesome le bonè la Tlolaganyo go ya ka Efangele tumalanong le molao wa Bokeresete o o neng o sa tshwanelwa go fapogwa.” Go ya ka lekwalo leno, Melito—Mobishopo wa Saredisa, kwa Lidia—e ne e le mongwe wa batho ba ba tshegetsang letsatsi la Nisane 14 jaaka letsatsi le le tshwanetseng go ketekwa. Mo lekwalong leno, go ne ga tlhalosiwa gore batho ba ba tshetseng nako e le nngwe le Melito ba ne ba bitsa Melito ‘lesedi le legolo le le setseng le tlhokafatse.’ Polycrates o ne a re Melito o ne a sa nyala mme “o ne a tlhomile mogopolo thata mo dilong tsa Moya o o Boitshepo mme o fitlhilwe kwa Saredise koo a letetseng pitso ya selegodimo gone gore a tsoge mo baswing.” Seno se ka tswa se raya gore Melito e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba dumela gore tsogo ya baswi ga e kitla e direga go fitlha Keresete a boa pele.—Tshenolo 20:1-6.

Ka jalo, go bonala Melito a ka tswa e ne e le monna yo o pelokgale le yo o dirang dilo ka go ikemisetsa. Tota e bile, o ne a kwalela Bakeresete buka ya setlhogo se se reng Apology, ya ntlha mo go tse di kileng tsa kwalwa, e a neng a e kwaletse Marcus Aurelius, Mmusimogolo wa Roma yo o neng a busa go simolola ka 161 go fitlha ka 180 C.E. Melito o ne a sa tshabe go femela Bokeresete le go kgala batho ba ba boikepo, ba ba pelotshetlha. Banna ba ba ntseng jalo ba ne ba batla gore puso e ba neye ditaelo tse ba neng ba tla di dirisa jaaka seipato sa go bogisa Bakeresete le go ntsha ditatofatso tsa maaka ka bone gore ba tle ba utswe dilo tsa bone.

Melito o ne a kwalela mmusimogolo jaana ka bopelokgale: “Re go kopa selo seno se le sengwe, gore o tlhotlhomise ba ba bakileng bothata jono [Bakeresete], mme o atlhole ka tshiamo gore a ba tshwanelwa ke loso le kotlhao kgotsa botshelo le go tlogelwa ba sa twe sepe. Mme, fa e le gore molao o mosha ono, o o sa siamelang le baheitane ba e leng baba ba rona ga o tswe mo go wena, re go kopa ka tlhoafalo gore o se ka wa re tlogela fela re bogisiwa ke segopa seno.”

Go Femela Bokeresete ka go Dirisa Dikwalo

Melito e ne e le motho yo o ratang thata go ithuta Dikwalo Tse di Boitshepo. Ga re na lenaane le le feletseng la dibuka tsa gagwe, le fa go ntse jalo, dingwe tsa tsone di na le ditlhogo tse di bontshang gore tota o ne a rata go tlotla thata ka dithuto tse di farologaneng tsa Baebele. Dingwe tsa tsone di ne di na le ditlhogo tse di reng Botshelo Jwa Bokeresete le Baporofeti, Ka Tumelo ya Motho, Ka Popo, Ka Kolobetso le Boammaaruri le Tumelo le Botsalo Jwa ga Keresete, Ka go Amogela Baeng, Thuso ya go Tlhaloganya Dikwalo, le se se reng Ka Diabolo le Tshenolo ya ga Johane.

Melito o ile a etela kwa dinageng tsa Baebele go ya go batlisisa gore go ne go na le dibuka tse kae tsa Dikwalo Tsa Sehebera. O ne a kwala jaana ka tsone: “Ka gone, fa ke ne ke le kwa dinageng tsa Botlhaba mme ke ne ke le mo lefelong le dilo tseno di neng di rerwa e bile di dirwa mo go lone, mme fa ke sena go ithuta dibuka tsa Tesetamente ya Bogologolo sentle le go kokoanya dintlha, ke ne ka di go romelela.” Lenaane leno ga le na dibuka tsa Nehemia le Esethere, le fa go ntse jalo ke lenaane la bogologolo la dibuka tsa Baebele tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di kwadilweng ke batho ba ba neng ba ipitsa gore ke Bakeresete.

Fa Melito a ne a dira patlisiso eno, o ne a kokoanya ditemana di le mmalwa tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera tse di neng di na le boporofeti jo bo buang ka Jesu. Buka ya ga Melito, ya setlhogo se se reng Extracts, e bontsha gore Jesu e ne e le Mesia yo o sa bolong go letelwa le gore Molao wa ga Moshe le Baporofeti di ne di bua ka Keresete.

Go Femela Boleng Jwa Thekololo

Go ne go na le Bajuda ba le bantsi thata mo metseng e megolo ya Asia Minor. Bajuda ba kwa Saredisa, kwa Melito a neng a nna gone, ba ne ba keteka Tlolaganyo ya Bahebera ka Nisane 14. Melito o ne a kwala thero ya setlhogo se se reng Tlolaganyo e e neng e bontsha gore go ne go tshwanetse ga ketekwa Tlolaganyo kafa tlase ga Molao wa ga Moshe e bile e ne e buelela go ketekwa ga Sejo sa Morena sa Maitseboa ke Bakeresete ka Nisane 14.

Fa a sena go akgela ka buka ya Ekesodo kgaolo 12 le fa a sena go bontsha gore Tlolaganyo e ne e tshwantshetsa setlhabelo sa ga Keresete, Melito o ne a bontsha gore ga go utlwale gore Bakeresete ba keteke Tlolaganyo. Seno e ne e le ka ntlha ya gore Modimo o ne a fedisitse Molao wa ga Moshe. Morago ga moo, o ne a bontsha gore ke ka ntlha yang fa setlhabelo sa ga Keresete se ne se tlhokega: Modimo o ne a baya Adame mo Paradaiseng gore a tle a tshele botshelo jo bo itumedisang. Mme motho wa ntlha o ne a se ka a ikobela taelo ya gore a se ka a ja mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula. Ke gone ka moo go neng ga tshwanelwa ke gore go tlhokege thekololo.

Melito o ne a gatelela gore Jesu o ne a romelwa mo lefatsheng mme a swela mo koteng gore a rekolole batho ba ba dumelang, a ba ntshe mo boleong le mo losong. Se se kgatlhang ke gore Melito o ne a dirisa lefoko la Segerika e leng xylon, le le rayang “logong,” fa a ne a kwala ka kota e Jesu a swetseng mo go yone.—Ditiro 5:30; 10:39; 13:29.

Melito o ne a itsege thata le kwa dinageng tse di ka kwa ga Asia Minor. Tertullian, Clement wa kwa Alexandria, le Origen ba ne ba itse dibuka tsa gagwe. Le fa go ntse jalo mokwadi wa hisitori e bong Raniero Cantalamessa o bolela jaana: “Re simolotse go se tlhole re utlwa thata ka Melito, mme ya re fa nako e ntse e ile le dibuka tsa gagwe di sa tlhole di bonwa, fa Baketeki ba Letlha la Lesome le Bonè ba ne ba simolola go lejwa e le bakgelogi, ka nako ya fa mokete wa Tlolaganyo ya Sontaga o simolola go ketekwa.” Kgabagare, dibuka tsotlhe tsa ga Melito di ne tsa nyelela mo e ka nnang tsotlhe.

A Melito O ne A Amiwa ke Botlhanogela Tumelo?

Fa baaposetoloi ba sena go tlhokafala, botlhanogela tumelo jo bo neng bo boleletswe pele bo ne jwa simolola go tsenelela mo Bokereseteng jwa boammaaruri. (Ditiro 20:29, 30) Ga go pelaelo gore seno se ne sa ama Melito. Mokgwa wa gagwe o o raraaneng wa go kwala o ne o tshwana thata le wa botlhajana jwa Bagerika le wa Roma. Gongwe leo ke lone lebaka la go bo Melito a ne a bitsa Bokeresete a re ke “botlhajana jwa rona.” Gape o ne a leba go tswakana ga Bokeresete le Pusokgolo ya Roma a re ke “selo se segolo thata se se bontshang gore . . . go tlile go nna le katlego e e seng kana ka sepe.”

Go a bonala gore Melito ga a ka a tsaya tsia kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo, e e reng: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” Ka jalo, le fa Melito a ile a femela boammaaruri jwa Baebele go ya bokgakaleng jo bo rileng, mo dikarolong di le dintsi o ne a kgaogane le jone.—Bakolosa 2:8.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Nisane 14