Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Keresete Kgosi ka Boikanyegi

Go Direla Keresete Kgosi ka Boikanyegi

Go Direla Keresete Kgosi ka Boikanyegi

“O ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.”—DANIELE 7:14.

1, 2. Re itse jang gore Keresete ga a ka a newa maatla a a feletseng a Bogosi ka 33 C.E.?

KE MMUSI ofe yo o neng a ka kgona go ntsha botshelo jwa gagwe, a bo ntshetsa babusiwa ba gagwe, mme a bo a boa a tshela gape gore a buse e le kgosi? Ke kgosi efe e e neng e ka kgona go tla go tshela mo lefatsheng mono, e bo e dira gore babusiwa ba yone ba e ikanye ba bo ba ikanyege mo go yone, mme go tswa foo e bo e ya go busa e le kwa legodimong? Motho a le esi yo o kgonang go dira dilo tseno—le tse dingwe tse dintsintsi—ke Jesu Keresete. (Luke 1:32, 33) Ka Pentekosete ya 33 C.E., morago ga gore Keresete a swe, a tsoge a bo a tlhatlogele kwa legodimong, Modimo o ne wa “mo dira tlhogo ya dilo tsotlhe mo phuthegong.” (Baefeso 1:20-22; Ditiro 2:32-36) Ka gone Keresete o ne a simolola go busa, le fa e ne e se ka tsela e e feletseng. Babusiwa ba gagwe ba ntlha e ne e le Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, ba ba neng ba bopa Iseraele wa moya, “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Bakolosa 1:13.

2 Mo e ka nnang dingwaga di le 30 morago ga Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisa gore Keresete o ne a ise a simolole go busa ka botlalo, mme o ne a le “kafa seatleng sa moja sa Modimo, go tloga ka nako eo go ya pele a letile go fitlha baba ba gagwe ba bewa jaaka sebeo sa dinao tsa gagwe.” (Bahebera 10:12, 13) Go tswa foo, go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Johane yo o godileng o ne a bonela pele mo ponatshegelong Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, e bong Jehofa, a tlhoma Keresete Jesu go nna Kgosi ya Bogosi jwa selegodimo jo bo sa tswang go tlhomiwa. (Tshenolo 11:15; 12:1-5) Fa re leba dilo ka tsela e di leng ka yone gone jaanong mo hisitoring, re kgona go bona bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Keresete o simolotse go busa e le Kgosi ya Bomesia kwa legodimong ka 1914. *

3. (a) Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ile tsa akaretsa ntlha efe e ntšha fa e sa le ka 1914? (b) Ke dipotso dife tse re ka ipotsang tsone?

3 Ee, fa e sa le ka 1914 dikgang tse di molemo tsa Bogosi jaanong di akaretsa le ntlha nngwe e ntšha e e kgatlhang thata. Keresete o ntse a busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jo bo kwa legodimong, mme e le “mo gare ga baba ba [gagwe].” (Pesalema 110:1, 2; Mathaio 24:14; Tshenolo 12:7-12) Mo godimo ga moo, mo lefatsheng lotlhe, babusiwa ba gagwe ba ba ikanyegang ba ikobela puso ya gagwe ka tlhagafalo ka go kopanela mo thulaganyong ya go ruta Baebele e e dirwang mo lefatsheng lotlhe, e bile e le e e dirwang ka selekanyo se se sa tshwaneng le sepe se se kileng sa fitlhelelwa mo hisitoring ya motho. (Daniele 7:13, 14; Mathaio 28:18) Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, “bana ba bogosi,” ba direla e le “baemedi ba ba emetseng Keresete.” Ba tshegetswa ka boikanyegi ke bontsintsi jo bo ntseng bo gola jwa “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete, ba ba direlang jaaka barongwa ba Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 13:38; 2 Bakorintha 5:20; Johane 10:16) Mme go ntse go le jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a eleruri o tlotla puso eno ya ga Keresete. A re ikanyega mo go ene ka nitamo? Re ka bontsha jang Kgosi e e busang kwa legodimong gore re a ikanyega mo go yone? Le fa go ntse jalo, e re pele re tlotle ka mabaka a re nang le one a go ikanyega mo go Keresete.

Kgosi e Dinonofo Tsa Yone di Tlhotlheletsang ba Bangwe go e Ikanya

4. Jesu yo o tlhophilweng go nna Kgosi o ne a fitlhelela eng fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng?

4 Re ikanyega mo go Keresete ka gonne re anaanela se a se dirileng le ka ntlha ya dinonofo tsa gagwe tse dintlentle. (1 Petere 1:8) Fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, e le Kgosi e e tlhophilweng go busa, o ne a bontsha ka selekanyo se sennye gore o tlile go dirang fa e le Kgosi e e busang mo lefatsheng lotlhe ka nako e e beilweng ya Modimo. O ne a fepa ba ba tshwerweng ke tlala. Gape o ne a fodisa balwetse, digole, a alafa difofu, bosusu, le dimumu. O ne a ba a tsosa le batho bangwe mo baswing. (Mathaio 15:30, 31; Luke 7:11-16; Johane 6:5-13) Mo godimo ga moo, go itse ka botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng go re thusa go itse dinonofo tsa gagwe tsa fa e tla bo e le Mmusi wa lefatshe mo isagweng—bogolo jang lorato lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. (Mareko 1:40-45) Mo go yone ntlha eno, go begwa gore Napoléon Bonaparte o kile a bua a re: “Nna, Alexander, Caesar, le Charlemagne, re tlhomile dipuso, mme ditiro tsa rona tse dikgolo re ne re di dira mo motheong ofe? Ka dikgoka. Jesu Keresete ke ene fela yo o tlhomileng bogosi jwa gagwe ka lorato, mme mo motlheng o re mo go one ono, batho ba le dimilionemilione ba iketleeditse go mo swela.”

5. Ke ka ntlha yang fa botho jwa ga Jesu bo ne bo ngoka ba bangwe gore ba tle mo go ene?

5 Ka gonne Jesu a ne a le bonolo e bile a le boikokobetso mo pelong, ba ba neng ba imelwa ke dikgatelelo le ditlhodiego tsa botshelo ba ne ba lapolosiwa ke dithuto tsa gagwe tse di agang le botho jwa gagwe jwa bopelonomi. (Mathaio 11:28-30) Bana ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le ene. Banna ba ba ikokobeditseng le ba ba nang le temogo ba ne ba sa okaoke fa ba lalediwa gore e nne barutwa ba gagwe. (Mathaio 4:18-22; Mareko 10:13-16) E re ka e ne e le motho yo o akanyetsang ba bangwe e bile a le tlotlo, seno se ne sa dira gore le basadi ba le bantsi ba ba boifang Modimo ba ikanyege mo go ene, mme ba le mmalwa ba bone ba ne ba dirisa nako ya bone, ba tsaya matsapa, ba ba ba dirisa le dilo tsa bone tse di bonalang go mo tlhokomela fa a ntse a dira bodiredi jwa gagwe.—Luke 8:1-3.

6. Jesu o ne a bontsha maikutlo afe a a bonolo ka loso lwa ga Lasaro?

6 Keresete o ne a bontsha mangwe a maikutlo a a bonolo a gagwe fa tsala ya gagwe e kgolo, e bong Lasaro, a swa. Kutlobotlhoko ya ga Marea le Maratha e ne ya mo ama thata jaana mo e leng gore o ne a ba a palelwa ke go itshwara, “a tsholola dikeledi.” O ne a “tshwenyega”—a fuduiwa maikutlo ke kutlobotlhoko le khutsafalo e kanakana—le mororo a ne a itse gore o ne a tla tloga a tsosa Lasaro gape. Go tswa foo, a tlhotlhelediwa ke lorato le go tlhomoga pelo, o ne a dirisa taolo ya gagwe e a e neilweng ke Modimo go tsosa Lasaro mo baswing.—Johane 11:11-15, 33-35, 38-44.

7. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re ineele mo go Jesu? (Bona le lebokoso le le mo go tsebe 31.)

7 Selo se sengwe se se dirang gore re tlotle Jesu thata jaana ke go bona tsela e a ratang se se siameng ka teng le tsela e a tlhoileng boitimokanyi le boikepo ka teng. Gabedi o ne a bontsha bopelokgale jo bogolo, mme a leleka bagwebi ba ba pelotshetlha mo tempeleng. (Mathaio 21:12, 13; Johane 2:14-17) Mo godimo ga moo, fa e ne e sa ntse e le motho mo lefatsheng, o ne a kopana le mathata a mefuta yotlhe, mme seno sa dira gore a kgone go ikutlwela ka boene dikgatelelo le mathata a re lebanang le one. (Bahebera 5:7-9) Jesu gape o ne a itse gore go utlwala jang go tlhoiwa le go direlwa tshiamololo. (Johane 5:15-18; 11:53, 54; 18:38–19:16) Kgabagare, o ne a ineela ka bopelokgale go bolawa setlhogo gore a diragatse thato ya ga Rraagwe mme a neye batho ba ba tla ineelang mo go ene botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16) A dinonofo tse di tshwanang le tseno tsa ga Keresete ga di go tlhotlheletse gore o tswelele o mo direla ka boikanyegi? (Bahebera 13:8; Tshenolo 5:6-10) Mme ke eng se se tlhokegang gore motho a busiwe ke Keresete Kgosi?

Go Tshwanelegela go Busiwa ke Keresete

8. Ke eng se se lebeletsweng mo bathong ba ba tlileng go busiwa ke Keresete?

8 Akanya ka sekai seno: Gore o nne moagi wa naga e nngwe, gantsi go tlhokega gore o fitlhelele dilo dingwe tse di lebeletsweng mo bathong ba naga eo. Batho ba ba tlileng go amogelwa gore e nne baagi ba naga eo go ka nna ga tlhokega gore e bo e le batho ba boitshwaro jo bontle e bile ba na le boitekanelo jo bo siameng. Ka tsela e e tshwanang, batho ba ba tlileng go busiwa ke Keresete ba tshwanetse go tshela ka melao e e kwa godimo ya boitshwaro e bile e le batho ba ba nonofileng semoyeng.—1 Bakorintha 6:9-11; Bagalatia 5:19-23.

9. Re ka bontsha jang gore re a ikanyega mo go Keresete?

9 Gape Jesu Keresete o lebeletse gore batho ba ba tlileng go busiwa ke ene e bo e le batho ba ba ikanyegang mo go ene le mo Bogosing jwa gagwe. Ba bontsha gore ba ikanyega jalo, ka go tshela tumalanong le se a neng a se ruta fa a ne a le mo lefatsheng e le Kgosi e e Tlhophilweng. Ka sekai, ba baya dilo tsa Bogosi le thato ya Modimo kwa pele ga dilo tse di bonalang. (Mathaio 6:31-34) Gape, ba leka ka tlhoafalo go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Keresete, le fa go ka nna thata jang. (1 Petere 2:21-23) Mo godimo ga moo, ba ba busiwang ke Keresete ba etsa sekao sa gagwe ka go tsaya matsapa go dira molemo mo bathong ba bangwe.—Mathaio 7:12; Johane 13:3-17.

10. Re ka bontsha jang gore re ikanyega mo go Keresete (a) mo lelapeng le (b) mo phuthegong?

10 Gape, balatedi ba ga Jesu ba bontsha boikanyegi jwa bone ka go bontsha dinonofo tsa gagwe mo lelapeng. Ka sekai, banna ba ba nyetseng ba bontsha gore ba ikanyega mo Kgosing ya bone ya selegodimo ka go etsa Keresete mo tseleng e ba tshwarang basadi ba bone le bana ba bone ka yone. (Baefeso 5:25, 28-30; 6:4; 1 Petere 3:7) Basadi ba ba nyetsweng ba bontsha gore ba ikanyega mo go Keresete ka boitshwaro jwa bone jo bo phepa le ka go bontsha “moya o o didimetseng le o o bonolo.” (1 Petere 3:1-4; Baefeso 5:22-24) Bana ba ikanyega mo go Keresete fa ba etsa sekao sa gagwe sa go nna kutlo. Fa Jesu a sa ntse a le mosha, o ne a ikobela batsadi ba gagwe ka metlha, le mororo ba ne ba sa itekanela. (Luke 2:51, 52; Baefeso 6:1) Ba ba busiwang ke Keresete ba leka ka natla go mo etsa ka go ‘bontsha go utlwela ba bangwe botlhoko, go nna le lorato lwa bokaulengwe,’ le go nna “pelotlhomogi ka bonolo.” Ba leka go tshwana le Keresete, ka go nna “boikokobetso mo mogopolong, [ba] sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola.”—1 Petere 3:8, 9; 1 Bakorintha 11:1.

Ba ba Busiwang ke Keresete ba Ikobela Molao wa Gagwe

11. Ba ba busiwang ke Keresete ba ikobela melao efe?

11 Fela jaaka batho ba ba tlileng go nna baagi ba naga nngwe ba ikobela melao ya naga eo, ba ba busiwang ke Keresete ba ikobela “molao wa ga Keresete” ka go tshela tumalanong le sotlhe se Jesu a se rutileng a ba a se laela. (Bagalatia 6:2) Ba tshela bogolo jang ka “molao wa segosi” wa lorato. (Jakobe 2:8) Melao eno e akaretsang?

12, 13. Re ikobela jang “molao wa ga Keresete” ka boikanyegi?

12 Ba ba busiwang ke Keresete e sa ntse e le batho ba ba sa itekanelang e bile ba dira diphoso. (Baroma 3:23) Ka gone, ba tshwanetse go nna ba tlhagolela “lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo” gore ba ‘ratane ka lorato lo logolo lo lo tswang pelong.’ (1 Petere 1:22) “Fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe,” Bakeresete ka boikanyegi ba dirisa molao wa ga Keresete ka go “itshokelana [le go] itshwarelana [ba] gololesegile.” Go ikobela molao ono go ba thusa go nna ba itlhokomolosa diphoso tsa ba bangwe le go batla mabaka a go ratana. A ga o itumelele go nna gareng ga bao ka go ikobela Kgosi ya rona e e lorato ka boikanyegi ba ikapesitseng lorato, e leng “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano”?—Bakolosa 3:13, 14.

13 Mo godimo ga moo, Jesu o ne a bontsha gore lorato lo a lo bontshitseng ga lo tshwane le lorato lo batho gantsi ba lo bontshanang. (Johane 13:34, 35) Fa re rata fela batho ba ba re ratang, go raya gore ga re dire sepe “se se sa tlwaelegang.” Fa re dira jalo, lorato lwa rona ga lo a felela e bile lo a tlhaela. Jesu o ne a re kgothaletsa gore re etse lorato lwa ga Rraagwe ka go nna le lorato lwa melaometheo, lo lo akaretsang go rata le baba ba rona ba ba re tlhoileng e bile ba re bogisa. (Mathaio 5:46-48) Lorato lono gape lo tlhotlheletsa batho ba ba busiwang ke Bogosi jono jwa Modimo go itshoka ka boikanyegi mo tirong ya bone e kgolo. Ke tiro efe eo?

Ba Lekwa Gore ba Ikanyega go le Kana Kang

14. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera e le botlhokwa jaana?

14 Ba ba busiwang ke Bogosi jwa Modimo gone jaanong ba na le tiro e e botlhokwa thata ya go “naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo.” (Ditiro 28:23) Go botlhokwa gore ba dire jalo ka gonne Bogosi jwa Bomesia ke jone jo bo tlileng go bontsha ntle le pelaelo gore Jehofa o na le tshwanelo ya go busa lobopo lotlhe. (1 Bakorintha 15:24-28) Fa re rera dikgang tse di molemo, ba ba utlwang ba na le tshono ya go nna babusiwa ba Bogosi jono jwa Modimo. Mo godimo ga moo, tsela e batho ba arabelang ka yone fa ba utlwa molaetsa ono, ke yone motheo o Keresete Kgosi a tla atlholang batho ka one. (Mathaio 24:14; 2 Bathesalonika 1:6-10) Ka gone, tsela ya konokono e re bontshang ka yone gore re ikanyega mo go Keresete ke ka go ikobela taelo ya gagwe ya gore re bolelele ba bangwe ka Bogosi.—Mathaio 28:18-20.

15. Ke ka ntlha yang fa boikanyegi jwa Bakeresete bo lekwa?

15 Ke boammaaruri gore Satane o tlile go dira sotlhe se a ka se kgonang go ganetsa tiro eno ya go rera, mme babusi ba batho le bone ga ba amogele taolo e Keresete a e neilweng ke Modimo. (Pesalema 2:1-3, 6-8) Ka gone, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:20) Ka jalo, balatedi ba ga Keresete ba iphitlhela ba le mo ntweng ya semoya, e e ba lekang go bona gore ba ikanyega go le kana kang.—2 Bakorintha 10:3-5; Baefeso 6:10-12.

16. Babusiwa ba Bogosi ba naya jang “Modimo dilo tsa Modimo”?

16 Le fa go ntse jalo, babusiwa ba Bogosi jwa Modimo ba nna ba ntse ba ikanyega mo Kgosing ya bone e e sa bonaleng, mme seo ga se dire gore ba se ka ba tlotla babusi ba batho. (Tito 3:1, 2) Jesu o ne a tlhalosa a re: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:13-17) Ka gone, ba ba busiwang ke Keresete ba ikobela melao ya puso fa e sa thulane le melao ya Modimo. (Baroma 13:1-7) Le fa go ntse jalo, fa kgotlatshekelo e kgolo ya Bajuda e ne e itlhokomolosa melao ya Modimo ka go laela barutwa ba ga Jesu go tlogela go rera, barutwa ba ga Jesu ba ne ba ema ba nitame, mme gone e le ka tlotlo, ba re ba tshwanetse go “utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 1:8; 5:27-32.

17. Ke ka ntlha yang fa re ka lebana le go lekwa ga boikanyegi jwa rona ka bopelokgale?

17 Mme gone jaaka go ne go ka lebelelwa, babusiwa ba ga Keresete ba tlhoka bopelokgale gore ba nne ba ikanyega mo Kgosing ya bone le fa ba ntse ba bogisiwa. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.” (Mathaio 5:11, 12) Balatedi ba bogologolo ba ga Keresete ba ne ba bona boammaaruri jwa mafoko ano. Tota le fa ba ne ba itewa ka ntlha ya go tswelela ba rera ka Bogosi, ba ne ba itumela “ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe. Mme letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:41, 42) Lo akgolelwa go bontsha moya o o tshwanang wa go ikanyega fa lo itshokela mathata, malwetse, go swelwa ke ba lo ba ratang, kgotsa kganetso.—Baroma 5:3-5; Bahebera 13:6.

18. Mafoko a Jesu a neng a a raya Ponto Pilato a bontsha eng?

18 Fa Jesu e ne e sa ntse e le Kgosi e e Tlhophilweng, o ne a tlhalosetsa Mmusi wa Moroma e bong Ponto Pilato jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Ka gone, babusiwa ba Bogosi jwa selegodimo ga ba tshole dibetsa go lwantsha ope e bile ga ba tseye letlhakore mo ntweng lefa e le efe ya batho. E re ka ba ikanyega mo ‘Kgosaneng ya Kagiso,’ ba nna ba sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tse di kgaoganyang tsa lefatshe leno.—Isaia 2:2-4; 9:6, 7.

Maduo a a Nnetseng Ruri mo Babusiweng ba ba Ikanyegang

19. Ke ka ntlha yang fa babusiwa ba ga Keresete ba ka lebelela pele kwa isagweng ka tsholofelo?

19 Babusiwa ba ba ikanyegang ba ga Keresete, “Kgosi ya dikgosi,” ba lebeletse pele kwa isagweng ka tsholofelo. Ba letetse go bona a supa maatla a gagwe a a a neilweng ke Modimo a go nna kgosi mo lefatsheng. (Tshenolo 19:11–20:3; Mathaio 24:30) Ba ba setseng ba “bana ba bogosi,” ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ka moya ba lebeletse pele go bona boswa jwa bone jo bo tlhwatlhwakgolo jwa go nna dikgosi mmogo le Keresete kwa legodimong. (Mathaio 13:38; Luke 12:32) Ba “dinku tse dingwe” tsa ga Keresete ba ba ikanyegang ba letetse go utlwa Kgosi ya bone e bua jaana e bontsha go ba amogela: “Tlang, lona ba lo segofaditsweng ke Rre, ruang [karolo ya lefatshe la Paradaise ya] bogosi jo lo bo baakanyeditsweng go tloga fa e sa le lefatshe le thaiwa.” (Johane 10:16; Mathaio 25:34) Ka gone, e kete babusiwa botlhe ba Bogosi ba ka ikemisetsa go tswelela ba direla Keresete Kgosi ka boikanyegi.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona buka ya Go Fetolana ka Dikwalo, “Ke goreng Basupi ba ga Jehofa ba re Bogosi jwa Modimo bo ne jwa tlhongwa ka 1914?” ditsebe 271-3, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Kgona go Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re ikanyege mo go Keresete?

• Babusiwa ba ga Keresete ba bontsha jang gore ba ikanyega mo go ene?

• Ke ka ntlha yang fa re batla go ikanyega mo go Keresete Kgosi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 31]

DINONOFO TSE DINGWE TSE DI TLHOMOLOGILENG TSA GA KERESETE

Ga a tlhaoleJohane 4:7-30.

O pelotlhomogiMathaio 9:35-38; 12:18-21; Mareko 6:30-34.

O na le lorato lwa go intsha setlhabeloJohane 13:1; 15:12-15.

O a ikanyegaMathaio 4:1-11; 28:20; Mareko 11:15-18.

O amega ka ba bangweMareko 7:32-35; Luke 7:11-15; Bahebera 4:15, 16.

O tekatekanoMathaio 15:21-28.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ka go bontshana lorato, re ikobela “molao wa ga Keresete” ka boikanyegi

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

A dinonofo tsa ga Keresete di go tlhotlheletsa go mo direla ka boikanyegi?