Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Badisa ba e Leng “Dikao mo Letsomaneng”

Badisa ba e Leng “Dikao mo Letsomaneng”

Badisa ba e Leng “Dikao mo Letsomaneng”

“Disang letsomane la Modimo le lo le tlhokometseng, . . . mme e nne ka go rata . . . ka tlhagafalo . . . ka go nna dikao mo letsomaneng.”—1 PETERE 5:2, 3.

1, 2. (a) Jesu o ne a naya moaposetoloi Petere tshiamelo efe, mme ke ka ntlha yang fa a sa dira phoso ka go mo naya boikarabelo jono? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka badisa ba ba tlhomilweng?

NAKONYANA pele ga Pentekosete ya 33 C.E., Petere le barutwa ba bangwe ba barataro ba ne ba ja dijo tsa sefitlholo tse ba neng ba di baakanyeditswe ke Jesu kwa losing lwa Lewatle la Galalea. E ne e se lekgetlho la ntlha Petere a bona Jesu yo o tsositsweng, mme ga go na pelaelo gore o ne a itumeletse go itse gore Jesu o a tshela. Mme gape Petere o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile. Gakologelwa gore malatsi a sekae pelenyana ga moo, o ne a sa tswa go latola phatlalatsa gore o itse Jesu. (Luke 22:55-60; 24:34; Johane 18:25-27; 21:1-14) A Jesu o ne a kgalema Petere yo o ikwatlhaileng, a mo kgalemelela go tlhoka tumelo ga gagwe? Nnyaa. Go na le moo, o ne a naya Petere tshiamelo ya go fepa le go disa ‘dinku tsa ga Jesu tse dinnye.’ (Johane 21:15-17) Jaaka fa pego ya Baebele ya hisitori ya phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e bontsha, Jesu o ne a sa dira phoso ka go naya Petere maikarabelo ano. Petere, mmogo le baaposetoloi ba bangwe le banna ba bagolwane ba ba kwa Jerusalema, ba ne ba tswelela ba disa phuthego ya Bokeresete mo nakong eo ya diteko le ya fa phuthego e ne e gola ka lobelo lo logolo.—Ditiro 1:15-26; 2:14; 15:6-9.

2 Gompieno Jehofa, a dirisa Jesu Keresete, o tlhomile banna ba ba tshwanelegang gore ba nne badisa ba semoya ba ba etelelang dinku tsa Gagwe pele mo lobakeng lono lwa mathata mo hisitoring ya batho. (Baefeso 4:11, 12; 2 Timotheo 3:1) A o dirile phoso ka go ba naya maikarabelo ano? Kagiso e e leng teng mo gare ga bakaulengwe ba Bakeresete lefatshe ka bophara e bontsha gore ga a dira phoso. Gone ee, badisa bano le bone ke batho, fela jaaka Petere. Ba dira diphoso. (Bagalatia 2:11-14; Jakobe 3:2) Le fa go ntse jalo, Jehofa o a itse gore ba tla tlhokomela dinku tse ‘a neng a di reka ka madi a Morwawe.’ (Ditiro 20:28) Jehofa o rata banna bano ka lorato lo logolo, mme o ba tsaya ba “tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi.”—1 Timotheo 5:17.

3. Badisa ba semoya ba boloka jang moya wa go rata go dira le wa go tlhagafala?

3 Badisa ba semoya ba boloka jang moya wa go rata go dira le wa go tlhagafala, mme ka go rialo ba nna dikao mo letsomaneng? Fela jaaka Petere le badisa ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga, badisa bano ba ikaegile ka moya o o boitshepo wa Modimo, o o ba nayang nonofo e ba e tlhokang gore ba diragatse maikarabelo a bone. (2 Bakorintha 4:7) Mme gape moya o o boitshepo o dira gore ba nne le leungo la moya—e leng lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Mma re sekaseke dingwe tsa ditsela tse badisa ba ka tlhomang sekao se se molemo ka tsone mo go bontsheng leungo leno, fa ba ntse ba disa letsomane la Modimo le ba le neilweng gore ba le tlhokomele.

Ratang Letsomane le Nku Nngwe le Nngwe mo Letsomaneng

4, 5. (a) Jehofa le Jesu ba bontsha jang gore ba rata letsomane? (b) Dingwe tsa ditsela tse badisa ba semoya ba bontshang ka tsone gore ba rata letsomane ke dife?

4 Nonofo e e kwa pelepele e e ntshiwang ke moya wa Modimo ke lorato. Jehofa o bontsha gore o rata letsomane le le lotlhe fa a le fepa ka letlepu la dijo tsa semoya. (Isaia 65:13, 14; Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, ga a felele fela ka go fepa letsomane ka dijo. O rata nku nngwe le nngwe e e mo letsomaneng. (1 Petere 5:6, 7) Jesu le ene o rata letsomane. O ne a le ntshetsa botshelo jwa gagwe, mme o itse nku nngwe le nngwe ‘ka leina.’—Johane 10:3, 14-16.

5 Badisa ba semoya le bone ba etsa Jehofa le Jesu. Ba bontsha gore ba rata letsomane la Modimo le le lotlhe ka go “dira ka bojotlhe . . . mo go ruteng” phuthego. Dipuo tsa bone tse di theilweng mo Baebeleng di thusa go fepa le go sireletsa letsomane, mme tiro ya bone e ba e dirang ka natla ka tsela eno e bonwa ke botlhe. (1 Timotheo 4:13, 16) Se batho ba sa se boneng ke nako e ba e dirisang ba tlhokometse direkoto, makwalo, dithulaganyo, le dilo tse dingwe tse dintsintsi go dira gore dipokano tsa phuthego le ditiro tse dingwe mo phuthegong di direge “ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Bontsi jwa tiro eno fa ba e dira, ba bangwe mo phuthegong ga ba ba bone, mme fa gongwe ga go twe sepe ka yone. Eleruri ke tiro e ba e dirang ka go rata.—Bagalatia 5:13.

6, 7. (a) Tsela nngwe e badisa ba e dirisang go itlwaelanya le dinku ke efe? (b) Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe go le molemo go bolelela mogolwane tsela e re ikutlwang ka yone?

6 Badisa ba ba lorato ba Bakeresete ba leka go bontsha go kgatlhegela nku nngwe le nngwe mo phuthegong. (Bafilipi 2:4) Tsela nngwe e badisa ba itlwaelanyang le nku nngwe le nngwe ka yone ke ka go bereka mmogo le dinku mo tirong ya go rera phatlalatsa. Gantsi Jesu o ne a bereka le balatedi ba gagwe mo tirong ya go rera mme o ne a dirisa dipaka tseo go ba kgothatsa. (Luke 8:1) Modisa mongwe yo o nang le maitemogelo wa Mokeresete a re: “Ke fitlhetse gore sengwe sa dilo tse di molemo thata tse di nthusang go itse le go kgothatsa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi ke go bereka le ene mo bodireding jwa tshimo.” Fa e le gore bosheng jaana ga o ise o nne le sebaka sa go bereka le mongwe wa bagolwane mo bodireding jwa tshimo, ke eng o sa dire dithulaganyo tsa go bereka le ene mo lobakeng lo lo fa gautshwane?

7 Lorato lo ne lo tlhotlheletsa Jesu go itumela le balatedi ba gagwe fa ba itumetse, le go lela le bone fa ba lela. Ka sekai, fa barutwa ba gagwe ba ba 70 ba ne ba boa ka boitumelo go tswa kwa tshimong, Jesu o ne “a ipela thata.” (Luke 10:17-21) Le fa go ntse jalo, fa a bona kafa loso lwa ga Lasaro lo utlwisitseng Marea le balelapa la bone le ditsala tsa bone botlhoko ka teng, o ne “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:33-35) Ka tsela e e tshwanang, badisa ba ba lorato gompieno ba kgathalela se se diragalelang dinku. Lorato lo ba tlhotlheletsa go ‘ipela le batho ba ba ipelang’ le go ‘lela le batho ba ba lelang.’ (Baroma 12:15) Fa go na le sengwe se se go itumedisitseng kgotsa se se go utlwisitseng botlhoko, bolelela badisa ba Bakeresete. Ba tla kgothala fa ba utlwa ka dilo tse di go itumedisang. (Baroma 1:11, 12) Fa ba utlwa ka diteko tsa gago, seno se tla ba thusa go go nonotsha le go go gomotsa.—1 Bathesalonika 1:6; 3:1-3.

8, 9. (a) Mogolwane mongwe o ne a bontsha jang gore o rata mosadi wa gagwe? (b) Go botlhokwa go le kana kang gore modisa a bontshe go rata lelapa la gagwe?

8 Lorato lo modisa a ratang letsomane ka lone lo bonala bogolo jang mo tseleng e a tshwarang lelapa la gagwe ka yone. (1 Timotheo 3:1, 4) Fa a nyetse, lorato le tlotlo tse a di bontshang mosadi wa gagwe di tlhomela banna ba bangwe ba ba nyetseng sekao se ba ka se etsang. (Baefeso 5:25; 1 Petere 3:7) Akanya ka se se neng sa buiwa ke mosadi mongwe wa Mokeresete yo o bidiwang Linda. Monna wa gagwe e ne e le molebedi ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le 20 pele ga a swa. Linda o bolela jaana: “Monna wa me o ne a nna a tshwaregile ka metlha a tlhokometse phuthego. Mme o ne a dira gore le nna ke ikutlwe ke na le seabe mo tirong eno. Gantsi o ne a tlhola a mpolelela kafa a anaanelang ka teng tsela e ke mo tshegetsang ka yone, mme fa a sa dire sepe, nako eo o ne a e dirisa a na le nna. Ka ntlha ya moo, ke ne ke ikutlwa ke ratwa mme ke ne ke sa nne le lefufa fa a dirisa nako e nngwe a direla phuthego.”

9 Fa modisa wa Mokeresete a na le bana, tsela e a ba layang ka yone ka lorato e bile a ba akgola ka metlha e tlhomela batsadi ba bangwe sekao se ba ka se etsang. (Baefeso 6:4) Tota e bile, tsela e a ratang lelapa la gagwe ka yone e bontsha gore o tshwanelegela boikarabelo jo a bo neilweng fa a ne a tlhomiwa ke moya o o boitshepo.—1 Timotheo 3:4, 5.

Kgothaletsang Boipelo le Kagiso ka go Buisana Sentle le ba Bangwe

10. (a) Ke eng se se ka senyang boipelo le kagiso tsa phuthego? (b) Ke kgang efe e e neng ya batla e senya kagiso ya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, mme kgang eo e ne ya rarabololwa jang?

10 Moya o o boitshepo o kgona go tlhagisa boipelo le kagiso mo pelong ya Mokeresete mongwe le mongwe, mo gare ga setlhopha sa bagolwane, le mo phuthegong yotlhe. Le fa go ntse jalo, fa go se na puisano e ntle, seno se ka senya boipelo jono le kagiso eno. Solomone wa bogologolo o kile a bua a re: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng.” (Diane 15:22) Kafa letlhakoreng le lengwe, go buisana ka tshosologo mme e le ka tlotlo go lere boipelo le kagiso. Ka sekai, fa kgang ya go rupa e ne e batla e senya kagiso ya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, setlhopha se se laolang kwa Jerusalema se ne sa senka kaelo ya moya o o boitshepo. Mme gape bakaulengwe bano ba ne ba tlhalosa ditsela tsa bone tse di farologaneng tse ba neng ba leba kgang eno ka tsone. Morago ga motlotlo o moleele, o mongwe le mongwe a neng a ntsha maikutlo a gagwe mo go one, ba ne ba fitlhelela tshwetso. Fa ba bolelela diphuthego ka tshwetso ya bone e ba e fitlheletseng ka bongwefela jwa pelo, bakaulengwe ba ne ba “ipela ka ntlha ya kgothatso eno.” (Ditiro 15:6-23, 25, 31; 16:4, 5) Seno se ne sa kgothaletsa moya wa boipelo le kagiso.

11. Bagolwane ba ka kgothaletsa jang boipelo le kagiso mo phuthegong?

11 Ka tsela e e tshwanang le gompieno, badisa ba kgothaletsa moya wa boipelo le kagiso mo phuthegong ka go buisana le ba bangwe sentle. Fa go tlhaga mathata mangwe a a batlang a senya kagiso ya phuthego, ba a kopana go tlhalosa maikutlo a bone. Ba reetsa se se buiwang ke badisa mmogo le bone ka tlotlo. (Diane 13:10; 18:13) Mme fa ba sena go rapelela moya o o boitshepo, ba fitlhelela tshwetso ba e theile mo melaometheong ya Baebele le mo dikaelong tse di gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47; 1 Bakorintha 4:6) Fa setlhopha sa bagolwane se fitlhelela tshwetso e e utlwalang, e e theilweng mo Dikwalong, mogolwane mongwe le mongwe o itetla go kaelwa ke moya o o boitshepo ka go tshegetsa tshwetso eo, tota le fa bagolwane ba bantsi ba sa ka ba amogela pono ya gagwe. Go nna boingotlo ka tsela eno go dira gore go nne le boipelo le kagiso mme go tlhomela dinku sekao se se molemo sa kafa ba ka tsamayang ka gone le Modimo. (Mika 6:8) A ka boingotlo o dirisana mmogo le ditshwetso tse di theilweng mo Baebeleng tse badisa ba phuthego ba di dirang?

Nnang Pelotelele le Pelonomi

12. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhoka go nna pelotelele le pelonomi fa a dirisana le baaposetoloi?

12 Jesu o ne a le pelotelele e bile a le pelonomi fa a dirisana le baaposetoloi, le fa ba ne ba tla ba dira diphoso nako le nako. Ka sekai, gangwe le gape Jesu o ne a nna a leka go gatelela mo go bone gore ba tshwanetse go nna boikokobetso. (Mathaio 18:1-4; 20:25-27) Le fa go ntse jalo, mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, a sena go ba ruta thuto e e botlhokwa thata malebana le go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao, “go ne ga tsoga gape kganetsano e e gotetseng mo gare ga bone ka ga gore ke ofe wa bone yo o neng a bonala a le mogolo.” (Luke 22:24; Johane 13:1-5) A Jesu o ne a omanya baaposetoloi ka bogale? Nnyaa, o ne a leka go ba bontsha mabaka ka bopelonomi, a ba bolelela jaana: “Ke ofe yo mogolo, a ke yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng kgotsa yo o direlang? A ga se yo o ntseng ka go sekama fa tafoleng? Mme ke mo gare ga lona ke le yo o direlang.” (Luke 22:27) Bopelotelele jwa ga Jesu le bopelonomi jwa gagwe—di kopane le sekao sa gagwe se se molemo—di ne tsa feleletsa di amile dipelo tsa baaposetoloi.

13, 14. Ke mo maemong afe segolobogolo mo badisa ba tshwanetseng go nna pelonomi?

13 Ka tsela e e tshwanang, modisa wa semoya a ka nna a tshwanelwa ke go nna a gakolola motho gangwe le gape ka bokoa bongwe jo a nang le jone. Seno se ka nna sa dira gore modisa a galefele motho yono. Le fa go ntse jalo, fa modisa a gakologelwa gore fa a ntse a ‘tlhagisa ba ba sa direng dilo ka thulaganyo’ le ene o na le makoa, seno se ka mo thusa go nna pelotelele le pelonomi mo mokaulengweng wa gagwe. Ka go dira jalo o a bo a etsa Jesu le Jehofa, ba le bone ba leng pelotelele e bile ba le pelonomi mo Bakereseteng botlhe—go akaretsa le badisa tota.—1 Bathesalonika 5:14; Jakobe 2:13.

14 Ka dinako tse dingwe badisa ba ka nna ba tshwanelwa ke go naya motho yo o dirileng boleo jo bo masisi kgakololo e e bogale. Fa motho yono a sa ikwatlhae, badisa ba tshwanetse go mo tlosa mo phuthegong. (1 Bakorintha 5:11-13) Mme le teng moo, tsela e ba dirisanang ka yone le motho yoo e bontsha gore se ba se tlhoileng ke boleo, e seng moleofi. (Jude 23) Fa badisa ba le pelonomi seno se ka dira gore go nne motlhofo ka nku e e latlhegileng gore e boele gape mo lesakeng.—Luke 15:11-24.

Tumelo e Dira Gore re Dire Ditiro Tse di Molemo

15. Tsela nngwe e badisa ba etsang molemo wa ga Jehofa ka yone ke efe, mme ke eng se se ba tlhotlheletsang go dira jalo?

15 “Jehofa o molemo mo go botlhe,” go akaretsa le ba ba sa anaaneleng se a ba direlang sone. (Pesalema 145:9; Mathaio 5:45) Molemo wa ga Jehofa o bonala bogolo jang mo ntlheng ya gore o rometse batho ba gagwe gore ba ye go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Badisa ba bontsha molemo ono wa Modimo ka go di goga kwa pele mo tirong eno ya go rera. Ke eng se se ba tlhotlheletsang go dira ka natla jalo? Ke go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe.—Baroma 10:10, 13, 14.

16. Badisa ba ka ‘dira jang se se molemo’ mo dinkung?

16 Mo godimo ga go dira “se se molemo mo go botlhe” ka go rera, badisa ba na le boikarabelo jwa go dira se se molemo “segolobogolo mo go ba ba amanang le [bone] mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Tsela nngwe e ba dirang jalo ka yone ke ka go dira maeto a bodisa a a kgothatsang. Mogolwane mongwe o ne a bua a re: “Ke itumelela go dira maeto a bodisa. Maeto ano a nnaya sebaka sa go akgola bakaulengwe le bokgaitsadi mo maitekong a ba a dirang, le go ba thusa go lemoga gore tiro ya bone ya bonatla e a anaanelwa.” Ka dinako tse dingwe badisa ba ka nna ba akantsha ditsela dingwe tse motho a ka tokafatsang mo go tsone fa a direla Jehofa. Mo maemong ao, badisa ba ba botlhale ba etsa moaposetoloi Paulo. Bona tsela e a neng a ikuela ka teng mo bakaulengweng ba kwa Thesalonika: “Re na le tshepo mo Moreneng ka ga lona, gore lo dira dilo tse re di laelang e bile lo tla tswelela lo di dira.” (2 Bathesalonika 3:4) Fa o bontsha ka tsela eno gore o tshepa bakaulengwe ba gago, seno se tla dira gore ba batle go dira se se molemo e bile se tla dira gore go nne motlhofo ka bone go ‘utlwa ba ba etelelang pele.’ (Bahebera 13:17) Fa mogolwane a go etetse ka loeto lwa bodisa, ke ka ntlha yang fa o sa mmolelele gore o anaanela loeto lono?

Bonolo bo Batla Gore O bo O le Boikgapo

17. Petere o ne a ithuta thuto efe mo go Jesu?

17 Jesu o ne a le bonolo, tota le fa a ne a lebane le maemo a a neng a dira gore a galefe. (Mathaio 11:29) Fa a ne a okwa le go tshwarwa, o ne a ntse a bontsha bonolo le boikgapo jo bogolo. Petere, yo o neng a le mafega fa a dira dilo, o ne a ntsha tšhaka mme a lwa. Mme Jesu o ne a mo gakolola a re: “A o akanya gore ga ke ka ke ka ikuela kwa go Rre gore a nneye mo go yone nako eno mephato e feta e le lesome le bobedi ya baengele?” (Mathaio 26:51-53; Johane 18:10) Petere o ne a ithuta thuto e e botlhokwa mo tiragalong eno mme moragonyana o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. . . . E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa.”—1 Petere 2:21-23.

18, 19. (a) Ke mo maemong afe segolobogolo mo badisa ba tshwanetseng go bontsha bonolo le boikgapo? (b) Ke dipotso dife tse re tlileng go di sekaseka mo setlhogong se se latelang?

18 Ka tsela e e tshwanang, badisa fa ba batla go atlega, ba tshwanetse go nna bonolo tota le fa ba sa tshwarwa sentle. Ka sekai, e ka nna ya re fa ba leka go thusa batho bangwe mo phuthegong, batho bao ba se ka ba arabela sentle. Fa motho yo o tlhokang thuso a le bokoa kgotsa a lwala semoyeng, e ka nna ya re fa a gakololwa a “[bua] a sa akanye jaaka e kete ka ditlhabo tsa tšhaka.” (Diane 12:18) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu, badisa ga ba ipusolosetse ka mafoko a a tlhabang kgotsa ditiro tse di utlwisang botlhoko. Go na le moo, ba a ithiba le go nna pelotlhomogi mo mothong yo o tlhokang thuso, e leng selo se se ka nnang sa mo thusa. (1 Petere 3:8, 9) A o ithuta sengwe mo sekaong sa bagolwane le go bontsha bonolo le boikgapo fa o gakololwa?

19 Kwantle ga pelaelo, Jehofa le Jesu ba anaanela tiro ya bonatla e e dirwang ke badisa ba le diketekete ba ba tlhokometseng letsomane la lefatshe lotlhe ka go rata. Gape Jehofa le Morwawe ba rata batlhanka ba bodiredi ba ba diketekete ba ba tshegetsang bagolwane mo go ‘direleng baitshepi.’ (Bahebera 6:10) Mme jaanong ke ka ntlha yang fa bakaulengwe bangwe ba ba kolobeditsweng ba sa batle go leka go tshwanelegela ‘tiro eno e e molemo’? (1 Timotheo 3:1) Gape, Jehofa o thapisa jang ba a ba tlhomang gore e nne badisa? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Dingwe tsa ditsela tse badisa ba bontshang ka tsone gore ba rata letsomane ke dife?

• Botlhe mo phuthegong ba ka kgothaletsa jang moya wa boipelo le kagiso?

• Ke ka ntlha yang fa badisa ba le pelotelele e bile ba le bonolo fa ba ntsha kgakololo?

• Bagolwane ba bontsha jang molemo le tumelo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bagolwane ba tlhotlhelediwa ke lorato go direla phuthego

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Gape ba dirisa nako e e rileng ba na le bamalapa a bone mo boitlosobodutung . . . 

. . . le mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Puisano e e molemo mo gare ga bagolwane e dira gore go nne le boipelo le kagiso mo phuthegong