Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Jehofa ka Boitumelo Le fa Ke le Sekoa

Go Direla Jehofa ka Boitumelo Le fa Ke le Sekoa

Kgang ya Botshelo

Go Direla Jehofa ka Boitumelo Le fa Ke le Sekoa

JAAKA GO BOLETSE VARNAVAS SPETSIOTIS

Ka 1990, fa ke na le dingwaga di le 68 ke ne ka swa ditokololo gotlhelele. Le fa go ntse jalo, go fetile dingwaga di ka nna 15 jaanong ke ntse ke le modiredi wa nako e e tletseng yo o itumetseng mo setlhaketlhakeng sa Cyprus. Ke eng se se neng sa nnonotsha gore ke nne ke tlhagafetse fa ke ntse ke direla Jehofa le fa gone ke le sekoa?

KE TSHOTSWE mo lelapeng la bana ba le robongwe—basimane ba le banè le basetsana ba le batlhano—ka October 11, 1922. Re ne re nna mo motseng wa Xylophagou, mo Cyprus. Le fa gone batsadi ba me ba ne ba humile, go tlhokomela lelapa le legolo jaana go ne go raya go dira ka thata kwa masimong.

Ka tlhago fela, Rre e bong Antonis o ne a tlhagafaletse go ithuta e bile a rata go itse dilo di le dintsi. Moragonyana fela fa ke sena go tsholwa, fa Rre a ne a etetse morutabana mongwe yo o nnang mo motseng wa rona, o ne a bona pampitshana nngwe ya setlhogo se se reng, Peoples Pulpit, e e gatisitsweng ke Baithuti ba Baebele (e leng leina le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsege ka lone ka nako eo). O ne a simolola go e bala, mme go ise go ye kae, o ne a sa kgone go kgaogana le yone. Mme ka ntlha ya pampitshana eo, Rre le mongwe wa ditsala tsa gagwe e bong Andreas Christou, e ne ya nna bangwe ba batho ba ntlha mo setlhaketlhakeng sa rona go ikamanya le Basupi ba ga Jehofa.

Koketsego le Mororo Go na Le Kganetso

Fa nako e ntse e tsamaya, Rre le tsala ya gagwe ba ne ba amogela dikgatiso tse dingwe tsa Baebele tsa Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae, Rre le Andreas ba ne ba tlhotlheletsega gore ba bolelele batho ba mo motseng boammaaruri jwa Baebele jo ba neng ba ithuta jone. Tiro ya bone ya go rera e ne ya dira gore go runye kganetso e kgolo go tswa mo baruting ba kereke ya Gerika ya Orthodox le mo bathong ba bangwe ba ba neng ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ba na le tlhotlheletso e e maswe.

Batho ba le bantsi mo motseng ba ne ba tlotla thata barutisi bano ba babedi ba Baebele. Rre o ne a itsege thata ka bopelonomi le bopelotshweu jwa gagwe. Gantsi o ne a thusa malapa a a humanegileng. Ka dinako tse dingwe o ne a tswa mo ntlong bosigo ka tidimalo a bo a ya go tlogela korong kana senkgwe mo mejakong ya malapa a a neng a tlhoka. Batho ba ne ba kgatlhegela molaetsa wa badiredi bano ba babedi le go feta gonne ba bona tsela ya Bokeresete e ba neng ba itshwere ka yone le tsela e ba neng ba amega ka ba bangwe ka yone.—Mathaio 5:16.

Matswela a gone e ne ya nna gore batho ba ka nna lesome le bobedi ba ne ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele. Fa tsela e ba tlhaloganyang boammaaruri ka yone e ntse e gola, ba ne ba bona go tlhokega gore ba kopane mo malapeng a a farologaneng gore ba ithute Baebele e le setlhopha. Mo e ka nnang ka 1934, modiredi wa nako e e tletseng yo o tswang kwa Gerika e bong Nikos Matheakis, o ne a goroga mo Cyprus mme a kopana le setlhopha sa mo Xylophagou. E re ka Mokaulengwe Matheakis a ne a le pelotelele e bile a na le boikemisetso, o ne a thusa go rulaganya setlhopha seno a bo a ba thusa gore ba kgone go tlhaloganya Dikwalo botoka. Fa nako e ntse e tsamaya, setlhopha seno e ne ya nna sone phuthego ya ntlha ya Basupi ba ga Jehofa mo Cyprus.

Fa tiro ya Bokeresete e ntse e gola, mme batho ba bantsi ba ntse ba amogela boammaaruri jwa Baebele, bakaulengwe ba ne ba bona go tlhokega thata gore ba batle lefelo le ba tla tshwarelang dipokano mo go lone ka metlha. Nkgonne e bong George le mosadi wa gagwe Eleni ba ne ba ithaopa gore re ka dirisa lefelo la bone le ba neng ba le dirisa jaaka bobolokelo. Lefelo leno le le neng le bapile le phaposi ya bone le ne la baakanngwa mme la fetolwa gore le tshwanele go tshwara dipokano. Ka jalo, bakaulengwe ba ne ba nna le Holo ya bone ya ntlha ya Bogosi mo setlhaketlhakeng seo. Ba ne ba leboga seo thata! Mme ruri seno se ne sa dira gore go nne le koketsego e kgolo tota!

Go Dira Gore Boammaaruri e Nne Jwa Me

Ka 1938, fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka dira tshwetso ya go nna mmetli. Ka jalo Rre o ne a nthomela kwa motsemoshate wa Cyprus kwa Nicosia. E re ka a ne a bona se se neng se tla diragala mo isagweng, o ne a rulaganya gore ke nne le Nikos Matheakis. Batho ba le bantsi mo setlhaketlhakeng ba sa ntse ba gakologelwa tsela e mokaulengwe yono yo o ikanyegang a neng a tlhoafetse ka yone a bile a rata go amogela baeng. Tlhagafalo ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe jo bo nitameng e ne e le dinonofo tse Mokeresete mongwe le mongwe a neng a di tlhoka tota mo Cyprus mo malatsing ao.

Mokaulengwe Matheakis o ne a nthusa thata gore ke nne le kitso e e tlhomameng ya Baebele le gore ke gatele pele semoyeng. Fa ke ntse ke nna le ene ke ne ke nna gone mo dipokanong tsotlhe tse di neng di tshwarelwa mo legaeng la gagwe. E ne e le la ntlha ke utlwa gore tsela e ke ratang Jehofa ka yone e a gola. Ke ne ka ikemisetsa gore ke batla go aga kamano e e nang le bokao le Modimo. Mo dikgweding di se kae fela, ke ne ka botsa Mokaulengwe Matheakis gore a nka tsamaya le ene kwa tirelong ya tshimo. Seno se diragetse ka 1939.

Moragonyana ke ne ka ya go etela ba lelapa la gaetsho. Nako e ke neng ka e fetsa le Rre e ne ya dira gore ke tlhatswege pelo le go feta gore ke bone boammaaruri le bokao jwa botshelo. Ka September 1939, Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola. Makawana a le mantsi a a lekanang le nna ka dingwaga a ne a ithaopela go ya ntweng, mme nna ke ne ka latela kaelo ya Baebele ka dira tshwetso ya go sa tseye letlhakore. (Isaia 2:4; Johane 15:19) Mo ngwageng one oo, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka kolobediwa ka 1940. E ne e le lekgetlo la ntlha ke ikutlwa gore ga ke tlhole ke boifa batho!

Ka 1948, ke ne ka nyalana le Efprepia. Re ne ra segofadiwa ka bana ba le banè. Go ise go ye kae, re ne ra lemoga gore re tshwanetse go dira ka natla gore re kgone go ba godisetsa “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Dithapelo tsa rona le maiteko a rona a ne a le mo go reng re tsenye mo baneng ba rona go rata Jehofa ka mo go tseneletseng le go tlotla melao le melaometheo ya gagwe.

Go Lebana le Kgwetlho ya Mathata a Botsogo

Ka 1964, fa ke na le dingwaga di le 42, ke ne ka simolola go utlwa seatla sa me sa moja le leoto di swa bogatsu. Kgabagare bothata jono bo ne jwa fetela le mo letlhakoreng la molema. Dingaka di ne tsa re ke tshwerwe ke bolwetse jwa go ngotlega ga ditshika, e leng bolwetse jo bo sa foleng jo motho wa jone a feleletsang a sule ditokololo gotlhelele. Ke ne ka ngomoga pelo tota. Maemo ano a ile a direga ka bonako le gone a sa lebelelwa! Ke tletse bogale e bile ke tlaletswe ke ne ka ipotsa gore: ‘Ke ka ntlha yang fa seno se tshwanetse go diragalela nna? Ke dirile eng gore ke otlhaiwe ka tsela e e ntseng jaana?’ Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya ke ne ka kgona go fenya letshogo le ke neng ke na le lone fa ke se na go bolelelwa dikgang tseno. Mme morago ga moo, ke ne ke ikutlwa ke tlaletswe tota e bile ke sa tlhomamisege ka dilo dingwe. Ke ne ke ipotsa dipotso tse di ganang go fela mo mogopolong. A ke tla swa ditokololo gotlhelele, ke bo ke feleletsa ke ikaegile ka mo go feletseng ka ba bangwe? Ke tla lebana jang le boemo jono? A ke tla kgona go tlamela ba lelapa la me—mosadi wa me le bana ba me ba le banè? Ke ne ke tlhakana tlhogo tota fa ke akanya ka dilo tseno.

Mo nakong eo e e thata ya botshelo jwa me, ke ne ka bona gore go ne go le botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore ke retologele kwa go Jehofa ka thapelo ke mmolelele go tswa pelong dilo tsotlhe tse ke neng ke amegile ka tsone le tse di neng di ntlhobaetsa. Ke ne ke rapela bosigo le motshegare ke geletse dikeledi mo matlhong. Go ise go ye kae ke ne ka utlwa ke gomotsega. Mafoko a a gomotsang a Bafilipi 4:6, 7, a ne a itshupa a le boammaaruri mo go se se neng se ntlhagetse: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”

Go Lebana le Bolwetse Jwa go Swa Ditokololo

Boemo jwa me bo ne bo ntse bo etegela. Ke ne ka lemoga gore ke ne ke tshwanetse go fetola ka bonako tsela ya me ya go dira dilo gore e tshwanele maemo a me a masha. E re ka ke ne ke sa tlhole ke kgona go dira jaaka mmetli, ke ne ka swetsa ka gore ke batle tiro e e sa ntlhokeng maatla a mantsi e e tshwanelang boemo jwa me jwa mmele mme e le e e tla nthusang gore ke tlamele ba lelapa la me. Kwa tshimologong ke ne ke rekisa aesekerimi ke tsamaya ka bene e nnye. Ke ne ka dira seno dingwaga di ka nna thataro go fitlha bolwetse jwa me bo dira gore ke tsamaye ka setulo sa maotwana. Mme ke ne ka fetola tiro ya me go dira ditiro tse dingwe tse di motlhofo tse ke neng nka di kgona.

Fa e sa le ka 1990, botsogo jwa me bo koafetse fela thata mo ke sa tlholeng ke kgona go dira tiro le fa e ka nna efe ya boitshediso. Gone jaanong ke ikaegile ka batho ba bangwe gore ba nthuse go dira dilo tse go tlwaelegileng fela gore motho wa botsogo jo bo siameng a itirele tsone. Ke tlhoka thuso go tsena mo bolaong, go itlhapisa le go apara. Gore ke kgone go ya dipokanong, ke tlhoka motho yo o ka nkgorometsang ka setulo sa me sa maotwana a bo a nkuke a ntsenye mo koloing. Fa re goroga kwa Holong ya Bogosi ke tshwanetse go kukiwa ke ntshiwe mo koloing ke bewe mo setulong sa maotwana mme mongwe a se kgoromeletse mo teng. Fa dipokano di ntse di tsweletse, ke na le hitara ya motlakase e e nthuthafatsang dinao.

Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege bolwetse jwa me jwa go swa ditokololo, ke nna gone kwa dipokanong tsotlhe le gone ka metlha. Ke tlhaloganya gore kwa dipokanong ke kwa Jehofa a re rutang gone, mme go nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba semoya ke tshireletso le motswedi wa tshegetso le kgothatso. (Bahebera 10:24, 25) Badumedimmogo le nna ba ba godileng semoyeng ba ba nketelang ka metlha ba nnile thuso e kgolo thata mo go nna. Ruri ke ikutlwa fela jaaka Dafide fa a ne a re: “Senwelo sa me se tletse thata.”—Pesalema 23:5.

Mosadi wa me yo o rategang le ene o nthusitse thata mo dingwageng tseno tsotlhe. Bana ba me le bone ba nthusitse go menagane. E setse e le dingwaga jaanong ba ntse ba nthusa ka dilo tse ke di tlhokang letsatsi le letsatsi. Se ba se dirang ga se motlhofo mme fa dingwaga di ntse di feta, go ntlhokomela go nna thata le go feta. Ruri ba tlhoma sekao se se molemo mo go lekeng ka natla go nna le bopelotelele fa ba ntse ba nthusa mme ke rapela Jehofa gore a nne a ba segofatse.

Tsela e nngwe e Jehofa a nonotshang batlhanka ba gagwe ka yone ke thapelo. (Pesalema 65:2) Jehofa o ne a araba dithapelo tsa me tse di tswang pelong ka go nnonotsha gore ke tswelele ke na le tumelo mo dingwageng tseno tsotlhe. Thapelo e nthusa tota gore ke wele makgwafo mme ke nne ke itumetse segolobogolo fa ke ikutlwa ke nyemile mooko. Go bua le Jehofa ka metlha go a ntapolosa mme go dira gore ke nne ke ikemiseditse go tswelela ke tshela. Ruri ke tlhomamisegile gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe mme o ba naya kagiso ya mogopolo e ba e tlhokang.—Pesalema 51:17; 1 Petere 5:7.

Mo godimo ga tsotlhe, ke ikutlwa botoka thata nako le nako fa ke gakologelwa gore kgabagare Modimo o tla fodisa botlhe ba a tla ba segofatsang ka botshelo mo Paradaiseng mo Bogosing jo bo tla bong bo buswa ke Morwawe e bong Jesu Keresete. Ke tsholola dikeledi tsa boitumelo ka metlha fa ke akanya ka tsholofelo eo e e molemolemo.—Pesalema 37:11, 29; Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4.

Go Nna Modiredi wa Nako e e Tletseng

Mo e ka nnang ka 1991, fa ke sena go sekaseka maemo a me ke ne ka lemoga gore selo se se ka nthusang gore ke se ka ka nnela go ikutlwela botlhoko ke gore ke nne ke tshwaregile mo tirong ya go rerela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mo ngwageng one oo, ke ne ka nna modiredi wa nako e e tletseng.

E re ka ke golafetse, ke dira bontsi jwa tiro ya me ya go rera ka go kwala makwalo. Le fa go ntse jalo, mo go nna go kwala ga se tiro e potlana; ke namane e tona ya tiro. Go thata tota go tshwara pene ka seatla sa me se se koafaditsweng ke bolwetse jwa go ngotlega ditshika. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya boitshoko le thapelo ke ntse ke rera ka go kwala makwalo mo dingwageng tse di fetang 15 jaanong. Gape ke rerela batho ka founo. Ga nke ke fetwa ke tshono ya go bolelela ba losika, ditsala le baagelani ba ba nketelang mo lapeng ka tsholofelo ya me ya lefatshe le lesha la Paradaise.

Ka ntlha ya seo ke nnile le maitemogelo a le mantsi a a kgothatsang. Ke ne ka itumelela go bona mongwe wa ditlogolo tsa me yo ke ithutileng Baebele le ene dingwaga di le 12 tse di fetileng a gatela pele semoyeng mme a bontsha gore o rata boammaaruri jwa Baebele. Segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele se ne sa mo tlhotlheletsa gore a nne a ikanyega e bile a nitame mo kgannyeng ya boitlhaodi jwa Bokeresete.

Ke itumela tota fa batho ba ke ba kwalelang makwalo ba ikgolaganya le nna gore ke ba neye tshedimosetso e e oketsegileng ka Baebele. Gangwe le gape bangwe ba bone ba kopa dikgatiso tse dingwe tsa Baebele. Ka sekai, mosadi mongwe o ne a founa a lebogela lekwalo le le kgothatsang le ke le romeletseng monna wa gagwe. O ne a fitlhela dikgang tse di mo lekwalong leo di kgatlha thata. Seno se ne sa dira gore ke tshware metlotlo e le mentsi ya Baebele le mosadi yono le monna wa gagwe mo legaeng la me.

Go Leba Isagwe ka Tsholofelo

Mo dingwageng tse di fetileng ke bone palo ya baboledi ba Bogosi e oketsega mo karolong eno ya lefatshe. Holo ya Bogosi e nnye e e bapileng le ntlo ya ga nkgonne e bong George e atolositswe ya bo ya tsosolosiwa makgetlo a le mmalwa. Ke lefelo le lentle la kobamelo le le dirisiwang ke diphuthego di le pedi tsa Basupi ba ga Jehofa.

Rre o ne a tlhokafala ka 1943, a le dingwaga di le 52. Mme gone o re tlogeletse boswa jwa semoya jo bo sa tshwaneng le bope fela! Bana ba gagwe ba le robedi ba amogetse boammaaruri mme ba sa ntse ba direla Jehofa. Gone jaanong kwa motseng wa Xylophagou, kwa Rre a tsholetsweng gone, le mo metseng e e mabapi, go na le diphuthego di le tharo tse di nang le baboledi ba Bogosi ba le 230!

Matswela ano a a molemo a ntliseditse boitumelo jo bogolo thata. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 83 mme ke bua mafoko a a tshwanang le a mopesalema ke tletse tsholofelo: “Ditawana tse di seriri di nnile le mo gonnye mme tsa tshwarwa ke tlala; mme fa e le ba ba senkang Jehofa bone, ga ba na go tlhaela sepe se se molemo.” (Pesalema 34:10) Ke letile ka tlhoafalo nako e ka yone boporofeti jo bo begilweng mo go Isaia 35:6 bo tla bong bo diragadiwa: “Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.” Le fa gone ke le sekoa, ke ikemiseditse go tswelela ke direla Jehofa ka boitumelo go fitlha ka nako eo.

[Dimmapa mo go tsebe 17]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

TURKEY

SIRIA

LEBANONA

CYPRUS

Nicosia

Xylophagou

Lewatle la Mediterranean

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Holo ya ntlha ya Bogosi kwa Xylophagou, e sa ntse e dirisiwa le gompieno

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Ke na le Efprepia ka 1946 le gompieno

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ke itumelela go rerela batho ka founo le ka go ba kwalela makwalo