Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mo Molaong wa ga Moshe, ke ka ntlha yang fa ditiragalo dingwe tsa tlholego tse di amanang le tlhakanelodikobo di ne di lejwa e le tse di dirang gore motho a “itshekologe”?

Modimo o tlhodile tlhakanelodikobo gore batho ba kgone go tshola bana le gore banyalani ba e itumelele. (Genesise 1:28; Diane 5:15-18) Le fa go ntse jalo, mo go kgaolo 12 le 15 ya Lefitiko, re fitlhela lenaane la melao e e malebana le go itshekologa go go bakiwang ke go tswa peo, go bona kgwedi le go tshola ngwana. (Lefitiko 12:1-6; 15:16-24) Melao eo e e neng e newa Baiseraele ba bogologolo e ne e ba rotloetsa go nna le mekgwa e e siameng ya go tshela, e tlotlomatsa melao ya boitsholo e bile e gatelela boitshepo jwa madi le gore ba ne ba tlhoka go direlwa tetlanyo.

Gareng ga dilo dingwe, dilo tse di neng di batliwa ke Molao wa ga Moshe tse di malebana le ditiragalo tse di amanang le tlhakanelodikobo di ne di rotloetsa botsogo jo bo siameng mo setšhabeng sa Baiseraele. Buka e e bidiwang The Bible and Modern Medicine ya re: “Go tlotla modikologo wa go bona kgwedi ka gore mosadi a se ka a tlhakanela dikobo mo nakong eo, go ne go thusa tota mo go thibeleng malwetse mangwe a tlhakanelodikobo . . . mme gape go ne go thibela bolwetse jwa kankere ya molomo wa popelo.” Melao e e ntseng jalo e ne e sireletsa batho ba Modimo mo malwetseng a a ka tswang a ne a sa itsege kana e le a ba neng ba ka se kgone go a lemoga. Go nna phepa mo go tsa tlhakanelodikobo go ne go oketsa lotsalo lwa setšhaba se Modimo a neng a se solofeditse gore se tla oketsega se bo se segofale. (Genesise 15:5; 22:17) Gape melao eo e ne e sireletsa batho ba Modimo mo maikutlong. Banna le basadi ba ne ba ithuta go laola keletso ya bone ya tlhakanelodikobo fa ba ikobela melao eno.

Le fa go ntse jalo, kgang ya botlhokwa e e neng e akarediwa mo mefuteng ya go itshekologa e e neng e bakiwa ke tlhakanelodikobo e ne e le go elela kana go latlhegelwa ke madi. Melao ya ga Jehofa e e malebana le madi e ne e sa gatelele fela mo megopolong ya Baiseraele botlhokwa jwa madi, e ne e gatelela gape le botlhokwa jwa madi mo kobamelong ya ga Jehofa e leng mo ditlhabelong le mo tetlanyong ya maleo.—Lefitiko 17:11; Duteronome 12:23, 24, 27.

Ka jalo, dilo tse dintsi tse di batliwang ke Molao mo kgannyeng eno di amana thata le go sa itekanelang ga batho. Baiseraele ba ne ba itse sentle gore fa Adame le Efa ba sena go leofa, ba ne ba ka se kgone go tshola bana ba ba itekanetseng. Ditlogolwana tsotlhe tsa bone di ne di tla boga ka ntlha ya boleo jo ba bo gotsitseng—go sa itekanelang le loso. (Baroma 5:12) Mme ka ntlha ya seno, batsadi ba ne ba ka fetisa fela botshelo jo bo sa itekanelang le loso, le fa gone kwa tshimologong dirwe tsa tsalo di ne di diretswe go fetisa botshelo jo bo itekanetseng mo thulaganyong ya lenyalo.

Ka jalo go itshekisiwa mo go neng go tlhokwa ke Molao go ne go se kitla go gakolola Baiseraele ka boleo jo ba bo gotsitseng fela mme go ne go tla ba gakolola gape le gore ba tlhoka setlhabelo sa thekololo se se tla bipang maleo a bone mme ba boele ba itekanele gape. Ke boammaaruri gore ditlhabelo tsa diphologolo tse ba neng ba di ntsha di ne di sa kgone go fitlhelela seo. (Bahebera 10:3, 4) Molao wa ga Moshe o ne o diretswe gore o gogele Baiseraele kwa go Keresete mme o ba thuse go tlhaloganya gore ke ka setlhabelo se se itekanetseng sa ga Jesu fela ba ka kgonang go bona boitshwarelo jwa boammaaruri e leng yone fela tsela e e tla dirang gore ba ba ikanyegang ba bone botshelo jo bo sa khutleng.—Bagalatia 3:24; Bahebera 9:13, 14.