Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Tsamaisanang le Thato ya Modimo?

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Tsamaisanang le Thato ya Modimo?

O ka Dira Jang Ditshwetso Tse di Tsamaisanang le Thato ya Modimo?

KWA United States, monna mongwe o ne a tsena mo bankeng ka tšheke ya $25 000 (R163 000). O ne a ikaeletse go tsenya madi ano mo bankeng mme a a goge morago ga lobaka lo a lo beileng. Le fa go ntse jalo, modiri wa mo bankeng o ne a akantsha gore a beeletse madi ao ka go reka dishere, a tlhalosa gore ka gonne dishere tsone ga nke di latlhegelwa ke boleng jwa tsone fa nako e ntse e tsamaya. Monna yono o ne a amogela kakantsho eo. Go ise go ye kae, madi a a neng a beeleditse ka one a ne a latlhegelwa ke boleng jwa one.

Tiragalo eno e bontsha gore ga go motlhofo go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale. Go tweng ka ditshwetso tse dintsintsi tse re di dirang mo botshelong? Dingwe tsa tsone e ka nna tse di molemo, fa tse dingwe tsone di se molemo—mme kgabagare ya nna tse di re nayang botshelo kgotsa tse di ka re bolayang. Ka jalo, re ka tlhomamisa jang gore re dira ditshwetso ka tsela e e botlhale?

“Tsela ke E”

Letsatsi le letsatsi, re dira ditshwetso tsa gore re tlile go ja eng, go apara eng, go ya kae, jalo le jalo. Ditshwetso dingwe di ka nna tsa lebega e se tsa sepe, mme gone di le botlhokwa fela thata. Ka sekai, tshwetso ya gore o tshube sekerete lekgetlho la ntlha e ka felela ka gore a lemalele go goga motsoko botshelo jotlhe. Le ka motlha ga re a tshwanela go tsaya motlhofo fela ditshwetso tse di lebegang e kete ga se tsa sepe.

Re ka bona kae kaelo fa re batla go dira ditshwetso, tota le fa di lebega e se tsa sepe? Go ka nna molemo tota gore fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso nngwe e e boima, re batle mongwe yo re ka mo ikanyang gore a re gakolole! O ka kgona go bona motho yo o ntseng jalo. Buka ya bogologolo e e tsholetseng rona batho ba gompieno molaetsa e bolela jaana: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isaia 30:21) Ke mafoko a ga mang ano? Mme o ka tlhomamisa jang gore kaelo ya gagwe e ka ikanngwa?

Mafoko a a fa godimo ano a mo Baebeleng. Batho ba le dimilione ba e ithutile mme ba a lemoga gore a tlhotlheleditswe ke Jehofa Modimo, e leng Mmopi. (2 Timotheo 3:16, 17) Jehofa o itse kafa re dirilweng ka gone, ka jalo ke ene yo o ka re nayang kaelo e e molemolemo. Gape o kgona go bonela isagwe pele, e re ka e le “Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong; Yo o reng, ‘Boikaelelo jwa me bo tla ema.’” (Isaia 46:10) Ka ntlha ya seno, mopesalema o ne a bontsha ka mafoko a a latelang gore o ikanya Lefoko la ga Jehofa: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa jang go tsamaya ka pabalesego mo gare ga matshwenyego a lefatshe leno? Re ka dira jang ditshwetso tse di tsamaisanang le thato ya Modimo?

Dirisa Melaometheo ya Baebele

Jehofa Modimo o neile Bakeresete melaometheo ya gagwe gore e ba thuse go dira ditshwetso tse di siameng. Go ithuta melaometheo eno le go e dirisa go ka tshwantshiwa le go ithuta puo e sele re bo re e dirisa. Fa re setse re itse go bua puo eo, o ka kgona go utlwa ka bonako fa motho a dira phoso fa a ntse a e bua ka gonne se a se buang se sa utlwale sentle. Gongwe o ka nna wa se ka wa kgona go tlhalosa ka tlhamalalo gore ke eng se a sa se bueng sentle, mme gone o a utlwa gore go na le fa a sa bueng puo eno sentle gone. Fa o ithutile melaometheo ya Baebele e bile o itse go e dirisa sentle, gantsi o ka kgona go bona fa tshwetso nngwe e le e e sa siamang, e sa dumalane le melaometheo ya Modimo.

Ka sekai, akanya ka tshwetso e lekawana lengwe le e dirang malebana le tsela e a baakanyang moriri wa gagwe ka yone. Ga go na molao ope mo Baebeleng o o kgalang tsela e e rileng ya go baakanya moriri. Le fa go ntse jalo, akanya ka molaometheo ono wa Baebele. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tsela e e tshwanang ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Fano, Paulo o ne a kwala ka basadi mme molaomotheo wa teng o ama basadi le bone banna. Ke molaomotheo ofe oo? Tebego ya rona e tshwanetse go nna ya boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo. Ka jalo, lekawana leno le ka ipotsa jaana: ‘A tsela e ke ipaakanyang moriri ka yone e tla bontsha boingotlo jo bo tshwanetseng Bakeresete?’

Mme ke molaomotheo ofe o o thusang o lekawana leno le ka o dirisang mo mafokong a a latelang a ga morutwa Jakobe? “Basadi ba baakafadi, a ga lo itse gore botsalano le lefatshe ke bobaba le Modimo? Jalo, le fa e le mang yo o batlang go nna tsala ya lefatshe o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Bakeresete ga ba rate le e seng go ka nna tsala ya lefatshe, le e leng mmaba wa Modimo. A tsela ya go ipaakanya moriri e e ratwang thata ke dithaka tsa gagwe e tla dira gore a lebege a le tsala ya Modimo kgotsa ya lefatshe? Lekawana le le akanyang ka kgang ya go ipaakanya moriri le ka dirisa melaometheo e e ntseng jalo fa le dira tshwetso. Ee, melaometheo ya Modimo e re thusa go dira ditshwetso. Mme fa re tlwaela go dira ditshwetso tse di tshegediwang ke melaometheo ya Modimo, go nna motlhofo gore re dire ditshwetso tse di botlhale tse di se kitlang di re utlwisa botlhoko.

Lefoko la Modimo le na le melaometheo e le mentsi. Gone ke boammaaruri gore re ka nna ra se ka ra bona temana e e buang ka boemo jo re lebaneng le jone. Le fa go ntse jalo, re ka bala ka tsela e bangwe ba ileng ba ikobela kaelo ya Modimo ka yone fa ba bangwe bone ba ile ba tlhokomologa ditlhagiso tsa gagwe. (Genesise 4:6, 7, 13-16; Duteronome 30:15-20; 1 Bakorintha 10:11) Fa re bala dipego tse di ntseng jalo le go leba ditlamorago tsa tsone, re tla lemoga gore ke melaometheo efe e e tla re thusang go dira ditshwetso tse di itumedisang Modimo.

Ka sekai, a ko o akanye ka motlotlo o mokhutshwane o Jesu Keresete a ileng a o tshwara le moaposetoloi Petere. Banna ba ba neng ba phutha madi a mabedi a lekgetho a derakema ba ne ba botsa Petere ba re: “A moruti wa lona ga a duele lekgetho la diderakema tse pedi?” Petere o ile a araba ka go re: “Ee.” Ka bonako fela morago ga moo, Jesu o ne a botsa Petere a re: “Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo go ba e leng batswakwa?” E ne ya re fa Petere a re: “Mo go ba e leng batswakwa,” Jesu a mo raya a re: “Ruri, he, bomorwaatsone ba gololesegile mo lekgethong. Mme gore re se ka ra ba kgopisa, ya kwa lewatleng, o latlhele sekgoge sa ditlhapi, o bo o tseye tlhapi ya ntlha e e tswang mme, fa o bula molomo wa yone, o tla fitlhela ledi la tshipi la selefera. Le tseye mme o le ba neye e le la me le wena.” (Mathaio 17:24-27) Ke molaomotheo ofe o o tswang mo Baebeleng o re o bonang mo pegong eno?

Jesu o ne a botsa Petere dipotso di le mmalwa a mo thusa go tlhaloganya gore ene jaaka Morwa Modimo, o ne a golotswe mo go dueleng lekgetho. Le mororo Petere a se kile a tlhaloganya ntlha eo kwa tshimologong, Jesu o ne a mo thusa ka bopelonomi gore a e tlhaloganye. Fa re bona ba bangwe ba dira diphoso, re ka nna ra swetsa ka gore re etse Jesu, re ba tshware ka bopelotlhomogi go na le gore re ba bontshe diphoso tsa bone ka bogale kgotsa gore re ba kgale.

Ka jalo Petere o ile a kgona go bona lebaka la go bo a ne a tshwanetse go duela lekgetho—gore a se ka a kgopisa ba bangwe. Molaomotheo o mongwe gape ke ono o re ka ithutang sengwe mo go one. Go akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe go botlhokwa thata go na le go gatelela mo ditshwanelong tsa rona.

Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di tla bontshang gore re tlotla digakolodi tsa ba bangwe? Go rata baagelani ba rona. Jesu Keresete o ne a ruta gore go rata moagelani wa rona jaaka re ithata ke taolo e e botlhokwa thata e e fetwang fela ke ya go rata Modimo ka moya otlhe wa rona. (Mathaio 22:39) Le fa go ntse jalo, re tshela mo lefatsheng le le tletseng ka batho ba ba tletseng boithati, mme tshekamelo ya rona ya go dira boleo e dira gore re nne pelotshetlha. Ka jalo, motho o tshwanetse go fetola mogopolo wa gagwe gore a kgone go rata moagelani wa gagwe jaaka a ithata.—Baroma 12:2.

Ba le bantsi ba ile ba dira phetogo e e ntseng jalo, mme ba akanyetsa ba bangwe fa ba dira ditshwetso, e ka tswa e le tse dikgolo kgotsa tse dinnye. Paul o ile a kwala jaana: “Ke boammaaruri gore lo ne lwa bilediwa kgololesego, bakaulengwe; fela lo se ka lwa dirisa kgololesego eno jaaka tlhotlheletso ya nama, mme ka lorato nnang batlhanka mongwe go yo mongwe.” (Bagalatia 5:13) Re ka dira seo jang? Akanya ka mosetsana mongwe yo mmotlana yo o neng a fudugela kwa motseselegaeng mongwe gore a ye go thusa batho go ithuta Lefoko la Modimo. Fa a ntse a tlotla le batho, o ne a lemoga gore batho ba ne ba simolola go bua thata ba re o apara diaparo tsa maemo a a kwa godimo, le mororo di ne di sa lejwe jalo kwa mafelong a setoropo. Tsela e a neng a apara ka yone e ne e le e e itshiametseng fela, mme a simolola go apara diaparo tsa maemo a a kwa tlase go sekae “gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.”—Tito 2:5.

Wena o ka bo o ile wa dira eng fa o ne o ka lebana le go dira tshwetso malebana le tsela e o aparang ka yone kgotsa go dira sengwe se tota e leng kgang ya botho? O ka tlhomamisega gore Jehofa o tla itumela fa ditshwetso tse o di dirang di bontsha gore o akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe.

Akanyetsa mo Isagweng

Kwantle fela ga go akanyetsa melaometheo ya Baebele le digakolodi tsa ba bangwe, ke eng gape se re ka se akanyetsang fa re dira ditshwetso? Le fa go tshela ka tsela ya Bokeresete go ka tswa go se motlhofo, Modimo o naya ba ba tshelang ka yone kgololesego ya go dira se ba se batlang fa fela ba sa tlole melao ya gagwe. (Mathaio 7:13, 14) Re tshwanetse go sekaseka pele gore mo isagweng, ditshwetso tse re di dirang di tlile go re ama jang mo semoyeng, mo tlhaloganyong, mo maikutlong le gore di tlile go ama botsogo jwa rona jang.

A re re gongwe o ne o akanya ka go amogela tiro nngwe. Gongwe tiro eno ga e amane ka gope le boitsholo jo bo sa siamang kgotsa ga go na sepe se se phoso ka yone. Fa o e dira, o tla kgona go nna teng kwa dipokanong le kwa dikopanong. O tlile go duelwa madi a le mantsi go feta kafa o neng o akantse ka gone. Mothapi wa gago o rata bokgoni jwa gago e bile o batla go go dirisa ka botlalo. Mo godimo ga moo, le wena o rata tiro eo fela thata. A go na le se se tshwanetseng sa dira gore o se ka wa e amogela? Go tweng fa e le gore o a lemoga gore o tlile go feleletsa o tsene ka tlhogo mo tirong eno? O bolelelwa gore ga o tle go patelediwa go bereka diura tse di oketsegileng. Mme gore o fetse tiro ya gago, a o tla rata go bereka ka natla go feta ka tsela e e tlwaelegileng? A go ka direga gangwe le gape gore o simolole go bereka diura tse di oketsegileng? A go dira jalo go tla dira gore o se ka wa nna le nako le lelapa la gago mme kgabagare o se ka wa kgona go nna le seabe mo ditirong tsa semoya tse di sa tshwanelang go go fosa?

Ela tlhoko kafa Jim a ileng a dira tshwetso e kgolo ka gone malebana le tiro ya gagwe. O ne a dira ka natla tota go fitlha a tlhatlosiwa maemo kwa tirong. Kgabagare, o ne a nna mokaedi wa khampani e a neng a e bereka kwa dinageng tsa Botlhaba, a nna mokaedimogolo wa lekala lengwe la yone kwa United States, a ba a nna leloko la boto ya bakaedi mo makaleng a yone kwa Yuropa. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa ikonomi e phutlhama kwa Japane, a lemoga kafa go se nang mosola ka gone go gagamalela madi le go nna le maemo. Madi a a neng a a bereketse ka natla a ne a mo tswa dinaleng. O ne a se ka a tlhola a kgona go bona gore tota o tshelela eng. O ne a ipotsa a re, ‘Ke tla bo ke dira eng mo dingwageng di le lesome tse di tlang?’ Morago ga moo a lemoga gore mosadi wa gagwe le bana ba ne ba tlhomile megopolo ya bone mo mekgeleng mengwe e e botlhokwa. Ba ne ba setse ba feditse dingwaga di le dintsi ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Jim o ne a eletsa go nna le boitumelo le kgotsofalo tse a neng a bona lelapa la gagwe le na le tsone. Ka jalo a simolola go ithuta Baebele.

Go ise go ye kae, Jim o ne a lemoga gore tsela e a neng a tshela ka yone e ne e dira gore a se ka a kgona go tshela botshelo jo bo nang le boikaelelo ka tsela e Bakeresete ba dirang ka yone. E re ka a ne a tsaya maeto thata go ya Asia, United States le Yuropa, o ne a se na nako ya go ithuta Baebele le go kopanela le badumedi ka ene. O ne a lebana le tshwetso eno e e latelang: ‘A ke tla tswelela ke tshela botshelo jo ke ntseng ke bo tshela dingwaga di le 50 tse di fetileng, kgotsa a ke tla simolola tsela e ntšha ya botshelo?’ Ka thapelo, o ne a akanya ka tsela e tshwetso e a neng a tlile go e dira e neng e tlile go mo ama ka gone mo isagweng mme a swetsa ka gore a tlogele ditiro tse dingwe tsotlhe, a sa le ka e le nngwe fela gore a tle a kgone go nna le nako ya go nna le seabe mo ditirong tsa semoya. (1 Timotheo 6:6-8) Tshwetso e a neng a e dira e ne ya mo tlisetsa boitumelo jo bogolo tota, ya mo naya tshono ya go tshwarega mo ditirong tsa Bokeresete.

Ditshwetso tse o di dirang di botlhokwa tota, e ka tswa e le tse dikgolo kgotsa tse dinnye. Tshwetso e o e dirang gompieno jaana e ka go ama ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang, e bile e ka go tlisetsa loso kgotsa botshelo mo isagweng. O ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa o akanya ka melaometheo ya Baebele, o akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe le kafa se o se dirang se tlileng go go ama ka gone mo isagweng. Dira ditshwetso tumalanong le thato ya Modimo gone jaanong.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ditshwetso tse e keteng ga se tsa sepe di ka nna le ditlamorago tse di masisi

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Melaometheo ya Baebele e ka mo thusa jang gore a dire tshwetso e e siameng?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a le pelotlhomogi fa a bua le Petere