Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boipelo Jwa go Tsamaya mo Bothokgaming

Boipelo Jwa go Tsamaya mo Bothokgaming

Boipelo Jwa go Tsamaya mo Bothokgaming

“Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—DIANE 10:22.

1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go tila go tshwenyega thata ka isagwe?

“GO TSHWENYEGA thata ka isagwe . . . go dira gore re se ka ra itumelela se re nang le sone gone jaanong,” go ne ga rialo rafilosofi mongwe wa Moamerika. Go ntse jalo ka bana ba ba tshwenyegileng thata ka melemo ya go nna mogolo mo ba tlhokomologang melemo ya go nna ngwana go fitlha nako ya bongwana jwa bone e setse e fetile.

2 Tota le baobamedi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka iphitlhela ba na le bothata joo. Akanya ka se se ka nnang sa direga. Re tlhoafaletse go bona tsholofetso ya Modimo ya gore o tla dira lefatshe leno paradaise e diragadiwa. Re gakaletse go bona re tshela botshelo jo bo se nang malwetse, go tsofala, ditlhabi le pogo. Le fa gone go se molato go nna re akantse ka dilo tseno, go ne go tla direga eng fa re ne re ka aga re akantse thata ka masego ano a isagwe mo re tlhokomologang masego a semoya a re nang le one gone jaanong? A bo go ne go tla swabisa jang ne! Go ne go ka nna motlhofo gore re kgobege marapo le go ikutlwa re ‘bobola pelo ka gonne tebelelo ya rona e ile ya busediwa morago’ go feta kafa re neng re lebeletse ka teng. (Diane 13:12) Mathata le dikgwetlho tsa botshelo di ne di ka nna tsa re fekeetsa kana tsa re dira gore re ikutlwele botlhoko. Go na le go itshokela maemo a a thata, re ne re ka nna ra nnela go ngongorega. Re ka tila maikutlo ano otlhe ka go ipha nako ya go tlhatlhanya ka kanaanelo ka masego a re itumelelang one gone jaanong.

3. Re tla tlhoma mogopolo wa rona mo go eng mo setlhogong seno?

3 Diane 10:22 ya re: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” A katlego ya dilo tsa semoya e batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba nang le yone ga se selo se re tshwanetseng go se itumelela? Mma re sekaseke dikarolo dingwe tsa katlego ya rona ya semoya mme re bone kafa di amang mongwe le mongwe wa rona ka teng. Go ipha nako ya go akanya ka melemo e mentsi e Jehofa a e direlang ‘basiami ba ba tsamayang mo bothokgaming jwa gagwe’ ruri go tla nonotsha go ititaya sehuba ga rona gore re tla tswelela pele re direla Rraarona wa selegodimo ka boipelo.—Diane 20:7.

‘Ditshegofatsa Tse di re Humisang’ Gone Jaanong

4, 5. Ke thuto efe ya Baebele e o e anaanelang thata, mme ka ntlha yang?

4 Kitso e e boammaaruri ya se Baebele e se rutang. Madumedi a a ipitsang gore ke a Bokeresete gantsi a bolela gore a dumela Baebele. Le fa go ntse jalo, ga a dumalane le se e se rutang. Tota le maloko a bodumedi bo le bongwe a na le megopolo e e sa tshwaneng ka se tota Dikwalo di se rutang. A bo maemo a bone a farologana thata jang ne le a batlhanka ba ga Jehofa! Le fa re le batho ba ditšhaba, ditso kana merafe e e sa tshwaneng, re obamela Modimo yo re mo itseng ka leina. Modimo yono ga se tharonngwe e motho a ka se kang a e tlhaloganya. (Duteronome 6:4; Pesalema 83:18; Mareko 12:29) Gape re a itse gore kgang e e botlhokwatlhokwa ya bolaodi jwa Modimo jwa lobopo lotlhe e tla tloga e rarabololwa le gore go nna ga rona re ikanyega mo go ene go dira gore mongwe le mongwe wa rona a nne le seabe mo go tseyeng letlhakore la ga Jehofa mo kgannyeng eno. Re itse boammaaruri jwa gore go direga eng ka batho ba ba suleng e bile re gololesegile mo poifong ya gore Modimo o ja batho ka molelo wa dihele kana gore o ba romela kwa pakatoring.—Moreri 9:5, 10.

5 Mo godimo ga moo, abo go itumedisa jang ne go itse gore ga re a nna gone ka go itlhagela fela ka kotsi! Go na le moo, re bopilwe ke Modimo, a re bopa mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26; Malaki 2:10) Mopesalema o ne a opelela Modimo jaana: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.”—Pesalema 139:14.

6, 7. Ke diphetogo dife mo botshelong jwa gago kana jwa batho ba bangwe tse o itseng gore di solegela motho molemo?

6 Re tila mekgwa le ditlwaelo tse di kotsi. Metswedi ya dikgang e tlhagisa batho thata ka dikotsi tsa go goga, go nwa bobe le boitshwaro jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo. Gantsi batho ba itlhokomolosa ditlhagiso tseno. Le fa go ntse jalo, go direga eng fa motho yo o pelo e ikanyegang a ithuta gore Modimo wa boammaaruri ga a batle dilo tse di ntseng jalo le gore o utlwisiwa botlhoko ke ba ba di dirang? Ebu, motho yono o tlhotlheletsega go tlogela dilo tse di ntseng jalo! (Isaia 63:10; 1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1; Baefeso 4:30) Le fa gone lebaka le legolo la go bo a dira jalo e le go itumedisa Jehofa Modimo, go dira jalo go mo leretse melemo e mengwe—botsogo jo bo botoka le go ritibala maikutlo.

7 Batho ba le bantsi ba fitlhela go se motlhofo go tlogela mekgwa e e sa siamang. Le fa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga diketekete tsa batho di a e tlogela. Ba ineela mo go Jehofa mme ba bontsha seo ka go kolobediwa mo metsing, ka go dira jalo ba bontsha phatlalatsa gore ba tlogetse mekgwa yotlhe e e sa itumediseng Modimo. A bo seo se re kgothatsa thata jang ne! Seo se nonotsha go ititaya sehuba ga rona gore re tla ipoloka re gololesegile mo bokgobeng jwa boleo le jwa boitshwaro jo bo sa siamang.

8. Ke kgakololo efe ya Baebele e e dirang gore re nne le botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang?

8 Botshelo jwa lelapa jo bo itumedisang. Mo dinageng di le mmalwa botshelo jwa lelapa ga bo itumedise. Manyalo a le mantsi a felela ka tlhalo, mme gantsi seo se tlogela bana ba le mo kutlobotlhokong e e sa feleng. Kwa dinageng dingwe tsa Yuropa, diperesente di le 20 tsa malapa otlhe ke tsa motsadi yo o nosi. Jehofa o re thusitse jang go tsamaya mo tseleng ya bothokgami mo kgannyeng eno? Tsweetswee bala Baefeso 5:22–6:4, mme o ele tlhoko kgakololo e e molemo e Lefoko la Modimo le e nayang banna, basadi le bana. Go dirisa kgakololo eo le e nngwe e e fitlhelwang mo Dikwalong tse dingwe go nonotsha kamano ya lenyalo, go thusa batsadi go godisa bana sentle e bile go dira gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo itumedisang. A seo ga se melemo e re tshwanetseng go e itumelela?

9, 10. Tsholofelo ya rona ka isagwe e farologana jang le ya lefatshe?

9 Re tlhomamisediwa gore mathata a lefatshe a tla tloga a rarabololwa. Le fa go na le kgatelopele mo go tsa saense le tsa botegeniki e bile go na le maiteko a magolo a a dirwang ke baeteledipele bangwe, go sa ntse go na le mathata a le mantsi a a masisi a a sa rarabologeng gompieno. Klaus Schwab, yo e leng mothei wa mokgatlho wa World Economic Forum, bosheng jaana o ile a bolela gore “palo ya mathata a lefatshe le lebaneng le one e ntse e a oketsega thata mme nako ya go a rarabolola yone e ntse e fokotsega thata.” O ne a bua ka “dikotsi tse di amang batho ba dinaga tsotlhe, tse di jaaka borukhutlhi, go senngwa ga tikologo le go se tlhomamang ga tsa madi.” Schwab, o ne a konela ka go re: “Mathata a lefatshe jaanong a tlhoka batho go dirisana mmogo le go tsaya kgato ka bonako go feta le fa e le leng pele.” Jaaka fa lekgolo la bo21 la dingwaga le ntse le tswelela pele, isagwe ya batho botlhe e bonala e sa itumedise.

10 A bo go itumedisa jang go itse gore Jehofa o dirile thulaganyo e e ka kgonang go rarabolola mathata otlhe a batho—Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia! Ka jone, Modimo wa boammaaruri o tla “dira gore dintwa di kgaotse” le go dira gore go nne “le letlotlo la kagiso.” (Pesalema 46:9; 72:7) Kgosi e e tloditsweng, Jesu Keresete, ‘o tla golola mohumanegi, yo o bogisiwang le motho wa maemo a a kwa tlase mo kgatelelong le mo tshiamololong.’ (Pesalema 72:12-14) Go tla bo go se na tlhaelo ya dijo mo pusong eo ya Bogosi. (Pesalema 72:16) Jehofa “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [rona], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Bogosi bo setse bo tlhomilwe kwa legodimong mme bo tla tloga bo tsaya dikgato tse di tshwanetseng go rarabolola mathata otlhe mo lefatsheng.—Daniele 2:44; Tshenolo 11:15.

11, 12. (a) A go ijesa monate go dira gore motho a nne le boitumelo jo bo nnelang ruri? Tlhalosa. (b) Ke eng se se dirang gore motho a nne le boitumelo jwa mmatota?

11 Re itse tsela ya go bona boitumelo jwa mmatota. Ke eng se tota se tlisang boitumelo jwa mmatota? Moithutatlhaloganyo mongwe o ile a re boitumelo bo dikarolo di tharo—go ijesa monate, go dira maikarabelo (a a akaretsang tiro le lelapa) le kgotsofalo (ya go dira dilo tse di solegelang ba bangwe molemo e seng go solegela wena molemo). O ile a bolela gore mo dilong tseno tse tharo, go ijesa monate ga go botlhokwa thata jaaka tse dingwe tse pedi, a bo a re: “Seno se a kgatlha ka gonne batho ba le bantsi ba dira gore botshelo jwa bone bo ikaege thata ka go gagamalela go ijesa monate.” Baebele yone ya reng ka kgang eno?

12 Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ile a re: “Nna, e leng nna, ke ne ka bua mo pelong ya me ka re: ‘A ko o tle jaanong, mma ke go leke ka boipelo. Gape o bone molemo.’ Mme bona! seo le sone e ne e le lefela. Ke ne ka raya setshego ka re: ‘Botsenwa!’ le boipelo ka re: ‘Seno se dirang?’” (Moreri 2:1, 2) Go ya ka Dikwalo, go ijesa monate go leretse motho boitumelo jwa nakwana fela. Go tweng ka maikarabelo a tiro? Re na le tiro e e molemo go gaisa tsotlhe e re tshwanetseng go nna le seabe mo go yone—tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Fa re itsise batho ba bangwe molaetsa wa poloko o o tlhalosiwang mo Baebeleng, re a bo re nna le seabe mo tirong e e ka dirang gore rona ka borona re bolokwe le batho ba ba re reetsang. (1 Timotheo 4:16) E re ka re le “badirimmogo le Modimo,” re kgona go bona gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (1 Bakorintha 3:9; Ditiro 20:35) Tiro eno e dira gore botshelo jwa rona e nne jo bo itumedisang mme gape e dira gore Mmopi a kgone go araba yo o mo kgobang e bong Satane Diabolo. (Diane 27:11) Ee ruri, Jehofa o re bontshitse gore boineelo jwa bomodimo bo dira gore motho a nne le boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri.—1 Timotheo 4:8.

13. (a) Ke ka tsela efe Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e leng mpho e re tshwanetseng go e ipelela? (b) O solegetswe molemo jang ke Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo?

13 Thulaganyo e e botlhokwa le e e molemo ya go re thapisa. Gerhard ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Fa a gopola dingwaga tsa gagwe tsa bosha, a re: “Fa ke sa ntse ke le mosha ke ne ke na le bothata jo bogolo ke sa kgone go bua sentle. Fa ke lebane le kgatelelo ke ne ke sa kgone go itlhalosa sentle mme ke ne ke simolola go kwakwaetsa. Ke ne ke ikutlwa ke inyatsa e bile ke ngomogile pelo. Batsadi ba me ba ne ba rulaganya gore ke tsenele khoso e e tla nthusang go bua sentle, mme e ne ya se ka ya thusa sepe. Bothata jwa me bo ne bo le mo tlhaloganyong e seng mo mmeleng. Le fa go ntse jalo, go ne go na le thulaganyo e e molemo go tswa mo go Jehofa—Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Go ikwadisa mo sekolong seno go ne ga nthusa go nna pelokgale. Ke ne ke leka ka bojotlhe go dirisa se ke ithutang sone. Mme seo se ne sa thusa! Tsela e ke buang ka yone e ne ya tokafala, ke sa tlhole ke ngomogile pelo ka bo ka nna pelokgale le go feta mo bodireding. Gone jaanong e bile ke neela le dipuo tsa phatlalatsa. Ruri ke leboga Jehofa go bo a ile a tokafatsa botshelo jwa me ka sekolo seno.” A tsela e Jehofa a re thapisang ka yone go dira tiro ya gagwe ga e re neye lebaka la go ipela?

14, 15. Ka nako ya mathata, ke thuso efe e re nang le yone? Tshwantsha.

14 Go nna le botsala le Jehofa le go nna seoposengwe le bakaulengwe ba rona ba lefatshe lotlhe. Katrin, yo o nnang kwa Jeremane o ne a tshoga tota fa a utlwa pego ya gore go nnile le thoromo e kgolo ya lefatshe kwa borwabotlhaba jwa Asia, e e neng ya baka gore go nne le tsunami. Morwadie o ne a etetse kwa Thailand ka nako ya fa masetlapelo ao a direga. Mmè yono o ne a fetsa diura tse 32 a sa itse gore a morwadie o sa ntse a tshela kgotsa ke mongwe wa batho ba palo e e neng e ntse e oketsega ba ba neng ba gobetse kana ba sule. Katrin o ile a wela makgwafo tota fa kgabagare a amogela mogala o o mo tlhomamisetsang gore morwadie o ne a babalesegile!

15 Ke eng se se neng sa thusa Katrin mo nakong eo e a neng a tlhobaela ka yone? A re: “Ke ne ka fetsa nako eo yotlhe ke rapela Jehofa. Ke ne ka lemoga kafa seno se neng se nonotsha ka teng le go dira gore ke ritibale maikutlo. Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba ba lorato ba ne ba nketela le go nkema nokeng.” (Bafilipi 4:6, 7) A bo seemo sa gagwe se ka bo se nnile maswe jang ne fa a ka bo a ile a fetsa nako eo e e ngomolang pelo kwantle ga thuso ya thapelo e a neng a e rapela Jehofa le kgomotso ya bakaulengwe ba ba lorato! Kamano ya rona e e lorato le Jehofa le Morwawe le botsala jo bogolo jo re nang le jone le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ke mpho e e sa tshwaneng le epe, ke mpho e e botlhokwa thata e re sa tshwanelang go e tlhaetsa matlho.

16. Anela maitemogelo a a bontshang botlhokwa jwa tsholofelo ya tsogo.

16 Tsholofelo ya go boa re bona baratiwa ba rona ba ba suleng. (Johane 5:28, 29) Lekawana lengwe le le bidiwang Matthias le ne la godisiwa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a sa anaanele tshiamelo eo e a nang le yone, o ne a katoga phuthego ya Bokeresete fa a le mo dingwageng tsa bolesome. Jaanong o kwala jaana: “Ga ke ise nko ke nne le motlotlo o o botsalano le rre. Go ralala dingwaga re ne re tlhola re nna le dikgotlhang. Le fa go ntse jalo, ka metlha rre o ne a nkeleletsa botshelo jo bo molemo. O ne a nthata thata, mme ka nako eo ke ne ke sa lemoge seo. Ka 1996, fa ke ne ke le fa thoko ga bolao jwa gagwe ke mo tshwere letsogo e bile ke lela selelo sa go ikwatlhaya, ke ne ka mo kopa maitshwarelo ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ke neng ke di dirile le go mmolela kafa ke mo ratang ka teng. Ka maswabi o ne a sa kgone go nkutlwa. O ne a swa morago ga go lwala bolwetse jo bokhutshwane. Fa nka tshela go fitlha ka nako ya fa rre a tsoga mo baswing, re tla dirisa nako eo go baakanya kamano ya rona. Mme o tla itumelela go itse gore jaanong ke mogolwane mo phuthegong le gore nna le mosadi wa me re itumelela tshiamelo ya go nna babulatsela.” A bo tsholofelo ya tsogo e le mpho e e molemo jang ne mo go rona!

“Ga a e Oketse ka Botlhoko”

17. Go tlhatlhanya ka masego a Jehofa a re abelang one go re thusa jang?

17 Jesu Keresete o ile a bua jaana ka Rraagwe wa selegodimo: “[O] tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:45) Fa Jehofa Modimo a direla batho ba ba sa siamang le ba ba boikepo dilo tse di molemo, ruri o tshwanetse a bo a segofatsa le batho ba ba tsamayang mo tseleng ya bothokgami! Pesalema 84:11 ya re: “Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” A bo dipelo tsa rona di tlala ka kanaanelo le boipelo jo bogolo jang fa re tlhatlhanya ka tlhokomelo e e kgethegileng le kamego tse a di bontshang batho ba ba mo ratang!

18. (a) Ke eng fa go ka twe Jehofa ga a re okeletse masego a gagwe ka botlhoko? (b) Ke eng fa bontsi jwa batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba boga?

18 “Tshegofatso ya ga Jehofa”—ke yone e e dirileng gore batho ba gagwe ba atlege semoyeng. Mme re tlhomamisediwa gore “ga a e oketse ka botlhoko.” (Diane 10:22) Jaanong ke eng fa bontsi jwa batho ba Modimo ba ba ikanyegang ba welwa ke diteko le mathata a a ba utlwisang botlhoko le go dira gore ba boge? Re lebana le mathata ka ntlha ya mabaka a mararo. (1) Tshekamelo ya rona ya go dira boleo. (Genesise 6:5; 8:21; Jakobe 1:14, 15) (2) Satane le badimona ba gagwe. (Baefeso 6:11, 12) (3) Lefatshe le le boikepo. (Johane 15:19) Le fa gone Jehofa a letla gore dilo tse di bosula di re diragalele, ga se ene yo o bakang dilo tseno. Tota e bile, “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.” (Jakobe 1:17) Jehofa ga a re okeletse masego a gagwe ka botlhoko.

19. Batho ba ba tswelelang pele ba tsamaya ka bothokgami ba tla bona masego afe?

19 Go nna le katlego ya semoya ka metlha go tlhoka motho gore a nne le kamano ya botsala le Modimo. Fa re nna le kamano ya botsala le ene, re tla bo re ‘ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore re tshware botshelo jwa mmatota ka thata’—botshelo jo bo sa khutleng. (1 Timotheo 6:12, 17-19) Mo lefatsheng le lesha la Modimo le le tlang, dikhumo tsa rona di tla akaretsa dikhumo tsa semoya le tsa mmatota. Ka nako eo, batho botlhe ‘ba ba nnang ba reetsa lentswe la ga Jehofa’ ba tla itumelela botshelo jwa mmatota. (Duteronome 28:2) A re ititeyeng sehuba gore re tla tswelela pele re tsamaya ka bothokgami ka boipelo jo bogolo.

O Ithutile Eng?

• Ke eng fa go se botlhale go tshwenyega thata ka isagwe?

• Ke masego afe a re itumelelang one gone jaanong?

• Ke eng fa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba boga?

[Dipotso Tsa Thuto]