Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Thapisa Badisa ba Letsomane la Gagwe

Jehofa o Thapisa Badisa ba Letsomane la Gagwe

Jehofa o Thapisa Badisa ba Letsomane la Gagwe

“Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.”—DIANE 2:6.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa banna ba ba kolobeditsweng ba dira ka natla gore ba tshwanelegele maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong?

NICK, yo o nang le dingwaga di le supa e le mogolwane o ne a re: “Fa ke ne ke tlhomiwa go nna mogolwane, ke ne ke itumetse tota. Ke ne ke bona seno e le tshono e ke e newang ya go atolosa tiro ya me e ke e direlang Jehofa. Ke ne ke na le maikutlo a gore ke tshwanetse go dira sengwe go mmontsha gore ke lebogela sotlhe se a ntiretseng sone. Gape ke ne ke batla go thusa ba ba mo phuthegong ka mo nka kgonang ka gone, fela jaaka bagolwane ba bangwe le bone ba nthusitse.” Mme gone, le fa Nick a ne a itumetse jalo, o ne a tla a nna le go tlhobaela. O tswelela jaana: “E re ka ke ne ke sa ntse ke le mo dingwageng tsa bofelo tsa bo20 fa ke ne ke tlhomiwa go nna mogolwane, ke ne ke ntse ke ipotsa gore a jaana ke na le dinonofo tse di tlhokegang go disa phuthego sentle, e leng temogo le botlhale.”

2 Batho ba Jehofa a ba tlhomang go tlhokomela letsomane la gagwe ba na le mabaka a mantsi a go itumela. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola bagolwane ba kwa Efeso lengwe la mabaka ao fa a ne a nopola Jesu a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane go naya banna ba ba kolobeditsweng ditshono tse di oketsegileng tsa go abela Jehofa le phuthego. Ka sekai, batlhanka ba bodiredi ba thusana le bagolwane. Batlhanka bano gape ba tlhokomela dikabelo tse dintsintsi tse di tsayang nako mme gone di le botlhokwa. Bakaulengwe bano ba tlhotlheletsega go dira ditiro tse di botlhokwa tseno, ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo le go rata baagelani ba bone.—Mareko 12:30, 31.

3. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka nna ba bo ba etsaetsega fa ba tshwanetse ba leke go tshwanelegela maikarabelo mangwe a phuthego?

3 Mme go tweng ka monna wa Mokeresete, yo ka ntlha ya go ikutlwa a tlhaela golo gongwe, a ka nnang a bo a na le go etsaetsega fa a tshwanetse go dira ka natla go leka go tshwanelegela tshiamelo ya go nna motlhanka wa bodiredi mme kgabagare a nne mogolwane? Fela jaaka Nick, le ene a ka nna a bo a tshwenngwa ke gore go ka direga gore ga a na dinonofo tse di tlhokegang gore a nne modisa yo o molemo. A wena, mokaulengwe yo o kolobeditsweng, o mongwe wa ba ba ikutlwang jalo? Go a utlwala gore o bo o tshwenyegile ka seo. Jehofa o tlile go batla gore badisa ba ba tlhomilweng ba ikarabelele tsela e ba tshwarang letsomane ka yone. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o neng a newa go le gontsi, go tla batliwa go le gontsi mo go ene; le yo batho ba neng ba mmaya go tlhokomela go le gontsi, ba tla batla mo go ene go feta mo go tlwaelegileng.”—Luke 12:48.

4. Jehofa o thusa jang ba a ba tlhomang go tlhokomela dinku tsa gagwe?

4 A Jehofa o lebeletse gore ba a ba tlhomang gore e nne batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba rwale morwalo o o boima ono ba le bosi? Nnyaa, go na le moo, o ba naya thuso e e tla ba kgontshang, e seng fela go diragatsa boikarabelo jono, mme gape gore ba atlege fa ba bo diragatsa. Jaaka fa re bone mo setlhogong se se fetileng, Jehofa o ba naya moya o o boitshepo, o leungo la one le ba thusang go tlhokomela dinku ka lorato. (Ditiro 20:28; Bagalatia 5:22, 23) Mo godimo ga moo, Jehofa o ba naya botlhale, kitso, le temogo. (Diane 2:6) O dira seno jang? A re tlotleng ka ditsela di le tharo tse Jehofa a di dirisang go thapisa ba a ba tlhomang go tlhokomela dinku tsa gagwe.

Ba Thapisiwa ke Badisa ba ba Nang le Maitemogelo

5. Ke ka ntlha yang fa Petere le Johane e ne e le badisa ba ba nang le bokgoni?

5 Fa moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane ba ne ba eme mo pele ga Sanehederine, baatlhodi ba ba botlhale ka tsela ya selefatshe ba kgotla eo ba ne ba ba bona e le banna “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” Gone ee, ba ne ba kgona go bala le go kwala, mme ba ne ba sa newa thuto ya Dikwalo e e tshwanang le e e newang borabi. Mme le fa go ntse jalo, Petere le Johane, mmogo le barutwa ba bangwe ba ne ba itshupa gore ke barutisi ba ba nang le matswela, ba ba neng ba kgona go tlhotlheletsa bontsi jwa bareetsi ba bone gore e nne badumedi. Go tlile jang gore banna bano, ba e leng batho fela, e nne barutisi ba ba nang le bokgoni jaana? Fa kgotla e sena go reetsa Petere le Johane, e ne ya “lemoga gore ba kile ba bo ba na le Jesu.” (Ditiro 4:1-4, 13) Ke boammaaruri gore ba ne ba amogetse moya o o boitshepo. (Ditiro 1:8) Mme gape go ne go kgona go bonala—tota le mo baatlhoding ba ba foufetseng bano fa go tsenwa mo dilong tsa semoya—gore banna bao ba ne ba thapisitswe ke Jesu. Fa Jesu a ne a sa ntse a na le baaposetoloi mo lefatsheng, o ne a ba ruta, e seng fela go phutha ba sekadinku, mme gape a ba bontsha gore ba ba dise jang fa ba setse ba le mo lesakeng.—Mathaio 11:29; 20:24-28; 1 Petere 5:4.

6. Jesu le Paulo ba re tlhomela sekao sefe mo go thapiseng ba bangwe?

6 Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a tswelela pele a thapisa ba ba tlhomiwang go nna badisa. (Tshenolo 1:1; 2:1–3:22) Ka sekai, ene ka boene o ne a tlhopha Paulo a ba a tlhokomela gore o a thapisiwa. (Ditiro 22:6-10) Paulo o ne a anaanela thapiso e a neng a e newa mme a fetisetsa se a se ithutileng kwa bagolwaneng ba bangwe. (Ditiro 20:17-35) Ka sekai, o ne a tsaya matsapa a ba a dirisa le nako go thapisa Timotheo go nna “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong” mo tirelong ya Modimo. (2 Timotheo 2:15) Seno se ne sa momaganya banna ba babedi bano mmogo. Pelenyana ga moo Paulo o ne a kwala jaana a bua ka Timotheo: “Jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.” (Bafilipi 2:22) Paulo ga a ka a leka go dira Timotheo, kgotsa motho ope o sele, morutwa wa gagwe. Go na le moo, o ne a kgothaletsa badumedi ka ene go nna ‘baetsi ba gagwe, fela jaaka ene e le wa ga Keresete.’—1 Bakorintha 11:1.

7, 8. (a) Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang molemo o o fitlhelelwang fa bagolwane ba etsa Jesu le Paulo? (b) Bagolwane ba tshwanetse go simolola leng go thapisa batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba ka moso?

7 Fela jaaka Jesu le Paulo, badisa ba ba nang le maitemogelo le bone ba tsaya matsapa go thapisa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng, mme ba nna le matswela a a molemo ka tsela e e tshwanang. Akanya ka boemo jwa ga Chad. O goletse mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi mme bosheng jaana o ne a tlhomiwa go nna mogolwane. A re: “Mo dingwageng tsotlhe tseno, bagolwane ba le mmalwa ba ba nang le maitemogelo ba ne ba nthusa go gatela pele semoyeng. Gonne rre e ne e se modumedi, bagolwane bano ba ne ba bontsha go nkgatlhegela thata mme ba ne ba tshwana le borre ba semoya mo go nna. Ba ne ba dirisa nako ya bone go nthapisa mo bodireding, mme moragonyana, mogolwane mongwe o ne a nthuta go tlhokomela dikabelo tsa phuthego tse ke neng ke di newa.”

8 Jaaka fa kgang ya ga Chad e bontsha, badisa ba ba ntshitseng matlho dinameng ba simolola go thapisa batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane ba ka moso, le eleng pele ba gatela pele mo go lekaneng go ka tshwanelegela go newa maikarabelo ano. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e laela gore batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba bo ba tshela ka melao e e kwa godimo ya boitshwaro le ya semoya pele ga ba tlhomiwa mo maikarabelong ano. Ba tshwanetse ba bo ba ‘lekilwe pele gore a ba a tshwanela.’—1 Timotheo 3:1-10.

9. Badisa ba ba nang le maitemogelo ba na le boikarabelo bofe, mme ka ntlha yang?

9 Fa e le gore bakaulengwe ba ba kolobeditsweng ba tlile go lekwa, he go raya gore ba tshwanetse ba bo ba thapisitswe pele. Ka sekai: Fa moithuti kwa sekolong a ne a ka kopiwa go kwala tlhatlhobo nngwe e e thata, e morutabana a sa mo rutang sepe fela ka yone, a moithuti yono o tlile go falola tlhatlhobo eo? Go ka direga thata gore a se ka a e falola. Ka gone go tlhokega gore a rutwe. Le fa go ntse jalo, barutisi ba ba kelotlhoko ba ruta baithuti, e seng fela gore ba falole tlhatlhobo, mme gape le gore ba kgone go dirisa kitso e ba e newang. Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba ba dirang ka natla ba thusa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng gore ba nne le dinonofo tse di lebeletsweng mo monneng yo o tlhomilweng, ka go ba thapisa mo ba tlhokang go thapisiwa teng. Ba ba thapisa jalo, e seng fela gore ba thuse bakaulengwe bano go tlhomiwa gore e nne bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi, mme gape ba ba thapisetsa gore ba ba thuse go kgona go tlhokomela letsomane sentle. (2 Timotheo 2:2) Mme gone bakaulengwe ba ba kolobeditsweng le bone ba tshwanetse go dira ka natla gore ba tshwanelegele go nna batlhanka ba bodiredi kgotsa bagolwane. (Tito 1:5-9) Le fa go ntse jalo, badisa ba ba nang le maitemogelo ba ka kgona go ba thusa go gatela pele ka bonako ka go iketleeletsa go thapisa ba ba dirang ka natla go leka go tshwanelegela maikarabelo mo phuthegong.

10, 11. Badisa ba ka simolola jang go thapisa ba bangwe gore ba siamele go sikara maikarabelo a a oketsegileng?

10 Ke eng se badisa ba ba nang le maitemogelo ba ka se dirang go thapisa ba bangwe go kgona go tlhokomela maikarabelo a phuthego? Sa ntlhantlha, ka go bontsha go kgatlhegela bakaulengwe mo phuthegong—go bereka le bone ka metlha mo bodireding jwa tshimo le go ba thusa go tokafatsa bokgoni jwa bone mo go ‘tshwareng lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15) Badisa ba ba nang le maitemogelo ba bolelela bakaulengwe bano ka boitumelo jo ba ka nnang le jone fa ba direla ba bangwe, le kgotsofalo e bone badisa ba nnang le yone fa ba ipeela mekgele ya dilo tsa semoya le go leka go e fitlhelela. Gape ba ntsha dikakantsho tse di maleba malebana le gore mokaulengwe a ka dira jang gore a tokafatse mo go nneng ‘sekao mo letsomaneng.’—1 Petere 5:3, 5.

11 Fa mokaulengwe a setse a tlhomilwe go nna motlhanka wa bodiredi, modisa yo o botlhale ga a emise moo go mo thapisa. Bruce, yo e ntseng e le mogolwane ka masome a le mmalwa a dingwaga, a re: “Ke rata go nna fa fatshe le mokaulengwe yo o sa tswang go tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi, mme ke bale le ene ditaelo tse di gatisitsweng ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Gape re bala dikaelo le fa e le dife tse di buang ka kabelo ya gagwe, mme go tswa foo ke rata go bereka le ene go fitlhelela a tlwaelana le ditiro tsa gagwe.” Fa motlhanka wa bodiredi a ntse a nna le maitemogelo, a ka thapisiwa gape le mo tirong ya bodisa. Bruce o tswelela jaana: “Fa ke tsamaya le motlhanka wa bodiredi re ya go dira loeto lwa bodisa golo gongwe, ke mo thusa go tlhopha ditemana tse di rileng tse di tla kgothatsang le go tlhotlheletsa motho kgotsa lelapa le re le etelang. Go botlhokwa gore motlhanka wa bodiredi a ithute go dirisa Dikwalo ka tsela e e tla fitlhelelang pelo fa e le gore o batla go nna modisa yo o nang le bokgoni.”—Bahebera 4:12; 5:14.

12. Badisa ba ba nang le maitemogelo ba ka thapisa jang bagolwane ba ba sa tswang go tlhomiwa go nna bagolwane?

12 Ba ba sa tswang go tlhomiwa go nna badisa le bone ba solegelwa molemo thata ke thapiso e e oketsegileng e ba e newang. Nick yo o umakilweng pelenyana a re: “Ke thusitswe thata ke thapiso e ke e neilweng ke balebedi ba babedi ba ba godileng. Gantsi bakaulengwe bano ba ne ba itse gore dilo dingwe di tshwanetse go tshwarwa jang. Ka metlha ba ne ba le pelotelele, ba ntheetsa fa ke bua ba bo ba sekaseka se ke se buang—tota le fa ba ne ba sa dumalane le sone. Ke ithutile go le gontsi mo tseleng e ba neng ba dirisana ka yone le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong, ba le boikokobetso e bile ba le tlotlo. Bagolwane bano ba ne ba mpontsha gore go botlhokwa gore ke dirise Baebele sentle fa ke rarabolola mathata kgotsa fa ke kgothatsa ba bangwe.”

Ba Thapisiwa ke Lefoko la Modimo

13. (a) Mokaulengwe o tlhoka eng gore a nne modisa yo o nang le bokgoni? (b) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a re: “Se ke se rutang ga se sa me”?

13 Ke boammaaruri gore Lefoko la Modimo, e leng Baebele, le na le melao, melaometheo, le dikao tse modisa a di tlhokang gore a kgone go nna a “tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Mokaulengwe a ka nna a bo a na le thutego e e kwa godingwana ya sekolo, mme se tota se tla mo thusang go nna modisa yo o nang le bokgoni ke kitso e a nang le yone ka Dikwalo, le tsela e a dirisang kitso eo ka yone. Tsaya Jesu, ka sekai. E ne e le modisa wa semoya yo o nang le kitso, temogo le botlhale jo bogolo go feta badisa ba bangwe botlhe mo lefatsheng; le fa go ntse jalo, tota le ene ka boene o ne a sa ikaege ka botlhale jwa gagwe fa a ruta dinku tsa ga Jehofa. O ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a re se a se rutang se tswa kwa go Rraagwe yo o kwa legodimong? O ne a tlhalosa jaana: “Yo o buang mo go tswang mo go ene o itshenkela kgalalelo.”—Johane 7:16, 18.

14. Badisa ba dira jang gore ba se ka ba itshenkela kgalalelo ya bone ka bobone?

14 Badisa ba ba ikanyegang ga ba itshenkele kgalalelo ya bone ka bobone. Ga ba theye kgakololo le kgothatso ya bone mo botlhaleng jwa bone ka bobone, mme ba di thaya mo Lefokong la Modimo. Ba tlhaloganya gore tiro ya modisa ke go thusa nku go nna le “mogopolo wa ga Keresete,” e seng mogopolo wa bagolwane. (1 Bakorintha 2:14-16) Ka sekai, go ne go ka nna jang fa e ne e ka re mogolwane a thusa banyalani bangwe ka mathata a lenyalo, a bo a ba naya kgakololo e e theilweng mo maitemogelong a gagwe ka namana go na le go dirisa melaometheo ya Baebele le tshedimosetso e e gatisitsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (Mathaio 24:45) Kgakololo ya gagwe e ne e tlile go tlhotlhelediwa thata ke se se tlholang se dirwa mo lefelong le a leng mo go lone e bile e ne e tlile go lekanyediwa thata ke kitsonyana e nnye e a nang le yone. Gone ke boammaaruri gore ditlwaelo dingwe ga di maswe ka botsone, e bile mogolwane mongwe a ka nna a bo a na le maitemogelo mo botshelong. Mme dinku di solegelwa molemo thata fa badisa ba di kgothaletsa go reetsa lentswe la ga Jesu le ditao tsa ga Jehofa, go na le go reetsa dikgopolo tsa batho le ditlwaelo tsa bone.—Pesalema 12:6; Diane 3:5, 6.

Ba Thapisiwa ke “Motlhanka yo o Boikanyego Le yo O Botlhale”

15. Jesu o ne a naya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” tiro efe go e dira, mme lengwe la mabaka a go bo setlhopha seno se atlegile jaana mo tirong eno ke lefe?

15 Badisa ba ba tshwanang le moaposetoloi Petere, Johane, le Paulo e ne e le maloko a setlhopha se Jesu a neng a se bitsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Setlhopha seno sa motlhanka se bopiwa ke bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng ka moya ba ba mo lefatsheng, ba ba nang le tsholofelo ya go busa mmogo le Keresete kwa legodimong. (Tshenolo 5:9, 10) Mo metlheng eno ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, palo ya bomonnawe Keresete ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng e fokotsegile thata, jaaka go ne go ka lebelelwa. Le fa go ntse jalo, tiro e Jesu a ba e neileng gore ba e dire—ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi pele bokhutlo bo tla—yone e godile go feta le fa e le leng pele. Mme go ntse go le jalo, setlhopha seno sa motlhanka se atlegile fela thata mo tirong eno! Ka ntlha yang? Go ya bokgakaleng jo bo rileng, ke ka gonne ba ile ba thapisa ba “dinku tse dingwe” gore ba ba thuse mo tirong eno ya go rera le go ruta. (Johane 10:16; Mathaio 24:14; 25:40) Gompieno jaana bogolo jwa tiro eno e dirwa ke setlhopha seno se se ikanyegang sa dinku tse dingwe.

16. Setlhopha sa motlhanka se thapisa jang banna ba ba tlhomilweng?

16 Setlhopha sa motlhanka se ba thapisa jang? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baemedi ba setlhopha seno sa motlhanka ba ne ba neilwe go thapisa le go tlhoma balebedi mo diphuthegong, mme e re go tswa foo, balebedi bano ba thapise dinku. (1 Bakorintha 4:17) Go ntse jalo le gompieno. Setlhopha se se Laolang—e leng setlhopha se sennye sa bagolwane ba ba tloditsweng ba ba emelang setlhopha sa motlhanka—se neile baemedi ba sone gore ba thapise le go tlhoma batlhanka ba bodiredi le bagolwane mo diphuthegong tse di dikete tse di masomesome lefatshe ka bophara. Mo godimo ga moo, Setlhopha se se Laolang se rulaganya dikolo go ruta maloko a Dikomiti tsa Makala, balebedi ba ba etang, bagolwane, le batlhanka ba bodiredi gore ba tlhokomele jang dinku. Ba ntsha dikaelo tse dingwe ka makwalo, ka ditlhogo tse di gatisiwang mo makasineng wa Tora ya Tebelo, le ka dikgatiso tse dingwe, tse di tshwanang le ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa. *

17. (a) Jesu o bontshitse jang gore o ikanya setlhopha sa motlhanka? (b) Badisa ba semoya ba ka bontsha jang gore ba ikanya setlhopha sa motlhanka?

17 Jesu o ne a ikanya setlhopha seno sa motlhanka thata jaana mo e leng gore o se tlhomile go okamela “dilo tsa gagwe tsotlhe”—ke gore, dilo tsotlhe tsa gagwe tsa semoya mo lefatsheng. (Mathaio 24:47) Badisa ba ba tlhomilweng ba bontsha gore le bone ba ikanya setlhopha seno sa motlhanka ka go dirisa dikaelo tse ba di newang ke Setlhopha se se Laolang. Ee, fa badisa ba thapisa ba bangwe, fa ba itetla go thapisiwa ke Lefoko la Modimo, le fa ba dirisa thapiso e ba e newang ke setlhopha sa motlhanka, seno se dira gore go nne le kutlwano mo gare ga letsomane. A bo re itumela thata jang ne go bo Jehofa a thapisitse banna ba ba amegang thata ka leloko lengwe le lengwe la phuthego ya Bokeresete!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa

O ne O ka Araba o Reng?

• Badisa ba ba nang le maitemogelo ba semoya ba thapisa ba bangwe jang?

• Ke ka ntlha yang fa badisa ba sa dirise dikakanyo tsa bone fela fa ba ruta?

• Badisa ba bontsha jang gore ba ikanya setlhopha sa motlhanka mme ke ka ntlha yang fa ba se ikanya?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Bagolwane ba Bakeresete ba thapisa banna ba babotlana mo phuthegong

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

“Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o naya bagolwane thapiso e e seng kana ka sepe