A o Na le “Kgololesego ya go Bua”?
A o Na le “Kgololesego ya go Bua”?
BATHO ba ba fetang dimilione di le thataro mo dinageng di le 235 ba na le se Baebele e se bitsang “kgololesego ya go bua.” Mafoko ano a tlhaga makgetlo a le 16 mo ditemaneng tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. (Bafilipi 1:20; 1 Timotheo 3:13; Bahebera 3:6; 1 Johane 3:21) Go nna le “kgololesego ya go bua” go kayang? Ke eng se se re thusang gore re nne le yone? Kgololesego eno e re thusa gore re kgone go bua ka tshosologo mo maemong afe?
Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “kgololesego ya go bua” le raya “go bua o gololesegile . . . o sa tshabe go bua o le pelokgale; mme seno se na le mogopolo wa go itshepa, go bontsha bopelokgale le matlhagatlhaga le mo dilong tse dingwe kwantle ga puo fela.” Le fa go ntse jalo, go bua ka kgololesego jalo ga go reye go bua fela o sa akanyetse maikutlo a ba bangwe kana go se nne maitseo. Baebele e bolela jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle.” (Bakolosa 4:6) Kgololesego ya go bua e akaretsa go akanyetsa maikutlo a ba bangwe fa re bua mme gone re sa letle gore maemo a a thata kana go boifa batho go re thibele go bua.
A kgololesego ya go bua ke tshwanelo e re tsholwang re na le yone? Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se kwalela Bakeresete ba kwa Efeso. O ne a re: “Nna, motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe, ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele ditšhaba dikgang tse di molemo ka ga dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.” Paulo o ne a oketsa ka gore ke ka Jesu Keresete “re nang le kgololesego eno ya go bua le go atamela ka tshepo ka tumelo ya rona mo go ene.” (Baefeso 3:8-12) Tshiamelo eno ya kgololesego ya go bua re nna le yone ka ntlha ya kamano e e theilweng mo tumelong ya rona mo go Jesu Keresete e re nang le yone le Jehofa Modimo e seng ka gonne e le tshiamelo e re nang le yone ka tlholego. A re boneng gore ke eng se se ka re thusang go bona kgololesego eno le gore re ka e bontsha jang fa re rera, fa re ruta le fa re rapela.
Ke Eng Se se Re Thusang go Rera ka Bopelokgale?
Jesu Keresete ke sekai se segolo sa motho yo o neng a dirisa kgololesego ya go bua. Tlhoafalo ya gagwe e ne ya mo tlhotlheletsa gore a dirise ditshono tse a neng a nna le tsone tsa go rera. O ne a dirisa tshono nngwe le nngwe e a e bonang go bua ka Bogosi jwa Modimo go sa kgathalesege gore o ikhuditse, o a ja kwa lelapeng la mongwe kana o mo tseleng. Go sotliwa mmogo le go Mathaio 23:13-36) Jesu o ne a bua a sa boife sepe tota le fa a ne a tshwerwe mme a sekisiwa.—Johane 18:6, 19, 20, 37.
ganediwa ka tlhamalalo ga go a ka ga tshosa Jesu gore a didimale. Go na le moo, o ne a senola ka bopelokgale ditiro tsa baeteledipele ba bodumedi ba maaka ba mo motlheng wa gagwe. (Baaposetoloi ba ga Jesu le bone ba ne ba bua ka tlhamalalo ba sa boife sepe. Ka Pentekosete ya 33 C.E., Petere o ne a bua ka kgololesego fa pele ga boidiidi jwa batho ba ba fetang 3 000. Se se gakgamatsang ke gore pelenyana fela ga tiragalo eo, Petere o ne a welwa ke poifo fa a ne a lemogiwa ke mosetsanyana mongwe wa lelata. (Mareko 14:66-71; Ditiro 2:14, 29, 41) Petere le Johane ga ba a ka ba boifa fa ba ne ba tlisitswe fa pele ga baeteledipele ba bodumedi. Kwantle ga go okaoka, ba ne ba rera ka bopelokgale ka ga Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing. Totatota, tsela e Petere le Johane ba neng ba bua ka tlhamalalo ka yone ke yone e neng ya dira gore baeteledipele ba bodumedi ba lemoge gore banna bano ba kile ba tsamaya le Jesu. (Ditiro 4:5-13) Ke eng se se neng sa dira gore ba kgone go bua jalo ka bopelokgale?
Jesu o ne a solofeditse baaposetoloi ba gagwe a re: “Fa ba lo isa, lo se ka lwa tlhobaela kaga gore lo tla bua jang kgotsa eng; gonne se lo tla se buang lo tla se newa ka nako eo; gonne ba ba buang ga se lona fela, mme ke moya wa ga Rraalona o o buang ka lona.” (Mathaio 10:19, 20) Moya o o boitshepo o ne wa thusa Petere le ba bangwe gore ba fenye go nna ditlhong kana go boifa mo go neng go ka kgoreletsa kgololesego ya bone ya go bua. Le rona tlhotlheletso ya maatla ao a magolo e ka re thusa.
Mo godimo ga moo, Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe taelo ya gore ba dire barutwa. Seno se ne se tshwanela e re ka e le Ene yo o neilweng “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng.” Mme ‘o na le bone.’ (Mathaio 28:18-20) E re ka barutwa ba bogologolo ba ne ba itse gore Jesu o na le bone, ba ne ba nna pelokgale fa ba ne ba lebane le babusi ba ba neng ba ikaeletse go thibela tiro ya bone ya go rera. (Ditiro 4:18-20; 5:28, 29) Le rona re tla nna pelokgale fa re itse seo.
Fa Paulo a ne a umaka lebaka le lengwe la go bua ka tlhamalalo, o ne a amanya tsholofelo le “kgololesego e kgolo ya go bua.” (2 Bakorintha 3:12; Bafilipi 1:20) Bakeresete ba ne ba tshwanetse go bolelela ba bangwe ka molaetsa wa tsholofelo gonne o ne o le molemo mo ba neng ba ka se ka ba o ipolokela. Tsholofelo e re nang le yone ke lone lebaka le legolo la gore re dirise kgololesego ya rona ya go bua.—Bahebera 3:6.
Go Rera ka Bopelokgale
Re ka kgona jang go rera ka bopelokgale tota le fa re lebane le maemo a a thata? Ela tlhoko sekai sa ga moaposetoloi Paulo. Fa a ne a tshwerwe kwa Roma, o ne a kopa badumedimmogo le ene go rapela gore ‘a newe bokgoni jwa go bua ka go bula molomo wa gagwe gore a tle a bue ka bopelokgale jaaka a tshwanetse go bua.’ (Baefeso 6:19, 20) A dithapelo tseo di ne tsa arabiwa? Ee! Fa Paulo a ntse a le mo kgolegelong, o ne a tswelela ‘a rera bogosi jwa Modimo ka kgololesego e kgolo thata ya go bua, a sa kgorelediwe.’—Ditiro 28:30, 31.
Go dirisa ditshono tse re nnang le tsone tsa go rera kwa tirong, kwa sekolong kana fa re le mo loetong go ka leka kgololesego ya rona ya go bua. Ditlhong, go boifa kafa batho ba bangwe ba tla itshwarang ka gone fa re ba rerela kana go sa tshepe bokgoni jo re nang le jone, go ka dira gore re se ka ra bua. Mono moaposetoloi Paulo o re neela gape sekai se se molemo malebana le kgang eno. O ne a kwala jaana: ‘Re ne ra nna pelokgale ka Modimo wa rona ka gone gore re bue le lona dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go kgaratlha mo gogolo thata.’ (1 Bathesalonika 2:2) Paulo o ne a kgona go dira dilo tse a neng a sa kgone go di dira ka boene fela gonne o ne a ikaegile ka Jehofa.
Thapelo e ne ya thusa mosadi mongwe yo o bidiwang Sherry gore a bue ka bopelokgale fa a ne a bona tshono ya go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Letsatsi lengwe fa a ne a letile monna wa gagwe gore a boe kwa a neng a ile teng, o ne a bona mosadi yo le ene a neng a letile. Sherry a re: “Ke ne ka rapela Jehofa gore a mphe bopelokgale gonne ke ne ke tshogile mo ke neng ke utlwa e kete ke kgangwa ke selo mo mometsong.” Fa Sherry a atamela mosadi yono, go ne ga goroga moruti wa kereke ya Baptist. Sherry o ne a sa solofela go kopana le moruti. Le fa go ntse jalo, o ne a rapela gape mme a kgona go neela bosupi. O ne a tsamaisetsa mosadi yono dibuka mme a dira
dithulaganyo tsa loeto lwa go boela. Fa re dirisa ditshono tsa go neela bosupi tse re di bonang, re ka tlhomamisega gore go ikaega ka Jehofa go tla re thusa gore re bue ka bopelokgale.Fa re Ruta
Kgololesego ya go bua e amana thata le go ruta. Fa Baebele e bua ka “banna ba ba direlang ka mokgwa o o molemo” ya re: “Ba iponela boemo jo bo molemo le kgololesego e kgolo ya go bua mo tumelong ka ga Keresete Jesu.” (1 Timotheo 3:13) Ba nna le kgololesego ya go bua ka gore bone ka bobone ba dirise se ba se rutang ba bangwe mo matshelong a bone. Fa ba dira jalo, ba sireletsa phuthego le go e nonotsha.
Fa re na le kgololesego ya go bua ka tsela eno, kgakololo ya rona e nna e e nang le matswela mme e kgona go latelwa. Go na le gore bareetsi ba tshwenngwe ke sekao sa rona se se maswe, ba a kgothala fa ba bona re dirisa se re ba rutang sone. Kgololesego eno e thusa ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya go ‘lolamisa mokaulengwe wa bone’ pele bothata jwa gagwe bo nna masisi le go feta. (Bagalatia 6:1) Go farologana le seo, motho yo o tlhomelang batho sekao se se maswe, a ka okaoka go kgalema ba bangwe gonne a bona gore ga a na tshwanelo ya go dira jalo. Mme go diega go gakolola mongwe fa go tlhokega go ka nna le diphelelo tse di botlhoko.
Go bua ka bopelokgale ga go reye go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso kana go se batle go fetola tsela e re akanyang ka yone. Paulo o ne a gakolola Filemone “ka lorato.” (Filemone 8, 9) Mme ga go pelaelo gore mafoko a moaposetoloi yono a ne a amogelwa sentle. E le ruri kgakololo nngwe le nngwe e mogolwane a e neelang e tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato!
Kgololesego ya go bua e botlhokwa thata fa go neelwa kgakololo. Mme e botlhokwa gape le ka dinako tse dingwe. Paulo o ne a kwalela phuthego ya Korintha a re: “Ke na le kgololesego e kgolo ya go bua mo go lona. Ke ipelafatsa thata ka lona.” (2 Bakorintha 7:4) Paulo ga a ka a okaoka go akgola bakaulengwe ba gagwe le bokgaitsadi fa ba ne ba tshwanelwa ke go akgolwa. Lorato lo ne lwa mo tlhotlheletsa gore a tlhome mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa badumedimmogo le ene tota le fa a ne a itse makoa a bone. Tota le gompieno bagolwane ba nonotsha phuthego fa ba akgola le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone.
Bakeresete botlhe ba tshwanetse go nna le kgololesego ya go bua gore ba nne le matswela mo tirong ya bone ya go ruta. Sherry yo o umakilweng pelenyana, o ne a batla go kgothatsa bana ba gagwe gore ba rere kwa sekolong. O bolela jaana: “Tota le fa ke godiseditswe mo boammaaruring, ke ne ke rera ka sewelo fela fa ke le kwa sekolong. Mme ke neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo sewelo fela. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Ke tlhomela banake sekao sa mofuta ofe?’” Seno se ne sa tlhotlheletsa Sherry gore a leke ka natla go feta pele go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo.
Ee, ba bangwe ba leba ditiro tsa rona mme ba a bona fa re palelwa ke go dira se re se rutang. Ka jalo he, a re nneng le kgololesego ya go bua ka go kgaratlhela gore ditiro tsa rona di tsamaisane le se re se buang.
Fa re Rapela
Kgololesego ya go bua e botlhokwa thata fa re rapela Jehofa. Re kgona go bulela Jehofa mafatlha a rona re gololesegile e bile re tlhomamisegile gore o utlwa dithapelo tsa rona mme o tla di araba. Ka jalo re itumelela kamano e e lorato le e e gaufiufi le Rraarona yo o kwa legodimong. Le ka motlha ga re a tshwanela go okaoka go atamela Jehofa gonne re akanya gore re a nyatsega. Re tshwanetse go dirang fa re palelwa ke go bua le Jehofa go tswa pelong gonne re ikutlwa molato ka phoso nngwe kana boleo jo re bo dirileng? A re sa ntse re ka kgona go bua le Molaodimogolo wa lobopo re gololesegile?
Jesu yo o leng mo maemong a a kwa godimodimo a go nna Moperesiti yo Mogolo, o re naya mabaka a mangwe a a utlwalang a gore re ikanye thapelo. Mo go Bahebera 4:15, 16 re bala jaana: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo. Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.” Eno ke tsela e loso lwa ga Jesu le tiro ya gagwe ya go nna Moperesiti yo Mogolo di leng botlhokwa ka yone.
Fa tota re batla go ikobela Jehofa, re ka tlhomamisega gore o tla re utlwa. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Baratwa, fa dipelo tsa rona di sa re bone molato, re na le kgololesego ya go bua ka ga Modimo; mme le fa e le eng se re se kopang re se amogela mo go ene, ka gonne re boloka ditaelo tsa gagwe mme re dira dilo tse di itumedisang mo matlhong a gagwe.”—1 Johane 3:21, 22.
Go atamela Jehofa ka thapelo re sa kgorelediwe ke sepe go raya gore re ka mmolelela sengwe le sengwe. Poifo le fa e ka nna efe e re nang le yone, dilo le fa e ka nna dife tse re amegileng ka tsone, kana dilo le fa e ka nna dife tse re tshwenyegang ka tsone re ka di bolelela Jehofa re tlhomamisegile gore ka metlha o tla reetsa dithapelo tsa rona tse di tswang pelong. Tota le fa re dirile boleo jo bo masisi, go ikutlwa molato ga go a tshwanela go kgoreletsa tsela e re rapelang ka yone fa e le gore tota re a ikwatlhaya.
Ruri mpho e e sa re tshwanelang ya kgololesego ya go bua e molemo tota. Ka mpho eno re ka kgona go galaletsa Modimo mo tirong ya rona ya go rera le go ruta, gape re ka kgona go atamela gaufi le ene ka thapelo. A re sekeng ra ‘latlha kgololesego ya rona ya go bua, e e tla newang maduo a magolo’—tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Bahebera 10:35.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka bopelokgale
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Re tshwanetse go nna le kgololesego ya go bua gore re kgone go ruta ka tsela e e nang le matswela
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go botlhokwa gore re nne le kgololesego ya go bua fa re rapela