Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng se se dirang gore “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” di tsene mo ‘ntlong’ ya kobamelo ya boammaaruri?—Hagai 2:7.

Jehofa o ne a bolelela pele jaana ka moporofeti Hagai: “Ke tla reketlisa ditšhaba tsotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.” (Hagai 2:7) A go reketlisiwa ga “ditšhaba tsotlhe” go dira gore “dilo tse di eletsegang” tsa ditšhaba—batho ba ba dipelo di ikanyegang—di amogele kobamelo ya boammaaruri? Nnyaa.

Ela tlhoko gore ke eng se se reketlisang ditšhaba le se se diregang fa di sena go reketla. Baebele ya re: “Ditšhaba di ntse di le mo khuduegong le ditlhopha tsa ditšhaba di ntse di ngunanguna selo se se lolea.” (Pesalema 2:1) “Selo se se lolea” se ba ntseng ba “ngunanguna” ka sone kana ba tlhatlhanya ka sone ke tsela e ba tla tsweletsang bolaodi jwa bone ka yone. Sengwe le sengwe fela se se tshosetsang bolaodi jwa bone se ba reketlisa tota.

Tiro e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ke Basupi ba ga Jehofa ya go rera ka Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng ke sone selo se tota se tshosetsang ditšhaba. Totatota Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia jo bo busiwang ke Jesu Keresete bo tlile go “thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a a dirilweng ke batho].” (Daniele 2:44) Molaetsa wa katlholo o o akarediwang mo tirong ya rona ya go rera o reketlisa ditšhaba. (Isaia 61:2) Mme go reketla ga ditšhaba tseno go a gakala fa tiro ya go rera e ntse e gola thata. Go reketla go go bolelelwang pele mo go Hagai 2:7 ke sesupo sa eng?

Mo go Hagai 2:6 re bala jaana: “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘E tla re go ise go ye kae—mo lobakeng lo lo khutshwanyane—ke reketlise magodimo le lefatshe le lewatle le lefatshe le le omeletseng.’” Fa moaposetoloi Paulo a ne a nopola temana eno o ne a kwala jaana: “O solofeditse, ka go re: ‘Ke sa ntse ke tla boa gape ke fudua e seng lefatshe fela mme gape le legodimo.’ Jaanong polelwana e e reng ‘Ke sa ntse ke tla boa gape’ e kaya go tlosiwa ga dilo tse di reketlisiwang jaaka dilo tse di dirilweng, gore dilo tse di sa reketlisiweng [e leng Bogosi] di sale.” (Bahebera 12:26, 27) Ee, tsamaiso eno yotlhe ya dilo ya jaanong e tlile go reketlisiwa ka go nyelediwa e le gore go tle lefatshe le lesha le le dirilweng ke Modimo.

Go reketla ga ditšhaba ga se gone go gogelang batho ba ba dipelo di ikanyegang mo kobamelong ya boammaaruri. Tiro e e ba gogelang kwa go Jehofa le kobamelo ya gagwe ke yone tiro ele e e dirang gore ditšhaba di reketle, e leng tiro e e dirwang lefatshe ka bophara ya go rera ka Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo. Tiro ya go itsise ‘mafoko a a itumedisang a dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng,’ e gogela batho ba ba siameng mo kobamelong ya Modimo wa boammaaruri.—Tshenolo 14:6, 7.

Molaetsa ono wa Bogosi ke wa katlholo le poloko. (Isaia 61:1, 2) Matswela a go rera molaetsa ono lefatshe ka bophara a gabedi: go reketlisiwa ga ditšhaba le go tla ga dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba mo kgalalelong ya ga Jehofa.