Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ipaakanyeditse go Falola?

A o Ipaakanyeditse go Falola?

A o Ipaakanyeditse go Falola?

“Tsena, wena le botlhe ba ntlo ya gago, mo teng ga araka, ka gonne ke wena yo ke go boneng o siame fa pele ga me mo gare ga kokomana eno.”—GENESISE 7:1.

1. Ke thulaganyo efe e Jehofa a neng a e dira gore batho ba kgone go falola mo motlheng wa ga Noa?

JEHOFA o ne “a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi” mo motlheng wa ga Noa, le fa go ntse jalo, o ne a dira thulaganyo ya gore go nne le batho ba ba falolang. (2 Petere 2:5) Modimo wa boammaaruri o ne a naya Noa ditaelo tse di tlhamaletseng tsa gore a age araka jang gore a namole ba lelapa la gagwe le diphologolo mo morwaleleng wa lefatshe lotlhe. (Genesise 6:14-16) Jaaka fa re ne re ka lebelela ka motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang, “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse.” Ee ruri, o ne “a dira fela jalo.” Gompieno re a tshela ka go bo Noa a ile a nna kutlo.—Genesise 6:22.

2, 3. (a) Batho ba motlha wa ga Noa ba ile ba tsibogela tiro ya ga Noa jang? (b) Noa o ne a tsena mo arakeng a na le tsholofelo e e ntseng jang?

2 Go aga araka e ne e le tiro e e boima. Go ka direga gore batho ba le bantsi ba ile ba gakgamadiwa ke se Noa le lelapa la gagwe ba neng ba kgona go se dira. Le fa go ntse jalo, seo se ne se sa lekana go ba tlhatswa pelo go dumela gore ba ne ba tshwanelwa ke go tsena mo arakeng fa ba batla go falola. Kgabagare, bopelotelele jwa Modimo ka lefatshe leo le le boikepo bo ne jwa fela.—Genesise 6:3; 1 Petere 3:20.

3 Jehofa o ne a laela Noa jaana morago ga gore ene le lelapa la gagwe ba fetse masome a dingwaga ba dira ka natla: “Tsena, wena le botlhe ba ntlo ya gago, mo teng ga araka, ka gonne ke wena yo ke go boneng o siame fa pele ga me mo gare ga kokomana eno.” Ka tumelo le ka go solofela mo lefokong la ga Jehofa, “Noa a tsena mo teng ga araka, le bomorwawe le mosadi wa gagwe le basadi ba bomorwawe ba na le ene.” Jehofa o ne a tswala kgoro go sireletsa baobamedi bano ba gagwe. Fa Morwalela o tla mo lefatsheng, araka e ne ya itshupa e le thulaganyo e e ikanyegang ya Modimo ya go namola batho.—Genesise 7:1, 7, 10, 16.

Maemo a a Tshwanang le a Motlha wa ga Noa

4, 5. (a) Jesu o ne a tshwantsha nako ya go nna gone ga gagwe le eng? (b) Ke dilo dife tse motlha wa ga Noa o tshwanang le motlha wa rona ka tsone?

4 “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:37) Ka mafoko ano, Jesu o ne a bontsha gore nako ya go nna gone ga gagwe a sa bonale e ne e tla tshwana le motlha wa ga Noa, mme go ile ga nna fela jalo. Segolobogolo fa e sa le ka 1919, batho ba ditšhaba tsotlhe ba ile ba itsisiwe molaetsa wa tlhagiso o o tshwanang le wa ga Noa. Bontsi jwa bone ba ile ba tsiboga ka tsela e e tshwanang le ya batho ba motlha wa ga Noa.

5 Jehofa o ne a dirisa Morwalela go tseela lefatshe leo le le ‘tletseng thubakanyo’ kgato. (Genesise 6:13) Batho botlhe ba ne ba kgona go bona gore Noa le lelapa la gagwe ba ne ba sa nne le seabe mo thubakanyong eo, go na le moo, ba ne ba dira tiro ya bone ya go aga araka ka kagiso. Le mo kgannyeng eno re bona sengwe se se tshwanang le sa motlha wa rona. Batho ba ba ikanyegang ba kgona go bona “pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” (Malaki 3:18) Batho ba le bantsi ba ba sa gobeleleng ba kgatlhwa ke go ikanyega, go nna pelonomi, go nna kagiso le go dira ka natla ga Basupi ba ga Jehofa, mme dinonofo tseno di dira gore go bonale pharologano gareng ga batho ba Modimo le lefatshe ka kakaretso. Basupi ba tila mefuta yotlhe ya thubakanyo mme ba itetla go kaelwa ke moya wa ga Jehofa. Ke gone ka moo ba nang le kagiso e bile ba tshelang go ya ka tsela ya tshiamo.—Isaia 60:17.

6, 7. (a) Ke eng se batho ba motlha wa ga Noa ba neng ba se ka ba se lemoga, mme seo se tshwana jang le mo motlheng wa rona? (b) Ke dikai dife tse di bontshang gore gantsi Basupi ba ga Jehofa ba tsewa ba farologane le batho ba bangwe?

6 Batho ba motlha wa ga Noa ba ne palelwa ke go lemoga gore Noa o ne a engwa nokeng ke Modimo le gore ke ene yo o neng a mo laetse go dira se a neng a se dira. Ka jalo ba ne ba se ka ba tsaya tiro ya gagwe ya go rera tsia le go tsaya kgato ka molaetsa wa gagwe wa tlhagiso. Go tweng ka motlha wa rona? Le fa batho ba le bantsi ba kgatlhwa ke tiro ya Basupi ba ga Jehofa le boitshwaro jwa bone, bontsi jwa bone ga ba tseye dikgang tse di molemo le ditlhagiso tsa Baebele tsia. Baagelani, badirimmogo kana ba losika ba ka bua bontle ka boitshwaro jwa Bakeresete ba boammaaruri, mme ba bo ba bua jaana ka kutlobotlhoko, “Fa fela e ka bo e se Basupi ba ga Jehofa!” Se batho bano ba se tlhokomologang ke gore selo se se thusang Basupi go nna le dinonofo tse di jaaka lorato, kagiso, bopelonomi, molemo, bonolo le boikgapo, ke ka gonne ba kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. (Bagalatia 5:22-25) Seno se tshwanetse sa ba thusa go dumela molaetsa wa bone.

7 Ka sekai, kwa Russia, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba aga Holo ya Bogosi. Monna mongwe yo o neng a ema go bua le mongwe wa badiri o ne a re: “Ruri leno ke lefelo la kago le le sa tlwaelegang—ga go na batho ba ba gogang motsoko, ba ba buang matlhapa e bile ga go na ope yo o tlhapetsweng! A o ka tswa o le Mosupi wa ga Jehofa?” Modiri yoo o ne a mmotsa jaana, “Fa ke ne nka re nnyaa, a o ne o ka ntumela?” Monna yono o ne a re, “Ke ne nka se go dumele.” Kwa toropong e nngwe ya Russia, ratoropo o ne a kgatlhilwe thata ke go bona Basupi ba ikagela Holo ya Bogosi. O ne a bolela gore le mororo pele a ne a tsaya madumedi otlhe a tshwana, morago ga go bona tlhoafalo e e seng ya bopelotshetlha ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a se ka a tlhola a akanya jalo. Tseno ke di le pedi fela tsa dikai tse di bontshang gore batho ba ga Jehofa ba farologana le batho ba ba sa tsheleng go ya ka melao ya Baebele.

8. Go falola ga rona bokhutlo jwa lefatsheng leno le le boikepo go ikaegile ka eng?

8 Mo dingwageng tsa bofelo tsa “lefatshe la bogologolo” le le neng la nyelediwa ka Morwalela, Noa e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Mo malatsing ano a bofelo a tsamaiso ya jaanong ya dilo, batho ba ga Jehofa ba itsise batho melao ya Modimo e e siameng e bile ba bolela dikgang tse di molemo tse di kaga tshono ya go falolela mo lefatsheng le lesha. (2 Petere 3:9-13) Fela jaaka Noa le lelapa la gagwe le le boifang Modimo ba ile ba namolwa ka araka, le gompieno batho ba ba tla falolang ba tshwanetse go nna le tumelo le go ikamanya ka boikanyegi le karolo ya mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa ya lobopo lotlhe.

Tumelo e a Batlega Gore re Falole

9, 10. Ke eng fa tumelo e le botlhokwa fa e le gore re batla go falola bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya ga Satane?

9 Motho o tshwanetse go dira eng gore a falole tshenyego e e tlang ya lefatshe leno le le namaletseng mo maatleng a ga Satane? (1 Johane 5:19) O tshwanetse pele a tlhaloganya gore o tlhoka tshireletso. Go tswa foo o tshwanetse go tsaya kgato ya go dira gore a bone tshireletso eo. Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba tswelela ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ba sa bone fa go tlhokega gore ba sirelediwe mo kotsing e e neng e tla. Go ne go na le sengwe gape se ba neng ba se tlhaela—tumelo mo Modimong.

10 Kafa letlhakoreng le lengwe, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba lemoga gore ba tlhoka tshireletso le poloko. Gape ba ne ba bontsha tumelo mo go Jehofa Modimo, Molaodimogolo wa Lobopo. Moaposetoloi Paulo o ile a re: ‘Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa Jehofa sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.’ Paulo o ile a oketsa jaana: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe; mme ka tumelo eno o ne a bontsha fa lefatshe le le molato, mme a nna moruaboswa wa tshiamo e e leng kafa tumelong.”—Bahebera 11:6, 7.

11. Re ka ithuta eng go tswa mo tseleng e Jehofa a ileng a sireletsa batho ba gagwe ka yone mo nakong e e fetileng?

11 Go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, re tshwanetse go dira se se fetang go dumela fela gore e tla senngwa. Re tshwanetse go bontsha go dumela dithulaganyo tse Modimo a re diretseng tsone go falola le go di dirisa ka botlalo. Ke boammaaruri gore re tshwanetse go bontsha go dumela setlhabelo sa thekololo sa Morwa Modimo, Jesu Keresete. (Johane 3:16, 36) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go se lebale gore ke fela batho ba ba neng ba le mo teng ga araka ya ga Noa ba ba ileng ba falola Morwalela. Ka tsela e e tshwanang, motse wa botshabelo kwa Iseraele o ne o sireletsa mmolai yo e seng wa ka boomo fela fa e le gore o tshabetse mo motseng oo mme a bo a tswelela a nna mo go one go fitlha moperesiti yo mogolo a swa. (Dipalo 35:11-32) Ka nako ya petso ya bolesome ya Egepeto mo motlheng wa ga Moshe, maitibolo a Baegepeto a ne a bolawa, mme a Baiseraele one a ne a babalelwa. Ka ntlha yang? Jehofa o ne a laetse Moshe jaana: “[Baiseraele] ba tseye mangwe a madi [a kwanyana ya Tlolaganyo] ba a gase mo mephakwaneng e mebedi le mo karolong e e fa godimo ya kgoro ya matlo a ba tla e jelang mo go one. . . . Mme ope wa lona a se ka a tswela kwa ntle ga kgoro ya ntlo ya gagwe go fitlha mo mosong.” (Ekesodo 12:7, 22) Ke ofe wa maitibolo a Baiseraele yo o neng a ka itlhokomolosa taelo eo ya Modimo ka go tswela kwa ntle ga ntlo e e tshwailweng ka madi a a kgatsitsweng mo mephakwaneng e mebedi le mo karolong e e fa godimo ya kgoro?

12. Ke potso efe e mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go ipotsa yone, mme ka ntlha yang?

12 Ka gone, re na le lebaka le le utlwalang la go akanya ka kelotlhoko ka seemo se mongwe le mongwe wa rona a leng mo go sone. A tota re mo teng ga thulaganyo ya semoya ya ga Jehofa ya go sireletsa batho? Fa pitlagano e kgolo e tla, batho ba ba ileng ba senka tshireletso eo ba tla tshologa dikeledi tsa boipelo le kanaanelo. Ba bangwe bone ba tla bo ba tshologa dikeledi tsa khutsafalo le tsa go ikwatlhaya.

Diphetogo Tse di Dirwang di re Thusa go Ipaakanya

13. (a) Ke eng fa go ile ga dirwa diphetogo mo tsamaisong ya phuthego? (b) Tlhalosa dingwe tsa diphetogo tse di ileng tsa dirwa.

13 Jehofa o ile a dira diphetogo kgato ka kgato mo karolong ya mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe. Diphetogo tseno di ile tsa kgabisa, tsa tlhomamisa le go nonotsha thulaganyo ya gagwe ya go re sireletsa semoyeng. Go tloga ka bo1870 go ya go 1932, bagolwane le batiakone ba ne ba tlhomiwa mo phuthegong ka go boutelwa. Ka 1932 thulaganyo ya go boutela bagolwane e ne ya tseelwa sebaka ke thulaganyo ya gore go boutelwe komiti ya tirelo e e neng e tla thusa mokaedi wa tirelo. Ka 1938 go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore go tlhomiwe batlhanka botlhe ka tsela ya puso ya Modimo mo phuthegong. Go tloga ka 1972, bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba a buelelwa mme diphuthego di bo di romelelwa makwalo a a ba tlhomang ka tsela ya Puso ya Modimo go tswa kwa Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go ya le dingwaga, seabe sa Setlhopha se se Laolang se ile sa oketsega thata mme go ile ga dirwa diphetogo tse dintsi go tlhofofatsa tiro ya sone.

14. Ke thulaganyo efe ya go thapisa balebedi e e neng ya simololwa ka 1959?

14 Bogologolo ka 1950, go sekaseka Pesalema 45:16 ka kelotlhoko go ile ga dira gore go tlhomiwe thulaganyo e e tswelelang pele ya go thapisa batho. Temana eo ya re: “Mo boemong jwa borragomogologolwane go tla nna le bomorwao, ba o tla ba tlhomang e le dikgosana mo lefatsheng lotlhe.” Bagolwane ba gone jaanong ba eteletseng pele mo phuthegong ba thapisediwa maikarabelo a semoya a gone jaanong le a morago ga Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se ne sa simololwa ka 1959. Ka nako eo, balebedi ba ba okamelang, ba ka nako eo ba neng ba bidiwa batlhanka ba phuthego, ba ne ba newa thapiso e e tsayang lobaka lwa kgwedi. Sekolo seo gone jaanong se atolositswe gore se thapise balebedi botlhe le batlhanka ba bodiredi. Bakaulengwe bano le bone ba dirisa thapiso eo go etelela pele tiro ya go thapisa Basupi ba bangwe ba ga Jehofa mo diphuthegong tsa bone. Ka gone, batho botlhe ba thusiwa semoyeng e bile ba thusiwa go oketsa bokgoni jwa bone jwa go nna baboledi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mareko 13:10.

15. Ke ditsela dife tse pedi tse phuthego ya Bokeresete e sirelediwang ka tsone?

15 Batho ba ba batlang go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete ba tshwanetse go nna le ditshwanelego dingwe. Ga go pelaelo gore, basotli ba segompieno ga ba letlwe go nna karolo ya phuthego fela jaaka ba motlha wa ga Noa ba ile ba se ka ba letlwa go tsena mo arakeng. (2 Petere 3:3-7) Segolobogolo fa e sa le ka 1952, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ema nokeng botoka thulaganyo e e thusang go boloka phuthego e sireletsegile—e leng thulaganyo ya go kgaola baleofi ba ba sa ikwatlhayeng. Ke boammaaruri gore baleofi ba ba ikwatlhayang ka mmatota ba thusiwa ka lorato go ‘direla dinao tsa bone ditselana tse di tlhamaletseng.’—Bahebera 12:12, 13; Diane 28:13; Bagalatia 6:1.

16. Batho ba ga Jehofa ba mo maemong a a ntseng jang a semoya?

16 Katlego ya semoya ya batho ba ga Jehofa ga ya itiragalela fela kana go nna gone ka kotsi. Jehofa o ile a bua jaana ka moporofeti Isaia: “Bonang! Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong. Bonang! Batlhanka ba me ba tla goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo, mme lona lo tla lela ka ntlha ya botlhoko jwa pelo mme lo tla bokolela ka ntlha ya go hutsafala thata ga moya.” (Isaia 65:13, 14) Jehofa o tswelela pele a re tlamela ka motlele wa dijo tsa semoya tse di tshwanelang le tse di re otlang gore re nne re nonofile semoyeng.—Mathaio 24:45.

Ipaakanyetse go Falola

17. Ke eng se se tla re thusang go ipaakanyetsa go falola?

17 Eno ke nako e e tshwanelang go feta le fa e le leng pele ya gore re “akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana.” (Bahebera 10:23-25) Go atamalana thata le go nna re tshwaregile thata mo go nngwe ya diphuthego tse di fetang 98 000 tsa Basupi ba ga Jehofa go tla re thusa go ipaakanyetsa go falola. Re tla engwa nokeng ke badumedi ka rona fa re ntse re leka go bontsha “botho jo bosha” le go leka ka natla go thusa ba bangwe go itse ka thulaganyo eno ya ga Jehofa ya go thusa batho go falola.—Baefeso 4:22-24; Bakolosa 3:9, 10; 1 Timotheo 4:16.

18. Ke eng fa o ititeile sehuba go nna o atamalane le phuthego ya Bokeresete?

18 Satane le lefatshe la gagwe le le boikepo ba leka ka bojotlhe go re raela gore re katoge phuthego ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, re ka tswelela re le karolo ya yone le go falola bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. E kete go rata ga rona Jehofa le go anaanela dithulaganyo tse di lorato tse a re direlang tsone go ka re tlhotlheletsa gore re ititeye sehuba go feta le fa e le leng pele go kganela maiteko a ga Satane. Go tlhatlhanya ka masego a re itumelelang one gompieno go tla nonotsha go ititaya sehuba ga rona. Go tla tlotliwa ka mangwe a masego ano mo setlhogong se se latelang.

O Araba Jang?

• Motlha wa rona o tshwana jang le motlha wa ga Noa?

• Ke nonofo efe e e ka re thusang go falola?

• Ke diphetogo dife tse di ileng tsa nonotsha thulaganyo ya ga Jehofa ya go re sireletsa?

• Mongwe le mongwe wa rona a ka dira eng go ipaakanyetsa go falola?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba se ka ba mo tseela tlhogong

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go a thusa go tsaya tsia melaetsa e Modimo a re tlhagisang ka yone

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi se tlhometswe eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Jaanong ke nako ya go nna re atamalane le phuthego ya Bokeresete