Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fitlhelela Pelo ya Ngwana

Go Fitlhelela Pelo ya Ngwana

Go Fitlhelela Pelo ya Ngwana

A O KILE wa utlwisiwa botlhoko ke go bona ngwana a tshameka metshameko ya ntwa? Bana ba bantsi ba tshameka metshameko ya mofuta oo, ka gonne thubakanyo e tletsetletse mo go tsa boitlosobodutu. O ne o ka thusa jang mosha gore mo boemong jwa go tshameka ka ditshamekisi tsa ntwa a tshameke metshameko ya kagiso? Waltraud, yo o nang le nako e telele e le morongwa wa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika, o ne a bona leano la go thusa mosimanyana mongwe go dira jalo.

Ka ntlha ya ntwa, Waltraud o ne a tshwanelwa ke go tlogela naga e a neng a nna mo go yone mme a fudugela kwa nageng e nngwe ya Afrika. O ne a simolola thuto ya Baebele le mmè mongwe yo o neng a na le ngwana wa mosimane wa dingwaga tse tlhano. Nako le nako fa a etetse mmaagwe mosimanyana yoo, o ne a fitlhela mosimane a tshameka ka setshamekisi se le sosi se a neng a na le sone—tlhobolo e nnye ya polasetiki. Waltraud o ne a ise a ke a mmone a supa sepe ka tlhobolo eo mme o ne a tlhola a e bula a bo a e tswala, a dira jaaka e kete o tlhatlhela marumo.

Waltraud o ne a raya mosimane yoo a re: “Werner, a o itse gore ke ka ntlha yang fa ke nna mo nageng ya gaeno? Ke ka ntlha ya ntwa—ke dule kwa nageng ya gaetsho ke tshaba banna ba ba kotsi ba ba neng ba thuntsha batho ka ditlhobolo tse di tshwanang le eo ya gago. A o akanya gore go thuntsha go siame?”

“Nnyaa,” Werner o ne a araba jalo a tlhomotse pelo.

Waltraud o ne a re: “O arabile sentle.” Go tswa foo Waltraud a mmotsa a re: “A o itse gore ke ka ntlha yang fa ke lo etela wena le mmago beke le beke? Ke ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba batla go thusa batho ba bangwe gore ba nne ka kagiso, ba nne mo kagisong le Modimo le baagelani ba bone.” Fa mmaagwe Werner a sena go dumela, Waltraud o ne a raya Werner a re: “Fa o ka nneela tlhobolo ya gago, ke tla e latlha, mme ke tla go naya koloi ya go tshameka e e nang le maotwana a manè.”

Werner o ne a mo naya tlhobolo ya gagwe ya go tshameka. Go tswa foo o ne a leta dibeke di le nnè, mme koloi ya gagwe e ntšha e ne ya goroga—koloi ya go tshameka e e dirilweng ka legong, e a neng a e itumelela tota.

A o ipha nako ya go bua le bana ba gago, o dira jalo o leka go fitlhelela dipelo tsa bone gore ba bo ba feleletse ba latlha ditshamekisi tse di tshwanang le dibetsa tsa ntwa? Fa e le gore o dira jalo, o tla bo o ba ruta thuto e e tla ba solegelang molemo botshelo jotlhe.