Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Ntlha ya Buka ya Dipesalema

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Ntlha ya Buka ya Dipesalema

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Karolong ya Ntlha ya Buka ya Dipesalema

KE LEINA lefe le le neng le ka tshwanela buka ya Baebele e e tletseng ka dipako tse di lebisitsweng kwa go Mmopi wa rona, Jehofa Modimo? Ga go leina le le neng le ka tshwanela go feta la Dipesalema kana Dipako. Buka eno e telele go di feta tsotlhe mo Baebeleng e na le dipina tse di kwadilweng bontle tse di anelang ka dinonofo tsa Modimo tse di molemo le ditiro tsa gagwe tsa bonatla e bile e na le dipolelelopele di le mmalwa. Bontsi jwa dipina tseno di tlhalosa tsela e bakwadi ba tsone ba neng ba ikutlwa ka yone fa ba ne ba lebane le mathata. Ditiragalo tseno di diragetse mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna sekete—go tloga mo motlheng wa moporofeti Moshe go ya kwa motlheng wa morago fela ga go ya botshwarwa ga Bajuda. Bakwadi ba tsone e ne e le Moshe, Kgosi Dafide le ba bangwe. Go dumelwa gore moperesiti Esera ke ene a ileng a rulaganya buka eno ka tsela e e leng ka yone jaanong.

Go tswa bogologolo buka ya Dipesalema e ne e ntse e kgaogantswe ka ditlhopha kana dikarolo tse tlhano tsa dipina: (1) Pesalema 1-41, (2) Pesalema 42-72, (3) Pesalema 73-89, (4) Pesalema 90-106, le (5) Pesalema 107-150. Mo setlhogong seno re tlile go bua ka karolo ya ntlha. Dipesalema tsotlhe mo karolong eno kwantle ga di le tharo di kwadilwe ke Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo. Bakwadi ba Pesalema 1, 10, le 33 ga ba itsiwe.

“MODIMO WA ME KE LEFIKA LA ME”

(Pesalema 1:1–24:10)

Fa Pesalema ya ntlha e sena go bua gore go itumela motho yo o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, ya bobedi yone e simolola fela ka go bua ka Bogosi. * Setlhopha seno sa dipesalema sone se tletse ka mekokotlelo e e direlwang Modimo. Ka sekai, Dipesalema 3-5, 7, 12, 13 le 17, ke dithapelo tsa go kopa go gololwa mo babeng. Pesalema 8 yone e gatelela bogolo jwa ga Jehofa fa bo bapisiwa le tsela e motho a leng bokoa ka yone.

Fa Dafide a ne a tlhalosa kafa Jehofa e leng Mosireletsi wa batho ba gagwe ka gone o ne a opela jaana: “Modimo wa me ke lefika la me. Ke tla tshabela kwa go ene.” (Pesalema 18:2) Mo go Pesalema 19, Jehofa o a bakiwa gonne e le Mmopi le Moneimolao, mo go Pesalema 20 ke Mmoloki, mme mo go Pesalema 21 o bakwa gonne e le Mmoloki wa Kgosi ya gagwe ya motlodiwa. Pesalema 23 e mo tlhalosa e le Modisa yo Mogolo, fa Pesalema 24 yone e mo tlhalosa e le Kgosi e e galalelang.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:1, 2—Ke ‘selo sefe se se lolea’ se ditšhaba di ntseng di ngunanguna ka sone? “Selo se se lolea” ke tsela e dipuso tsa batho di nnang di amegile ka yone ka go boloka taolo ya tsone. Seno ke selo se se lolea ka gonne maikaelelo a bone a tla folotsa. Ruri ditlhopha tseno tsa ditšhaba ga go kafa di ka atlegang ka gone fa di ema “kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe.”

2:7—“Taelo ya ga Jehofa” ke eng? Taelo eno ke kgolagano ya Bogosi e Jehofa a e dirileng le Morwawe yo o rategang Jesu Keresete.—Luke 22:28, 29.

2:12—Babusi ba ditšhaba ba ka ‘atla morwa’ ka tsela efe? Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, go atla e ne e le tsela ya go supa botsalano kana gore motho o ikanya yo mongwe. E ne e le tsela ya go amogela baeng. Dikgosi tsa lefatshe di laelwa gore di atle Morwa—seno se raya go mo amogela jaaka Kgosi e e leng Mesia.

3:mafoko a a tlhagang fa godimo ga kgaolo—Boikaelelo jwa mafoko a a kwadilweng mo dipesalemeng dingwe ke bofe? Ka dinako dingwe mafoko a a fa godimo a tlhalosa mokwadi le/kana a neela tshedimosetso ka maemo a pesalema eo e neng e kwalwa mo go one, fela jaaka go ntse ka Pesalema 3. Gape mafoko ao a ka tlhalosa boikaelelo jwa pina e e rileng kana gore e ne e opelelwa eng (Pesalema 4 le 5) mmogo le ditaelo tse di malebana le pina eo (Pesalema 6).

3:2“Selah” ke eng? Go akanngwa gore lefoko leno le emela go ema go se kae gore motho a kgone go tlhatlhanya ka tidimalo, e ka tswa e le fa a opela fela kana fa a opela a dirisa diletswa tsa mmino. Go ema mono go ne go dirwa go gatelela kgopolo kana maikutlo a a kaiwang ke pesalema. Ga go tlhokege gore motho a balele lefoko leno kwa godimo fa a bala Dipesalema phatlalatsa.

11:3—Ke metheo efe e e rutlololwang? Eno ke metheo e setšhaba se theilweng mo go yone—molao, tolamo le tshiamiso. Fa e tlhakatlhakane, batho ba nna le mathata mme ga go nne le tshiamiso. Mo maemong ao, “ope fela yo o siameng” o tshwanetse go ikanya Modimo ka botlalo.—Pesalema 11:4-7.

21:3—Ke eng se se botlhokwa ka “serwalo sa gouta e e itshekileng”? Ga go tlhalosiwe gore a serwalo seno e ne e le sa mmatota kana se ne se tshwantshetsa fela kgalalelo e e oketsegileng e Dafide a neng a e newa ka ntlha ya diphenyo tse dintsi tse a neng a nna le tsone. Le fa go ntse jalo, temana eno ke boporofeti jo bo buang ka serwalo sa bogosi se Jesu a se amogetseng mo go Jehofa ka 1914. Lebaka la go bo serwalo seno se dirilwe ka gouta le bontsha gore puso ya gagwe e molemo go gaisa.

22:1, 2—Ke ka ntlha yang fa Dafide a ka tswa a ne a na le maikutlo a gore Jehofa o mo latlhile? Dafide o ne a gateletswe thata ke baba ba gagwe mo ‘pelo ya gagwe e neng ya tshwana le bonota mme ya gakologela kwa teng mo teng ga gagwe.’ (Pesalema 22:14) A ka tswa a ne a ikutlwa e kete Jehofa o mo latlhile. Jesu le ene o ne a ikutlwa jalo fa a ne a bapolwa. (Mathaio 27:46) Mafoko a ga Dafide a bontsha tsela ya tlholego e a ileng a itshwara ka yone fa a tlaletswe. Le fa go ntse jalo, go ya ka thapelo ya gagwe e e begilweng mo go Pesalema 22:16-21, go a bonala gore Dafide o ne a sa felelwa ke tumelo mo Modimong.

Se re Ithutang Sone:

1:1. Re tshwanetse go tila go ikamanya le batho ba ba sa rateng Jehofa.—1 Bakorintha 15:33.

1:2. Ga re a tshwanela go letla gore letsatsi le fete re sa ithuta dilo tsa semoya.—Mathaio 4:4.

4:4. Fa re galefile, re tla bo re le botlhale fa re ka didimala fela e le gore re se ka ra bua sengwe se re tla se ikwatlhaelang moragonyana.—Baefeso 4:26.

4:5. Ditlhabelo tsa rona tsa semoya ke “ditlhabelo tsa tshiamo” fa fela re na le maitlhomo a a siameng mme re itshwere ka tsela e Jehofa a batlang re itshwara ka yone.

6:5. Go baka Jehofa ke lone lebaka le le a fetang otlhe le le tshwanetseng go dira gore re batle go nna re tshela.—Pesalema 115:17.

9:12. Jehofa o senka tshololo ya madi gore a otlhaye ba ba nang le molato wa madi, mme o gakologelwa “selelo sa ba ba bogisiwang.”

15:2, 3; 24:3-5. Baobamedi ba boammaaruri ba tshwanetse go bua boammaaruri mme ba tile maikano a maaka le go senya batho maina.

15:4. Fa re dirile tsholofetso re tshwanetse go leka ka bojotlhe go e diragatsa le fa go e diragatsa go ka tswa go le boima go le kana kang, ntle fela le fa e le tsholofetso e e sa dumalaneng le Dikwalo.

15:5. Rona baobamedi ba ga Jehofa re tshwanetse go tila go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang.

17:14, 15. ‘Batho ba tsamaiso eno ya dilo’ ba ineetse mo go itireleng botshelo jwa manobonobo, go nna le malapa le go tlogelela bana ba bone boswa. Selo se segolo se Dafide a neng a amegile ka sone mo botshelong e ne e le go itirela leina le le molemo le Modimo e le gore a ‘bone sefatlhego sa gagwe,’ kana a amogelwe ke Jehofa. Fa Dafide a sena go “tsoga” a bo a bona dilo tse Jehofa a di solofeditseng le tse a di tlhomamisitseng, o tla ikutlwa a ‘kgotsofetse go bona popego ya Gagwe,’ ke gore, o tla itumelela go bona gore Jehofa o na le ene. Le rona fela jaaka Dafide re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo matlotlong a semoya.

19:1-6. Fa popo e e sa kgoneng go bua le fa e le go baya mabaka e galaletsa Jehofa, go tweng ka rona ba re kgonang go akanya, go bua le go obamela?—Tshenolo 4:11.

19:7-11. Ruri dilo tse Jehofa a batlang re di dira di re solegela molemo tota!

19:12, 13. Go dira diphoso le boikgodiso ke maleo a re tshwanetseng go a tila.

19:14. Ga re a tshwanela go amega fela ka dilo tse re di dirang, re tshwanetse go amega gape le ka se re se buang le se re se akanyang.

“O NTSHEGEDITSE KA NTLHA YA BOTHOKGAMI JWA ME”

(Pesalema 25:1–41:13)

E le ruri mo dipesalemeng tsa ntlha tse pedi tsa setlhopha seno sa dipesalema Dafide o tlhalosa keletso ya gagwe e e tswang pelong le maikemisetso a a nonofileng a go nna a bolokile bothokgami. O opela jaana: “Fa e le nna, ke tla tsamaya mo bothokgaming jwa me.” (Pesalema 26:11) Fa a rapela gore a itshwarelwe maleo o ipolela jaana: “Fa ke ne ke didimala marapo a me a ne a lapa ka ntlha ya go fegelwa ga me letsatsi lotlhe.” (Pesalema 32:3) Dafide o tlhomamisetsa ba ba ikanyegang ba ga Jehofa jaana: “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya go goa ga bone ba kopa thuso.”—Pesalema 34:15.

Ruri kgakololo e e neelwang mo go Pesalema 37 e ne e le botlhokwa thata mo Baiseraeleng mme e botlhokwa le mo go rona e re ka re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo! (2 Timotheo 3:1-5) Fa Pesalema 40:7, 8 e bua ka boporofeti jo bo malebana le Jesu Keresete ya re: “Bona ke tlile, mo momenong wa buka go kwadilwe ka ga me. Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” Pesalema ya bofelo mo karolong eno e malebana le kopo e Dafide a e dirang gore Jehofa a mo thuse mo dingwageng tsa tlalelo morago ga gore a dire boleo le Bathesheba. O opela jaana: “Fa e le nna, o ntshegeditse ka ntlha ya bothokgami jwa me.”—Pesalema 41:12.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

26:6—Rona re tsamaya go dikologa sebeso sa ga Jehofa fela jaaka Dafide ka tsela efe ya tshwantshetso? Sebeso se emela thato ya ga Jehofa fa a amogela setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete gore batho ba rekololwe. (Bahebera 8:5; 10:5-10) Re tsamaya go dikologa sebeso sa ga Jehofa ka go supa tumelo mo setlhabelong seo.

29:3-9—Ke eng se se supiwang ka go tshwantsha lentswe la ga Jehofa le maru a a dumang a a lereng poifo e kgolo fa a ntse a feta? Totatota seno se raya: Maatla a a gakgamatsang a ga Jehofa!

31:23—Motho yo o mabela o duelwa jang ka botlalo? Tuelo e go buiwang ka yone fano ke kotlhao. Mosiami o bona tuelo ya gagwe ya phoso e a e dirileng a sa ikaelela ka gore Jehofa a mo kgaleme. E re ka motho yo o mabela a sa tlogele tsela ya gagwe e e phoso, o duelwa ka botlalo ka go otlhaiwa ka tsela e e botlhoko.—Diane 11:31; 1 Petere 4:18.

33:6—“Moya” wa molomo wa ga Jehofa ke eng? Moya ono ke maatla a Modimo a a dirang kana moya o o boitshepo o a o dirisitseng go bopa magodimo a re a bonang. (Genesise 1:1, 2) O bidiwa moya wa molomo wa gagwe ka gonne, fela jaaka mohemo o o maatla, o kgona go romelwa gore o fitlhelele dilo tse di kgakala.

35:19—Kopo ya ga Dafide ya gore ba ba mo tlhoileng ba se tsipe leitlho la bone e bolelang? Go tsipa leitlho go ne go ka raya gore baba ba ga Dafide ba ja monate ka ntlha ya go atlega ga maano a bone a bopeloetlhoi a ba mo logelang one. Dafide o ne a kopa gore seno se se ka sa direga.

Se re Ithutang Sone:

26:4. Re tla bo re le botlhale fa re sa tsalane le batho ba ba fitlhang se ba leng sone ba dirisa dithulaganyo tsa Internet, le go se tsalane le ba re tsenang sekolo le bone kana ba re berekang le bone ba ba itirang e kete ke ditsala tsa rona mme ba na le maitlhomo a bolotsana, batlhanogi ba ba itirang e kete ba peloephepa le batho ba ba tshelang botshelo jwa boitimokanyo.

26:7, 12; 35:18; 40:9. Re tshwanetse go baka Jehofa phatlalatsa kwa dikokoanong tsa Bokeresete.

26:8; 27:4. A re rata go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete?

26:11. Fa Dafide a tlhalosa kafa a ikemiseditseng go boloka bothokgami jwa gagwe ka gone, gape o ne a kopa gore a gololwe, kgotsa a rekololwe. Ee, re ka kgona go boloka bothokgami le fa re le baleofi.

29:10. Go nna ga ga Jehofa “mo morwaleleng” go bontsha gore o laola maatla a gagwe ka botlalo.

30:5. Nonofo ya ga Jehofa e kgolo ke lorato—e seng bogale.

32:9. Jehofa ga a batle gore re tshwane le mmoulo kana pitse e e utlwang fela gonne go dirisiwa tomo kgotsa fa e itewa. Go na le moo, o batla gore re tlhophe go mo utlwa gonne re tlhaloganya thato ya gagwe.

33:17-19. Ga go thulaganyo e e dirilweng ke batho e e ka kgonang go tlisa poloko, go sa kgathalesege gore e nonofile go le kae. Re tshwanetse go ikanya Jehofa le thulaganyo ya gagwe ya Bogosi.

34:10. Ruri seno ke kgothatso mo bathong ba ba bayang dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone!

39:1, 2Fa batho ba ba boikepo ba batla tshedimosetso e le gore ba utlwise badumedimmogo le rona botlhoko, re tla bo re le botlhale fa re ‘tlhoma sebofamolomo gore e nne modisa wa molomo wa rona’ mme re didimale fela.

40:1, 2Go ikanya Jehofa go ka re thusa gore re kgone go lebana le go tshwenyega thata mo maikutlong jaaka e kete re ‘tswa mo kgatamping e e kurutlang, mo lorageng lwa seretse.’

40:5, 12. Ga go masetlapelo le fa e le ditlhaelo tsa botho go sa kgathalesege gore di dintsi go le kae tse di ka re fekeetsang fa fela re sa lebale gore masego a re nang le one ‘a mantsi go gaisa ka mo re ka anelang ka teng.’

“A go Bakwe Jehofa”

A bo dipesalema tse 41 tsa karolo ya ntlha di gomotsa le go kgothatsa jang ne! Go sa kgathalesege gore re lebane le diteko kana re tshwenngwa ke segakolodi se se molato, karolo eno ya Lefoko le le maatla la Modimo e a re nonotsha le go re kgothatsa. (Bahebera 4:12) Dipesalema tseno di na le tshedimosetso e e nang le kaelo e e ikanyegang ka botshelo. Gangwe le gape re tlhomamisediwa gore go sa kgathalesege mathata a re lebanang le one, Jehofa ga a kake a re latlha.

Karolo ya ntlha ya dipesalema e felela ka mafoko ano: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng. Amen le Amen.” (Pesalema 41:13) Fa re sena go sekaseka dipesalema tseno, a ga re ikutlwe re tlhotlheletsega go baka Jehofa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Pesalema 2 e ne ya diragadiwa la ntlha mo motlheng wa ga Dafide.

[Mafoko a a mo go tsebe 19]

Fa dibopiwa tse di sa tsheleng di galaletsa Jehofa, ruri le rona re tshwanetse go mo galaletsa!

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Bontsi jwa dipesalema tsa ntlha tse 41 di tlhamilwe ke Dafide

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

A o itse gore ke pesalema efe e e tlhalosang Jehofa e le Modisa yo Mogolo?

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

O se ka wa letla gore go fete letsatsi o sa ithuta dilo tsa semoya

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]

Dinaledi: Courtesy United States Naval Observatory

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Dinaledi, tsebe 18 le 19: Courtesy United States Naval Observatory

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Dinaledi: Courtesy United States Naval Observatory