Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Utlwa Lebaka La go Bo Modimo a Letleletse go Boga go Ile ga Fetola Botshelo Jwa Me

Go Utlwa Lebaka La go Bo Modimo a Letleletse go Boga go Ile ga Fetola Botshelo Jwa Me

Kgang ya Botshelo

Go Utlwa Lebaka La go Bo Modimo a Letleletse go Boga go Ile ga Fetola Botshelo Jwa Me

JAAKA GO BOLETSE HARRY PELOYAN

Ke eng fa Modimo a letleletse go boga? Potso eo e ne ya ntshwenya go tloga ke sa le mosimanyana. Batsadi ba me e ne e batho ba ba dirang ka natla, ba ba ikanyegang le ba ba amegang ka lelapa la bone. Mme rre o ne a sa rate bodumedi mmè ene o ne a bo kgatlhegela go sekaenyana fela. Ka jalo, ba ne ba sa kgone go nkarabela potso eo.

POTSO eno e ne ya ntshwenya le go feta ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II le morago ga yone, fa ke ne ke le mo sesoleng sa lewatle sa United States ka dingwaga tse di fetang tharo. Fa ntwa e sena go khutla, ke ne ka romelwa kwa sekepeng se se neng se ya kwa China go isa dilwana tsa namolo. Ke ne ke le koo mo e ka nnang ngwaga mme ke bona batho ba ba ntsi thata ba boga.

Ba-China ke batho ba ba dirang ka natla le ba ba botlhale. Mme ba le bantsi ba bone ba ne ba sotlega thata ka ntlha ya lehuma le ka ntlha ya thubakanyo e e bakilweng ke Ntwa ya Lefatshe II. Ke ne ka amiwa maikutlo thata ke bananyana ba bantle, ba bontsi jwa bone ba neng ba bopame, ba le makgasa mme ba re kopa dilo fa re fitlha mo lebopong.

Ke ka Ntlha Yang fa Seno se Direga?

Ke ne ka tsholwa ka 1925 mme ka godisediwa kwa California, U.S.A. Ke ne ke simolola go bona maemo a a ntseng jalo. Ka jalo, ke ne ke nna ke ipotsa gore, ‘Fa e le gore go na le Mmopi mothatayotlhe, ke ka ntlha yang fa a letlelela maemo a a ntseng jalo go wela batho ba bantsi jalo segolobogolo bana ba ba se nang molato?’

Ke ne ka ipotsa le gore, fa e le gore tota Modimo o teng, ke ka ntlha yang fa a letlelela tshenyo e kana kana, kgailo ya batho, loso, go boga go go diragaletseng batho go ralala dingwaga—segolobogolo ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, fa go ne ga swa batho ba ba fetang dimilione di le 50. Mo godimo ga moo, ka nako ya ntwa eo, ke eng fa batho ba bodumedi jo bo tshwanang ba ba neng ba rotloediwa ke baruti ba bone, ba ne ba bolaana ka ntlha ya boratanaga?

Thelesekoupo

Fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e simologa ka 1939 mme go gailwa diketekete tsa batho, ke ne ka akanya gore go ka se ka ga bo go na le Modimo. Mme fa re ne re dira khoso nngwe ya saense kwa sekolong se segolwane, moithuti mongwe le mongwe o ne a kopiwa go bopa sengwe sa saense. E re ka ne ke ke rata thutodinaledi, ke ne ka aga thelesekoupo e kgolo e e supang ditshwantsho e e nang le seipone sa bophara jwa disentimetara di le 20.

Gore ke kgone go aga thelesekoupo eno ke ne ka reka galase ya bokima jwa disentimetara di le 2,5 le bophara jwa disentimetara di le 20 mme ka kopa motho yo o segang digalase gore a e sege kgolokwe. Go tswa foo ke ne ka simolola tiro e e lapisang ya go e gotlha ka letsogo gore e nne seipone se se gabilweng. Tiro eno e ne ya tsaya nako ya me yotlhe e ke gololesegileng ka yone mo dikgweding tsotlhe tse thataro tsa sekolo. Fa ke fetsa ka seipone ke ne ka se tsenya mo teng ga tšhupu e telele ya tshipi mme ka tsenya dilense tsa maatla a a farologaneng.

Bosigo bongwe, fa loapi lo ne lo apogile sentle, ke ne ka tsaya thelesekoupo ya me e ke e feditseng e le ka lekgetlho la ntlha mme ka lebelela dinaledi le dipolanete tsa thulaganyo ya loapi. Ke ne ka gakgamala go bona dinaledi le dipolanete tse dintsi jaana le kafa sengwe le sengwe se ne se rulagantswe sentle ka teng. Mme moragonyana ke ne ka ithuta gore “dinaledi” dingwe, ditlhopha tsa dinaledi tse di jaaka losagaripa lwa Molala wa Tladi, di na le dibilione tsa dinaledi, mme seo se ne sa nkgakgamatsa le go feta.

Ke ne ka akanya gore, ‘ruri dilo tseno tsotlhe di ka se ka tsa bo di itlhagetse fela ka botsone. Ga go na sepe se se rulagantsweng ka botswerere jalo se se ka itlhagelang fela. Lobopo lo rulagantswe sentle jaana mo e leng gore lo lebega lo dirilwe ke motlhalefi yo mogolo. A mme go ka tswa go na le Modimo?’ Se ke se boneng mo thelesekoupong se ne sa dira gore ke se ka ka tlhola ke akanya gore ga go na Modimo jaaka ke ne ke akanya pele.

Morago ga foo ka ipotsa gore: ‘Fa e le gore tota go na le Modimo yo o maatla e bile a le botlhale mo a bopileng lobopo lo lontle lono, a a ka se ka a kgona go baakanya seemo seno se se utlwisang botlhoko sa lefatshe? Ke ka ntlha yang fa a ile a letlelela masetlapelo ano gore a direge?’ Fa ke botsa batho ba ba tsenang kereke dipotso tseno, ba ne ba sa kgone go nnaya dikarabo tse di kgotsofatsang.

Fa ke sena go fetsa sekolo se segolwane le dingwaga di le mmalwa kwa kholetšheng, ke ne ka tsenela sesole sa lewatle sa United States. Le fa go ntse jalo, baruti ba sesole le bone ba ne sa kgone go araba dipotso tsa me. Gantsi, batho ba bodumedi ba ne ba tle ba re, “Morena o dira dilo ka ditsela tse di gakgamatsang.”

Go Tswelela ke Batla Dikarabo

Fa ke sena go tswa kwa China, ke ne ka tswelela ke ipotsa dipotso tse di malebana le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga. Di ne di nna di ntshwenya, segolobogolo fa ke bona mabitla a masole mo ditlhaketlhakeng tse di farologaneng tse re neng re di feta fa re boela gae go ralala lewatle la Pacific. Mo e ka nnang mabitla otlhe e ne e le a makawana a a ileng a swa a sa ntse a le masha.

Fa ke fitlha kwa United States mme ke letlwa go tlogela sesole sa lewatle, ke ne ke sa ntse ke saletswe ke ngwaga o le mongwe gore ke fetse dithuto tsa sekolo kwa Harvard University kwa Cambridge, Massachusetts. Ngwaga morago ga foo ke ne ka aloga ka amogela dikirii ya me, mme ga ke a ka ka boela gae kwa California. Ke ne ka dira tshwetso ya go tswelela ke nna mo Lobopong lwa Botlhaba go se kae go leka go bona dikarabo tsa dipotso tsa me. Ke ne ke akantse go ya kwa New York City, kwa go neng go na le dikereke di le dintsi gore ke tle ke ye kwa ditirelong dingwe tsa bodumedi ke bone gore di ruta eng.

Fa ke le kwa New York mmamogolo e bong Isabel Kapigian, o ne a ntaletsa gore ke ye go nna kwa ga gagwe. Ene le bomorwadie ba babedi e bong Rose le Ruth, e ne e le Basupi ba ga Jehofa. E re ka ke ne ke akanya gore nka se kgatlhegele bodumedi jwa bone, ke ne ka simolola go ya kwa dikerekeng tse dingwe, ke bua le batho ba tsone le go bala dibuka tsa bone. Gantsi ke ne ke a tle ke botse batho ba ke kopanang le bone gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga mme le bone ba ne ba tshwana fela le nna ba sa itse. Ke ne ka swetsa ka gore gongwe tota ga go na Modimo.

Go Bona Dikarabo

Morago ga foo, ke ne ka botsa mmamogolo le bomorwadie gore a nka bala dingwe tsa dibuka tsa bone gore ke utlwe gore Basupi ba ga Jehofa bone ba dumela eng. Fa ke bala dikgatiso tseo, ke ne ka kgona go bona ka bonako gore Basupi ba ne ba farologane thata le ditumelo tse dingwe. Dikarabo tsa bone di ne di tswa mo Baebeleng mme di ne di kgotsofatsa. Ka bonakonyana fela dipotso tsa me malebana le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga di ne tsa arabiwa.

E ne e se seo fela, ke ne ka kgona go bona le gore Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsa dikarabo tsa bone tse di tswang mo Baebeleng ka ditiro. Ka sekai, ke ne ka botsa mmamogolo gore makawana a Basupi ba ga Jehofa a ne a dira eng kwa Jeremane ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. A ba ne ba tsena mo sesoleng, ba re “Heil Hitler!,” ba bo ba dumedisa folaga ya swastika? O ne a araba ka gore ga ba a ka ba dira jalo. Mme ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone, ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso, tse bontsi jwa bone ba ileng ba bolaelwa kwa go tsone. O ne a tlhalosa gore ka nako ya ntwa Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba ne ba itshwara ka tsela e e tshwanang: ba nna ba itlhaotse. Tota le mo dinageng tsa temokeratisi, makawana a Basupi ba ga Jehofa a ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone.

Morago ga foo, mmamogolo o ne a nkopa gore ke bale Johane 13:35 e e reng: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go itshupa ka lorato lwa bone gongwe le gongwe mo ba leng teng. Ba ka se ka le ka motlha ba fitlhelwa ba lwa kgatlhanong le badumedi ka bone mo ntweng, ba bolaana ka go bo e le batho ba ditšhaba tse di farologaneng! O ne a mpotsa a re: “A o akanya gore go ne go ka direga gore Jesu le barutwa ba gagwe ba lwantshane mo dintweng tsa kwa Roma, ba bolaana?”

Ke ne ka kopiwa go bala le 1 Johane 3:10-12. Ya re: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. . . . Re tshwanetse go ratana; e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe.”

Baebele e tlhalosa kgang eno ka tlhamalalo. Bakeresete ba boammaaruri ba a ratana, go sa kgathalesege gore ba nna kae. Ka jalo, le ka motlha ba ka se ka ba fitlhelwa ba bolaya bakaulengwe ba bone ba semoya le fa e ka tswa e le motho ope o sele. Ke ka moo Jesu a neng a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.”—Johane 17:16.

Ke ka Ntlha Yang Fa Modimo a Letleletse go Boga

Go ise go ye kae ke ne ka utlwa gore Baebele e re bolelela lebaka la go bo Modimo a ile a letlelela go boga. E tlhalosa gore fa Modimo a ne a bopa batsadi ba rona ba ntlha, o ne a ba bopa ba itekanetse mme a ba baya mo tshimong ya paradaise. (Genesise 1:26; 2:15) O ne a ba naya gape le mpho e e itumedisang—go kgona go itlhophela. Mme ba ne ba tshwanetse go dirisa bokgoni joo ka tsela e e siameng. Fa ba ne ba ka ikobela Modimo le melao ya gagwe, ba ne ba tla tswelela ba itekanetse mo paradaiseng. Ba ne ba ka kgona go godisa paradaise eo go fitlha e tlala lefatshe lotlhe. Bana ba bone le bone ba ne ba tla itekanela, gore fa nako e ntse e tsamaya, lefatshe leno le tle le nne paradaise e ntle e go nnang batho ba ba itekanetseng ba ba itumetseng mo go yone.—Genesise 1:28.

Le fa go ntse jalo, fa Adame le Efa ba ne ba ka itlhophela tsela ya boitaolo, ba sa batle go laolwa ke Modimo, Modimo o ne a ka se tlhole a ba letla gore ba tswelele e le batho ba ba itekanetseng. (Genesise 2:16, 17) Batho ba ile ba welwa ke masetlapelo ka gonne batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba se ka ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela ka tsela e e siameng mme ba tlhopha gore ba se ka ba laolwa ke Modimo. Ba ne ba tlhotlhelediwa ke sebopiwa sa semoya se se neng se tsuologile se se neng sa bidiwa Satane Diabolo. O ne a eletsa ka bopelotshetlha go se laolwe ke Modimo e bile a batla kobamelo e tota e neng e tshwanela go neelwa Modimo fela.—Genesise 3:1-19; Tshenolo 4:11.

Ka tsela eo Satane o ne a nna “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:4) Baebele ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Jesu o ne a bitsa Satane a re ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) Go tlhoka kutlo ga ga Satane le batsadi ba rona ba ntlha go ile ga dira gore go nne le go sa itekanelang, thubakanyo, loso, bohutsana le dilo tsotlhe tse batho ba di bogang.—Baroma 5:12.

“Ga se Ga Motho”

Go bontsha gore go itlhokomolosa melao ya Mmopi go tla ama batho jang, Modimo o ile a dira gore batho ba utlwe ditlamorago tsa gone ka dingwaga di le dintsi. Sebaka seno sa nako se file batho botlhe tshono ya go bona boammaaruri jwa mafoko ano a Baebele: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe. Nkgalemele, tlhe Jehofa.”—Jeremia 10:23, 24.

Gone jaanong, morago ga makgolokgolo ano a dingwaga, re kgona go bona gore go sa batle go laolwa ke Modimo go feletse ka masetlapelo. Ka jalo, ga se boikaelelo jwa Modimo gore batho ba tswelele ba lekeletsa botshelo jono jwa go itaola le go se ikobele melao ya gagwe.

Isagwe e e Itumedisang

Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore, go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa tsamaiso eno e e setlhogo ya dilo: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

Boporofeti jo bongwe mo go Daniele 2:44 jwa re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [mebuso ya mefuta yotlhe e e leng teng gone jaanong] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Batho ba ka se tlhole ba letlelelwa go busa. Lefatshe lotlhe le tla bo le busiwa ke Bogosi jwa Modimo. Mo tsamaisong ya puso eo, lefatshe lotlhe e tla nna paradaise mme batho ba tla itekanela gore ba kgone go tshelela ruri ka boitumelo. Baebele e solofetsa jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) A bo Modimo a ikaeletse go re naya isagwe e e itumedisang jang ne!

Botshelo jo Bosha

Botshelo jwa me bo ile jwa fetoga fa ke bona dikarabo tse di nkgotsofatsang. Go tloga foo, ke ne ka batla go direla Modimo le go thusa batho ba bangwe go bona dikarabo tseno. Ke ne ke tlhaloganya bomasisi jwa mafoko a a mo go 1 Johane 2:17: “Lefatshe [tsamaiso eno ya dilo e e busiwang ke Satane] le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” Ke ne ke eletsa thata go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ke ne ka dira tshwetso ya go nna kwa New York le go simolola go kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa koo, mme ke ne ka nna le boitemogelo jo bo itumedisang jwa go thusa ba bangwe go ithuta ka se ke se ithutileng.

Ka 1949, ke ne ka kopana le Rose Marie Lewis. Ene le mmaagwe e bong Sadie le bomogolowe le bomonnawe botlhe e ne e le Basupi ba ga Jehofa . Rose o ne a direla Modimo ka nako e e tletseng mo tirong ya go rera. O ne a na le dinonofo di le dintsi tse di molemo mme ke ne ka mo kgatlhegela ka bonako. Re ne ra nyalana ka June 1950 mme ra nna kwa New York. Re ne re itumelela se re se dirang e bile re itumelela le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo.

Ka 1957, nna le Rose Marie re ne ra lalediwa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, New York. Ka June 2004 re ne ra na le dingwaga di le 54 re nyalane ka boitumelo mme dingwaga di le 47 tsa tsone re le kwa ntlokgolong ya Brooklyn. Dingwaga tseo e ne e le dingwaga tse di itumedisang tsa go direla Jehofa le go dira mmogo le badumedi ka rona ba ba diketekete.

Tsela e ke Neng ka Boga Thata ka Yone

Ka maswabi, mo tshimologong ya December 2004, ditlhatlhobo tsa kalafi di ile tsa bontsha gore Rose Marie o na le tlhagala ya kankere mo makgwafong. Dingaka di ile tsa dumalana gore tlhagala eno e ne e gola ka bonako mme e tshwanetse ya ntshiwa. O ne a ariwa kwa bokhutlong jwa December, mme mo e ka nnang beke morago ga foo, ngaka e e arang e ne ya tsena mo phaposing ya bookelo ya ga Rose ke ntse ke le koo le ene mme ya re: “Rose Marie, tsamaya o ye gae! O fodile!”

Le fa go ntse jalo, malatsi a se kae fa Rose Marie a sena go boela gae, o ne a simolola go nna le ditlhabi tse di botlhoko mo mpeng le mo dikarolong tse dingwe. Ditlhabi tseno di ne tsa nnela go mo tshwenya, ka jalo o ne a boela kwa kokelong go ya go dira ditlhatlhobo tse dingwe. Go ne ga fitlhelwa gore dikarolo dingwe tse di botlhokwa tsa mmele wa gagwe di ne di dira dikgoto tsa madi tse di neng di thibela okosejene e e fetisiwang ka madi go fetela kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele. Dingaka di ne tsa dira sotlhe se di ka se kgonang go lwantsha seno mme di ne tsa se ka tsa atlega. Dibeke di se kae morago ga foo, ka January 30, 2005, ke ne ka welwa ke masetlapelo a iseng ke ko ke lebane le one mo botshelong jwa me jotlhe. Moratiwa wa me e bong Rose Marie o ne a tlhokafala.

Ka nako eo, ke ne ke setse ke le dingwaga di ka nna 80 e bile nkile ka bona batho ba boga botshelo jwa me jotlhe mme seno ne se sa tshwane le sepe se nkileng ka se bona. Nna le Rose Marie re ne re le “nama e le nngwe” jaaka Baebele e bolela. (Genesise 2:24) Nkile ka bona batho ba bangwe ba utlwile botlhoko mme le nna nkile ka utlwa botlhoko fa go ne go tlhokafetse ditsala le ba losika. Mme botlhoko jo ke bo utlwileng fa mosadi wa me a tlhokafala bo botlhoko ka tsela e ke sa kgoneng go e tlhalosa e bile bo nna bo ntse bo le teng. Ke gone ke lemogang khutsafalo e kgolo e loso lwa baratiwa lo e bakelang batho nako eno yotlhe.

Le fa go ntse jalo, go bo ke tlhaloganya gore go boga go simologile jang le gore go tla fela jang go nthusa gore ke se ka ka hutsafala ka tsela e e feteletseng. Pesalema 34:18 ya re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” Selo se se ka thusang motho go itshokela botlhoko ke go itse gore Baebele e ruta gore go tla nna le tsogo ya baswi, gore batho ba ba mo mabitleng ba tla tswa mme ba nne le tshono ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo. Ditiro 24:15 ya re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Rose Marie o ne a rata Modimo thata. Ke a itse gore Modimo le ene o ne a mo rata ka tsela eo le gore o tla mo gopola mme o tla mo tsosa gape ka nako e e tshwanetseng, nako e ke solofelang gore e tla tla ka bonako.—Luke 20:38; Johane 11:25.

Le fa gone botlhoko jwa go swela ke motho yo o mo ratang bo le bogolo, boitumelo jwa go boa o amogela motho yoo gape ka tsogo ya baswi e tla bo e le jo bogolo le go feta. (Mareko 5:42) Lefoko la Modimo le solofetsa jaana: “Baswi ba gago ba tla tshela. . . . Lefatshe le tla letla le ba ba se nang maatla mo losong gore ba tsholwe.” (Isaia 26:19) Bontsi jwa “ba ba siameng” ba ba umakilweng mo go Ditiro 24:15 go ka nna ga direga gore e nne bone ba tsosiwang pele mo baswing. A bo e tla bo e le nako e e itumedisang jang ne! Rose Marie e tla bo e le mongwe wa batho ba ba tla tsosiwang. Ruri o tla amogelwa ka lorato ke baratiwa ba gagwe! A bo go tla bo go itumedisa jang ne go tshela mo lefatsheng le go se nang pogo mo go lone!

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Ke ne ka bona batho ba boga fa ke ne ke le kwa China

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Ke ntse ke direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn fa e sa le ka 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ke ne ka nyala Rose Marie ka 1950

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Ka ngwaga wa 2000 fa re ne re keteka ngwaga wa rona wa bo50 re nyalane