Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe—Bo Tloga bo Diragadiwa

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe—Bo Tloga bo Diragadiwa

Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe—Bo Tloga bo Diragadiwa

FA Adame le Efa ba ne ba sa ntse ba le kwa Paradaiseng, Modimo o ne a ba naya taelo eno: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28.

Go fenya lefatshe go ne go sa reye fela go le lema kana go tlhokomela karolo e potlana ya lone. Adame le Efa le bana ba bone ba ne ba tshwanetse go atolosa Paradaise go fitlha e akaretsa lefatshe lotlhe. Le fa go ntse jalo, banyalani ba ntlha ba ne ba leofa mme ba lelekwa mo tshimong ya Edene. (Genesise 3:23, 24) Mme seo se ne se sa reye gore lefatshe le ne le ka se tsamaye le fenngwa.

Batho ba ba kutlo ba tla kgona go fenya lefatshe ka gonne Modimo o tla ba segofatsa. Fa batho ba Iseraele wa bogologolo ba ne ba segofadiwa ke Modimo, masimo a bone a ne a ntsha dijalo tse dintle le ditshingwana tsa bone tsa maungo di ne di ntsha maungo a mantle. Go tla nna le maemo a a tshwanang fa lefatshe la rona kgabagare le nna paradaise. Jaaka go solofeditswe mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng, e bong Baebele, “lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.” (Pesalema 67:6) Tota e bile, masimo le dithaba, ditlhare le dithunya, dinoka le mawatle, di tla ipela. (Pesalema 96:11-13; 98:7-9) Lefatshe la rona le tla bo le tletse ka dimela tse ditala, dinonyane tsa mebalabala, diphologolo tse dintle le batho ba ba lorato.

Lefatshe le Lesha le Gaufi!

Jaanong re gaufi thata le lefatshe le lesha le le solofeditsweng ke Jehofa Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Fa bangwe ba sena go bala mafoko ao a ga Petere ba ka nna ba swetsa ka gore lefatshe leno le ka se tsoge le nnile paradaise. Ba ka nna ba akanya gore go tla emisediwa magodimo le lefatshe tsa gone jaanong. A seo se ka direga?

“Magodimo a masha” ke eng? Ga se magodimo a mmatota a a neng a bopiwa ke Modimo. (Pesalema 19:1, 2) Mo ditemaneng tse di fa godimo ga e e buang ka magodimo a masha, Petere o ne sa tswa go bua ka “magodimo” a tshwantshetso—dipuso tsa batho tse di ipeileng kwa godimo ga batho ba di ba busang. (2 Petere 3:10-12) “Magodimo” ano a paletswe ke go busa batho sentle mme a tla feta. (Jeremia 10:23; Daniele 2:44) “Magodimo a masha” a a tla a emisetsang ke Bogosi jwa Modimo jo mo go jone go busang Kgosi Jesu Keresete le baruaboswa mmogo le ene ba ba 144 000 ba ba tsoseditsweng go tshela kwa legodimong.—Baroma 8:16, 17; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3.

“Lefatshe le lesha” le Petere a neng a bua ka lone ga se polanete e ntšha. Jehofa o dirile lefatshe le siametse gore batho ba tshelele ruri mo go lone. (Pesalema 104:5) Ka dinako tse dingwe, fa Baebele e bua ka batho e dirisa lefoko “lefatshe.” (Genesise 11:1) Lefatshe le le tlogang le fedisiwa ke batho ba ba itirileng karolo ya lefatshe leno le le boikepo. Ka tsela e e tshwanang, lefatshe la batho ba ba boikepo le ne la senngwa ka motlha wa Morwalela wa ga Noa. (2 Petere 3:5-7) Fa e le gore go ntse jalo he, “lefatshe le lesha” lone ke eng? Ke setšhaba se sesha sa batho—baobamedi ba boammaaruri ba Modimo, ba ba “dipelo di thokgameng.” (Pesalema 125:4; 1 Johane 2:17) Melao yotlhe ya “lefatshe le lesha” e tla tswa kwa ‘magodimong a masha.’ Batho ba ba mo lefatsheng ba ba ikanyegang ba tla bona fa melao eno e diragadiwa.

Dilo Tse Disha le Tse di Molemolemo!

Eleruri Jehofa o re neile legae le le molemo thata fa a ne a baakanyetsa lefatshe gore batho ba tle go tshela mo go lone. Ene ka boene o ne a re tiro yotlhe ya gagwe e ne e le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Satane Diabolo o ne a dira gore Adame le Efa ba tsuologe. (Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9) Le fa go ntse jalo, Modimo o gaufi le go tsaya kgato go tlhomamisa gore batho ba ba ikanyegang ba bona “botshelo jwa mmatota.” Botshelo joo ke “botshelo jo bo sa khutleng” mo maemong a a siameng a Paradaise. (1 Timotheo 6:12, 19) Jaanong a re sekasekeng mangwe a masego a batho ba tla itumelelang one ka nako eo.

Ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, Satane o tla thibelwa mme a ka se kgone go tlisetsa batho bomadimabe. Moaposetoloi Johane a re: “Ka bona moengele [moengele yo mogolo Mikaele, kana Jesu Keresete] a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe. Mme a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla.” (Tshenolo 20:1-3; 12:12) Kwantle ga gore Satane a ka se tlhole a kgona go tlhotlheletsa batho fa a golegilwe, batho ba tla itumelela masego a mangwe a mantsi mo pusong ya Bogosi.

Bosula, thubakanyo le ntwa di tla bo di fedile. Baebele e solofetsa jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso. Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:10, 11, 29) Jehofa Modimo ‘o tla dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.’ (Pesalema 46:9) A bo tseno e le ditsholofetso tse di molemo thata tsa kagiso le polokesego!

Go tla nna le nala ya dijo tse di otlang le tse di monate. Mopesalema o ne a opela jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Ka nako eo, ga go na ope yo o tla tshwanelwang ke go itshokela botlhoko jwa go tshwarwa ke tlala.

Ga go na ope yo o tla lwalang. Ee ruri, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24; 35:5, 6) Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa balepero le digole le difofu. (Mathaio 9:35; Mareko 1:40-42; Johane 5:5-9) Akanya fela ka se a tla se dirang mo lefatsheng le lesha! Akanya fela gore batho ba tla itumela thata jang fa difofu, bosusu, digole le dimumu ba fodisiwa.

Fa batho ba ba kutlo ba ntse ba ya kwa go itekaneleng, diphelelo tse di utlwisang botlhoko tsa botsofe ga di na go tlhola di nna teng. Digalase tsa matlho, dithobane tsa go ikokotlela, ditulo tsa maotwana, dikokelo le melemo di tla bo di seyo. Go tla nna le diphetogo tse dikgolo tota fa re boa re nna le matlhagatlhaga a bosha gape! (Jobe 33:25) Moso mongwe le mongwe re tla tsoga re ne re letse re robetse sentle e bile re lapologetswe, re iketleeleditse go simolola letsatsi le lengwe re dira ditiro tse re di itumelelang.

Re tla itumelela go bona baratiwa ba rona le ba bangwe ba tsosiwa mo baswing. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Go tla itumedisa thata go amogela Abele, Noa, Aborahame, Sara, Jobe, Moshe, Ruthe, Dafide, Elija, Esethere, le ba bangwe ba bantsi! Go tla tsosiwa batho ba bangwe ba bantsintsi. Bontsi jwa bone ga ba ise ba ke ba ithute ka Jehofa, mme ba tla amogelwa ke batho ba ba ratang go ba ruta ka Modimo, ka maikaelelo a gagwe le ka Morwawe, Jesu Keresete. Fa batho ba ba tsositsweng ba ithuta ka Mmopi, kitso ya ga Jehofa e tla tlala mo lefatsheng lotlhe.

Se se molemo le go feta, re tla obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri ka bosakhutleng. Re tla bo re na le tshiamelo ya go ‘direla Jehofa ka go ipela,’ mme re tla dirisana mmogo ka kutlwano fa re aga magae a rona a mantle, re lema mmu, mme la bofelo re bo re fenya lefatshe lotlhe. (Pesalema 100:1-3; Isaia 65:21-24) Go tla itumedisa tota go tshelela ruri mo paradaiseng e e ungwang, ya kagiso, le e ntle e e tlisang kgalalelo mo leineng le le boitshepo la ga Jehofa!—Pesalema 145:21; Johane 17:3.

Batho ba Lekiwa Labofelo

Mo Pusong ya ga Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, Jesu o tla dira gore batho botlhe ba ba kutlo ba solegelwe molemo ke setlhabelo sa gagwe sa thekololo. Kgabagare, boleo jotlhe bo tla tlosiwa mme batho ba tla itekanedisiwa. (1 Johane 2:2; Tshenolo 21:1-4) Fa diphelelo tsa boleo jwa ga Adame di fedisitswe gotlhelele, batho ba ba itekanetseng ba tla bo ba tshela ka melao ya Modimo mo boitshwarong, mo semoyeng le mo mogopolong. Ka jalo ba tla “tshela” ka botlalo fa ba setse ba itekanetse ba sa leofe. (Tshenolo 20:5) Botshelo jono le lefatshe la Paradaise di tla galaletsa Jehofa tota!

Fa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e sena go fela, Satane Diabolo le madimona a gagwe, kana baengele ba ba bosula ba tla gololwa mo moleteng o ba tla bong ba na le dingwaga di le sekete ba tsentswe mo go one. (Tshenolo 20:1-3) Ba tla dumelelwa gore ba leke batho labofelofelo go ba faposetsa kgakala le Modimo. Le fa batho bangwe ba tla ineela mo dikeletsong tse di phoso, botsuolodi jono bo ka se atlege. Jehofa o tla fedisa batho ba ba pelotshetlha mmogo le Satane le madimona otlhe a gagwe. Boikepo bo ka se tlhole bo nna teng gape. Badirabosula botlhe ba tla bo ba fediseditswe ruri, mme basiami ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng.—Tshenolo 20:7-10.

A o Tla Bo o Le Teng?

Batho ba ba ratang Jehofa Modimo ba tla tshela ba itumetse ka bosakhutleng. Ga go na sepe se se tla lapisang pelo ka botshelo jo bo sa khutleng kwa Paradaiseng. Tota e bile, botshelo bo tla kgatlha le go feta fa nako e ntse e tsamaya, ka gonne re ka se ithute sotlhe se re ka se itseng ka Jehofa Modimo. (Baroma 11:33) Go tla nna go na le sengwe se sesha se o ka se ithutang, mme o tla nna le nako e ntsi thata ya go ithuta. Ka ntlha yang? Ka gonne o tla tshelela ruri, ga o na go tshela dingwaga di le 70 kana di le 80 fela.—Pesalema 22:26; 90:10; Moreri 3:11.

Fa e le gore o rata Modimo, o tla itumelela thata go dira thato ya gagwe ka metlha. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Ka jalo o se ka wa letla sepe gore se go thibele go itumedisa Jehofa Modimo ka go dira se se siameng. Nna o gakologetswe tsholofelo e e molemolemo e Lefoko la Modimo, Baebele le e go nayang. Ikemisetse go dira thato ya ga Jehofa, mme le ka motlha o se ka wa fapoga. Fa o dira jalo, o tla bo o le teng fa boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo diragadiwa mme legae la rona, le e leng lefatshe, e nna paradaise ka bosakhutleng.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Masimo a Baiseraele a ne a ntsha thobo e ntsi ka gonne Modimo a ne a ba segofatsa

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

O solofela go itumelela masego afe kwa Paradaiseng?