Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latela Sekao sa ga Jesu Mme o Amege ka Bahumanegi

Latela Sekao sa ga Jesu Mme o Amege ka Bahumanegi

Latela Sekao sa ga Jesu Mme o Amege ka Bahumanegi

MOTHO o tswa kgakala le lehuma le kgatelelo. Le fa Molao wa Modimo o a neng a o neile Baiseraele o ne o tshwanetse go sireletsa bahumanegi le go fokotsa tshotlego ya bone, gantsi o ne o tlhokomologiwa. (Amose 2:6) Moporofeti Esekiele o ne a kgala tsela e bahumanegi ba neng ba tshwarwa ka yone. O ne a re: “Batho ba lefatshe ba dirile leano la tsietso mme ba kgophotse ka bonokwane, mme ba tshwere setlhogo yo o bogisiwang le yo o humanegileng, e bile ba tsieditse moagi wa moeng kwantle ga tshiamiso.”—Esekiele 22:29.

Maemo a ne a ntse jalo le ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa amege gotlhelele ka bahumanegi le batlhoki. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba tlhalosiwa go twe ke “barati ba madi” ba ba neng ba ‘tsuputsa matlo a batlholagadi’ mme ba amegile thata ka dingwao tsa bone go na le go tlhokomela batsofe le batlhoki. (Luke 16:14; 20:47; Mathaio 15:5, 6) Go a kgatlha go lemoga gore mo setshwantshong sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo, e ne ya re moperesiti le Molefi ba bona monna yo o gobetseng ba ne ba feta fela kafa letlhakoreng le lengwe la tsela go na le gore ba fapoge mme ba mo thuse.—Luke 10:30-37.

Jesu O ne A Amega ka Bahumanegi

Dipego tsa Efangele tsa botshelo jwa ga Jesu di bontsha gore o ne a tlhaloganya ka botlalo mathata a bahumanegi ba nang le one e bile o ne a ba tlhomogela pelo thata. Le fa Jesu a ne a nna kwa legodimong, o ne a ithontsha maemo ao, a nna motho mme a ‘humanega ka ntlha ya rona.’ (2 Bakorintha 8:9) E ne ya re fa Jesu a bona boidiidi jwa batho “a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Pego ya motlholagadi wa motlhoki e bontsha gore Jesu o ne a sa itumedisiwe ke dimpho tse dikgolo tsa bahumi, ba ba neng ba ntsha “mo go se se setseng sa bone,” mme o ne a itumedisiwa ke moneelo o monnye wa mosadi wa motlholagadi yo o neng a humanegile. Se motlholagadi yono a neng a se dirile se ne sa ama pelo ya ga Jesu ka gonne o ne a “latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”—Luke 21:4.

Jesu o ne a sa tlhomogele bahumanegi pelo fela mme gape o ne a amega ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Ene le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba na le letlole le ba neng ba ntsha mo go lone go fa Baiseraele ba batlhoki. (Mathaio 26:6-9; Johane 12:5-8; 13:29) Jesu o ne a kgothaletsa batho ba ba neng ba batla go nna balatedi ba gagwe gore ba tshwanetse go thusa batlhoki. O ne a raya mmusi mongwe yo mmotlana wa mohumi a re: “Rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone mme o abele batho ba ba humanegileng, mme o tla nna le letlotlo kwa magodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.” Go bo monna yono a ne a sa batle go kgaogana le dithoto tsa gagwe go ne go bontsha gore o ne a rata dikhumo go feta ka fa a neng a rata Modimo le batho ba bangwe ka teng. Ka jalo o ne a sa tshwanelege go nna morutwa wa ga Jesu.—Luke 18:22, 23.

Balatedi ba ga Keresete ba Amega ka Bahumanegi

Morago ga loso lwa ga Jesu, baaposetoloi le balatedi ba bangwe ba ga Keresete ba ne ba tswelela ba amega ka bahumanegi ba ba neng ba tshela le bone. Ka 49 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a kopana le Jakobe, Petere le Johane mme a bua le bone ka thomo e a neng a e neilwe ke Morena Jesu Keresete ya go rera dikgang tse di molemo. Ba ne ba dumela gore Paulo le Barenabase ba ne ba tshwanetse go ya kwa bathong “ba ditšhaba,” mme ba remelele thata mo go Baditšhaba fa ba rera. Le fa go ntse jalo, Jakobe le ditsala tsa gagwe ba ne ba kopa Paulo le Barenabase gore a ‘nne a gopotse bahumanegi.’ Mme Paulo o ne a ‘leka ka tlhoafalo’ go dira jalo.—Bagalatia 2:7-10.

Ka nako ya fa go ne go busa Mmusimogolo Kalaudio, go ne ga nna le leuba le legolo kwa dikarolong tse di farologaneng tsa Mmusomogolo wa Roma. Mme Bakeresete ba kwa Antioka “ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea; mme ba ne ba dira seno, ba e romela kwa banneng ba bagolwane ka seatla sa ga Barenabase le Saulo.”—Ditiro 11:28-30.

Bakeresete ba boammaaruri gompieno le bone ba tlhaloganya gore balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go amega ka bahumanegi le batlhoki, segolobogolo ba e leng badumedi mmogo le bone. (Bagalatia 6:10) Ka jalo, ba amega ka tsela ya mmatota ka dilo tse bahumanegi ba di tlhokang. Ka sekai, ka 1998 go ne ga nna le leuba le legolo kwa bokonebotlhaba jwa Brazil. Leuba leo le ne la senya dijalo tsa raese, dinawa le mmidi mme seo se ne sa baka leuba le legolo thata—le le iseng le ke le nne teng mo dingwageng tse 15. Mo mafelong mangwe, go ne go na le tlhaelo ya metsi a a nowang. Basupi ba ga Jehofa mo dikarolong tse dingwe tsa naga eo ba ne ba rulaganya dikomiti tsa namolo ka potlako mme mo nakong e e sa fediseng pelo ba ne ba setse ba kgonne go kokoanya dijo tse dintsintsi e bile ba dueletse sepalangwa gore di isiwe.

Basupi ba ba neng ba ntsha madi le dithoto tse dingwe go thusa mo tirong ya go namola ba ne ba kwala ba re: “Re itumeletse go bo re kgonne go thusa bakaulengwe ba rona, segolobogolo ka gonne re a itse gore re itumedisitse Jehofa. Ga re lebale mafoko a a mo go Jakobe 2:15, 16.” Ditemana tseo tsa Baebele tsa re: “Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: ‘Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,’ mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng?”

Mo phuthegong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya São Paulo, Mosupi mongwe yo o ikokobeditseng e bile a le matlhagatlhaga mme a humanegile o ne a sokola go itshedisa. A re: “Le fa ke tshelela mo lehumeng, molaetsa wa Baebele o dirile gore ke tshele botshelo jo bo nang le bokao tota. Ga ke itse gore fa nkabo ke sa thusiwa ke Basupi ba bangwe nkabo ke le kae.” Mo nakong e e fetileng, mosadi yono yo o dirang ka natla wa Mokeresete o ne a tlhoka go arwa mme o ne a sa kgone go duelela karo eo. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete mo phuthegong ba ne ba kgona go e duelela. Bakeresete ba boammaaruri mo lefatsheng lotlhe ba thusa badumedi mmogo le bone ba ba tlhokang.

Le fa ditiragalo tse re sa tswang go bua ka tsone di itumedisa, go bonala sentle gore le maiteko a a ntseng jalo a a dirwang ka bopeloephepa a ka se fedise lehuma. Lefa dipuso tse di maatla le mekgatlho e megolo ya namolo ya ditšhabatšhaba di leka, ga di ise di kgone go fedisa bothata jono jo bo sa bolong go nna teng jwa lehuma. Ka jalo, potso ke gore, Ke eng se se tla fedisang lehuma le mathata a mangwe a a tshwenyang batho?

Se Baebele e se Rutang se re Thusa Goyagoile

Dipego tsa Efangele di tlhalosa gore ka metlha Jesu Keresete o ne a dira dilo tse di molemo go thusa bahumanegi kana batho ba ba neng ba tlhoka dilo tse dingwe. (Mathaio 14:14-21) Mme ke tiro efe e a neng a e tsaya e le botlhokwa thata? Nako nngwe fa Jesu a sena go thusa batlhoki, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “A re yeng golo gongwe go sele, mo metsanasetoropong e e fa gautshwane, gore ke tle ke rere le koo.” Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a tlogela se a neng a se direla balwetse le bahumanegi gore a ye go tswelela ka tiro ya gagwe ya go rera? O ne a tlhalosa a re: “Ke tletse jone boikaelelo jono [ke gore, go rera].” (Mareko 1:38, 39; Luke 4:43) Le fa go direla batlhoki dilo tse di molemo go ne go le botlhokwa mo go Jesu, tiro ya gagwe ya konokono e ne e le go rera ka Bogosi jwa Modimo.—Mareko 1:14.

E re ka Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba “latele dikgato tsa [ga Jesu] gaufiufi,” Bakeresete gompieno ba na le kaelo e e tlhamaletseng malebana le kgang ya go dira dilo tsa botlhokwa pele le go thusa ba bangwe. (1 Petere 2:21) Jaaka Jesu, ba thusa batho ba ba tlhokang. Le fa go ntse jalo, jaaka Jesu, ba dira gore tiro ya go ruta molaetsa wa Baebele wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e nne ya botlhokwatlhokwa mo matshelong a bone. (Mathaio 5:14-16; 24:14; 28:19, 20) Mme ke ka ntlha yang fa go rera molaetsa o o mo Lefokong la Modimo go tshwanetse ga nna botlhokwa go feta ditsela tse dingwe tsa go thusa batho?

Dilo tse di diragaletseng batho mo lefatsheng lotlhe di bontsha gore fa batho ba tlhaloganya e bile ba latela kaelo e e mosola ya Baebele, ba kgona go lebana botoka le mathata a letsatsi le letsatsi a botshelo, go akaretsa le lehuma. Gape molaetsa wa Baebele wa Bogosi jwa Modimo o o rerwang ke Basupi ba ga Jehofa gompieno o naya batho tsholofelo ya isagwe—tsholofelo e e dirang gore ba bone gore botshelo bo molemo le fa maemo a le thata. (1 Timotheo 4:8) Ke tsholofelo efe eo?

Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana ka isagwe ya rona: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Ka dinako tse dingwe fa Baebele e bua ka “lefatshe,” e a bo e bua ka batho ba ba nnang mo lefatsheng. (Genesise 11:1) Ka jalo “lefatshe le lesha” la tshiamo le le solofeditsweng ke setlhopha sa batho ba Modimo a ba amogelang. Lefoko la Modimo gape le solofetsa gore mo pusong ya ga Keresete, batho ba ba amogelwang ke Modimo ba tla amogela mpho ya botshelo jo bo sa khutleng mme ba tla tshela botshelo jo bo kgotsofatsang mo lefatsheng la paradaise. (Mareko 10:30) Isagwe e e molemolemo eo e ka bonwa ke botlhe, go akaretsa le bahumanegi. Mo ‘lefatsheng leo le lesha,’ bothata jwa lehuma bo tla fedisediwa ruri.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

JESU O TLA “GOLOLA MOHUMANEGI” JANG?—Pesalema 72:12

TSHIAMISO: “A a atlhole ba ba bogisiwang ba batho, a a boloke barwa ba yo o humanegileng, mme a a thubaganye motsietsi.” (Pesalema 72:4) Mo pusong ya ga Keresete mo lefatsheng, mongwe le mongwe o tla tshwarwa ka tshiamiso. Go tla bo go se na ditiro tse di seng kafa molaong, tse di dirang gore dinaga tse dintsi tse di ka bong di humile di humanege.

KAGISO: “Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng.” (Pesalema 72:7) Lehuma le lentsi mo lefatsheng le bakwa ke dintwa tsa batho. Keresete o tla tlisa kagiso e e feletseng mo lefatsheng, ka jalo a fedisa sengwe sa dilo tsa konokono tse di bakang lehuma.

KUTLWELOBOTLHOKO: “O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” (Pesalema 72:12-14) Batho ba maemo a a kwa tlase, bahumanegi le batho ba ba bogisiwang ba tla nna karolo ya lelapa la batho le le itumetseng, ba le seoposengwe kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Kgosi Jesu Keresete.

LETLOTLO: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.” (Pesalema 72:16) Mo pusong ya ga Keresete, go tla nna le letlotlo la dilo. Batho ga ba na go sotlega ka ntlha ya go tlhoka dijo le ka ntlha ya mauba a gantsi a bakang lehuma gompieno.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Jesu o ne a amega ka dilo tse bahumanegi ba di tlhokang

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Molaetsa wa Baebele o naya tsholofelo ya mmatota