Maiteko a Bopelokgale a go Rotloetsa go Dirisiwa ga Baebele
Maiteko a Bopelokgale a go Rotloetsa go Dirisiwa ga Baebele
O swetse mo dipoeng tse di tsididi tsa Siberia botlhaba, a sentswe leina e bile a tlhabisitswe ditlhong. Ke ba se kae fela ba ba gakologelwang gore e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba eteletse pele mo go thuseng Bagerika ba gabone gore ba gatele pele semoyeng. Monna yono yo o neng a etelela pele mo go tsa bodumedi mme a tlhokomologiwa o ne a bidiwa Seraphim. Go leka ga gagwe ka bopelokgale go rotloetsa go dirisiwa ga Baebele ke gone go neng ga dira gore a bolawe.
SERAPHIM o ne a tshela ka nako e Gerika e neng e le karolo ya Mmusomogolo wa Ba-Ottoman. Go ya ka mokanoki mongwe wa Greek Orthodox yo o bidiwang George Metallinos, motlha oo o ne o itsege ka “go tlhokega ga dikolo tse di tshwanetseng” le ka “batho ba le bantsi ba ba sa rutegang” go akaretsa le baruti.
Go ne go na le pharologano e kgolo fa gare ga Segerika sa Se-Koine, (ke gore, se se tlwaelegileng) le Segerika sa motlha oo, mmogo le mefuta ya sone e mentsintsi. Pharologano eo e ne ya gola mo e leng gore Se-Koine, e leng puo e Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di neng di kwadilwe ka yone, se ne se sa tlhole se tlhaloganngwa ke batho ba ba sa tsenang sekolo. Go ne ga tsoga kganetsano e mo go yone kereke e neng ya tlhopha go ntsha tetla ya gore go dirisiwe Se-Koine e leng Segerika se se neng se sa tlhaloganngwe.
Go ntse go le jalo, Stephanos Ioannis Pogonatus o ne a tsholelwa mo lelapeng le le itsegeng thata mo setlhaketlhakeng sa Lesbos, kwa Gerika mo e ka nnang ka 1670. Batho ba le bantsi ba ne ba humanegile e bile ba sa rutega mo setlhaketlhakeng seo. Go tlhokega ga dikolo go ne ga pateletsa Stephanos gore a ye go rutwa thuto ya motheo mo ntlong ya baitlami e e mo lefelong la gabone. O ne a tlhomiwa a sa ntse a le monnye gore e nne motiakone wa Kereke ya Gerika ya Orthodox mme a newa leina la Seraphim.
Mo e ka nnang ka 1693, go tlhoafalela kitso ga ga Seraphim go ne ga mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Constantinople (e jaanong e bidiwang Istanbul, Turkey). Fa nako e ntse e tsamaya, bokgoni jwa gagwe bo ne jwa dira gore banna ba ba tlhageletseng ba Bagerika ba mo tlotle thata. Go ise go ye kae, o ne a rongwa ke mokgatlho wa bosetšhaba wa sephiri wa kwa Gerika gore a ye go nna setlhola sa ga Mmusimogolo Peter wa kwa Russia. Loeto lwa go ya Moscow le go boa lo ne lwa dira gore Seraphim a etele karolo e kgolo ya Yuropa kwa a neng a lemoga gore go na le diphetogo tse dikgolo tsa bodumedi le tsa thuto. Ka 1698, Seraphim o ne a etela kwa Engelane mme a ikgolaganya le batho ba botlhokwa kwa Lontone le kwa Oxford. O ne a itsisiwe Bishopomogolo wa Canterbury, yo e neng e le tlhogo ya Kereke ya Anglican mme e le mongwe wa batho ba go ise go ye kae, ba neng ba tla thusa Seraphim thata.
O Gatisa Baebele
Fa Seraphim a ntse a le kwa Engelane, o ne a bona gore tota Bagerika ba ne ba tlhoka thata thanolo e ntšha e ba neng ba tla kgona go e tlhaloganya motlhofo ya “Tesetamente e Ntšha” (Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika). Seraphim o ne a dirisa thanolo e e ranotsweng ka 1630 C.E. ke moitlami mongwe yo o bidiwang Maximus mme a simolola go gatisa thanolo e ntšha e e se nang diphoso e bile e kgona go tlhaloganngwa motlhofo. O ne a simolola tiro ya gagwe ka matlhagatlhaga mme go ise go ye kae a felelwa ke madi a go etleetsa tiro eo. Maemo a gagwe a ne a lebega a tokafala fa Bishopomogolo wa Canterbury a ne a mo solofetsa gore o tla mo thusa ka madi a a neng a a tlhoka. A kgothaditswe ke tsela e
a neng a tshegediwa ka yone, Seraphim o ne a reka pampiri ya go gatisa mme a dira dithulaganyo le mogatisi mongwe.Le fa go ntse jalo, madi ao a ne a lekana go gatisa go fitlha fela mo bogareng jwa Efangele ya Luke. Mme morago ga moo, diphetogo tsa dipolotiki mo Engelane di ne tsa dira gore Bishopomogolo wa Canterbury a se tlhole a mo thusa ka madi. Seraphim o ne a nna pelokgale, a kopa thuso mo bahuming ba ba neng ba etleetsa tiro ya gagwe mme ka 1703 a kgona go gatisa thanolo e e tokafaditsweng ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Bontlhanngwe jwa madi a a a dirisitseng a ne a duetswe ke Mokgatlho o o Anamisang Efangele Kwa Dinageng di Sele.
Thanolo ya dibolumo tse pedi tsa bogologolo tsa ga Maximus e ne e akaretsa mokwalo wa ntlhantlha wa Segerika. E ne e le tona e bile e le bokete. Thanolo e e tokafaditsweng ya ga Seraphim yone, e ne e gatisitswe ka mokwalo o monnye, e na le thanolo ya Segerika sa segompieno fela, e le tshesane e bile e le tlhwatlhwatlase.
O Gakatsa Kganetsano
Mokanoki George Metallinos o ne a re: “Ga go pelaelo gore kgatiso eno e ntšha e ne ya kgotsofatsa batho. Le fa go ntse jalo, Seraphim o ne a dirisa tshono eo go tlhasela setlhopha sa baruti se se neng se le kgatlhanong le go ranolwa ga [Baebele].” Baruti ba ne ba galefisiwa thata ke se Seraphim a neng a se bua mo ketapeleng fa a re o ne a gatisitse thanolo eno ya gagwe a e gatisetsa ‘segolobogolo baruti bangwe le bagolwane bangwe ba kereke ba ba neng ba sa tlhaloganye Segerika [sa Se-Koine], gore ka thuso ya Moya o o Boitshepotshepo ba kgone go bala le go tlhaloganya sengwe go tswa mo mekwalong ya ntlhantlha mme ba tlhalosetse Bakeresete ba bangwe ba e seng baruti.’ (The Translation of the Bible Into Modern Greek—During the 19th Century) Ka jalo, Seraphim o ne a wela mo kganetsanong ya go ranolwa ga Baebele mo Kerekeng ya Gerika ya Orthodox.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le ba ba neng ba lemoga gore go gola ga batho semoyeng le go itshwara ga bone sentle go ne go ikaegile ka gore ba tlhaloganye Baebele. Gape ba ne ba na le maikutlo a gore baruti ba ne ba tshwanetse go tokafatsa tsela e bone ka bobone ba tlhaloganyang Dikwalo ka yone. Mo godimo ga moo, batho ba ba buelelang go ranolwa ga Baebele ba ne ba dumela gore boammaaruri jwa Dikwalo bo ka tlhalosiwa ka puo nngwe le nngwe.—Tshenolo 7:9.
Ba ba ganetsang go ranolwa ga Baebele ba ne ba dirisa seipato sa gore thanolo le fa e ka nna efe ya Baebele e tla tswapola diteng tsa yone le go koafatsa taolo e kereke e nang le yone mo tseleng e e tlhalosang Baebele ka yone le mo thutong e e amogelwang mo kerekeng. Mme gone selo se tota ba neng ba se boifa e ne e le gore Baporotesetanta ba ne ba dirisa go ranolwa ga Baebele gore kgabagare ba tsenelele mo Kerekeng ya Gerika ya Orthodox mme ba e laole. Baruti ba le bantsi ba ne ba akanya gore ba tshwanetse go ganetsa tshekamelo le fa e ka nna efe ya go bontsha kutlwelobotlhoko mo Baporotesetanteng, go akaretsa le maiteko a go dira gore Baebele e tlhaloganngwe ke batho fela ba ba tlwaelegileng. Ka gone, go ranolwa ga Baebele e ne ya nna yone kgang ya moruthutha mo kganetsanong e e neng e le teng fa gare ga Baporotesetanta le Ba-Orthodox.
Le fa gone Seraphim a ne a se mo maikaelelong a go tlogela Kereke ya Orthodox, o ne a bua ka bopelokgale ka botlhokakitso le manganga a baruti ba ba neng ba mo ganetsa. Mo ketapeleng ya gagwe ya “Tesetamente e Ntšha” o ne a kwala jaana: “Mokeresete mongwe le mongwe yo o boifang Modimo o tshwanetse go bala Baebele e e Boitshepo” gore a tle “a nne moetsi wa ga Keresete mme a ikobele dithuto tsa [gagwe].” Seraphim o ne a gatelela gore go thibela batho go ithuta Dikwalo go tswa kwa go Diabolo.
O Ganediwa Thata
Fa thanolo ya ga Seraphim e fitlha kwa Gerika, e ne ya galefisa thata Kereke ya Gerika ya Orthodox. Thanolo eno e ntšha e ne ya thibelwa. Dikhopi tsa thanolo eo di ne tsa fisiwa, mme mongwe le mongwe yo o neng a na le yone kana a e bala o ne a tshosediwa ka gore o tla kgaolwa mo kerekeng. Tlhogo ya kereke e bong Gabriel III o ne a thibela go anamisiwa ga thanolo ya ga Seraphim a bolela gore ga e tlhokege e bile ga e na mosola.
Le fa gone Seraphim a ne a seka a latlhegelwa ke tsholofelo, o ne a bona gore o ne a tshwanetse go nna kelotlhoko. Go sa kgathelesege gore kereke e ne e thibetse thanolo ya gagwe ka molao, go ile ga nna le baruti ba le mmalwa le batho ba bangwe fela ba ba neng ba e amogela. O ne a atlega thata mo go anamiseng thanolo eno. Mme gone kgotlhang e a neng a na le yone le baganetsi ba gagwe ba ba maatla e ne e le kgakala le go fela.
Se se Neng sa Dira Gore Seraphim a Bolawe
Kwantle ga go rotloetsa go anamisiwa ga Baebele, Seraphim o ne a nna le seabe mo mekgatlhong e e lwelang diphetogo le ya bosetšhaba. O ne a boela kwa Moscow ka 1704 gore a kgone go tsweletsa ditiro tseno tsa gagwe. O ne a nna tsala e kgolo ya ga Peter yo Mogolo mme a nna porofesara wa setheo sa kwa Russia sa Royal Academy ka nakwana. Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a amegile thata ka se se neng se ka diragala ka thanolo ya gagwe, o ne a boela kwa Constantinople ka 1705.
Mo thanolong e a neng a e gatisa sesha mo go one ngwaga oo, Seraphim o ne a ntsha mafoko a a tshwayang diphoso a a mo ketapeleng a a neng a a kwadile mo kgatisong ya gagwe ya ntlha. O ne a tsenya ketapele e e motlhofo e mo go yone a kgothaletsang batho go bala Baebele. Kgatiso eo e ne ya anamisiwa gotlhe mme ga go pego e e bontshang gore e ne ya galefisa ditlhogo tsa kereke.
Le fa go ntse jalo, ka 1714 Alexander Helladius yo e neng e le motsamai wa Mogerika le moganetsi wa go ranolwa ga Baebele o ne a kgotlha motshitshi. Mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Status Præsens Ecclesiæ Græcæ (Boemo jo Kereke ya Gerika e Leng mo go Jone Gone Jaanong), o ne a tlhasela dithanolo tsa Baebele le baranodi ba tsone ka bogale. Helladius o ne a kwala kgaolo yotlhe ka ga Seraphim, a mo latofatsa ka go nna legodu, motsietsi le leferefere le le sa rutegang e bile le se na boitsholo. A tota ditatofatso tseo di ne di le boammaaruri? Mokwadi Stylianos Bairaktaris o tlhalosa se bakanoki ba le bantsi ba se akanyang ka Seraphim fa a mmitsa ‘modiri le moetapele yo o nang le tshedimosetso’ yo o neng a tlhaselwa gonne a ne a itse dilo tse dintsi tse batho ba motlha wa gagwe ba neng ba sa di tlhaloganye. Le fa go ntse jalo, buka ya ga Helladius e ne ya dira gore Seraphim a swe setlhogo.
O a Belaelwa
Fa Seraphim a boela kwa Russia ka 1731, Peter yo Mogolo o ne a setse a sule. Ka jalo ga go modiredimogolo ope yo o neng a sireletsa motiakone yono wa Mogerika. Kgosigadi e e neng e busa ka nako eo e bong Anna Ivanovna o ne a le kelotlhoko thata ka sengwe le sengwe se se neng se ka baka maemo a a sa iketlang mo pusong ya gagwe. Ka January 1732, kwa St. Petersburg go ne ga nna le magatwe a gore setlhola sengwe sa Mogerika se ne se le kgatlhanong le mmusomogolo. Mmelaelwa yono e ne e le Seraphim. O ne a tshwarwa mme a romelwa kwa ntlong ya baitlami e e kwa Nevsky gore a ye go botsolodiwa. Kwa ntlong eno ya baitlami go ne go na le khopi ya buka ya ga Helladius e e neng e latofatsa Seraphim ka ditlolomolao tse di farologaneng. Motiakone yono o ne a kwala makwalo a mararo a leka go iphemela kgatlhanong le ditatofatso tseo. Seraphim o ne a botsolodiwa mo e ka nnang dikgwedi di le tlhano mme go ne go le thata gore a iphemele gonne bangwe ba ne ba mmelaela.
E re ka go ne go se bosupi jo bo utlwalang kgatlhanong le Seraphim, ga a ka a atlholelwa loso. Le fa go ntse jalo, balaodi ba ne ba okaoka go golola Seraphim ka ntlha ya ditatofatso tsa ga Helladius. Motiakone yono wa Mogerika o ne a atlholelwa gore a ye go nna kwa Siberia botshelo jwa gagwe jotlhe. Mo katlholong ya gagwe moatlhodi o ne a umaka gore kgato ya go mmona molato e ne e theilwe mo ditatofatsong tse “di leng mo tlhamong e e gatisitsweng ke mokwadi wa Mogerika e bong Helladius.” Ka July 1732, Seraphim o ne a goroga kwa botlhaba jwa Siberia a bofilwe ka dikeetane mme a latlhelwa kwa kgolegelong e e itsegeng ka bosetlhogo ya Okhotsk.
Dingwaga di ka nna tharo morago ga moo, Seraphim o ne a swa, a latlhilwe e bile a lebetswe. Ka dinako dingwe ditshwetso tsa gagwe le tsela ya gagwe ya go dira dilo e ne e le tse di sa siamang e bile di se botlhale, mme gone thanolo ya gagwe yone ke nngwe ya dithanolo tse dintsi tsa Baebele tse jaanong di bonwang ka Segerika sa segompieno. * Mo dithanolong tsa Segerika sa segompieno go na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tlhaloganngwang motlhofo, e le yone e leng teng ka dipuo tse dingwe di le mmalwa. Ruri re tshwanetse go leboga Jehofa Modimo go bo a ne a boloka Lefoko la gagwe gore batho gongwe le gongwe “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:3, 4.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 26 Bona setlhogo se se reng, “Matsapa a go Ranola Baebele ka Segerika sa Segompieno,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2002, ditsebe 26-9.
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Peter yo Mogolo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Photos: Courtesy American Bible Society