Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

KE ENG se se dirang gore o itumelele go tsamaya mo parakeng kana o tsamaye o iketlile mo tshimong e e nang le dithunya tse di nkgang monate? Ke eng se se dirang gore o itumele fa o bona lekadiba le le ntle kana dithaba tse dikgolo tse ditlhoa tsa tsone di apesitsweng ke maru? Ke ka ntlha yang fa o ema gore o reetse dinonyane fa di opela monate di palame ditlhare? Ke eng se se dirang gore go nne monate jaana go lebelela kgama e ntle e tlolatlola kana letsomane la dinku di fula mo nageng?

Dipotso tseno tsotlhe di na le karabo e le nngwe. Re ne re bopetswe gore re tshele mo Paradaiseng! Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa ba simolotse ba tshela koo. Re tsere keletso ya rona ya go tshela mo Paradaiseng mo go bone mme bone ba e neilwe ke Mmopi, Jehofa Modimo. O ne a itse gore batho ba tla itumelela go tshela mo Paradaiseng ka gonne o re bopile re na le dinonofo tse di tlhokegang gore re kgone go itumelela legae leo le le molemolemo la mo lefatsheng.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a bopa lefatshe? O ‘le bopetse go nniwa’ ke batho. (Isaia 45:18) “Modiri wa lefatshe” o ne a naya Adame le Efa legae le lentle la paradaise, tshingwana ya Edene. (Jeremia 10:12; Genesise 2:7-9, 15, 21, 22) Ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela melatswana ya teng, dithunya le ditlhare! Go ne go na le dinonyane tse dintle di fofa mo loaping le diphologolo tsa mefutafuta di ntse di tsamatsamaya mo nageng—mme ga go epe ya tsone e e neng e le kotsi mo bathong. Ditlhapi le dibopiwa tse dingwe di ne di tsamatsamaya mo metsing a a itshekileng, a a phepa a lefatshe. Sa botlhokwa le go feta, Adame le Efa ba ne ba nna mmogo. Ba ne ba ka tshola bana mme ba atolosa legae la bone la Paradaise ba itumetse, ba na le lelapa la bone le le ntseng le oketsega.

Le fa gompieno lefatshe e se paradaise, re ka le bapisa le legae la lelapa le le itumetseng. Legae la rona le re le neilweng ke Modimo le na le dilo tse re di tlhokang—lesedi, bothitho, metsi le dijo. Re itumelela lesedi la letsatsi le bothitho jwa lone mmogo le lesedi le le sa phatsimeng thata la ngwedi bosigo! (Genesise 1:14-18) Mo teng ga lefatshe go na le ditukisi tse di jaaka magala le oli, tse re di dirisang go thuthafatsa. Ka ntlha ya modikologo wa metsi le thulaganyo ya lefatshe ya dinoka, makadiba le mawatle, re na le metsi. Mme lefatshe lone le apesitswe ke tlhaga e tala.

Fela jaaka go ka bolokiwa dijo mo ntlong, lefatshe le na le dijo tse dintsi. Jehofa o ‘re naya dipaka tsa maungo mme o tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo jo bogolo’ ka go dira gore go nne le dijalo kwa masimong le maungo kwa ditshingwaneng tsa maungo. (Ditiro 14:16, 17) E re ka lefatshe e setse e le legae le lentle, akanya fela gore go tla nna jang fa “Modimo yo o itumetseng,” Jehofa a le dira paradaise!—1 Timotheo 1:11.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Earth: NASA photo; Stars: NASA, ESA and AURA/Caltech