Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

“Tlhabano Ke ya Ga Jehofa”

MEPHATO e le mebedi ya masole a a lwantshanang e eme mo matlhakoreng a mabedi a mokgatšha e lebane. Go setse go fetile malatsi a le 40 banna ba Iseraele ba kotlomane ka ntlha ya poifo, fa Goliathe mogaka wa Bafilisitia ene, a ntse a ba tlhasetse ka ditlhapa.—1 Samuele 17:1-4, 16.

Goliathe o a goa mme o sotla Baiseraele ka mafoko ano: “Itlhopheleng monna, lo mme a fologele kwa go nna. Fa a kgona go tlhabana le nna a bo a ntitaya a ntatlhela fa fatshe, foo re tla nna batlhanka ba lona. Mme fa nna ke mo palela ke bo ke mo itaya ke mo latlhela fa fatshe, le lona lo tla nna batlhanka ba rona, mme lo re direle. . . . Nna ka bonna ke kgoba mela ya tlhabano ya Iseraele mo letsatsing leno. Nnayang monna, mme re tlhabane mmogo!”—1 Samuele 17:8-10.

Mo motlheng wa bogologolo go ne go tlwaelegile gore mmampodi wa masole a lwe le wa mophato o mongwe, mongwe le mongwe wa bone a emetse mophato wa gagwe. Fa mmampodi wa mophato o mongwe a fenya, seno se ne se raya gore mophato wa gagwe o fentse. Mme monna yono yo o gwetlhang Baiseraele ga se lesole fela le le tlwaelegileng. Ke mokaloba yo moleele tota—mmaba yo o bogale le yo o tshosang. Mme gone Goliathe o itlisetsa katlholo ka go sotla masole a batho ba ga Jehofa.

Seno ga se ntwa fela e e tlwaelegileng ya masole. Ntwa eno e magareng ga Jehofa le medimo ya Bafilisitia. Go na le gore Kgosi ya Iseraele e bong Saulo a etelele pele batlhabani ba gagwe ka bopelokgale kgatlhanong le baba ba Modimo, o fedile maatla ka ntlha ya poifo.—1 Samuele 17:11.

Lekawana Lengwe le Ikanya Jehofa

Fa ba ntse ba eme foo, lekawana lengwe le le neng le setse le tloleditswe go nna kgosi ya Iseraele le etela bomorwarraalone ba e leng masole a ga Saulo. Leina la gagwe ke Dafide. Fa Dafide a sena go utlwa mafoko a ga Goliathe o botsa jaana: “Mofilisitia yono yo o sa rupang ke mang gore a kgobe mela ya tlhabano ya Modimo yo o tshelang?” (1 Samuele 17:26) Mo matlhong a ga Dafide, Goliathe o emela Bafilisitia mmogo le medimo ya bone. A na le lebaka le le utlwalang la go galefa, Dafide o batla go sireletsa leina la ga Jehofa le la Baiseraele ka go lwa le mokaloba yono wa moheitane. Mme Kgosi Saulo o mo raya a re: “O ka se ka wa kgona go ya go tlhabana le Mofilisitia yo, gonne o mosimanyana fela.”—1 Samuele 17:33.

Ruri Saulo le Dafide ba ne ba leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng! Saulo o iponela mosimanyana fela wa modisa yo o batlang go lwa le mokaloba yo o setlhogo. Le fa go ntse jalo, Dafide ene o bona monna yo o nyatsang Morena Molaodimogolo Jehofa. Dafide o pelokgale gonne a tlhatswegile pelo gore Modimo ga a ka ke a letla gore leina la Gagwe le batho ba Gagwe ba sotlwe mme batho ba ba ba sotlang ba sa otlhaiwe. Fa Goliathe a ntse a ipelafatsa ka nonofo ya gagwe, Dafide ene o beile tsholofelo ya gagwe mo go Jehofa fa a ntse a leka go leba boemo ka tsela e Modimo a bo lebang ka yone.

“Ke Tla Kwa go Wena ka Leina la ga Jehofa”

Tumelo ya ga Dafide e theilwe mo mabakeng a a utlwalang. O gakologelwa gore Modimo o ne a mo thusa go falotsa dinku tsa gagwe fa di ne di tlhaselwa ke tau le bera. Ka jalo modisa yono yo mmotlana o tlhomamisegile gore le jaanong Jehofa o tla mo thusa go lebana le mmaba yono yo o boitshegang wa Mofilisitia. (1 Samuele 17:34-37) Dafide o ya go kgatlhantsha Goliathe a tshotse fela motsekedi le maje a matlhano a a borethe.

Dafide yo mmotlana o lebana le kgwetlho eno e go neng go lebega e le thata a ikaegile ka nonofo e Jehofa a tla mo nayang yone. O bolelela Mofilisitia yono jaana ka bopelokgale: “O tla kwa go nna ka tšhaka le ka lerumo le ka lerumo le le konopiwang, mme nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo, Modimo wa mela ya tlhabano ya Iseraele, ene yo o mo kgobileng. Gompieno Jehofa o tla go tsenya mo seatleng sa me . . . Batho ba lefatshe lotlhe ba tla itse gore go na le Modimo yo e leng wa Iseraele. Mme phuthego eno yotlhe e tla itse gore Jehofa ga a boloke ka tšhaka le fa e le ka lerumo, ka gonne tlhabano ke ya ga Jehofa.”—1 Samuele 17:45-47.

Go ne ga felela jang? Pego eno e e tlhotlheleditsweng ya re: “Dafide, ka motsekedi le leje, a itshupa a nonofile go feta Mofilisitia mme a itaya Mofilisitia a mo latlhela fa fatshe a ba a mmolaya; mme go ne go se na tšhaka mo seatleng sa ga Dafide.” (1 Samuele 17:50) O ne a sa tshola tšhaka mo seatleng, mme gone o ne a tshegeditswe ke Modimo yo o maatla e bong Jehofa. *

Eleruri tumelo ya ga Dafide e ne ya tlotlomadiwa tota mo ntweng eno! Fa re tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga go boifa batho le go ikanya maatla a a bolokang a ga Jehofa, ga re etsaetsege: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Mo godimo ga moo, fa re leba maemo a a thata ka tsela e Jehofa Modimo a a lebang ka yone, re kgona go lebana ka tsela e e tshwanetseng le mathata a a re tshwenyang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, May/June.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

GOLIATHE O NE A LE BOGOLO JO BO KAE?

Pego e e mo go 1 Samuele 17:4-7 e re bolelela gore boleele jwa ga Goliathe e ne e le jwa dikubita di feta thataro—mo e ka nnang dimetara di le 3. Diaparo tsa gagwe tsa ntwa ke tsone di bontshang kafa a neng a le mogolo ka gone le kafa a neng a nonofile ka gone. Di ne di le boima jwa dikilogerama di le 57! Lore lwa lerumo lwa gagwe e ne e kete tlhomeso ya logong, mme tshipi ya lerumo lwa gagwe e ne e le boima jwa dikilogerama di le 7. Tota go ka direga gore diaparo tsa ntwa tsa ga Goliathe di ne di le boima jo bo fetang jwa ga Dafide ka boene!